LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 7/8 ts. 7-8
  • Go Fenya Dikgoreletsi Tseo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Fenya Dikgoreletsi Tseo
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditso Tsa Mefutafuta mo Basuping ba ga Jehofa
  • Dilo Tse di Kgoreletsang Puisano
    Tsogang!—1996
  • Ke Dire Eng fa Setso Sa me Se sa Tshwane Le sa Ba Bangwe?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • A O Leba Ba Bangwe Jaaka Jehofa A Ba Leba?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Dingwao le Melaometheo ya Bokeresete—A di A Tsamaisana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 7/8 ts. 7-8

Go Fenya Dikgoreletsi Tseo

GA RE a itlhophela gore re tsholelwe mo lelapeng lefe kgotsa mo setšhabeng sefe, e bile ga re a itirela tshwetso ya gore ke setso sefe se se neng se tla ama tsela e re akanyang ka yone. Ga go na se re ka se dirang mo dilong tse di tshwanang le tseo. Rotlhe re laolwa ke nako le maemo. Lefa go ntse jalo, re ka laola kafa re lebang ba bangwe ka teng le kafa re itshwarang ka teng mo go bone.

Baebele e re fa kgakololo ya gore re dire seo jang. Akanyetsa melaometheo e sekae e e tla re thusang go fenya dilo tse di re kgoreletsang go buisana le batho ba ba ka tswang ba godisitswe ka tsela e e sa tshwaneng le ya rona.

“Modimo o o dirileng lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone . . . o dirile ditšhaba tsotlhe tsa batho, go tla ba aga mo lefatsheng lotlhe.” (Ditiro 17:24, 26) Rotlhe re ba lelapa le le tshwanang la motho, ka jalo, re na le dilo tse dintsi tse re tshwanang mo go tsone. Go senka dilo tse re tshwanang mo go tsone go dira gore puisano e nne motlhofo. Rotlhe re batla ditsala tse di molemo gape re tlhoka go ikutlwa re ratiwa e bile re tlotliwa. Mongwe le mongwe o batla go tila go utlwa botlhoko mo mmeleng le mo maikutlong. Batho ba ditso tsotlhe ba rata mmino le go taka, go bua metlae, ba rata go nna le maitseo mo go ba bangwe, e bile ba senka ditsela tse ba ka itumelang ka tsone.

“Lo se dire sepe ka go re lo itira lekoko, le fa e le ka go ipelafatsa fela, fa e se go re, ka boikokobetso jwa pelo, mongwe le mongwe a kaya yo mongwe fa a mo gaisa ka molemo.” (Bafilipi 2:3) Seno ga se reye gore re tshwanetse go tsaya ba bangwe ba le botoka mo go rona mo go sengwe le sengwe. Go na le moo, re tshwanetse go lemoga gore mo dikarolong dingwe tsa botshelo, batho ba bangwe ba a re gaisa. Ga re a tshwanela le ka motlha gore re akanye gore rona kgotsa setso sa rona ke sone fela se se molemo mo go sengwe le sengwe.

“Jalo fa re bona lobaka, a re ke re direng se se molemo mo bathong botlhe.” (Bagalatia 6:10) Fa e le rona ba re tsayang kgato la ntlha go nna botsalano le go thusa ba bangwe, go sa kgathalesege setso se ba godisitsweng ka sone, go ka thusa thata go fenya go tlhoka puisano.

“Mo, lo a go itse, bagaetsho ba ba rategang. A motho mongwe le mongwe a nne bonako go utlwa, le bonya go bua, le bonya go tlala bogale.” (Jakobe 1:19) Batho ba ba itseng go buisana sentle ba tshwanetse go dira mo go fetang go bua fela; ba tshwanetse go nna bareetsi ba ba tlhaloganyang.

“Kgakololo mo pelong ya monna e ntse jaaka metsi a a boteng, motho yo o tlhaloganyo o tle a e ge fela.” (Diane 20:5) Nna kelotlhoko o bo o lemoge maikutlo le dilo tse di fitlhegileng ka kwa ga tsela e motho a itshwarang ka yone. Leka go itse batho botoka.

“A mongwe le mongwe a se tlhokomele dilo tse e leng tsa gagwe fela, fa e se gore, mongwe le mongwe o tlhokomela le tse e leng tsa bangwe.” (Bafilipi 2:4) Tlhaloganya ka go leba dikgang kafa motho yo mongwe a di lebang ka teng. Se nne pelotshetlha.

Ditso Tsa Mefutafuta mo Basuping ba ga Jehofa

Gore a ruri melaometheo eno e a dira go bonwa mo kutlwanong e e kgethegileng ya Basupi ba ga Jehofa, ba ba dirang ka natla mo dinageng tse 232 tsa lefatshe. Ba na le batho ba “morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo” ba ba ititeileng sehuba go dumalana le kaelo ya ga Jehofa e e lorato mo dilong tsotlhe.—Tshenolo 7:9; 1 Bakorinthe 10:31-33.

Mosupi mongwe le mongwe ga a nyatse setso sa ba bangwe. Tota le bone ba ba nnang Basupi, ga ba itatole setso se ba godisitsweng ka sone, kwantle ga fa fela se thulana le melaometheo ya Baebele. Fa go ntse jalo ba fetola matshelo a bone. Ba lemoga gore go na le dilo dingwe tse di molemo thata mo setsong sengwe le sengwe le e leng gore dilo tseno di a nonotshiwa fa motho a latela kobamelo ya boammaaruri.

Ba leka ka natla go leba polanete ya rona ka tsela e Modimo a e lebang ka yone—e phatsima e le tala e bile e le ntle—e dikologa mo lefaufaung. Ke polanete e e tletseng ka batho le ditso tse di farologaneng. Basupi ba ga Jehofa ba lebile pele nakong ya fa lefatshe lotlhe le tla bong le ipelela botshelo jaaka lelapa le le utlwanang eleruri.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Basupi ba ga Jehofa ba ithutile go fenya dilo tse di bakang dikgotlhang tsa ditso

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela