LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 1/1 ts. 26-27
  • Basha Ba Ba ‘Ikanyang Jehofa’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basha Ba Ba ‘Ikanyang Jehofa’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Obamela Modimo ka Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • “A a Tswang Melomong ya Banyana”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Go Amogela Mafoko a a Molemo kwa Belgium
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Go Tswa mo go Tshwenyegeng Thata mo Boikutlong go ya Boitumelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 1/1 ts. 26-27

Basha Ba Ba ‘Ikanyang Jehofa’

GA SE gore basha ke bone fela ba bantle, e bile ga se gore bagodi ke bone fela ba ba botlhale. (Bapisa Diane 11:22; Moreri 10:1.) Go na le moo, batho ba ba nang le bontle jo bo nnelang ruri le botlhale jwa mmatota ke ba ba ikanyang Jehofa mme ba bua jaana ka pelo yotlhe kaga gagwe: “U Modimo oa me.”—Pesalema 31:14; Diane 9:10; 16:31.

Go ralala lefatshe go na le palo e e golang ya batho ba bantle, basha le bagolo, ba ba supang botlhale jwa bone ka go direla Modimo le go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Ka sekai, akanya ka Sabrina yo o dingwaga tse robedi.

Sabrina o nna kwa Jeremane mme o mo seemeng sa bobedi. Ke Mosupi wa ga Jehofa wa ntlha go tsena kwa sekolong se a leng kwa go sone. Ka maswabi, o ne a tlhola a kgobiwa ke balekane ba gagwe ba sekolo go fitlha letsatsi lengwe fa morutabana a kopa barutwana gore ba tle le dibuka tse ba di ratang thata. Sabrina o ne a swetsa ka gore o tla tla ka Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela. Bosigo jwa pele ga letsatsi leo, lefa a ne a tshogile, o ne a ipaakanyetsa sentle. E re ka go ne go na le bana ba le 26 mo tlelaseng, o ne a itse gore o ka nna a se ka a fiwa nako e kalo. Lefa go ntse jalo o ne a ititeile sehuba gore a se letle ope go mo tsena ganong fa a ntse a bua e bile a tlhomamisa gore Jehofa o ne a tla mo thusa. Ka letsatsi le le beilweng morutabana o ne a botsa gore ke mang yo o tlileng ka buka mme a batla go nna wa ntlha go e bontsha ba bangwe. Se se gakgamatsang ke gore, Sabrina e ne e le ene fela a tlileng ka yone. O ne a tla fa pele ga tlelase mme a simolola go bua, a bala e bile a supa ditshwantsho go tswa mo bukeng a bile a tlhalosa gore sengwe le sengwe se ne se tswa mo Bibeleng. Fa a konela o ne a botsa jaana: “Ke mang yo o ka ratang go nna le buka eno?” O ne a abela morutabana kopi e nngwe ya yone, mme mo malatsing a sekae fela a a neng a latela a abela bana bangwe ba mo tlelaseng ya gagwe dibuka tse dingwe gape di le lesome. Fa morutabana a ne a akgela ka motlotlo ono wa gagwe o ne a bua fela a re: “Ga ke ise ke bone selo se se ntseng jaana.” O ne a abela Sabrina maduo a Ntlha mo tirong eno ya gagwe.

Totatota, Basupi ba le bantsi ba basha ke baboledi ba ba itumetseng ba mafoko a a molemo kwa sekolong. Sekai se sengwe ke sa ga Erika, mmoledi yo mmotlana wa dingwaga tse 11 wa kwa Mexico. O ne a rutiwa go rata Jehofa a sa le lesea. Tiro ya gagwe ya sekolo e kgatlha thata. Nngwe ya dikabelo tsa gagwe e ne e le go rulaganya dintlha kaga AIDS le go tshwakgolwa ke motsoko le tagi. O ne a ipaakanyetsa sentle, a dirisa makasine wa Tsogang! mme a bona maduo a a kwa godimo go feta botlhe. Morutabana wa gagwe o ne a botsa gore o ne a tsaya tshedimosetso eo kae, mme o ne a mo naya dimakasine tse di nang le ditlhogo tse di buang ka dikgang tseo. Moragonyana morutabana o ne a dirisa dimakasine tseo go tlotla ka dintlha tsa tsone le tlelase yotlhe. Ka ntlha ya maitshwaro a gagwe, go tlotla barutabana, le go bona maduo a a kwa godimo, Erika o ne a tshwanelegela go bona dimpho, didipoloma, le go duelelwa bontlhabongwe jwa madi a dithuto. Lefa go ntse jalo, o ikutlwa gore dilo tse dikgolo go gaisa tsotlhe tse a di dirileng ke go kgona go dira gore a itsiwe fa e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, go aba dibuka tsa Bibela le go tlotlomatsa leina la Modimo.

Yo mongwe ke Shannon, mosimane wa dingwaga tse di lesome wa kwa New Zealand. O na le leitlho le le lengwe fela le le bonang sentle; le lengwe le ne la ntshiwa ka ntlha ya go tshwarwa ke kankere fa a ne a sa le lesea. Fa Shannon a le dingwaga di le supa, mmaagwe o ne a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, go ise go ye kae morago ga go simolola go ithuta Bibela, o ne a simolola go nna le monna mongwe ba sa nyalana mme a swetsa ka gore a tlogele go ithuta. Shannon o ne a ikopela gore a tswelele pele a ithuta Bibela. Kopo ya gagwe e ne ya diragadiwa. Basupi ba ne ba tswelela pele ka go ba etela, kgabagare botlhe ka boraro mo lelapeng leo ba ne ba ithuta Bibela mme ba gatela pele semoyeng. Mmaagwe Shannon le rraagwe wa bobedi ba ne ba kolobediwa morago ga go nyalana semolao.

Letsatsi lengwe Shannon le mosadi wa molebedi wa potologo ba ne ba bereka mmogo mo tirelong ya tshimo. Mong wa ntlo o ne a botsa Shannon jaana: “Go diregileng ka leitlho la gago?” “Le ne la tshwarwa ke kankere, mme la ntshiwa,” o ne a araba jalo. “Mo bogautshwaneng Jehofa o tla ntsenya le lengwe le lesha kwa Paradaising mme ke sone se re tletseng fano go tla go go bolelela ka sone.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela