Batswakwa—O Ka Ba Thusa Jang?
MMEGADIKGANG ebong Günter Wallraff o ne a itira jaaka ekete ke modiri go tswa kwa Turkey mme o ne a bereka mo madirelong a setale kwa Jeremane. Fa a ne a bega pego ya gagwe ka seo a ileng a se lemoga kafa badiri ba batswakwa, kgotsa baeng, ba tshwarwang ka teng, batho ba ne ba gakgamala fela thata mme ba bo ba kgopega. O ne a bega ka ditiragalo tsa kgethololo e e sa itumediseng le letlhoo le le senang mabaka le le nyenyefatsang leo le neng le direlwa badiri ba batswakwa. Nako nngwe, o ile a bona badiri ba Ma-Turkey ba laelwa gore ba bereke mo lefelong lengwe le le diphatsa le mororo disaerine tsa tlhagiso di ne di ntse di lela le mabone a mahibidu a ntse a pekenya. Fa rre mongwe a ne a tshoga mme ebile a batla go sia mo lefelong leo, o ne a tshosediwa ka gore o tla latlhegelwa ke tiro.
Se Wallraff a neng a se itemogela ka papamalo se lemotsha matlhotlhapelo a bafaladi ba a bonang. Fa benggae ba ba pelotlhomogi ba ntse ba lemoga mathata go ya pele a batswakwa ba lebaganeng le one, bontsi bo ipotsa gore ba ka thusa mofaladi le lelapa la gagwe jang.
Re Tseyeng Jaaka Re Ntse
Tila go ila ba bangwe kwantle ga mabaka ape fela. Ga go sepe se se ka fetang go ila batho kwantle ga mabaka ka go aga lebota la dipelaelano le go sa amogelane gareng ga benggae le batswakwa. Mokwadi ebong Ben Levitas mo bukeng ya gagwe e go tweng Tribal Life Today a re, “[ngwao] e senya tsela eo re lebang kafa batho ba bangwe ba dirang dilo ka teng, bogolo jang fa e le gore ditsela tsa bone di farologana . . . le mekgwa e re e amogelang ya go dira dilo.” O bolela ka gore dipharologano tseno “gantsi di felela ka gore re kgale tsela e batho ba bangwe ba itsayang ka teng.” Helen, Mokorea yo o ileng a fudugela kwa Canada, o gakologelwa sentlentle letsatsi le morutabana wa bone a ileng a mo goa ka tšhakgalo ka ntateng ya go bo a ile a palelwa ke go dira tiro e morutabana a neng a laetse tlelase gore e e dire. Helen, yo ka nako eo a ileng a utlwa botlhoko fela thata a re, “o ne a sa kgone go lemoga gore ga ke a ka ka mo tlhaloganya.”
Go sa tlhaloganyane le megopolo e motho a nang le yone ka merafe e mengwe gantsi go itshetlegile fela ka mainane go na le ka boammaaruri. Mo bukeng ya bone e go tweng Cross-Cultural Learning & Self-Growth, bakwadi ebong Mildred Sikkema le Agnes Niyekawa-Howard, ba bolela ka porofesara nngwe ya Moamerika yo o neng a leka baithuti ba gagwe ba batswakwa ka go ba bolelela metlae. Go tsweng foo o ne a ba lebelela go bona gore ba itsaya jang. Mme fa ba ne ba sa tshege, gone fela foo baithuti ba ne ba romelwa go ya kwa ditlelaseng tsa Seesemane. Bakwadi bano ba re, “go ne go sa lebege fa [porofesara yoo] a ne a lemoga gore go tlhaloganya metlae ya Seamerika go tlhoka gore motho a bo a tlwaelane le ngwao ya Seamerika le puo ya teng . . . Se batho bangwe go ya ka ngwao ya bone ba se tsayang gore se a kgatlha [ba bangwe] ba ka nna ba se tsaya e le selo se se tlhabisang ditlhong.” Mekgwa eno ya go itshwara e e sa dirweng ka mabaka ape a a bosula ke benggae gantsi e bontsha go tlhoka temogo fa ba dirisana le batswakwa.
Fa o tsaya motswakwa jaaka a ntseng fela, o sa mo ile fela kwantle ga lebaka lepe, o tla go anaanela ka ntlha ya selo seo. Go dira jalo go dumalana sentle le molaomotheo ono o o kaelang o Jesu a ileng a o bolela: “U ratè . . . moñwe ka wèna yaka u ithata.” (Luke 10:27) Yasushi Higashisawa, yo eleng agente kwa Tokyo, Japane, yo o dirisanang thata le batswakwa, a re “go dirisana thata le batho ba ditso tse dingwe ke molemo o mogolo wa go fedisa go ila batho ba bangwe kwantle ga lebaka lepe.” Go dirisana ka tsela eno gape go thusa mofaladi gore a kgone go thusiwa ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng.
Thuso E E ka Neelwang
Go na le mo gontsi mo motswakwa a batlang go go itse ka lefatshe la gagwe le lesha—gore a ka bona ntlo jang, go ithuta puo, le go bonela bana ba gagwe phatlha mo sekolong, le tiriso ya ditlamelo tsa loago le tsa botsogo. O ka mo thusa gore a se ka a tsena mo mathateng a mantsi le go mo anela ka seo o setseng o se itse.
Ka sekai, a o ka thusa motswakwa gore a kgone go itse mafelo kgotsa makgotla ao a ka mo thusang gore a ithute puo le ngwao? Kgotsa gongwe a o ne o ka tsamaya le mosadi wa mofaladi mo mesepeleng ya gagwe ya ntlha ya go ya go reka gore o mo thuse go tlhopha dijo le dilo tse dingwe tsa ntlo? Go tweng ka go fa lelapa la mofaladi kgakololo mabapi le tsamaiso e e raraaneng ya go baakanya seemo sa bone kafa molaong, ya go batla tiro, ya go tlatsa difomo tsa lekgetho, le tse dingwe fela jalo?—Bona ntlhanyana e e kwa tlase mo lebokosong.
Mongwe Yo O Ka Ikanngwang
Go botlhokwa gore ka dinako tsotlhe o ipotse jaana: ‘Fa ke ne ke le kwa nageng e nngwe, ke ne ke ka rata gore ke tshwarwe jang?’ Jesu o ne a bolela jaana ka molao wa gagwe o o itsegeng wa Sekagauta, “Cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo.” (Mathaio 7:12) Go nna le tsala e o ka ikaegang ka yone mo nakong e e thata ya go leka go itshetlela le go itlwaetsa ke thuso e batswakwa ba le bantsi ba e anaanelang. Go amogela baeng mo go ntseng jalo mo go dirwang ke benggae gantsi go tlisa mesola e e solegelang monggae mmogo le motswakwa molemo. Molaomotheo o mongwe wa Bibela o a re: “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.”—Ditihō 20:35.
Fa o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mpho e e molemolemo go gaisa e o ka e neelang motswakwa ke tsholofelo ya go nna bakaulengwe ba ba utlwanang. Kwantle ga pelaelo o tla kgona go bona sengwe se se kwadilweng ka segabone se se ka mo agang go mo lotlegela ka sone.
Lefa go le jalo, maikarabelo otlhe a go atlega jaaka mofaladi ke a motswakwa ka boene. Mme ka go mo akanyetsa go sekaenyana fela, o ka dira mo gontsi go mo thusa gore a ikutlwe a le mo gae, ka tsela e e ntseng jalo o dira gore boitemogelo jwa gagwe jwa go fudugela kwa mafatsheng a sele e seka ya nna jo bo utlwisang botlhoko thata, le eleng gore e nne jo bo itumedisang.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 11]
“Re tsaya gore batho ba dingwao tse dingwe . . . ba bona dilo, ba ikutlwa, le go akanya jaaka rona. . . . Mathata a mantsi a tsalwa ke go gopola gore batho botlhe ba tshwanetse go itsaya kafa re itsayang ka teng.”—Cross-Cultural Learning & Self-Growth
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 12]
Moithuti mongwe o ne a bolela jaana morago ga go tsaya nako e sekaenyana kwa setlhaketlhakeng sa Guam: ‘Jaanong ke kgona go amogela mekgwa e mesha kgotsa e e farologaneng ya go dira dilo.’—Cross-Cultural Learning & Self-Growth
[Lebokoso mo go tsebe 12]
O ka thusa motswakwa go . . .
▶ tlwaela fa e le gore o motho yo o ratang baeng
▶ dirisana le badiredi ba puso fa a santse a leka go baakanya go nna ga gagwe gore go nne kafa molaonga
▶ tlatsa diforomo tsa lekgothob
▶ bona mekgatlho e e rutang ka ngwao le puo ya ga lona
▶ bona marobalo
▶ dirisa ditlamelo tsa botsogo le tsa loago
▶ bonela bana diphatlha mo sekolong
▶ reka dilo tse di tlhokegang ka ditlhotlhwa tse ditshwanetseng
▶ bona tiro
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Dinaga dingwe go tshwana le Jeremane jaana, di na le melao e e gagametseng malebana le gore ke mang yo o ka fang motho kgakololo ka dilo tse di anamang le molao, go fudugela nageng e sele, le lekgetho. O tshwanetse wa botsa malebana le dilo tseno pele ga o ka thusa batswakwa ka boemo jwa bone kafa molaong.
b Dinaga dingwe go tshwana le Jeremane jaana, di na le melao e e gagametseng malebana le gore ke mang yo o ka fang motho kgakololo ka dilo tse di anamang le molao, go fudugela nageng e sele, le lekgetho. O tshwanetse wa botsa malebana le dilo tseno pele ga o ka thusa batswakwa ka boemo jwa bone kafa molaong.