Dingwao le Melaometheo ya Bokeresete—A di A Tsamaisana?
STEPHEN, Mosupi mongwe go tswa kwa Yuropa Bokone, o ne a abetswe go nna morongwa kwa nageng nngwe ya Afrika. Fa a ntse a itsamaela mo toropong le mokaulengwe mongwe wa lefelo leo, o ne a gakgamala fa mokaulengwe yono a mo tshwara ka seatla.
Kgang ya gore a tsamaye mo mmileng o o tletseng ka batho a tshwarane ka diatla le monna yo mongwe e ne ya garola Stephen pelo. Go ya ka ngwao ya gaabo, tlwaelo e e ntseng jalo e amanngwa le bosodoma. (Baroma 1:27) Le fa go ntse jalo, mo mokaulengweng yoo wa Moafrika, go tshwarana ka diatla e ne e le fela tsela ya go nna botsalano. Go gana go tshwarwa ka seatla go ne go tla supa gore o gana botsala joo.
Ke eng fa re tshwanetse go amega ka kgang ya go farologana ka dingwao? Sa ntlha, ke ka gonne batho ba ga Jehofa ba batla go diragatsa thomo ya bone e ba e filweng ke Modimo ya gore ba “dire batho ba merafe yotlhe barutwa.” (Mathaio 28:19) Go dira tiro eno, bangwe ba ile ba fuduga go ya go direla koo go tlhokegang badiredi thata gone. Gore ba atlege mo tikologong ya bone e ntšha, ba tshwanetse go tlhaloganya le go tlwaelana le dingwao tse di farologaneng tse ba kopanang le tsone. Ka go dira jalo ba tla kgona go dira mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone, mme kafa letlhakoreng le lengwe ba nna le matswela mo bodireding jwa phatlalatsa.
Mo godimo ga moo, mo lefatsheng le le tletseng thubakanyo leno, batho ba le bantsi ba ile ba tshaba mo dinagagaeng tsa bone tse di nang le mathata e le ka ntlha ya mabaka a dipolotiki kana a itsholelo mme ba ya go nna kwa dinageng tse dingwe. Ka gone, re ka nna ra fitlhela gore fa re ntse re rerela baagelani bano ba basha, re lebana le dingwao tse disha. (Mathaio 22:39) Go kopana ga rona la ntlha le ditsela tse re sa di tlwaelang go ka nna ga dira gore re tlhakanngwe tlhogo ke dingwao tseno tse disha.
Dilo Tse di Tlhalositsweng ka Phepafalo
Ngwao ke selo sa konokono mo bathong. Ka jalo, a bo go tla bo go sa utlwale jang ne go nna “tshiamo ya mo go feteletseng” mme re batla go tlhotlhomisa ngwao nngwe le nngwe e e sa reng sepe gore re ke re swetse gore a e tsamaisana le melaometheo ya Baebele kana nnyaa!—Moreri 7:16.
Ka fa letlhakoreng le lengwe, go botlhokwa go tlhaola dingwao tse di thulanang gotlhelele le melaometheo ya Modimo. Le fa go ntse jalo, gantsi ga go thata go dira jalo, ka gonne Lefoko la Modimo le teng go ‘tlhamalatsa dilo.’ (2 Timotheo 3:16) Ka sekai, go nna le basadi ba le bantsi ke selo se se tlwaelegileng mo dingwaong tsa dinaga dingwe, mme mo Bakereseteng ba boammaaruri molao wa Dikwalo ke gore monna a nne le mosadi a le mongwe fela yo o tshelang.—Genesise 2:24; 1 Timotheo 3:2.
E bile gape, meetlo mengwe ya phitlho e e tlhometsweng go leleka meya e e bosula, kana e theilwe mo tumelong ya gore moya ga o swe, ga e a tshwanela Mokeresete wa boammaaruri. Batho bangwe ba ntsha maswalo kana ba rapelela baswi gore ba leleke meya e e bosula. Ba bangwe ba nna le ditebelelo kana ba nna le phitlho ya bobedi ka boikaelelo jwa go thusa moswi go ipaakanyetsa botshelo ‘mo lefatsheng le lengwe.’ Le fa go ntse jalo, Baebele e ruta gore fa motho a swa, ga a “itse sepe,” e bile ga a kgone go direla ope molemo kana bosula.—Moreri 9:5; Pesalema 146:4.
Gone mme, go na le dingwao tse dintsi tse di tsamaisanang le Lefoko la Modimo. A bo go lapolosa jang ne fa o kopana le dingwao tse moya wa go amogela baeng o sa ntseng o le mogolo mo go tsone, koo tlwaelo ya gone e leng gore tota le motho yo o sa itsiweng o dumedisiwa ka lorato mme fa go tlhokega, o lalediwa go nna moeng! Fa o tshwarwa jalo ka bowena, a ga o tlhotlheletsege go latela sekao seo? Fa e le gore go ntse jalo, o tla tokafatsa botho jwa gago jwa Bokeresete.—Bahebera 13:1, 2.
Ke mang mo go rona yo o ratang go letisiwa nako e telele? Mo dinageng dingwe seno se direga ka sewelo ka gonne go boloka nako go tsewa go le botlhokwa. Baebele e re bolelela gore Jehofa ke Modimo wa thulaganyo. (1 Bakorintha 14:33) Ka gone, o tlhomile “letsatsi le ura,” ya go fedisa boikepo, mme o re tlhomamisetsa gore tiragalo eno “ga e ketla e diega.” (Mathaio 24:36; Habakuke 2:3) Dingwao tse di rotloetsang gore go bolokwe nako di re thusa go nna batho ba ba bothakga le gore re tlotle batho ba bangwe le nako ya bone, e leng selo se tota se tsamaisanang le melaometheo ya Dikwalo.—1 Bakorintha 14:40; Bafilipi 2:4.
Go Tweng ka Dingwao Tse di Itshiametseng Fela?
Le fa gone dingwao dingwe di tsamaisana sentle le tsela ya go tshela ya Bokeresete, tse dingwe ga di a nna jalo. Go tweng ka dingwao tse re ka se kang ra re di siame kana ga di a siama? Dingwao di le dintsi di itshiametse fela kana ga di molato, mme boikutlo jwa rona ka tsone bo ka supa gore re batho ba ba tekatekanyo mo semoyeng.
Ka sekai, go na le ditsela tse dintsi tsa go dumedisa—go tshwarana ka seatla, go obama, go atlana kana tota le e leng go tlamparelana. Dingwao tse di amanang le maitsholo a mo tafoleng le tsone di dintsi fela jalo. Kwa dinageng tse dingwe batho ba jela mo poleiteng kana mo sejaneng se le sengwe. Mo dinageng tse dingwe, go kgobola ke selo se se amogelesegang—le e leng go ratega—se se supang kanaanelo, fa mo go tse dingwe e le selo se se sa amogelesegeng e bile se lebiwa e le maitseo a a maswe tota.
Go na le gore o dire tshwetso ya gore mo dingwaong tseno tse di itshiametseng fela ke dife tse wena o di ratang kana tse o sa di rateng, tlhoma mogopolo mo go nneng le boikutlo jo bo siameng ka tsone. Dikgakololo tse dintsi tsa Baebele di re kgothaletsa go se ‘dire sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya boikgopolo, fa e se gore ka kgobalalo ya mogopolo re tseye ba bangwe ba le bagolo mo go rona.’ (Bafilipi 2:3) Eleanor Boykin le ene mo bukeng ya gagwe ya This Way, Please—A Book of Manners, o bolela jaana: “Selo sa ntlha se o se tlhokang ke bopelonomi.”
Go nna boikokobetso jalo go tla re thibela go nyatsa dingwao tsa batho ba bangwe. Go tla re tlhotlheletsa go tsaya kgato ya go ithuta gore batho ba bangwe ba tshela jang, re ithuta dingwao tsa bone, le go leka dijo tsa bone go na le gore re ikgogone kana re belaele sengwe le sengwe se se bonalang se sa tlwaelega. Ka go nna re fetofetoga le maemo le go iketleeletsa go ithuta dilo tse disha, re supa go tlotla batho ba ba re laleditseng kana baagelani ba rona ba batswakwa. Mme gape rona ka borona re solegelwa molemo fa re ‘pitlologa’ mo dipelong tsa rona le mo ditlhaloganyong tsa rona.—2 Bakorintha 6:13.
Fa Dingwao di Kgoreletsa Kgatelopele ya Semoya
Go tweng fa re kopana le dingwao tse di sa thulaneng le Dikwalo mme le fa go ntse jalo di dira gore motho a se ka a kgona go gatela pele mo semoyeng? Ka sekai, mo dinageng tse dingwe, batho ba ka nna ba bo ba rata go goga dinao fa ba dira dilo. Go tsaya botshelo ka tsela e e motlhofo jalo go ka fokotsa go ngomoga pelo, mme go bonala fa go tla dira gore go nne thata gore re wetse bodiredi jwa rona ka ‘botlalo.’—2 Timotheo 4:5.
Re ka kgothatsa jang batho ba bangwe go tila go nna ba beela dilo tse di botlhokwa “nako e tlang”? Gakologelwa gore “selo sa ntlha se o se tlhokang ke bopelonomi.” Fa re tlhotlhelediwa ke lorato, re ka ba tlhomela sekao mme go tswa foo ra ba tlhalosetsa ka bopelonomi melemo ya go se beele dilo tse re tshwanetseng go di dira jaanong ka moso. (Moreri 11:4) Kafa letlhakoreng le lengwe, re tshwanetse go ela tlhoko gore ga re tlhokomologe go tshepana le go ikanyana ga rona e le fela gore re bone maduo a a botoka. Fa batho ba bangwe ba diega go amogela dikakantsho tsa rona, ga re a tshwanela go rena mo godimo ga bone kana go ba tenegela. Ka metlha lorato lo tshwanetse go nna botlhokwa go feta maduo a a molemo.—1 Petere 4:8; 5:3.
Go Akanyetsa Dilo Tse di Ratwang mo Lefelong
Re tshwanetse go tlhomamisa gore kakantsho epe fela e re e ntshang ke e e molemo mme ga se fela kgang ya go batla gore dilo di dirwe ka tsela ya rona. Ka sekai, mekgwa ya go apara e farologana thata. Mo dikgaolong tse dintsi go siame go bona monna a tsentse thai fa a rera dikgang tse di molemo, mme mo dinageng dingwe tsa boboatsatsi, go ka tsewa e le go kgaba ka tsela e e feteletseng. Go akanyetsa gore batho ba lefelo leo ba tsaya moaparo ofe e le o o tshwanetseng batho ba ba dirang tiro ya go thusa setšhaba gantsi go ka go thusa. “Go itekanela ga mogopolo” ke selo se se botlhokwa fa re lebana le kgang e e masisi ya moaparo.—1 Timotheo 2:9, 10.
Go tweng fa e le gore ngwao nngwe ga e re kgatlhe? A re tshwanetse go itlhaganelela go e gana? Nnyaa. Tlwaelo ya go tshwarana ga banna ka diatla e e umakilweng pelenyana e ne e le selo se se seng molato mo Maafrikeng ao. Fa morongwa a lemoga gore banna ba bangwe le bone ba tsamaya ba tshwarane ka diatla, o ne a ikutlwa a gololesegile.
Ka nako ya maeto a mantsi a borongwa a ga moaposetoloi Paulo, o ne a etela diphuthego tse batho ba tsone ba neng ba godisitswe ka ditsela tse di farologaneng. Ga go na pelaelo gore dingwao tsa bone di ne di tle di thulane gangwe le gape. Ka jalo, Paulo o ne a fetofetoga le dingwao dipe fela tse a neng a kopana le tsone le fa go ntse jalo a kgomaretse melaometheo ya Baebele ka tlhomamo. O ne a bolela jaana: “Ke ntse dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe, e le gore kafa go ka kgonegang ka gone ke tle ke boloke bangwe.”—1 Bakorintha 9:22, 23; Ditiro 16:3.
Dipotso dingwe tse di tshwanelang di ka re thusa go bona gore re ka itshwara jang fa re kopana le dingwao tse disha. Fa re amogela ngwao e e rileng—kana fa re e gana—re tla dira gore batho ba ba re lebileng ba akanye eng ka rona? A ba tla kgatlhwa ke molaetsa wa Bogosi ka go bo ba bona gore re leka go tlwaela setso sa bone? Kafa letlhakoreng le lengwe, fa re amogela ngwao ya lefelo lengwe, a ‘bodiredi jwa rona bo tla bonwa molato’?—2 Bakorintha 6:3.
Fa re batla go nna “dilo tsotlhe mo bathong botlhe” go ka nna ga tlhokega gore re fetole dingwe tsa dipono tsa rona tse di nweleletseng thata malebana le gore ke eng se se siameng le gore ke eng se se sa siamang. Gantsi go dira selo se se “siameng” le se se “sa siamang” go ikaegile thata ka gore re nna kae. Ka jalo, mo nageng nngwe go tshwarana ga banna ka diatla ke go supa botsalano fela fa mo dinageng tse dingwe tse dintsi, go ka kgoreletsa molaetsa wa Bogosi.
Le fa go ntse jalo, go na le dingwao dingwe tse di amogelegang mo dikgaolong tse di farologaneng e bile di ka tswa di siame fela le e leng mo Bakereseteng; le fa go ntse jalo re tshwanetse go nna kelotlhoko ka tsone.
Ela Tlhoko Gore O se Ka wa Feteletsa Dilo!
Jesu Keresete o ne a re le mororo barutwa ba gagwe ba ne ba se kitla ba ntshiwa mo lefatsheng, ba ne ba tshwanetse go nna ba ‘se karolo ya lefatshe.’ (Johane 17:15, 16) Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ga go motlhofo go lemoga pharologano fa gare ga selo se tota e leng sa lefatshe la ga Satane le se e leng ngwao fela. Ka sekai, mmino le go tansa ke dilo tse di fitlhelwang mo setsong sengwe le sengwe, le fa mo dinageng tse dingwe di tsewa di le botlhokwa thata.
Re ka nna ra atlhola ba bangwe—re dira jalo re ikaegile thata ka gore re godisitswe jang go na le gore re dire jalo go ya ka mabaka a a utlwalang a Dikwalo. Alex, mokaulengwe mongwe wa kwa Jeremane, o ne a amogela kabelo ya go ya go direla kwa Spain. Kwa lefelong le a tswang kwa go lone, go tansa go ne go sa ratiwe thata, mme kwa Spain ke karolo ya setso. E ne ya re la ntlha fa a bona mokaulengwe le kgaitsadi ba tansa ka matlhagatlhaga ka tsela ya lefelo la bone, o ne a tlhakana tlhogo. A go tansa ka tsela eno go ne go le phoso kana a gongwe e ne e le ga tsela ya lefatshe? A o ne a tla bo a inyatsisa ka batho fa a ka etsa ngwao eno? Alex o ile a lemoga gore le mororo a ne a sa tlwaela mmino le go tansa goo, go ne go se na lebaka la gore a akanye gore bakaulengwe ba gagwe ba kwa Spain ba nyenyefatsa melao ya Bokeresete. O ne a tlhakantswe tlhogo fela ke go bo a sa tlwaela ngwao eo.
Le fa go ntse jalo, Emilio, mokaulengwe mongwe yo o ratang tsela ya go tansa ya setso sa Spain, o lemoga gore go na le kotsi. O tlhalosa jaana: “Ke etse tlhoko gore mefuta e mentsi ya go tansa e batla gore batho ba babedi ba bong jo bo sa tshwaneng ba atamalane thata. E re ka ke sa nyala, ke lemoga gore seno se ka ama maikutlo a bobotlana a le mongwe mo bathong ba babedi bao. Ka dinako tse dingwe, go tansa gono ke seipato fela sa go bontsha motho yo o mo kgatlhegelang gore o a mo rata. Go tlhomamisa gore go tshamekiwa mmino o o siameng le gore ga go kgomanwe thata ka mmele, go ka re sireletsa. Le fa go ntse jalo, ke boammaaruri gore fa setlhopha sa bakaulengwe ba ba sa nyalang le bokgaitsadi ba ba sa nyalwang ba tansa mmogo, ga go motlhofo go boloka dilo di dirwa go ya ka tsamaiso ya puso ya Modimo.”
Eleruri, re ka se ka ra batla go dirisa ngwao ya rona go nna seipato sa go inaakanya le boitshwaro jwa lefatshe. Go opela le go tansa go ne go le teng mo setsong sa Iseraele, mme fa Baiseraele ba ne ba gololwa kwa Egepeto kwa Lewatleng le Lehibidu, mokete wa bone o ne o akaretsa go opela le go tansa. (Ekesodo 15:1, 20) Le fa go ntse jalo, mmino le tsela ya bone ya go tansa e ne e farologane le ya baheitane ba ba neng ba ba dikologile.
Ka maswabi, fa Baiseraele ba ntse ba letile Moshe gore a boe kwa Thabeng ya Sinai, ba ne ba fela pelo, mme ba dira namane ya gauta, mme fa ba sena go ja le go nwa ba “nanoga ba tshameka.” (Ekesodo 32:1-6) Fa Moshe le Joshua ba utlwa modumo wa go opela ga bone, go ne ga ba tshwenya thata. (Ekesodo 32:17, 18) Baiseraele ba ne ba “feteleditse dilo,” mme mokgwa wa bone wa go opela le go tansa o ne o tshwana le wa baheitane ba ba neng ba ba dikologile.
Le gompieno mmino le go tansa go ka tswa go tsewa go se molato mo lefelong le re nnang mo go lone mme go ka nna ga se ka ga kgopisa digakolodi tsa batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, fa mabone a ngotliwa, go bo go tsenngwa mabone a a bonyabonyang, kana go tshamekiwa mmino o o nang le moribo o o farologaneng, se pele se neng se tsewa se se molato se ka nna jaanong sa supa moya wa lefatshe. Re ka nna ra re: “Ke ngwao ya rona.” Arone le ene o ne a dirisa seipato se se tshwanang fa a ne a ineela mo mekgweng ya boitlosobodutu le kobamelo ya boheitane, ka tsela e e sa tshwanelang a tlhalosa gore ke “modiro wa ga Jehofa.” Seipato seno se se bokoa se ne se sa utlwale. Ebu, boitsholo jwa bone bo ne jwa dira gore “ba sotlege mo babeng ba bone.”—Ekesodo 32:5, 25.
Ngwao E na Le Seabe sa Yone
Kwa tshimologong dingwao tse re sa di tlwaelang di ka nna tsa re tshosa, mme seo ga se reye gore tsotlhe fela ga di a siama. Fa ‘dikgono tsa rona tsa go lemoga di thapisitswe,’ re ka kgona go bona gore ke dingwao dife tse di tsamaisanang le melaometheo ya Bokeresete le gore ke dife tse di sa tsamaisaneng le yone. (Bahebera 5:14) Fa re le pelonomi e bile re rata bengkarona, re tla itshwara ka tsela e e tshwanetseng fa re kopana le dingwao tse di itshiametseng fela.
Fa re nna le pono e e lekalekaneng ka dingwao tse di farologaneng fa re ntse re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo bathong ba lefelo la rona kana go sele, go tla re thusa gore re nne ‘dilo tsotlhe mo bathong botlhe.’ Mme ga go na pelaelo gore fa re ntse re amogela dingwao tse di farologaneng, go tla dira gore botshelo jwa rona bo nne monate, bo itumedise le go nna jo bo kgatlhang.
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Bakeresete ba ka dumedisana sentle ka ditsela tse dintsi
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Go nna le pono e e lekalekaneng ka dingwao tse di farologaneng go ka dira gore botshelo jwa rona bo nne monate le go nna jo bo kgatlhang