LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 11/1 ts. 3-4
  • Lebaka La go Bo ba Rata Dikgoka

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebaka La go Bo ba Rata Dikgoka
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo Batho ba Nna Dikgoka
  • A go Ka Nna le Lefatshe Le le Se Nang Tirisodikgoka?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Modimo o Ikutlwa Jang ka Thubakanyo?
    Tsogang!—2002
  • Tirisodikgoka mo Lelapeng E Tsalwa Ke Eng?
    Tsogang!—1993
  • Ke Eng fa Bokebekwa bo Aname Jaana Gompieno?
    Tsogang!—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 11/1 ts. 3-4

Lebaka La go Bo ba Rata Dikgoka

LESEA la dibeke tse 27 le le tshotsweng pele ga nako le ne la tsholelwa kwa Denver, Colorado, U.S.A. Mosimanyana yono o ne a kgona go tshela, mme morago ga go newa tlhokomelo e e tseneletseng ka dikgwedi tse tharo kwa bookelong, o ne a busediwa gae kwa batsading ba gagwe. Dibeke tse tharo morago ga foo, mosimanyana yono o ne a boetse gape kwa bookelong. Ka ntlha yang? O ne a gobetse thata mo bobokong ka go bo rraagwe a ile a mo kgotlhokgotsa ka tšhakgalo. Rraagwe o ne a betisitswe pelo ke selelo sa ngwana yono. Mosimanyana yono o ne a foufala le go golafala. Kalafi ya segompieno e ile ya mo namola mo masetlapelong a fa a ne a tsholwa mme e ne ya palelwa ke go mo namola mo tirisodikgokeng ya ga rraagwe.

Bana ba ba se nang palo ba a sotlwa, ba a setlakwa kana go bolaelwa mo lefelong le le tletseng ka tirisodikgoka go feta otlhe mo lefatsheng—mo gae! Batho bangwe ba fopholetsa gore kwa United States fela, go swa bana ba ba ka nnang 5000 ka ngwaga ba bolawa ke batsadi ba bone! Mme ga se bana fela. Go ya ka makasine wa World Health, “go sotlwa ga basadi ke selo se se di gogang kwa pele mo go bakeng go gobala ga basadi ba ba mo dingwageng tsa go tshola” ba United States. Dinaga tse dingwe tsone? “Nngwetharong go ya go halofo ya basadi [ba dinaga tse di tlhabologang] ba go dirilweng patlisiso mo go bone, ba bega gore ba itewa ke balekane ba bone.” Ee, tirisodikgoka e gaketse, segolobogolo mo gae.

Bontsi jwa banna le basadi ba ba nyalaneng ba rarabolola dikgotlhang tsa bone ka dikgoka. Kwa dinageng dingwe, batsadi le barutabana ba supa kgalefo ya bone mo baneng ka go dirisa dikgoka. Bakgerisi ba tlhorontsha batho ba ba bokoa ka dikgoka e le fela go ijesa monate. Ke eng se se dirang gore batho ba rate dikgoka jaana?

Lebaka La go Bo Batho ba Nna Dikgoka

Bangwe ba bolela gore batho ba tsholwa ba rata dikgoka. Le mororo bokebekwa jwa tirisodikgoka bo fokotsegile thata kwa United States, bo oketsegile mo basheng. Go kgatlhegela tirisodikgoka go oketsegile. Diteishene tse tharo tse dikgolo tsa thelebishene di okeditse palo ya dikgangtswelelopele tsa tsone tsa tirisodikgoka gabedi mme di okeditse dithulaganyo tse di buang ka dipolao gararo. Ee, bokebekwa ke kgwebo e kgolo! Karl Menninger yo e leng ngaka ya malwetse a tlhaloganyo a re: “Ga se fela gore re letlelela tirisodikgoka, gape re e baya mo ditsebeng tse di kwa ntle tsa makwalodikgang. Nngwetharong kana nngwenneng ya dithulaganyo tsa rona tsa thelebishene di tlosa bana bodutu ka yone. Re a e mpampetsa! Bagaetsho, re a e rata.”

Dipatlisiso tsa bosheng jaana tsa saense di bolela gore boboko le tikologo di na le seabe mo go direng gore batho ba rate dikgoka. Dr. Markus J. Kruesi wa Setheo sa Dipatlisiso ka Tsa Basha sa Yunibesithi ya Illinois, a re: “Se rotlhe re simololang go se dumela ke gore, maemo a a sa siamang a bana ba le bantsi ba bewang mo go one ke one a ruri a dirang gore tirisodikgoka e oketsege. Maemo ao a baka diphetogo tsa dimolekhule mo bobokong jwa batho, tse di ba dirang gore ba tsibogele dilo ka bonako.” Buka ya Inside the Brain e bolela gore dilo tse di jaaka “go senyega ga botshelo jwa lelapa, go oketsega ga malapa a motsadi yo o nosi, lehuma le legolo le go se dirise diokobatsi sentle go go feteletseng, tota di ka nna tsa dira gore boboko bo tlhagise khemikale e e dirang gore motho a nne dikgoka—selo se pele go neng go sa dumelwe gore se ka kgonega.”

Go bolelwa gore diphetogo tse di diregang mo bobokong di akaretsa go fokotsega ga seelo sa serotonin, e leng khemikale ya boboko e go akanngwang gore ke yone e e laolang kgalefo ya motho. Dipatlisiso di bontsha gore bojalwa bo ka fokotsa seelo sa serotonin mo bobokong, mme seo se dumalana le go bo borasaense ba sa bolo go nna ba amanya tirisodikgoka le kgang ya go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng.

Go sa ntse go na le selo se sengwe se se dirang gore tirisodikgoka e oketsege gompieno. Buka e e ikanyegang ya boporofeti, e bong Baebele e tlhagisa jaana: “Se lebaleng, go tla nna le dipaka tse di boima mo malatsing a bofelo. Batho ba tla nna pelotshetlha, bogagapa, ba ikgantsha e bile ba ikgogomosa; . . . ba tla nna bosula, setlhogo, ba senya ba bangwe maina, ba rata dikgoka le go nna bogale; ba tla ila molemo; ba tla nna boferefere, botlhaswa le go nna mabela . . . Nna kgakala le batho ba ba ntseng jalo.” (2 Timotheo 3:1-5, Today’s English Version) Ee, tirisodikgoka e re e bonang gompieno e diragatsa boporofeti jwa Baebele kaga “malatsi a bofelo.”

Go na le sengwe gape se se dirang gore go nne le tirisodikgoka e ntsi thata mo malatsing ano. Baebele ya re: “Abo go latlhega lefatshe le lewatle, ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshenolo 12:12) Diabolo le badimona ba gagwe ba lelekilwe kwa legodimong mme jaanong ba lebisa kgalefo ya bone mo bathong. E re ka Diabolo e le “mmusi wa taolo ya moya wa loapi,” o dirisa “moya o jaanong o dirang mo barweng ba botlhokakutlo,” go dira gore lefatshe le tlale thata ka tirisodikgoka.—Baefeso 2:2.

Mme he, gompieno re ka lepalepana jang le “moya” wa lefatshe wa tirisodikgoka? Mme re ka rarabolola dikgotlhang jang kwantle ga go dirisa dikgoka?

[Mafoko a a mo go tsebe 3]

Bana ba ba se nang palo ba a sotlwa, ba a setlakwa kana go bolaelwa mo lefelong le le tletseng ka tirisodikgoka go feta otlhe mo lefatsheng—mo gae!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela