Go Obamela Modimo ka Boammaaruri
Gore kobamelo e tle e amogelwe ke Modimo, e tshwanetse ya bo e theilwe mo boammaaruring. (Johane 4:23) Baebele e bolela fa baobamedi ba boammaaruri e le ba “phuthego ya Modimo, pilara le setshegetso sa boammaaruri.” (1 Timotheo 3:15) Batho ba ba bopang phuthego ya Modimo ga ba dumele boammaaruri jwa Lefoko la Modimo fela mme gape ba tshela ka tsela e e dumalanang le jone e bile ba a bo femela, ba bo itsise mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 24:14; Baroma 10:9-15.
BASUPI BA GA JEHOFA ba itsege thata ka tiro ya bone ya go ruta batho Baebele e gone jaanong ba e dirang mo dinageng tse di fetang 200. Ba ithuta Baebele mme ba ruta gore ke boammaaruri ba sa e tswakanye le difilosofi tsa batho. A o tlwaelane le dithuto tsa bone tse di theilweng mo Baebeleng? Batho ba le bantsi ba okaoka go reetsa Basupi ba ga Jehofa ka gonne ba boleletswe dilo tse di sa siamang ka bone. Le fa go ntse jalo, batho ba ba peloephepa ba lalediwa gore ba itirele tshwetso ka bobone gore a se Basupi ba se rerang ke boammaaruri kana nnyaa. Tshwetso e e botlhokwa jalo ga e a tshwanela go dirwa go ya ka kgang ya magatwe. Batho ba le bantsi ba ba ileng ba itshekatshekela dithuto tsa Basupi ba ga Jehofa ka bobone ba ile ba solegelwa molemo thata.
Go Itse Boammaaruri go Fedisa Poifo
Ka sekai, akanya ka kgang ya ga Eugenia. O godisitswe ka tsela e e gagametseng mo lelapeng la Bakatoliki. Rraagwe ke mongwe wa batho ba ba ileng ba dira dithulaganyo tsa loeto lwa ga mopapa kwa Mexico ka 1979. Ka nako ya fa Eugenia a ne a etetse ditsala, o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa. Ba ile ba mo thusa gore a simolole go sekaseka ka kelotlhoko se Baebele e se buang. O gakologelwa jaana: “Kwa tshimologong ke ne ka aparelwa ke poifo. Ke ne ke bone boammaaruri! Mme seno se ne se bolela gore bontsi jwa dilo tse ke neng ke di dumela pele di ne di le phoso. Lelapa la gaetsho, ditsala tsa me, batho ba ke neng ke ba rata—botlhe fela ba ne ba le phoso. Ke ne ka tsenwa ke letshogo. Ke ne ka nna ka ipotsa gore lelapa la gaetsho le tlile go ikutlwa jang ka dilo tse disha tse ke sa tswang go di lemoga. Fa nako e ntse e ya, le ka thuso ya ga Jehofa, ke ne ka simolola go wela makgwafo. Letsatsi lengwe ke ne ka dira tshwetso ya go ipobola mo tsaleng ya lelapa la gaetsho, yo e neng e le porofesa ya thutabodumedi. Ke ne ka mmolelela gotlhe kaga keletso ya me ya go bona boammaaruri. Morago ga moo o ne a re, ‘Fa e le gore o batla go itse boammaaruri, senka Basupi ba ga Jehofa.’”
Lelapa la gaabo Eugenia le ne la mo dira sone selo se a neng a ntse a se boifa, go mo leleka mo gae. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ne ba nna ba mo thusa ka dilo tsa semoya. O bolela jaana: “Ke ne ka nonotshiwa go kgona go emela boammaaruri. Ke ne ka lemoga gore ke selo se ke tshwanetseng go se lwela. Tsela e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba nkamogela ka yone e ne ya nthusa thata. Ke ne ke ikutlwa ke ratiwa ke phuthego ya Bokeresete. Go ithuta phuthego ya Modimo sentle go ne ga nthusa go fenya go boifa go ikemela.”
Akanya ka sekai se sengwe. Sabrina o goletse mo lelapeng le le neng le tlwaetse go tlotla ka Baebele ka metlha. Tota e bile, ba ne ba itirela se o ka reng ke ‘bodumedi jwa lelapa.’ Ka metlha o ne a etela batho ba madumedi a a farologaneng go senola diphoso tsa bone. Fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ne a ithaopa go ithuta Baebele le ene, o ne a se ka a okaoka go dumela ka maikaelelo a gore a senole diphoso tsa bodumedi jwa bone. O gakologelwa jaana: “Morago ga go fetsa ngwaga ke ithuta, ke ne ka simolola go boifa gore ke tla latlhegelwa ke ‘boammaaruri jwa me.’ Go ne go le motlhofo go senola diphoso tsa madumedi a mangwe a ke neng ke ntse ke ya kwa go one, mme mo lekgetlong leno go ne go se motlhofo jalo.”
Poifo ya ga Sabrina e ne ya mo dira gore a kgaotse go tlhola a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Mme morago ga moo o ne a simolola go ikutlwa a le lolea mo semoyeng. O ne a swetsa ka gore a simolole go ithuta gape mme kgabagare a amogela boammaaruri jono jo bosha. Sabrina o ne a gatela pele thata go fitlha a batla go bolelela batho ba bangwe dilo tse a neng a di ithuta. O ile a bo a kopa go pata Basupi mo bodireding jwa ntlo le ntlo. Sabrina o tlhalosa jaana: “Pele ga ke letlelelwa go rera le Basupi ba ga Jehofa ke ne ka bodiwa jaana: ‘A ruriruri o batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?’ Ke ne ka re, ‘Nnyaa!’ Poifo e ne ya mphekeetsa gape.” Kgabagare morago ga gore Sabrina a tswelele pele ka go nna gone kwa dipokanong tsotlhe le go ela batho ba Modimo tlhoko le kafa ba neng ba dirisa melaometheo ya Baebele ka teng, o ne a konela ka gore seno ke boammaaruri. O ne a kolobediwa mme gone jaanong ke moreri wa nako e tletseng.
Ke Eng Fa go Na le Pharologano e Kgolo Jaana?
Bangwe ba ka nna ba botsa jaana, ‘Ke eng fa dithuto tsa Basupi ba ga Jehofa di farologana thata jaana le tsa madumedi a mangwe?’ Go sekaseka ka bokhutshwane se Basupi ba se dumelang go tla go thusa go lemoga gore ke Bakeresete ba ba tlhoafetseng le baithuti ba ba tlhagafetseng ba Baebele. Re go kopa gore o lebe mo Baebeleng ya gago ditemana tse di mo tshobokanyong e e fa godimo ya dithuto tsa bone tsa motheo.
Ka go sekaseka dilo tse Basupi ba ga Jehofa ba di dumelang le tsela e ba kgomarelang se Baebele e se rutang ka yone, o ka nna wa nna le masego a go bona kgololesego e motho a nnang le yone ka ntlha ya go itse boammaaruri. (Johane 17:17) Ga go na lebaka la go boifa boammaaruri. Se lebale gore Jesu o ile a solofetsa jaana: “Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.”—Johane 8:32.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
DINGWE TSA DITUMELO TSA MOTHEO TSA BASUPI BA GA JEHOFA
◯ Jehofa ke Modimo mothatayotlhe. Leina la gagwe le tlhaga ka makgetlo a a fetang 7000 mo mekwalong ya bogologolo ya Baebele.—Pesalema 83:18.
◯ Jesu Keresete ke Morwa wa Modimo yo o neng a tla mo lefatsheng go ntshetsa batho botshelo jwa gagwe go nna setlhabelo. (Johane 3:16, 17) Basupi ba ga Jehofa ba latela dithuto tsa ga Jesu Keresete tse di fitlhelwang mo dikwalong tsa Diefangele.
◯ Leina Basupi ba ga Jehofa le tserwe mo go Isaia 43:10, e e buang jaana: “‘Lona lo basupi ba me,’ go bua Jehofa.”
◯ Bogosi jo batho ba bo rapelelang mo thapelong ya “Rara wa Rona” ke puso ya legodimo e e tla tlogang e fedisa go sotlega le pogo yotlhe mo lefatsheng e le gore go nne le Paradaise e Baebele e e solofetsang.—Isaia 9:6, 7; Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10; Tshenolo 21:3, 4.
◯ Mongwe le mongwe yo o dirang thato ya Modimo o na le tshono ya go itumelela masego a Bogosi ka bosakhutleng.—Johane 17:3; 1 Johane 2:17.
◯ Bakeresete ba tshwanetse go dira gore boitshwaro jwa bone bo dumalane le se Baebele e se buang. Ba tshwanetse go leka go nna batho ba ba ikanyegang, go tshela botshelo jo bo phepa jwa boitsholo jo bo siameng le go rata baagelani ba bone.—Mathaio 22:39; Johane 13:35; 1 Bakorintha 6:9, 10.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Basupi ba ga Jehofa ba itsise batho boammaaruri jwa Baebele mo dinageng tse di fetang 200