LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 5/8 ts. 8-10
  • Batswakwa—Ba Ka Kgona go Lepalepana le Seemo Seno Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batswakwa—Ba Ka Kgona go Lepalepana le Seemo Seno Jang?
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maikaelelo le Maikutlo
  • Pitlologa
  • Dilo tsa Konokono Tse Di ka go Thusang go Tlhakana le Ba Bangwe
  • Kutlwano ya Lelapa
  • Batswakwa—O Ka Ba Thusa Jang?
    Tsogang!—1992
  • Batswakwa—Bothata Jo Bo Aparetseng Lefatshe Ka Bophara
    Tsogang!—1992
  • Go Tshela mo Ditsong Tse di sa Tshwaneng—Ke Eng se Nka se Dirang?
    Tsogang!—2007
  • Go Thusa Bana ba “Baagi ba Baeng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 5/8 ts. 8-10

Batswakwa—Ba Ka Kgona go Lepalepana le Seemo Seno Jang?

“BONANG fela,” go ne ga bolela jalo Jaroslav yo o dingwaga tse 17 yo o neng a lapisitswe ke go tlhola a tshegiwa ka go bo e le Mo-Ukraine, “batsadi ba me ba tlile mono [e le] batshabi.” O ne a tlhalosa gore ba ne ba itlhotlhora lefatshe leo eleng la bone le gore lefa ba ka tswa ba ne ba batla go boa, ga ba ka ke ba tlhola ba boela teng jaanong. Boitemogelo jono, jo bo neng jwa kwalwa ke mokwadi John Brown mo bukeng ya gagwe e go tweng The Un-melting Pot, bo bontsha bothata joo gangwe le gape bafaladi le batswakwa ba lebaganang le jone jwa go sa amogelwe mme e le jo ba tshwanetseng gore ba bo itshokele. Mosha yono o ne a lemoga morago ga a sena go nna le boitemogelo jo bo sa jeseng monate ka seno gore go nna a tshwenyegile ka go bo e le motswakwa ga go a thusa sepe. Kwa bofelong o ne a swetsa ka gore a itebaganye le seemo seo ka go ba raya a re ‘le ntsee jaaka ke ntse’—mme seno se ne sa thusa fela thata!

Go ilwa kwantle ga mabaka ape, go belaelwa, le go sa amogelwe ke dilo tsa mmatota tseo batswakwa ba tshwanetseng gore ba lebagane le tsone. Mme fa e le gore o motswakwa, go na le dikgato tse di molemo tse o ka di tsayang tse di ka dirang gore o kgone go lebagana le seemo sa go tlwaela botshelo jo bosha.

Maikaelelo le Maikutlo

Ka go itse gore o ya go tsena mo seemong se eleng gore o ya go ilwa kwantle ga mabaka ape gongwe le gone gore o bo o ikgatholosiwe mo botshelong jwa gago jo bosha, o ka ipaakanyetsa gore o ya go itsaya jang go sale pele. Rosemary, Moesemane yo o neng a fudugela kwa Japane, o bua ka seo a ileng a se itemogela ka namana. O tlhagisa jaana, “o se ka wa kgopisega fa batho ba lefelo le o fudugetseng mo go lone ba bua maswe ka lefatshe la ga lona,” a tlatsa ka go tlhagisa jaana: “Ikehe mo go lekeng go iphemela le go femela lefatshe la lona, le kafa o godisitsweng ka teng. Mme morago ga nako batho ba tlile go lebelela boitshwaro jwa gago letsatsi le letsatsi le mokgwa wa gago mme ba kgaotse go tlhola ba go ila kwantle ga mabaka. Go ka nna ga tsaya dingwaga.”

Gakologelwa gore, benggae ba tshwenyegile thata kaga boikaelelo jwa gago jwa go batla go nna mo lefatsheng la bone. Mmegadikgang wa Tsogang! wa kwa Jeremane, e gompieno e nang le palo e ntsi ya bafaladi ba Yuropa Botlhaba, a re: “Bothata jwa go tlwaela botshelo jwa mo lefatsheng le lesha le o fudugetseng mo go lone gantsi bo itshetlegile ka boikaelelo jwa gago jwa go fudugela koo. Bao ba go dirang ka maikaelelo a a molemo, ba ikemiseditse go dira lefatshe le lesha leo legae la bone, gantsi ba nna le thotloetso ya go ithuta puo ya teng le gore ba nne karolo ya koo ka mo go ka kgonagalang ka teng. Bao ba tsayang go ya ga bone koo e le ga nakwana fela kgotsa ba rotloediwa fela ke boikutlo fela jwa go ipapalela sengwe teng gantsi ba felela ba kgobegile marapo. Mme ka jalo ba tseye matsapa a a seng kaenyana fela go leka go tlwaela seemo se sesha, mo go felelang ka gore ba bolawe ke pelo bone le bao ba dirisanang le bone.” Lefa go le jalo, seno ga se reye gore bafaladi ba ka se ka ba boela kwa magabone fa e le gore ba eletsa jalo.

Lefa go le jalo, maikutlo le maikaelelo a motswakwa a ka thusa kana a senya thulaganyo ya gore a nne karolo ya kwa a fudugetseng teng. Fa o le motswakwa, ela tlhoko gore mo go benggae go na le boikutlo jo bo boteng jwa gore, jaaka U.S.News & World Report e bega, “batswakwa ba senya popagano ya setšhaba.” Mme fa o itshupa gore o motswakwa yo o nang le mosola mme ebile o dira seabe sa gago, batho ba ba go amogetseng ba tla fitlhela go le motlhofo go go amogela tota le gone go nna ditsala tsa gago. Jaaka Rosemary, mofaladi yo o ileng a umakiwa pelenyana, a tlhalosa: “Ba batla go go tsaya jaaka motswakwa, mme gape ka fa letlhakoreng le lengwe ba batla gore o rate dilo tse ba di ratang.”

Mangwe a mathata ao o tla rakanang le one jaaka mofaladi o ka kgona go a bonela pele, kana go ka a tila, ka go ithuta thata ka mo o ka kgonang ka teng kaga seemo sa kwa o ikaelelang go fudugela teng. Go bala, go ithuta thata, le go bua le ba bangwe ka lefatshe leo, mekgwa ya teng, le ngwao ya teng go ka kgona go go thusa fela thata mo go ipaakanyetseng go ya go iphitlhela o le fa gare ga batho ba o sa ba itseng mo ka boammaaruri go yang go go diragalela.

Go boammaaruri gore go rulaganya khudugo ya gago kafa molaong go tla dira gore o tlotlwe ke benggae. Mo go ba le bantsi, batswakwa ba ba tlileng ka tsela e eseng ya kafa molaong ba a kgopisa ebile ke matshosetsi. Mme fa ba re ba ba tshotse tota ke fa ba ba leba jaaka babereki ba ba duelwang madi a a kwa tlase, ba eleng gore ba emetse fela gore ba jewe ntsoma ka tsela e e botlhoko. Bafaladi bao ba ileng ba kgona go atlega ba bontsha gore go botlhokwa fela thata gore o leke ka mo o ka kgonang ka teng go dira gore go nna ga gago koo go bo go le kafa molaong. Fa o botsolotswa ke badiredi ba tsa loago, go lebega phepa o le bothakga go botlhokwa e le gore o tle o kgone go nna le leina le lentle mo go bone. Bontsha boikutlo jwa tirisanommogo. O se ka wa nna motho yo o ratang go relela.

Mme go na le mo gontsi mo wena, jaaka motswakwa o ka go dirang gore o itlhofofaletse bothata jwa go tlwaela go nna kwa lefatsheng le lesha.

Pitlologa

Ka tlholego fela batho ba ba sa tswang go goroga bosheng gantsi ba na le go ikgobokanya golo go le gongwe fela le ba lotso lwa bone. Ka sekai, kwa New York City, baagelani gantsi ke ba lotso lo longwe fela—go na le Italy yo monnye, Chinatown, le karolo ya Bajuta, go umaka di sekae fela. Ditlhophanyana tse di ntseng jalo tsa batho gantsi di neela tshegetso e e tlhokafalang ya gore mofaladi a kgone go ikutlwa a le mo gae—ke serepodi se ba ka kgonang go simolola mo go sone go sekaseka seemo se sesha se ba tshelang mo go sone.

Ka maswabi, ba ba mo seemong seno ba simolola go ikgogona le go ikamoga ditshono le melemo tse tota di neng di ka ba thusa. Makasine wa Psychology of Women Quarterly ya re, “fa e le gore go ikgatholosa le go ikgaoganya le ba bangwe gotlhelele le mekgwa ya koo o nnang teng ke tsela e o e kgethileng ya go itebaganya le seemo se sesha . . . sa botshelo, o ka nna wa seka wa fetsa tiro ya go leka go tlwaela ka katlego koo o fudugetseng teng.”

Ka mo go farologaneng, bontsi jwa batswakwa bao ba ileng ba pitlologa mme ba kgona go inaakanya ka peloyotlhe mo ditšhabeng tseo ba fudugetseng kwa go tsone ba bega gore matshelo a bone a ile a tokafala fela thata ka ntateng ya seno. Setlhopha sa baithuti ba Amerika ba ba ileng ba tsaya dibeke di sekaenyana ba ithuta kaga mekgwa le dingwao tse di farologaneng kwa setlhaketlhakeng sa Micronesia sa Guam ba ile ba akgela kafa seno se ileng sa kgona go ba bula matlho ka gone malebana le dingwao tse dingwe. Mongwe wa baithuti o ne a dumela jaana, “ke lebelela dipharologano ka kgatlhego le go rata go itse ka tsone go na le go ikutlwa di ntshosa.” Yo mongwe o ne a re: “Ke simolola go lebelela setso sa ga etsho sentle. . . . Ke simolola go ipotsa dipotso ka mekgwa mengwe le dilo dingwe tseo ke kileng ka ne ke di tsaya fela gore di siame. . . . Ke ithutile sengwe mo go bone.”

Lefa go le jalo, go atlega ka go dirisa sebaka sa gore o tswelele pele, go tlhokega gore o di dire dilo dingwe tse di rileng pele.

Dilo tsa Konokono Tse Di ka go Thusang go Tlhakana le Ba Bangwe

“Go ithuta puo ya lefatshe le o fudugetseng kwa go lone go dira gore go nne motlhofo gore o tlwaele mo go lone . . . ka ntateng ya gore go dira gore mofaladi a kgone go atamalana le bontsi jwa batho.” Eo ke thotloetso e e tswang mo makasineng wa Psychology of Women Quarterly. Mme legale re go loma tsebe! Go ithuta puo ga se kgetsi e potlana. Mofaladi yo o fudugetseng kwa Japane ebong George o gakologelwa jaana, “kwa tshimologong ke ne ke na le bothata. Ba ne ba tle ba ntshege ka diphoso tse ke neng ke di dira mme ba sa nthuse.” Kwantle ga go kgobega marapo, George o ne a tle a tsamaye ka radionyana e potlana gongwe le gongwe kwa a yang teng mme a reetse kgaso e e dirwang ka Sejapane. O tlatsa ka go re: “Ke ne ka lemoga gore go bala thata go ile ga nthusa gore ke itse puo eno.”

Puo ya setšhaba sengwe le sengwe ke yone kgoro ya go tlhaloganya ngwao ya teng. Lefa ekare kgabagare wa itse puo eo, go amogela ngwao e ntšha ke selo se se thata go se dira. Fano ke gone go tlhokegang tekatekanyo. Motswakwa yo o batlang go atlega mo go seno o tshwanetse go ipaakanyetsa go lwa le go ithuta mekgwa le dingwao tse disha, fa kafa letlhakoreng le lengwe a tsweletse go boloka botho jwa gagwe le go itlotla ga gagwe go sa angwa ke seno ka tsela epe. Fela jaaka mokwadi wa Mo-Yugoslav ebong Milovan Djilas a bolela, “motho o ka kgona go tlogela sengwe le sengwe—legae, lefatshe la bone, naga ya bone—mme ga a kake a kgona go itlogela.” Go fitlhelela tekatekanyo eno ke kgwetlho e kgolo.

Kutlwano ya Lelapa

Motho mongwe le mongwe o itsaya ka tsela e e farologaneng mo seemong se sesha. Ka mokgwa o o utlwalang, batho ba ba setseng ba godile ba fitlhela gore ngwao le puo ya ga bone e tseneletse thata mo go bone. Lefa go le jalo, bana gantsi ba amogela puo le ngwao e ntšha ka bofefo. Mme go ise go ye kae, ba ka nna ba felela e le baranodi, mme batsadi ba bone gantsi ba iphitlhela ba le mo seemong sa baithuti. Mme tsela eno eo maikarabelo a fetogang ka yone gantsi e felela ka dikgotlhang mo malapeng. Batsadi ba ka nna ba ikutlwa gore ba latlhegelwa ke tlotlo, fa bana bone ba ka nna ba kgopisiwa ke go bo batsadi ba bone ba ba patelela ngwao ya bone e e ‘siilweng ke nako.’ Ka jalo malapa a batswakwa a ka lepalepana jang le dikgatelelo tseno tse di oketsegang?

Selo se se teng ke gore, batsadi ba tshwanetse go tsaya tsia diphelelo tseo maemo ano a masha a tla nnang le tsone mo baneng ba bone. Seno se raya gore ba dire maiteko a gore ba tlhakane le batho ba bangwe fela jaaka bana ba bone—eseng go solofela gore ba tshele mo ngwaong e nngwe mme ntswa ba ngaparetse e nngwe. Go ineela mono go tlhoka gore batsadi ba bafaladi ba nne le temogo, ereka go fedisa dikgotlhang mo gae. Molaomotheo o mongwe wa Bibela o tlhalosa seno jaana: “Ntlo e tle e agiwe ka botlhale, e ba e nitamisiwa ka tlhaloganyō.”—Diane 24:3.

Ka mo go tshwanang, bana ba tshwanetse go lemoga gore lefa ntswa batsadi ba bone ba tswa mo ngwaong e e farologaneng, botshelo bo setse bo ba rutile mo gontsi mme ka jalo go raya gore ba na le maitemogelo a mantsi. Go ba neela tlotlo e e tshwanetseng go ka thusa fela thata mo go bolokeng kagiso mo lelapeng.

Ka jalo, le mororo go tlhakana le ba bangwe e se thaka ya monna, go na le mo gontsi mo wena jaaka motswakwa, o ka go dirang gore boitemogelo joo bo go solegele molemo. Mofaladi mongwe wa Mopotokisi yo mmotlana ebong Tony o ne a sobokanya seno ka tsela eno: “Le mororo ke ile ka nna le mathata a le mantsi, kwa bofelong, ke ile ka solegelwa molemo fela thata. Go tlhaloganya dipuo tse pedi le dingwao tse pedi go ile ga bula matlho ame ka botshelo.”

[Lebokoso mo go tsebe 10]

Batswakwa Ba Ka Kgona Jang go Lepalepana le Seemo?

Ka go . . . 

▶ ithuta puo

▶ amogela ngwao e ntšha le go e tlhaloganya

▶ tsamaisana le mekgwa ya koo

▶ ithuta ka boemo jo bosha jo o leng mo go jone le go botsa dipotso ka jone

▶ dira maiteko a gore jaaka lelapa le nne karolo ya batho ba koo

▶ dirisana le balaodi; dira bojotlhe jwa gago gore go nna ga gago koo go bo go le kafa molaong

O se ka . . .

▶ wa ikgogona mo bathong ba o nnang mo go bone

▶ wa tsaya gore ngwao ya gago e botoka

▶ wa tsaya gore madi le dithoto ke dilo tsa ntlha mo botshelong jwa gago

▶ wa lebelela gore bana ba gago ba ngaparele ngwao ya lona ya kwa o tswang teng

▶ wa nyatsa batsadi ba gago ka go bo lo godiseditswe mo maemong a a farologaneng

▶ wa tlogela lelapa la gago fa o fudugela kwa mafatsheng a sele, fa go kgonega

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Fa o ithuta puo ya lefatshe la gago le lesha, o tla kgona gore o atolose dikamano tsa gago le batho

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela