LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • dp kgao. 11 ts. 180-197
  • Nako ya go Tla ga ga Mesia e a Senolwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nako ya go Tla ga ga Mesia e a Senolwa
  • Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • DANIELE O KOKOTLELA JEHOFA KA BOIKOKOBETSO
  • GABARIELE O TLA KA BONAKO
  • “DIBEKE DI LE 70” GO KHUTLISA MALEO
  • “DIBEKE DI LE 70” DI A SIMOLOLA
  • ‘MESIA, MOETELEDIPELE’ O A TLHAGA
  • DITIRAGALO TSA BEKE YA BOFELO
  • BOPOROFETI BO TLHOMAMISIWA KE MODIMO
  • Kafa Boporofeti Jwa ga Daniele bo Bolelelang Pele ka Gone go Goroga ga ga Mesia
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Boporofeti Jwa ga Daniele bo Ile Jwa Bua ka go Tla ga ga Mesia
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
  • Moporofeti yo o Kwa Botshwarwa o Newa Maoko A se Se Tla Diregang mo Isagweng
    Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
  • Go Nonotshiwa ke Morongwa wa Modimo
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
dp kgao. 11 ts. 180-197

Kgaolo ya Bosomenngwe

Nako ya go Tla ga ga Mesia e a Senolwa

1. E re ka Jehofa e le Mmolokanako yo Mogolo, re ka tlhomamisega ka eng?

JEHOFA ke Mmolokanako yo Mogolo. O laola dinako tsotlhe le dipaka tse di amanang le tiro ya gagwe. (Ditiro 1:7) Ditiragalo tsotlhe tse a laotseng gore di direge ka dinako tseno le ka dipaka tseno di tlile go direga fela jalo. Ga di na go palelwa.

2, 3. Daniele o ne a ela boporofeti bofe tlhoko, mme ke mmusomogolo ofe o o neng o busa Babelona ka nako eo?

2 Jaaka moithuti yo o tlhoafetseng wa Dikwalo, moporofeti Daniele o ne a na le tumelo ya gore Jehofa o kgona go rulaganya ditiragalo le go tlhokomela gore di a diragala. Daniele o ne a kgatlhegela thata boporofeti jo bo neng bo bua ka go swafadiwa ga Jerusalema. Jeremia o ne a ile a kwala tshenolo ya Modimo malebana le gore motse o o boitshepo o ne o tla nna o kgakgabetse ka lobaka lo lokae, mme Daniele o ne a sekaseka boporofeti jono ka kelotlhoko. O ne a kwala jaana: “E rile ka ngwaga wa ntlha wa ga Dario morwa Ahasuero, wa losika lwa Bamete yo o ne a dirwa kgosi ya lefatshe la Bakalatea; ka ngwaga wa ntlha wa puso ya gagwe, nna Daniele ka tlhaloganya ka dikwalo palo ya dinyaga, tse lefoko la ga Jehofa le tsileng mo go Jeremia moperofeti ka ga tsone, tsa go dirafatsa ditshwafalo tsa Jerusalema, e bong dinyaga di le 70.”—Daniele 9:1, 2; Jeremia 25:11.

3 Ka nako eo Dario wa Momeda o ne a busa mo ‘bogosing jwa Bakaladia.’ Ponelopele e Daniele a neng a ile a e bua pelenyana fa a ne a tlhalosa mokwalo o o mo loboteng e ne e diragaditswe ka bofefo. Mmusomogolo wa Babelona o ne o sa tlhole o le gone. O ne o “neilwe Bamete le Baperesia” ka 539 B.C.E.—Daniele 5:24-28, 30, 31.

DANIELE O KOKOTLELA JEHOFA KA BOIKOKOBETSO

4. (a) Go ne go tlhokegang gore Modimo a tlise kgololo? (b) Daniele o ne a atamela Jehofa jang?

4 Daniele o ne a lemoga gore dingwaga di le 70 tsa go kgakgabala ga Jerusalema di ne di tloga di khutla. O ne a tla dirang jaanong? Ene ka boene o a re bolelela: “Ka lebisa sefatlhogo sa me kwa go Morena Modimo, go batla ka morapelo le mekokotlelo, ka go ikitsa go ja, le ka letsela la kgetse, le ka melora. Ka rapela Jehofa Modimo wa me, ka ipolela.” (Daniele 9:3, 4) Go ne go tlhokega gore motho a nne le boemo jo bo siameng jwa pelo gore a utlwelwe botlhoko ke Modimo mme a gololwe. (Lefitiko 26:31-46; 1 Dikgosi 8:46-53) Go ne go tlhokega tumelo, moya wa boikokobetso, le go ikotlhaela maleo a a dirileng gore ba nne batshwarwa le makgoba. Ka gone Daniele o ne a atamela Modimo mo boemong jwa batho ba ga bone ba ba leofileng. Jang? Ka go itima dijo, khutsafalo, le ka go apara letsela la kgetsi, letshwao le le bontshang gore motho o ikwatlhaile le gore o dira jalo go tswa pelong.

5. Ke ka ntlha yang fa Daniele a ne a na le tsholofelo ya gore Bajuda ba ne ba tla busediwa kwa nagagaeng ya bone?

5 Boporofeti jwa ga Jeremia bo ne bo neile Daniele tsholofelo, ka gonne bo ne bo bontshitse gore go ise go ye kae Bajuda ba ne ba tlile go busediwa kwa nagagaeng ya bone ya Juda. (Jeremia 25:12; 29:10) Ga go na pelaelo gore Daniele o ne a solofetse gore Bajuda ba ba fentsweng ba ne ba tlile go gololwa ka gonne monna mongwe yo o bidiwang Kurose o ne a setse a busa e le kgosi ya Peresia. A Isaia ga a ka a porofeta gore Kurose o ne a tla dirisiwa go golola Bajuda gore ba ye go aga Jerusalema le tempele sesha? (Isaia 44:28–45:3) Mme Daniele o ne a sa itse gore seo se ne se tla direga jang. Ka jalo o ne a tswelela a kokotlela Jehofa.

6. Daniele o ne a dumela eng mo thapelong?

6 Daniele o ne a tlhoma mogopolo mo boutlwelobotlhokong jwa Modimo le mo bopelonoming jwa gagwe jwa lorato. Ka boikokobetso, o ne a dumela gore Bajuda ba leofile ka go tsuologa, ba fapoga ditaolo tsa ga Jehofa, e bile ba itlhokomolosa baporofeti ba gagwe. Modimo o ne o ‘ba phatlalatsa ka tshwanelo ka ntlha ya go sa ikanyege ga bone.’ Daniele o ne a rapela jaana: “Morena, sa rona ke go tlhonya ga difatlhogo, le sa dikgosi tsa rona, le sa dikgosana tsa rona, le sa borraetsho, ka re go leofetse. Sa Morena Modimo wa rona ke mautlwelobotlhoko le maitshwarelo; gonne re mo tsuololetse; le gone ga re a akela lentswe la ga Jehofa Modimo wa rona, go sepela mo melaong ya gagwe e o e beileng fa pele ga rona ka baporofeti batlhanka ba gagwe. Ee, Baiseraele botlhe ba tlodile molao wa gago ka ba fapoga fela, gore ba tle ba se ka ba akela lentswe l[a] gago; ke gone ka moo phutso e goromeleditsweng mo go rona, le ikano e e kwadilweng mo molaong wa ga Moše motlhanka wa Modimo; gonne re o leofetse.”—Daniele 9:5-11; Ekesodo 19:5-8; 24:3, 7, 8.

7. Ke ka ntlha yang fa go ka twe Jehofa o dirile ka tshiamo fa a ne a letlelela Bajuda go ya botshwarwa?

7 Modimo o ne a ile a tlhagisa Baiseraele ka ditlamorago tsa go se mo utlwe le tsa go itlhokomolosa kgolagano e a neng a e dirile le bone. (Lefitiko 26:31-33; Duteronome 28:15; 31:17) Daniele o a dumela gore se Modimo a se dirileng se siame, a bolela jaana: “O tlhomamisitse mafoko a one a o re nyaditseng ka one, le a o nyaditseng ka one baatlhodi ba rona, ba ba kileng ba ne ba re atlhola, ka go re leretse bosula jo bogolo; gonne fa tlase ga legodimo lotlhe ga go ise go ke go dirwe jaaka go diretswe Jerusalema. Jaaka go kwadilwe mo molaong wa ga Moše, bosula jotlhe jo bo tsileng mo go rona; le fa go ntse jalo, ga re ise re ke re lope botsalano jwa ga Jehofa Modimo wa rona, gore re sokologe mo maikepong a rona, mme re itse go lemoga boammaaruri jwa gago. Ke gone ka moo Jehofa o tlhagafaletseng bosula, mme o bo lerile mo go rona; gonne Jehofa Modimo wa rona o tshiamo mo ditirong tsotlhe tsa gagwe, tse o di dirang, mme rona ga re a akela lentswe la gagwe.”—Daniele 9:12-14.

8. Daniele o ikuela mo go Jehofa ka ntlha ya eng?

8 Daniele ga a leke go buelela ditiro tsa batho ba ga bone. Ba ne ba tshwanelwa ke go isiwa botshwarwa, jaaka fa a bolela jaana a sa okaoke: “Re leofile, re ikepile.” (Daniele 9:15) E bile ga a tshwenyega fela ka gore ba gololwe mo pogong eno. Nnyaa, o dira boikuelo jono ka ntlha ya kgalalelo ya ga Jehofa ka boene le ka ntlha ya go tlotlega ga gagwe. Ka go itshwarela Bajuda le go ba busetsa kwa nagagaeng ya bone, Modimo o ne a tla bo a diragatsa tsholofetso e a e dirileng ka Jeremia e bile o ne a tla itshekisa leina la Gagwe le le boitshepo. Daniele o ikuela jaana: “Ao Morena, ka fa tshiamong yotlhe ya gago, ke a go rapela, a bogale jwa gago le tšararego ya gago, di busiwe mo motseng wa Jerusalema, thaba ya gago e e boitshepo; gonne ka ntlha ya maleo a rona, le ka ntlha ya maikepo a borraetsho, Jerusalema le batho ba gago ke kgobo mo go botlhe ba ba mo tikologong ya rona.”—Daniele 9:16.

9. (a) Daniele o konela thapelo ya gagwe ka mekokotlelo efe? (b) Ke eng se se hutsafatsang Daniele, mme o bontsha jang gore o tshwenyegile ka leina la Modimo?

9 Daniele o tswelela pele jaana, a rapela ka tlhoafalo: “Ke gone jaana Modimo wa rona, utlwa morapelo wa motlhanka wa gago, le mekokotlelo ya gagwe, mme o phatsimise sefatlhogo sa gago mo felong ga gago ga boitshepo mo go swafetseng ka ntlha ya Morena. Ao Modimo wa me, sekega tsebe, mme o utlwe; buduloga matlho, mme o bone ditshwafalo tsa rona, le motse o o bidiwang ka leina la gago; gonne ga re ise mekokotlelo ya rona fa pele ga gago ka ntlha ya ditshiamo tsa rona, fa e se ka ntlha ya mautlwelobotlhoko a gago fela a magolo. Morena, a ko o utlwe; Morena, a ko o itshwarele; Morena, reetsa o dire; o se ka wa diega; ka ntlha ya gago, Modimo wa me, ka go bo motse wa gago o, le batho ba gago ba bidiwa ka leina la gago.” (Daniele 9:17-19) Fa Modimo a ne a sa itshwarele mme a tlogela batho ba gagwe kwa botshwarwa, a tlogela motse wa gagwe o o boitshepo, e leng Jerusalema, a kgakgabetse go ya go ile, a ditšhaba di ne di tla mo tsaya e le Molaodimogolo wa Lobopo? A di ne di se kitla di fetsa ka gore Jehofa o ne a se na maatla a go lwa le medimo ya Babelona? Ee, leina la ga Jehofa le ne le tla kgojwa, mme seno se ne se hutsafatsa Daniele. Ka makgetlo a le 19 a leina la Modimo, Jehofa, le tlhagang ka one mo bukeng ya Daniele, a le 18 ke a a mo thapelong eno!

GABARIELE O TLA KA BONAKO

10. (a) Ke mang yo o neng a romelwa kwa go Daniele, mme ka ntlha yang? (b) Ke ka ntlha yang fa Daniele a ne a re Gabariele ke “monna”?

10 Fa Daniele a ntse a rapela, moengele Gabariele o a tlhaga. O bolela jaana: “Daniele, ke tsile go go dira setswerere mo tlhaloganyong. E rile mo tshimologong ya mekokotlelo ya gago taolo ya tswa, mme ke tsile go go bolelela; gonne o ratwa thata; ke gone o akanye selo se, mme o tlhaloganye ponatshegelo.” Mme ke ka ntlha yang fa Daniele a bua ka ene a re ‘monna Gabariele’? (Daniele 9:20-23) Ebu, fa Daniele a ne a batla go tlhaloganya ponatshegelo e a neng a e bona pelenyana ya phoko le phelefu, ‘mongwe yo o nang le ponalo e e keteng ya monna’ o ne a bonala fa pele ga gagwe. E ne e le moengele Gabariele, yo o neng a romilwe go ya go naya Daniele temogo. (Daniele 8:15-17) Ka tsela e e tshwanang, morago ga thapelo ya ga Daniele, moengele yono o ne a tla gaufi le ene a le mo sebopegong sa motho mme a bua le ene jaaka motho a bua le yo mongwe.

11, 12. (a) Le mororo go ne go se na tempele kana sebeso sa ga Jehofa kwa Babelona, Bajuda ba ba ineetseng ba ne ba bontsha jang gore ba tlotla ditlhabelo tse di neng di tlhokwa ke Molao? (b) Ke ka ntlha yang fa Daniele a ne a bidiwa ‘mongwe yo o ratwang thata’?

11 Gabariele o goroga “ka lobaka lwa seromololo sa maitseboa.” Sebeso sa ga Jehofa se ne se sentswe mmogo le tempele kwa Jerusalema, mme Bajuda e ne e le batshwarwa ba Bababelona ba baheitane. Ka jalo Bajuda ba ba kwa Babelona ba ne ba sa ntshetse Modimo ditlhabelo. Le fa go ntse jalo, ka nako e e beilweng ya go ntsha ditlhabelo mo Molaong wa ga Moshe, go ne go tshwanela gore Bajuda ba ba ineetseng ba ba kwa Babelona ba bake Jehofa le go dira mekokotlelo. Jaaka motho yo o neng a ineetse thata mo Modimong, Daniele o ne a bidiwa ‘mongwe yo o ratwang thata.’ Jehofa, “Yo o utlwang thapelo,” o ne a mo itumelela, mme Gabariele o ne a romelwa ka bonako go ya go araba thapelo ya ga Daniele ya tumelo.—Pesalema 65:2.

12 Tota le e leng le fa go rapela Jehofa go kile ga tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing, Daniele o ne a tswelela a rapela Modimo gararo ka letsatsi. (Daniele 6:10, 11) Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ile a mmona a ratega thata jaana! Mo godimo ga go rapela, go tlhatlhanya ga ga Daniele ka Lefoko la Modimo go ne ga dira gore a kgone go bona se thato ya ga Jehofa e leng sone. Daniele o ne a rapela a sa kgaotse mme o ne a itse gore o tshwanetse go atamela Jehofa jang ka tsela e e tshwanetseng gore dithapelo tsa gagwe di arabiwe. O ne a tlotlomatsa tshiamo ya Modimo. (Daniele 9:7, 14, 16) Mme le mororo baba ba gagwe ba ne ba ka se bone molato ope mo go ene, Daniele o ne a itse gore o ne a le moleofi mo matlhong a Modimo mme o ne a sa okaoke go ipolela maleo a gagwe.—Daniele 6:4; Baroma 3:23.

“DIBEKE DI LE 70” GO KHUTLISA MALEO

13, 14. (a) Gabariele o ne a bolelela Daniele tshedimosetso efe e e botlhokwa? (b) “Dibeke di le 70” ke lobaka lo lokae, mme re itse jang?

13 A bo Daniele yo o ineetseng mo thapelong a ne a arabiwa ka tsela e e molemo jang ne! Jehofa ga a mo tlhomamisetse fela gore Bajuda ba tla busediwa kwa nagagaeng ya bone mme gape o mo lemosa sengwe se se botlhokwa fela thata—go tlhaga ga ga Mesia yo o boleletsweng pele. (Genesise 22:17, 18; Isaia 9:6, 7) Gabariele o bolelela Daniele jaana: “Batho ba gaeno le motse wa gaeno o o boitshepo, go laoletswe dibeke di le 70, tsa go wetsa tlolo, le go khutlisa maleo, le go direla boikepo tetlanyo, le go tsenya tshiamo e e sa khutleng, le go kanela ponatshegelo le perofeso, le go tlotsa felo ga boitshepo mo go itshepileng. Ke gone itse, o lemoge go re, go thaega ga go tswa ga taolo ya go šafatsa le go aga Jerusalema go ya go fitlha mo go [“Mesia, Moeteledipele,” NW] e tlaa nna dibeke di supa; le dibeke di le 62, mme o tlaa ba o agiwa gape, ka mmila le mosele e bong mo metlheng ya diphuduego.”—Daniele 9:24, 25.

14 Seno e ne e le dikgang tse di molemo eleruri! Ga se fela gore Jerusalema e ne e tla agiwa sesha le gore go ne go tla boelwa go obamelwa kwa tempeleng e ntšha mme gape “Mesia, Moeteledipele,” o ne a tla tlhaga mo nakong e e tlhomilweng. Seno se ne se tlile go direga mo lobakeng lwa “dibeke di le 70.” E re ka Gabariele a sa bue ka malatsi, tseno ga se dibeke tse nngwe le nngwe ya tsone e nang le malatsi a le supa, tse di neng di tla dira malatsi a le 490—lobaka fela lwa ngwaga o le mongwe le nngwetharong ya ngwaga. Go bolelelwa pele ga go agiwa sesha ga Jerusalema ‘e e nang le mmila le mosele’ go ne ga tsaya lobaka lo loleele thata go feta loo. Dibeke tseno ke dibeke tsa dingwaga. Dithanolo di le mmalwa tsa segompieno di bontsha gore beke nngwe le nngwe e boleele jwa dingwaga di le supa. Ka sekai, mokwalo o o kwa tlase wa Daniele 9:24 mo go Tanakh—The Holy Scriptures, e e gatisitsweng ke The Jewish Publication Society, o balega ka gore “dibeke di le masome a supa tsa dingwaga.” An American Translation e balega jaana: “Batho ba gaeno le motse wa gaeno o o boitshepo di beetswe dibeke di le masome a supa tsa dingwaga.” Thanolo ya ga Moffatt le ya ga Rotherham le tsone di ranotswe ka tsela e e tshwanang.

15. “Dibeke di le 70” di kgaogantswe ka dipaka dife tse tharo tsa nako, mme di ne di tla simolola leng?

15 Go ya ka mafoko a moengele, “dibeke di le 70” di ne di tla kgaoganngwa ka dipaka di le tharo tsa nako: (1) “dibeke di supa,” (2) “dibeke di le 62,” le (3) beke e le nngwe. Seo e ne e tla nna dingwaga di le 49, dingwaga di le 434, le dingwaga di le 7—tse e neng e tla nna dingwaga di le 490 fa di kopantswe. Se se kgatlhang ke gore, The Revised English Bible e balega jaana: “Dingwaga di le masome a supa ga supa di tlhaoletswe batho ba ga lona le motse wa ga lona o o boitshepo.” Morago ga go nna ga bone batshwarwa le go boga kwa Babelona dingwaga di le 70, Bajuda ba ne ba tla bona kamogelo e e kgethegileng go tswa mo Modimong ka dingwaga di le 490, kana dingwaga di le 70 ga 7. Di ne di tla simolola ka “go tswa ga taolo ya go šafatsa le go aga Jerusalema.” Seno se ne se tla nna leng?

“DIBEKE DI LE 70” DI A SIMOLOLA

16. Jaaka go bontshitswe mo taelong ya gagwe, ke ka ntlha yang fa Kurose a ne a busetsa Bajuda kwa nagagaeng ya bone?

16 Go na le ditiragalo di le tharo tse di tlhomologileng tse di tlhokang go elwa tlhoko malebana le go simolola ga “dibeke di le 70.” Ya ntlha e diregile ka 537 B.C.E. fa Kurose a ne a ntsha taelo ya gore Bajuda ba busediwe kwa nagagaeng ya bone. E balega jaana: “Kurose kgosi ya Peresia o bua jaana, a re: Jehofa Modimo wa legodimo o nneile magosi otlhe a lefatshe; o ntaotse gore ke mo agele ntlo kwa Jerusalema o o kwa lefatsheng la Juta. Le fa e ka bo e le mang yo o teng mo go lona wa batho botlhe ba gagwe, a Modimo wa gagwe o nne nae, a a tlhatlogele kwa Jerusalema, o o kwa Juta, mme a a age ntlo e e mo Jerusalema ya ga Jehofa Modimo wa Iseraele, (ke ene Modimo). Le fa e le mang yo o setseng, mo felong gongwe kwa o jakileng gone, a banna ba felo foo ba mo thuse ka selefera, le ka gouta, ka dilwana le ka dipelesa, kwa ntle ga neo e e leng ya peleego fela, e e ntshediwang ntlo ya Modimo e e kwa Jerusalema.” (Esera 1:2-4) Go phepafetse gore boikaelelo bogolo jwa taelo eno e ne e le go dira gore tempele—‘ntlo ya ga Jehofa’—e agiwe sesha mo lefelong le e neng e le mo go lone pele.

17. Lekwalo le le neilweng Esera le ne le re lebaka la go ya ga gagwe kwa Jerusalema e ne e le lefe?

17 Tiragalo ya bobedi e ne ya direga mo ngwageng wa bosupa wa puso ya ga Kgosi Aretaserese wa Peresia (Aretaserese Longimanus, morwa Serese I). Ka nako eo, Esera wa mokwalolodi o ne a tsaya loeto lwa dikgwedi di le nnè go tswa Babelona go ya Jerusalema. O ne a tshwere lekwalo le le kgethegileng go tswa kwa kgosing, mme le ne le sa neye tetla ya go aga Jerusalema sesha. Go na le moo, se Esera a neng a letlwa go ya go se dira e ne e le go ‘kgabisa ntlo ya ga Jehofa,’ fela. Ke ka ntlha ya moo lekwalo leno le neng le bua ka gouta le selefera, dijana tse di boitshepo, le meneelo ya koro, bojalwa jwa mofine, lookwane le letswai go tshegetsa kobamelo kwa tempeleng, le gore ba ba direlang koo ba se ka ba duedisiwa lekgetho.—Esera 7:6-27.

18. Nehemia o ne a tshwenngwa ke dikgang dife, mme go tlile jang gore Kgosi Aretaserese a bone seo?

18 Tiragalo ya boraro e ne ya direga dingwaga di le 13 moragonyana, mo ngwageng wa bo20 wa ga Kgosi Aretaserese wa Peresia. Ka nako eo Nehemia o ne a dira e le motsholasenwelo wa gagwe kwa “Shušane motse wa kgosi.” Jerusalema e ne e agilwe go ya bokgakaleng jo bo rileng ke masalela a a neng a boile go tswa kwa Babelona. Mme dilo di ne di sa tsamaye sentle. Nehemia o ne a bolelelwa gore ‘lobota lwa Jerusalema lo thubilwe le dikgoro tsa yone di fisitswe ka molelo.’ Seno se ne sa mo tshwenya fela thata, mme pelo ya gagwe ya kotlomana thata. E ne ya re fa Nehemia a bodiwa gore ke ka ntlha yang fa a utlwile botlhoko, a araba jaana: “A kgosi e tshele ka bosaengkae! Ana ga ke tlhonyetseng sefatlhogo ka motse le felo ga diphupu tsa borraetsho e le kgakgabalo fela, le dikgoro tsa gone di jelwe ke molelo?”—Nehemia 1:1-3; 2:1-3.

19. (a) Fa Nehemia a ne a bodiwa ke Kgosi Aretaserese, o ne a dirang pele? (b) Nehemia o ne a kopa eng, mme o ne a bontsha jang gore Modimo o ne a na le seabe mo ntlheng eno?

19 Pego e e buang ka Nehemia e tswelela jaana: “Foo kgosi ya nthaya ya re: ‘Ke eng se o se lopang?’ Jalo ka rapela Modimo wa legodimo. Ka raya kgosi ka re: ‘Fa go ka kgatlha kgosi, mme fa motlhanka wa gago a bonye lesego mo ponong ya gago ka re, o nthome kwa Juta, kwa motseng wa diphupu tsa borraetsho, gore ke ye go o aga.’” Tshitshinyo eno e ne ya itumedisa Aretaserese, yo a neng a dira selo se sengwe gape se Nehemia a neng a se kopa: “Fa go ka kgatlha kgosi, a ke newe dikwalo tse di yang kwa balaoding ba ba kwa moseja ga noka [ya Euferatese], gore ba tle ba ntese ke fete go tle go tsamaye ke fitlhe mo Juta; le lokwalo lwa go ya kwa go Asafe molebedi wa sekgwa sa kgosi, gore a nneye dikgong tsa go dira mesipuri ya dikgoro tsa kago e e thata ya phemelo e e leng ya ntlo, le ya lorako lwa motse, le ya ntlo e ke tlaa tsenang mo go yone.” Nehemia o ne a bontsha gore Jehofa o na le seabe mo go seno sotlhe, a bolela jaana: “Mme kgosi ya nnaya [makwalo] ka fa seatla se se molemo sa Modimo se ntseng mo go nna ka teng.”—Nehemia 2:4-8.

20. (a) Lefoko la ‘go tsosolosa le go aga Jerusalema sesha’ le ne la simolola go diragadiwa leng? (b) “Dibeke di le 70” di simolotse leng, mme tsa khutla leng? (c) Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore matlha a go simolola ga “dibeke di le 70” le go khutla ga tsone a boammaaruri?

20 Le mororo tetla e ne ya ntshiwa ka kgwedi ya Nisane, mo masimologong a ngwaga wa bo20 wa puso ya ga Aretaserese, ‘go tswa ga lefoko la go tsosolosa le go aga Jerusalema sesha’ go ne tota ga direga dikgwedi moragonyana. Seno se ne sa direga fa Nehemia a goroga kwa Jerusalema mme a simolola tiro ya go tsosolosa. Loeto lwa ga Esera lo ne lo tsere dikgwedi di le nnè, mme Shushana e ne e le dikilometara di feta 322 kwa botlhaba jwa Babelona mme ka jalo e le kgakalanyana le Jerusalema. Ka jalo he, go ka direga gore Nehemia o gorogile kwa Jerusalema go ela kwa bokhutlong jwa ngwaga wa bo20 wa ga Aretaserese, kana ka 455 B.C.E. Ke yone nako e “dibeke di le 70,” kana dingwaga di le 490 di neng tsa simolola ka yone. Di ne di tla khutla mo karolong ya bofelo ya 36 C.E.—Bona setlhogo se se reng “Puso ya ga Aretaserese e Simolotse Leng?” mo tsebeng ya 197.

‘MESIA, MOETELEDIPELE’ O A TLHAGA

21. (a) Ke eng se se neng se tshwanetse go wediwa mo ‘dibekeng tsa ntlha di supa,’ mme go sa kgathalesege maemo afe? (b) Mesia o ne a tshwanetse go tlhaga ka ngwaga ofe, mme Efangele ya ga Luke ya re go ne ga diregang ka nako eo?

21 Go fetile dingwaga di le kae pele ga Jerusalema e agiwa sesha? Ebu, go tsosolosiwa ga motse ono go ne go tla dirwa “mo metlheng ya diphuduego” ka ntlha ya mathata mo gare ga Bajuda ka bobone le kganetso go tswa mo Basamareeng le ba bangwe. Go bonala tiro e ne ya wediwa go ya bokgakaleng jo bo tlhokegang mo e ka nnang ka 406 B.C.E.—mo teng ga lobaka lwa “dibeke di supa,” kana dingwaga di le 49. (Daniele 9:25) Go ne go tla latela lobaka lwa dibeke di le 62, kana dingwaga di le 434. Morago ga lobaka loo, Mesia yo o sa bolong go solofetswa o ne a tla tlhaga. Fa re bala dingwaga di le 483 (di le 49 di kopantswe le di le 434) go tloga ka ngwaga wa 455 B.C.E. re fitlha mo go 29 C.E. Go ne ga diregang ka nako eo? Mokwadi wa Efangele e bong Luke o re bolelela jaana: “Mo ngwageng wa bolesome le botlhano wa puso ya ga Tiberio Kaesara, fa Ponto Pilato a ne a le molaodi wa Judea, mme Herode a ne a le mmusi wa kgaolo ya Galalea, . . . polelo ya Modimo ya tla mo go Johane morwa Sekarea kwa gare ga naga. Jalo a tla mo nageng yotlhe e e dikologileng Joredane, a rera kolobetso e le tshwantshetso ya boikwatlhao jwa go bona boitshwarelo jwa maleo.” Ka nako eo “batho ba ne ba le mo tebelelong” ya ga Mesia.—Luke 3:1-3, 15.

22. Jesu o ne a nna Mesia yo o boleletsweng pele leng mme gone jang?

22 Johane e ne e se ene Mesia yo o solofeditsweng. Mme malebana le se a neng a se bona fa Jesu wa Nasaretha a ne a kolobediwa, ka letlhabula la 29 C.E., Johane o bolela jaana: “Ke ne ka bona moya o fologa jaaka lephoi o tswa legodimong, mme wa nna mo go ene. Lefa e le nna ke ne ke sa mo itse, mme Ene tota yo o nthomileng gore ke kolobetse mo metsing o ne a nthaya a re, ‘Lefa e le mang yo o bonang moya o fologela mo go ene mme o nna mo go ene, yono ke ene yo o kolobetsang mo moyeng o o boitshepo.’ Mme ke o bone, mme ke neile bosupi gore yono ke Morwa Modimo.” (Johane 1:32-34) Fa Jesu a ne a kolobediwa, o ne a nna Motlodiwa—Mesia, kana Keresete. Ka bonakonyana fela morago ga moo, morutwa wa ga Johane e bong Anderea o ne a bona Jesu yo o tloditsweng mme a bolelela Simone Petere jaana: “Re bone Mesia.” (Johane 1:41) Ka jalo, “Mesia, Moeteledipele” o ne a tlhaga ka yone nako e e tshwanetseng—mo bokhutlong jwa dibeke di le 69!

DITIRAGALO TSA BEKE YA BOFELO

23. Ke ka ntlha yang fa ‘Mesia, Moeteledipele’ a ne a tshwanetse go swa, mme seno se ne se tshwanetse go direga leng?

23 Ke eng se se neng se tshwanetse go direga mo bekeng ya bo70? Gabariele o ne a bolela gore lobaka lwa “dibeke di le 70” lo ne lo laoletswe “go wetsa tlolo, le go khutlisa maleo, le go direla boikepo tetlanyo, le go tsenya tshiamo e e sa khutleng, le go kanela ponatshegelo le perofeso, le go tlotsa felo ga boitshepo mo go itshepileng.” E le gore seno se direge, ‘Mesia, Moeteledipele’ o ne a tshwanetse go swa. Leng? Gabariele o ne a bolela jaana: “E tlaa re dibeke tse di 62 di sena go feta, [Mesia] o tlaa kgaolwa, mme o tlaa bo a se na sepe. . . . O tlaa boloka kgolagano e e dira mo go ba le bantsi beke e le nngwe fela; mme ka bontlha nngwe jwa beke [o] tlaa khutlisa setlhabelo le seromololo.” (Daniele 9:26a, 27a, NW) Nako e e botlhokwa thata e ne e le “bontlha nngwe jwa beke,” ke gore, fa beke ya bofelo ya dingwaga e le fa gare.

24, 25. (a) Jaaka go ne ga bolelelwa pele, Keresete o sule leng, mme loso le tsogo ya gagwe di ne tsa khutlisa eng? (b) Ke eng se loso lwa ga Jesu lo neng lwa dira gore se kgonege?

24 Bodiredi jwa phatlalatsa jwa ga Jesu Keresete bo ne jwa simolola mo karolong ya bofelo ya 29 C.E. mme jwa tswelela lobaka lwa dingwaga di le tharo le sephatlo. Jaaka go ne ga bolelelwa pele, mo masimologong a 33 C.E., Keresete o ne a “kgaolwa” fa a ne a swa mo koteng ya tlhokofatso, a ntsha botshelo jwa gagwe jwa motho go nna thekololo ya setho. (Isaia 53:8; Mathaio 20:28) Ditlhabelo tsa diphologolo le ditshupelo tsa mpho tse di laotsweng ke Molao di ne tsa khutlisiwa fa Jesu yo o tsositsweng a ne a naya Modimo kwa legodimong boleng jwa setlhabelo sa gagwe sa botshelo jwa motho. Le mororo baperesiti ba Bajuda ba ne ba tswelela ba ntsha ditshupelo go fitlha tempele ya Jerusalema e senngwa ka 70 C.E., ditlhabelo tseo di ne di sa tlhole di amogelwa ke Modimo. Di ne di tseetswe sebaka ke setlhabelo se se botoka thata, se se neng se sa tlhoke go ntshiwa gape. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “[Keresete] o ne a isetsa ruriruri setlhabelo se le sengwe tshupelo . . . Gonne ke ka tshupelo e le nngwe ya setlhabelo a itekanedisitseng ruriruri ba ba itshepisiwang.”—Bahebera 10:12, 14.

25 Le mororo batho ba ne ba nna ba tlhaselwa ke boleo le loso, go kgaolwa ga ga Jesu ka loso le go tsosediwa ga gagwe botshelong jwa selegodimo go ne ga diragatsa boporofeti. Go ne ga ‘khutlisa tlolo, ga fedisa boleo, ga direla tlolo tetlanyo, ga ba ga tlisa tshiamo.’ Modimo o ne o tlositse kgolagano ya Molao, e e neng e senotse Bajuda gore ke baleofi ya bo ya ba atlhola. (Baroma 5:12, 19, 20; Bagalatia 3:13, 19; Baefeso 2:15; Bakolosa 2:13, 14) Jaanong maleo a badiraphoso ba ba ikwatlhayang a ne a ka kgona go phimolwa, le dikotlhao tsa bone di ne di ka tlosiwa. Ka setlhabelo sa thuanyo sa ga Mesia, batho ba ba bontshang tumelo ba ne ba ka kgona go letlana le Modimo. Ba ne ba ka lebelela pele go amogela mpho ya Modimo ya “botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu.”— Baroma 3:21-26; 6:22, 23; 1 Johane 2:1, 2.

26. (a) Le mororo kgolagano ya Molao e ne e tlositswe, ke kgolagano efe e e neng ya ‘bolokwa e dira beke e le nngwe’? (b) Go ne ga diregang mo bokhutlong jwa beke ya bo70?

26 Jehofa o ne a tlosa kgolagano ya Molao jalo ka loso lwa ga Keresete ka 33 C.E. Ka jalo he, go tewa jang fa go twe Mesia o tla ‘boloka kgolagano e dira mo go ba le bantsi beke e le nngwe’? Ka gonne o ne a boloka kgolagano ya ga Aborahame e ntse e dira. Go fitlha beke ya bo70 e fela, Modimo o ne a fetisetsa masego a kgolagano eo mo losikeng lwa ga Aborahame lwa Bahebera. Mme mo bokhutlong jwa “dibeke di le 70” tsa dingwaga, ka 36 C.E., moaposetoloi Petere o ne a rerela monna yo o neng a ineetse wa Motadiana e bong Korenelio, lelapa la gagwe, le Baditšhaba ba bangwe. Mme go simolola ka letsatsi leo, dikgang tse di molemo di ne tsa simolola go bolelelwa le batho ba ditšhaba.—Ditiro 3:25, 26; 10:1-48; Bagalatia 3:8, 9, 14.

27. Go ne ga tlodiwa lefelo lefe la “Boitshepo jwa Maitshepo,” mme jang?

27 Boporofeti jono gape bo ne jwa bolelela pele go tlodiwa ga “felo ga boitshepo mo go itshepileng.” Seno ga se bolele go tlotsa Boitshepo jwa Maitshepo, kana phaposana e e kwa tengteng ya tempele e e kwa Jerusalema. Mafoko a a reng “Boitshepo jwa Maitshepo” fano a raya felo ga boitshepo ga selegodimo ga Modimo. Koo, Jesu o ne a naya Rraagwe boleng jwa setlhabelo sa gagwe sa motho. Setlhabelo seo se ne sa tlotsa, kana sa lomolola, lefelo leo la semoya la mmatota, la selegodimo, le le neng le tshwantshediwa ke lefelo la Boitshepo jwa Maitshepo la motlaagana wa selefatshe le la tempele ya moragonyana.—Bahebera 9:11, 12.

BOPOROFETI BO TLHOMAMISIWA KE MODIMO

28. ‘Go kanela ponatshegelo le porofeso’ go ne go kaya eng?

28 Boporofeti jo bo neng bo bua ka Mesia jo bo neng jwa bolelwa ke moengele Gabariele bo ne jwa bua gape ka ‘go kanela ponatshegelo le perofeso.’ Seno se ne se bolela gore sengwe le sengwe se se neng se boleletswe pele ka Mesia—sotlhe se a neng a se diragatsa ka setlhabelo sa gagwe, tsogo ya gagwe, le go bonala ga gagwe kwa legodimong, mmogo le dilo tse dingwe tse di neng tsa direga mo bekeng ya bo70—di ne di tla kanwa ka sekano sa gore Modimo o a di amogela, di ne di tla itshupa di le boammaaruri, e bile di ne di ka ikanngwa. Ponatshegelo eno e ne e tla kanwa, e diragadiwa fela mo go Mesia. Go diragadiwa ga jone go ne go tla nna mo go ene le mo tirong ya Modimo e a e dirang ka ene. Ke malebana le Mesia yo o boleletsweng pele fela re neng re tla bona tlhaloso e e boammaaruri ka ponatshegelo eno. Ga go na sepe se sengwe se se neng se tla kanolola bokao jwa yone.

29. Ke eng se se neng se tlile go diragalela Jerusalema e e agilweng sesha, mme ka ntlha yang?

29 Gabariele o ne a ile a porofeta mo nakong e e fetileng gore Jerusalema e ne e tla agiwa sesha. Mme jaanong o bolelela pele ka go senngwa ga motse oo o o agilweng sesha le tempele ya one a re: “Batho ba kgosana e e tlaa tlang ba tlaa senya motse le felo ga boitshepo; mme bokhutlo jwa teng bo tlaa dirana le morwalela, mme go ya fela kwa bokhutlong go tlaa nna ntwa; ditshwafatso di laotswe. . . . Mme mo phukeng ya dilo tse di makgapha go tlaa tla mongwe yo o swafatsang; le go ya fela kwa bofelelong, e bile e le jo bo laotsweng, bogale bo tlaa thelwa mo moswafatsing.” (Daniele 9:26b, 27b) Le mororo tshwafatso eno e ne e tlile go direga morago ga “dibeke di le 70,” e ne e tla bo e le ka ntlha ya dilo tse di diragetseng mo ‘bekeng’ ya bofelo fa Bajuda ba ne ba gana Keresete mme ba dira gore a bolawe.—Mathaio 23:37, 38.

30. Jaaka fa pego ya hisitori e bontsha, taolo ya Mmolokanako yo Mogolo e ne ya diragadiwa jang?

30 Dipego tsa hisitori di bontsha gore ka 66 C.E., mephato ya masole a Roma a eteletswe pele ke Mmusi wa Mosiria e bong Cestius Gallus e ne ya dikanyetsa Jerusalema. Le fa Bajuda ba ne ba emelane le bone, mephato eno ya Roma e e neng e tshwere difolaga, kana mekgele ya medimo ya disetwa, e ne ya tsena mo motseng mme ya simolola go reketlisa lobota lwa tempele go tswa kwa motheong wa lone kafa bokone. Go ema ga bone foo go ne ga ba dira “selo se se ferosang sebete” se se neng se ka baka kgakgabalo e e feletseng. (Mathaio 24:15, 16) Ka 70 C.E., Baroma ba eteletswe pele ke Mojenerale Titus ba ne ba tla jaaka “morwalela” mme ba kgakgabatsa motse ono le tempele ya one. Go ne go se na se se neng se ka ba emisa, ka gonne seno se ne se laotswe—‘Modimo o ne a dirile tshwetso ka sone.’ Mmolokanako yo Mogolo, e bong Jehofa, o ne a diragaditse lefoko la gagwe gape!

O LEMOGILENG?

• Fa dingwaga di le 70 tsa go kgakgabadiwa ga Jerusalema di ne di ela go fela, Daniele o ne a dira mekokotlelo efe mo go Jehofa?

• “Dibeke di le 70” e ne e le lobaka lo lokae, di ne tsa simolola leng mme tsa khutla leng?

• ‘Mesia, Moeteledipele’ o ne a tlhaga leng, mme o ne a “kgaolwa” ka nako efe ya botlhokwa?

• Ke kgolagano efe e e neng ya bolokwa ‘e dira mo go ba le bantsi beke e le nngwe’?

• Go ne ga diregang morago ga “dibeke di le 70”?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 197]

Puso ya ga Aretaserese e Simolotse Leng?

BORAHISITORI ga ba dumalane malebana le gore puso ya ga Kgosi Aretaserese wa Peresia e simolotse leng. Bangwe ba re ngwaga o a ntseng mo setulong sa bogosi ka one e ne e le 465 B.C.E. ka gonne rraagwe, e bong Serese, o ne a simolola go busa ka 486 B.C.E. mme a tlhokafala mo ngwageng wa bo 21 wa puso ya gagwe. Mme go na le bosupi jwa gore Aretaserese o ne a nna mo setulong sa bogosi ka 475 B.C.E. mme ngwaga wa gagwe wa ntlha a le mo pusong e ne e le 474 B.C.E.

Mekwalo e e gabilweng le maje a a betlilweng a a neng a epololwa kwa motsemogolong wa bogologolo wa Peresia e leng Peresepolisa di bontsha gore Serese le rraagwe, e bong Dario I, ba kile ba bo ba busa mmogo. Fa e le gore ba ne ba busa mmogo jalo ka lobaka lwa dingwaga di le 10 mme Serese a ne a busa a le mongwe dingwaga di le 11 morago ga gore Dario a tlhokafale ka 486 B.C.E., ngwaga wa ntlha wa go busa ga ga Aretaserese e ne e tla nna 474 B.C.E.

Bosupi jwa bobedi bo amana le Mojenerale wa Moathena e bong Themistocles, yo o neng a fenya mephato ya ga Serese ka 480 B.C.E. Moragonyana batho ba Gerika ba ne ba se ka ba tlhola ba mo rata mme ba mo latofatsa ka la gore o ikaeletse go menola puso. Themistocles o ne a tshaba mme a kopa thuso mo kgotleng ya Peresia, koo a neng a amogelwa sentle gone. Go ya ka mokwalahisitori wa Mogerika e bong Thucydides, seno se diragetse fa Aretaserese “a ne a sa tswa go nna mo setulong sa bogosi bosheng fela jaana.” Mokwalahisitori wa Mogerika e bong Diodorus Siculus o bolela gore Themistocles o tlhokafetse ka 471 B.C.E. E re ka Themistocles a ne a kopa sebaka sa ngwaga gore a ithute Seperesia pele ga a ya go buisana le Kgosi Aretaserese, o tshwanetse a bo a ile a goroga kwa Asia Minor e seng morago ga 473 B.C.E. Letlha leo le tshegetswa ke Chronicle of Eusebius ya ga Jerome. Jaaka fa Aretaserese “a ne a sa tswa go nna mo setulong sa bogosi bosheng fela jaana” fa Themistocles a ne a goroga kwa Asia ka 473 B.C.E., mokanoki wa Mojeremane e bong Ernst Hengstenberg o ne a bolela mo bukeng ya gagwe ya Christology of the Old Testament gore puso ya ga Aretaserese e simolotse ka 474 B.C.E., fela jaaka fa metswedi e mengwe ya tshedimosetso e bolela. O ne a oketsa jaana: “Ngwaga wa bosome a mabedi wa ga Aretaserese ke ngwaga wa 455 pele ga Keresete.”

[Setshwantsho]

Setshwantsho se se setilweng sa ga Themistocles

[Ditshwantsho mo go tsebe 188, 189]

(For fully formatted text, see publication)

“DIBEKE DI LE 70”

455 B.C.E. 406 B.C.E. 29 C.E. 33 C.E. 36C.E.

“Taolo Jerusalema Mesia Mesia Bokhutlo jwa

. . . ya go e agiwa o a tlhaga o a kgaolwa “dibeke di

šafatsa . . . sesha le 70”

Jerusalema”

Dibeke di le 7 62 dibeke Beke e le 1

Dingwaga di le 49 434 dingwaga Dingwaga di le 7

[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 180]

[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 193]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela