Dilo Tse di Kgoreletsang Puisano
ROBERT ke morongwa wa Watch Tower yo o nnang kwa Sierra Leone kwa Afrika Bophirima. Letsatsi lengwe ka bokhutshwane fela morago ga a sena go goroga mo nageng eo, fa a ne a tsamaya mo tseleng, o ne a lemoga gore bana ba mo lefelong leo ba ne ba goa: “Lekgoa! Lekgoa!” Robert, yo e leng montsho wa Amerika, o ne a leba kwa le kwa a batla lekgoa, mme go ne go sena ope o sele foo. Jaanong o ne a lemoga gore bana ba ne ba goeletsa ene!
Ba ne ba ikopelela fela e se gore ba a mo kgoba. Bana ba ne ba supa fela gore ba lemoga gore Robert ke wa setso se se farologaneng le sa bone. Go bo ba ne ba bitsa Robert lekgoa e ne e le tsela fela e ba neng ba akanya go e dirisa go supa pharologano eo.
Kafa Setso se Tlhotlheletsang Se re Leng Sone ka Teng
Setso se ntse se ranolwa ka tsela e e atologileng gotwe ke “setlhopha sa megopolo e e abelanwang, . . . mekgwa, ditumelo le kitso e e tlhalosang tsela nngwe ya botshelo.” Re ka ithuta mekgwa e mentsi ya ngwao ka go rutiwa ka tlhamalalo mme gape re tshwaediwa ke e le mentsi ya yone re sa lemoge. Mmatlisisi mongwe o ne a bolela jaana: “Fela fa ngwana a sena go tsholwa, mekgwa le setso se a tsholelwang mo go sone di bopa tsela e a tla dirang dilo ka yone le boitshwaro jwa gagwe. Ka nako ya fa a setse a kgona go bua, o setse a bopegile go ya ka setso sa gagwe, mme ka nako ya fa a setse a godile go ka nna le seabe mo ditirong tsa sone, mekgwa ya yone e nna mekgwa ya gagwe, ditumelo tsa sone e nna ditumelo tsa gagwe le dilo tse se sa kgoneng go di dira le ene ga a kgone go di dira.”
Setso se re direla botshelo motlhofo ka ditsela tse dintsi. Fa re le bana re ithuta ka bonako gore re ka itumedisa batsadi ba rona jang. Go itse se se amogelwang mo setšhabeng sa rona le se se sa amogelweng, go re thusa go dira ditshwetso tsa gore re itshware jang, re apare eng, le gore re dirisane jang le ba bangwe.
Ke boammaaruri gore, se re leng sone jaaka batho ga se ikaege fela ka setso se re godisitsweng ka sone. Mo setsong sengwe le sengwe batho ba a farologana. Se re leng sone gape se ikaegile ka thulaganyo ya dijini tsa rona, dilo tse di re diragaletseng mo botshelong le mabaka a mangwe a mantsintsi. Lefa go ntse jalo, setso se ama tsela e re lebang lefatshe le le re dikologileng ka yone.
Ka sekai, setso sa rona, ga se laole fela puo e re e buang, mme gape se laola gore re e bua jang. Mo dikarolong tsa Botlhabagare, batho ba tseela kwa godimo motho yo o kgonang go bua ka matsetseleko ka mafoko a mantsi, a tla a a boaboeletsa le go a tshwantshisa. Phapaanong le seo, batho ba dinaga tsa Botlhabakgakala ga ba bue thata. Seane sa Sejapane se supa kgopolo eno jaana: “O tla nyelela ka molomo wa gago.”
Setso sa rona se laola tsela e re lebang nako ka yone. Kwa Switzerland fa o tlile morago ga nako e e beelanweng ka metsotso e le lesome, o tshwanetse go ikopa maitshwarelo. Mo dinageng tse dingwe o ka tla morago ga ura kgotsa di le pedi mme o bo o sa patelesege go ikopa maitshwarelo.
Setso sa rona gape se re ruta mekgwa e mentle. A ko o akanye gore o ne o tla ikutlwa jang fa mongwe a ne a ka go raya a re: “O a nona. Ruri o a nona!” Fa e le gore o goletse mo setsong sa Seafrika mo bokima bo tseelwang kwa godimo teng, gongwe o ne o tla itumelela go tewa jalo. Mme fa o godiseditswe mo setsong sa Bophirima kwa bosesane bo tseelwang kwa godimo thata teng, kakgelo eo e e boammaaruri e ne e ka go utlwisa botlhoko.
‘Sa Rona ke Sone se Leng Botoka!’
Se gantsi se kgoreletsang puisano magareng ga batho ba ditso tse di farologaneng ke gore batho gongwe le gongwe ba na le go akanya gore setso sa bone se botoka. Bontsi jwa rona re akanya gore ditumelo tsa rona, melao, dingwao, mokgwa wa go apara le megopolo ya dilo tse di lebiwang di le dintle e siame, e tshwanetse e bile e botoka mo go tse dingwe. Gape re na le go atlhola ditso tse dingwe ka go di bapisa le mekgwa ya setlhopha sa rona. Go akanya ka tsela e e ntseng jalo go bidiwa, go tsaya setlhopha sa gaeno se le kwa godimo ga tse dingwe. The New Encyclopædia Britannica e akgela jaana: “Re ka re go tsaya setlhopha sa gaeno se le kwa godimo ga tse dingwe . . . go batla go ama lefatshe lotlhe. Mo e batlileng e nna batho ba ditso tsotlhe tsa lefatshe ba tsaya mokgwa wa bone wa botshelo o le kwa godimo tota le ga wa baagelani ba ba atamalaneng thata le bone.”
Dingwaga tse 200 tse di fetileng, Moesemane wa maemo a a kwa godimo, o ne a bua ka kgang eno jaana ka tlhamalalo, a re: “[Ka fa ke] bonang ka teng, batswakwa ke dieleele.” Morulaganyi wa buka ya dinopolo e mafoko ano a leng mo go yone o ne a kwala jaana: “[Seno] se buiwa mo e batlang e nna mo lefatsheng lotlhe go gaisa sepe fela se se kileng sa buiwa.”
Dikai tsa go sa itshokele batho ba ditso tse dingwe di dintsi. Lefa gone mafoko a a latelang kwa tshimologong a kwadilwe ke mokwaladibuka wa Mojeremane kwa bofelong jwa bo1930, a amanngwa thata le moeteledipele wa Monasi Hermann Göring: “Fa ke utlwa lefoko setso, ke tsaya tlhobolo ya me.”
Go gagamalela go tsaya setlhopha sa gaeno se le kwa godimo ga tse dingwe go ka baka go kgetholola ba bangwe, mo le gone go ka felelang ka letlhoo le kgotlhang. Richard Goldstone ke mosekisi wa International Criminal Tribunal e e tlhotlhomisang tlolomolao ya motlha wa ntwa kwa Rwanda le kwa e neng e le Yugoslavia pele. Mabapi le ditiro tseo tsa go sa tlhabologa tsa dintwa tse pedi tseo, o ne a re: “Selo sa mofuta ono se ka direga gongwe le gongwe. Fano, o na le dinaga tse pedi tse di kgaoganeng, tse di nang le ditso tsa tsone le hisitori tse di sa tshwaneng gotlhelele, mme ditiro tse di tshwanang tse di setlhogo di a dirwa, di dirwa ke moagelani a dira jalo yo mongwe. Mofuta ono wa ntwa e e setlhogo ya bomorafe kgotsa ya bodumedi tota ke kgethololo e e feteletseng e e fetogang thubakanyo. Setlhopha se se dirwang jalo ga se tsewe jaaka batho. Fa seno se sena go dirwa, se golola batho go dira dilo tse di maswemaswe tse ka tlwaelo melao ya boitshwaro e neng e ka ba thibela go di dira.”
Go Atolosa Pono ya Rona
Ka tlwaelo batho ba re ba tlhophang go nna ditsala tsa rona ke ba ba tshwanang le rona, batho ba ba nang le maikutlo le mekgwa e e tshwanang le ya rona. Re a ba ikanya e bile re a ba tlhaloganya. Re ikutlwa re phuthologile fa re na le bone. Fa re leba boitshwaro jwa motho yo mongwe bo sa tlwaelega, gongwe ditsala tsa rona di tla dumalana le rona ka gonne di dumalana le mekgwa ya rona ya go kgetholola.
Ka jalo, re ka bapala eng ka go buisana le ba bangwe ba ba farologaneng le rona ka lebaka la setso se ba godisitsweng ka sone? Selo sa botlhokwa ke gore, puisano e e molemo e tla re thusa go tlhaloganya mabaka a go bo ba bangwe ba akanya le go dira dilo ka tsela e ba di dirang ka yone. Kunle wa kwa Afrika Bophirima, o bolela gore: “Bana ba bantsi mo Afrika ba ilediwa go bua fa ba ja. Lefa go ntse jalo, mo dinageng dingwe tsa Yuropa, go bua ka dinako tsa dijo go a letlelelwa. Go diragala eng fa Moyuropa a ja le Moafrika? Moyuropa o tla ipotsa gore ke eng fa Moafrika a ja e kete o utlwile botlhoko. Kafa letlhakoreng le lengwe, Moafrika o ipotsa gore ke eng fa Moyuropa a nnetse go peperega jaaka nonyane!” Go phepafetse gore, mo maemong a a ntseng jalo, go tlhaloganya setso sa ba bangwe go ka thusa thata go fedisa letlhoo.
Fa re ntse re ithuta batho ba ditso tse dingwe, ga re tokafatse fela tsela e re tlhaloganyang ba bangwe ka yone mme gape le rona re itlhaloganya botoka. Moithutabatho mongwe o ne kwala jaana: “Selo sa bofelo se setshedi sa lewatle le le boteng se ka se lemogang ke metsi. Se tla itse fela gore a teng fa ka kotsi nngwe se ka iphitlhela se le kwantle kwa phefong. . .. Gore motho a kgone go lemoga setso sotlhe sa setšhaba sa gaabo . . . go tlhoka maikaelelo mangwe mo go ka fitlhelelwang ka sewelo fa e le gore go a tle go fitlhelelwe.” Lefa go ntse jalo, fa re dira gore re itse ditso tse dingwe, re tshwana le setshedi sa lewatle se se isiwang kgatlhanong le phefo; re simolola go itse “metsi” a setso a re nnang mo go one. Mokwadi Thomas Abercrombie o ne a tlhalosa kgang eno sentle jaana: “Motho yo o iseng a ko a kgatlhiwe ke setso sa seeng le ka motlha ga a kake a tlhaloganya melelwane ya setso sa gagwe.”
Ka bokhutshwane re ka re, go tlhaloganya ditso tse dingwe go ka nonotsha matshelo a rona ka go atolosa tsela e re lebang dilo ka yone, gore re kgone go itlhaloganya le go tlhaloganya ba bangwe botoka. Lefa boswa jwa setso le go tsaya setlhopha sa rona se le kwa godimo ga tse dingwe go ka kgoreletsa puisano, re se ka ra di letla. Mabota ao a ka thubiwa.
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
“Mo e batlileng e nna batho ba ditso tsotlhe tsa lefatshe ba tsaya mokgwa wa bone wa botshelo o le kwa godimo tota le ga wa baagelani ba ba atamalaneng thata le bone.”—The New Encyclopædia Britannica
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Re ka ithuta go ipelela dilo tse di molemo tsa ditso tse dingwe
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 6]
Globe: Mountain High Maps® Copyright © 1995 Digital Wisdom, Inc.