Ke Amegile Thata ka go Itumedisa Jehofa
JAAKA GO BOLETSE THEODOROS NEROS
Lebati la sele ya me le ne la atlhamologa, mme moofisiri a tlhaeletsa jaana: “Neros ke mang?” Fa ke itshupa, o ne a laela jaana: “Ema. Re ile go go bolaya.” Seo se ile sa diragala kwa kampeng ya bosole kwa Korintha, kwa Greece, ka 1952. Ke eng fa botshelo jwa me bo ne bo le mo kotsing thata jaana? Pele ga ke tlhalosa seo, mma ke go bolelele go sekae ka tsela e ke godileng ka yone.
MO E ka nnang ka 1925 Baithuti ba Baebele (leina le Basupi ba ga Jehofa ba neng ba itsiwe ka lone ka nako eo) ba ne ba etela rre. Go ise go ye kae o ne a nna mongwe wa bone mme a ruta bomorwarraagwe le bokgaitsadie ba le robedi tumelo ya gagwe, botlhe fela ba ne ba amogela boammaaruri jwa Baebele. Le batsadi ba gagwe ba ne ba bo amogela. Morago ga moo o ne a nyala, mme nna ka tsholwa ka 1929 kwa Agrinio, kwa Greece.
A bo dingwaga tseo e ne e le tse di maswe jang ne kwa Greece! Go simolotse ka bobusaesi jo bo setlhogo jwa Mogenerala Metaxas. Morago ga foo, ka 1939, go ne ga tlhagoga Ntwa ya Lefatshe II mme ka bonako morago ga foo naga e ne ya thopiwa ke Banasi. Bolwetse le tlala di ne di aname. Ditopo tsa batho tse di budulogileng di ne di rwalwa ka dikeribae. Bosula mo lefatsheng bo ne bo bonala sentle, fela jaaka go ne go bonala gore Bogosi jwa Modimo bo a tlhokega.
Botshelo Jwa go Ineela mo Tirelong
Ka August 20, 1942, fa setlhopha sa rona se ntse se phuthegetse mmogo mo pokanong ka kwa ntle ga Thesalonika, molebedi wa rona yo o okamelang o ne a re bontsha difofane tsa ntwa tsa Boritane di digela dibomo mo motseng mme a gatelela kafa rona re sireletsegileng ka teng ka ntlha ya go utlwa kgothatso ya gore ‘re se ka ra lesa go phuthega mmogo.’ (Bahebera 10:25) Ka nako eo, re ne re phuthegetse mo losing lwa lewatle, mme ke ne ke le mongwe wa ba ba neng ba kolobediwa. Fa re tswa mo metsing re ne ra ema ka mola, mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete ba ne ba opela pina e mo go yone ba neng ba re akgola ka ntlha ya tshwetso e re e dirileng. A bo e ne e le letsatsi le le sa lebalesegeng jang ne!
Ka bonako morago ga foo, fa nna le mosimane mongwe re ne re ntse re etela batho mo bodireding jwa rona jwa ntlo le ntlo, mapodise a ne a re tshwara mme a re isa kwa seteisheneng sa mapodise. Go gatelela gore ba re leba re le Bakomonisi le gore tiro ya rona ya go rera e thibetswe, re ne ra itewa mme ra bolelelwa jaana: “Jehofa o tshwana fela le Stalin, dimatla ke lona!”
Ka nako eo, ntwa e ne e fagile mo Greece, mme moya wa go ila Bokomonisi o ne o aname thata. Mo letsatsing le le latelang re ne ra gwantisiwa fa pele ga magae a rona re bofilwe matsogo jaaka e kete re dikebekwa. Mme diteko tseo e ne e se tsone tsotlhe.
Go Lekiwa Tumelo Kwa Sekolong
Mo masimologong a 1944, ke ne ke sa ntse ke le mosimane yo o tsenang sekolo, mme Banasi ba ne ba sa ntse ba thopile Thesalonika. Ka letsatsi lengwe kwa sekolong, moruti mongwe wa Orthodox ya Greece yo e neng e le porofesa wa rona wa bodumedi, o ne a nthaya a re ke tlile go fiwa teko malebana le thuto ya letsatsi leo. Bana ba bangwe ba ne ba bolela jaana: “Ga se Mokeresete wa Orthodox.”
Porofesa o ne a botsa: “Ke eng?”
Ke ne ka araba jaana: “Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.”
O ne a mphamola a mfaphola mo sefatlhegong a ntse a tlhaeletsa a re, “Phiri mo gare ga dinku.”
Ke ne ka akanya, ‘Go ka tla jang gore phiri e longwe ke nku?’
Malatsi a le mmalwa morago ga foo, re ne re dutse mo ditafoleng tsa rona tsa dijo tsa motshegare re le 350. Molebeledi wa rona o ne a re: “Neros o tla re lebogela.” Ke ne ka boeletsa thapelo e e itsegeng ele ya ‘Rara wa Rona,’ e Jesu a neng a e ruta balatedi ba gagwe, e e kwadilweng mo go Mathaio 6:9-13. Molebeledi o ne a se ka a rata seno, ka jalo a mpotsa jaana a galefile go tswa fa a dutseng teng mo tafoleng: “Ke eng fa o rapetse ka tsela eo?”
Ke ne ka re: “Ka gonne ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.” Ka ntlha ya seo le ene o ne a mphamola mme a mfaphola mo lerameng. Moragonyana mo go lone letsatsi leo, morutabana yo mongwe o ne a mpiletsa kwa ofising ya gagwe mme a nthaya a re: “O dirile sentle Neros, ngaparela tumelo ya gago, mme o se ka wa ineela.” Bosigo joo, rre o ne a nkgothatsa ka mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Botlhe ba ba eletsang go tshela ka boineelo jwa bomodimo tshwaraganong le Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.”—2 Timotheo 3:12.
Fa ke fetsa sekolo se segolwane, ke ne ka tshwanela gore ke tlhophe tiro e ke tla e dirang. E re ka go ne go na le ntwa ya selegae kwa Greece, ke ne ke lebane gape le kgang ya boitlhaodi jwa Bokeresete. (Isaia 2:4; Mathaio 26:52) Kgabagare mo masimologong a 1952, ke ne ka atlholelwa dingwaga di le 20 mo kgolegelong ka ntlha ya go gana go ya ntweng ka nako eo e e thata ya hisitori ya Greece.
Boitlhaodi Jwa me Jwa Bokeresete bo a Lekwa
Fa ke ntse ke tswaletswe kwa kampeng ya bosole kwa Mesolóngion le kwa Korintha, ke ne ka nna le tshono ya go tlhalosetsa balaodi ba sesole gore segakolodi sa me se se thapisitsweng ka Baebele ga se ntetle gore ke nne lesole go tshegetsa bopolotiki. Ke ne ka tlhalosa jaana: “Ke setse ke le lesole la ga Jesu,” ke lebisitse go 2 Timotheo 2:3. Fa ke ne ke kopiwa go akanyetsa seo gape, ke ne ka bolela gore ga ke a dira tshwetso ya me ka lepotlapotla, mme ke e dirile fa ke sena go e akanyetsa sentle le ka ntlha ya go ineela go dira go rata ga Modimo.
Ka ntlha ya seo, ke ne ka tshwanela go dira tiro e ke e patelediwang, go fetsa malatsi mangwe mo go a le 20 ke sa je le go robala fa fatshe mo sementeng ya sele e e bophara jwa mo e ka nnang metara le boleele jwa dimetara di le pedi. Mme ke ne ke nna le Basupi ba bangwe ba babedi mo seleng eno! E ne e le ka yone nako eno fa ke ne ke sa ntse ke le kwa kampeng ya kwa Korintha ke neng ka bidiwa go tswa mo seleng ya me go ya go bolawa.
Fa re ntse re ya kwa lefelong le ke ileng go bolaelwa kwa go lone, moofisiri o ne a mpotsa a re, “A ga o batle go bua sengwe?”
Ke ne ka araba ka gore, “Nnyaa.”
“A ga o batle go kwalela ba gaeno?”
Ke ne ka araba gape ka re: “Nnyaa. Ba setse ba itse gore nka nna ka bolawa mono.”
Re ne ra fitlha mo patlelong, mme ka laelwa gore ke bape le lebota. Morago ga foo, go na le gore moofisiri a laele masole gore a mphule, o ne a a laela a re, “Mo tsenyeng mo teng.” E ne e le polao ya go tshosetsa fela, e le fela go nteka.
Moragonyana ke ne ka romelwa kwa setlhaketlhakeng sa Makrónisos, koo ke neng ke sa letlelelwa go nna le dikgatiso dipe fa e se Baebele fela. Basupi ba le 13 ba ne ba tswaletswe mo ntlwaneng e nnye ba kgaogantswe le bagolegwa ba dikebekwa ba ba ka nnang 500. Le fa go ntse jalo, ka tsela nngwe re ne ra romelelwa dikgatiso ka bokukuntshwane. Ka sekai, ka letsatsi lengwe, ke ne ka romelelwa lebokoso la loukoúmia (e leng dimonamone tse di rategang thata). Batlhatlhobi ba ne ba tlhoafalela go tlhasela loukoúmia mo e leng gore ba ne ba sa lemoge makasine wa Tora ya Tebelo o o neng o fitlhilwe kafa tlase ga yone. Mosupi mongwe o ne a re: “Masole a ne a ja loukoúmia, mme rona ra ‘ja’ Tora ya Tebelo!”
Khopi ya buka e e neng e sa tswa go gololwa ya What Has Religion Done for Mankind? e ne ya fitlha mo go rona, mme mogolegwa mongwe wa Mosupi yo o neng a itse Seesemane o ne a e ranola. Gape re ne re ithuta Tora ya Tebelo mmogo, re tshwarela dipokano tsa rona mo sephiring. Re ne re tsaya kgolegelo e le sekolo, e le tshono ya go nonotsha bomoya jwa rona. Go feta moo, re ne re itumetse ka gonne re itse gore bothokgami jwa rona bo ne bo itumedisa Jehofa.
Kgolegelo ya bofelo e ke neng ke tswaletswe kwa go yone e ne e le kwa Týrintha kwa botlhaba jwa Pelopónnisos. Fa ke le koo ke ne ka bona molebeledi mongwe a lebile ka kelotlhoko fa ke ntse ke tshwere thuto ya Baebele le mogolegwakanna. A bo ke ne ka gakgamala jang ne fa ke kopana le molebeledi yoo dingwaga moragonyana kwa Thesalonika! Ka nako eo e ne e le Mosupi. Moragonyana mongwe wa bana ba gagwe o ne a romelwa kgolegelong, e seng gore a ye go nna molebeledi mme e le mogolegwa. O ne a tswaletswe ka lebaka le le tshwanang le le ke neng ke tswaletswe ka lone.
Tiro e Ntšha fa ke Sena go Gololwa
Mo dingwageng tse 20 tse ke neng ke di atlholetswe, ke ne ka nna di le tharo fela tsa tsone mo kgolegelong. Fa ke sena go gololwa ke ne ka swetsa go ya go nna kwa Athena. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae ke ne ka tshwarwa ke bolwetse bongwe jwa pleurisy mme ka patelesega go boela kwa Thesalonika. Ke ne ka lwala dikgwedi di le pedi. Morago ga moo, ke ne ka kopana le lekgarebe le lentle le le bidiwang Koula, mme re ne ra nyalana ka December 1959. Ka 1962 o ne a simolola go nna mmulatsela, jaaka badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa. Dingwaga tse tharo moragonyana ke ne ka kgona go dira le ene mo tirong ya gagwe ya bobulatsela.
Ka January ya 1965, re ne ra abelwa go dira tiro ya potologo, re etela diphuthego go di nonotsha semoyeng. Ka selemo seo re ne ra nna gape le tshiamelo ya go nna teng kwa kopanong ya rona ya ntlha e kgolo ya kgaolo kwa Vienna, kwa Austria. E ne e farologane le tse re neng re nna le tsone kwa Greece koo re neng ra tshwanela gore re kopanele mo sephiring mo sekgweng ka go bo tiro ya rona e ne e thibetswe. Go ela kwa bofelong jwa 1965, re ne ra lalediwa go ya go dira kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Athena. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya mathata a botsogo a bangwe ba losika, re ne ra tshwanela gore re boele kwa Thesalonika ka 1967.
Fa re ntse re tlhokometse maikarabelo a lelapa, re ne ra tswelela pele re tshwaregile thata mo tirong ya boefangele. Mo lekgetlong lengwe fa ke ntse ke bua le ntsale e bong Kostas, ke ne ka mo tlhalosetsa ka bontle jwa phuthego ya Modimo le lorato, kutlwano le go utlwa Modimo go go leng teng mo go yone. O ne a re, “Dilo tseno di ne di ka bo di le molemo fa go ka bo go na le Modimo.” O ne a dumela fa ke mo kopa go tlhatlhoba gore a Modimo o teng kana nnyaa. Ke ne ka mmolelela gore re tla bo re ya kopanong e kgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Nuremberg, kwa Jeremane ka August 1969. O ne a botsa gore a a ka tsamaya le rona, mme tsala ya gagwe e bong Alekos, yo le ene a neng a ithuta Baebele le rona o ne a batla go tla.
Kopano ya kwa Nuremberg e ne e tlhomologile! Kopano e ne e tshwaretswe mo setediamong se segolo se Hitler a neng a tle a ketekele diphenyo tsa gagwe tsa bosole gone. Palo ya ba ba neng ba le teng e ne ya fitlha go tlhora ya batho ba ba fetang 150 000, mme moya wa ga Jehofa o ne o bonala mo go sengwe le sengwe se se neng se dirwa. Go ise go ye kae, Kostas le Alekos ba ne ba kolobediwa. Ka bobedi ke bagolwane ba Bakeresete jaanong, mme le ba malapa a bone ke Basupi.
Ke ne ka simolola go ithuta le mosadi mongwe yo o neng a kgatlhega. Monna wa gagwe o ne a bolela gore o batla go tlhatlhoba tumelo ya rona, mme ka bonako morago ga foo o ne a mpolelela gore o laleditse mongwe yo go tweng ke Rre Sakkos, yo e leng moithutabodumedi wa Orthodox ya Greece, gore re tle go ganetsana le ene. Monna wa gagwe o ne a batla go botsa bobedi jwa rona dipotso dingwe. Rre Sakkos o ne a tla le moruti. Monna yo re neng re ntse re mo etela o ne a simolola ka gore, “Sa ntlha, nka rata Rre Sakkos go araba dipotso di le tharo.”
Monna yono o ne a botsa jaana a tsholeditse thanolo ya Baebele e re e dirisang, “Potso ya ntlha: A Baebele eno ke ya boammaaruri, kana a ke Baebele ya Basupi?” Rre Sakkos o ne a araba ka gore ke thanolo e e molemo mme gape o ne a tlhalosa Basupi ba ga Jehofa e le “batho ba ba ratang Baebele.”
Monna yono o ne a tswelela a botsa, “Potso ya bobedi: A Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba nang le boitsholo jo bo siameng?” Totatota, o ne a batla go itse gore mosadi wa gagwe o ne a simolotse go tlwaelana le batho ba mofuta ofe. Moithutabodumedi o ne a araba ka gore ga go na pelaelo gore ke batho ba ba nang le boitsholo jo bo siameng.
Monna yono o ne a tswelela jaana: “Potso ya boraro: A Basupi ba ga Jehofa ba a duelwa?” Moithutabodumedi o ne a araba ka gore “Nnyaa.”
Monna yono o ne a konela ka gore, “Ke bone dikarabo tsa dipotso tsa me mme ke dirile tshwetso.” Morago ga moo, o ne a tswelela ka thuto ya gagwe ya Baebele mme go ise go ye kae a kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
Botshelo jo bo Itumedisang, jo bo Duelang
Ke ne ka boa ka nna molebedi wa potologo gape ka January 1976. Dingwaga tse thataro moragonyana, ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna le seabe mo go eteleleng pele tsela e ntšha ya go rera kwa Greece—go neela bosupi mo mebileng. Mme ka October 1991, nna le mosadi wa me re ne ra nna babulatsela ba ba kgethegileng. Dikgwedi di le mmalwa morago ga foo, ke ne ka dirwa karo ya pelo e mo go yone madi a kekologisiwang ka ditšhupo tse nnè e ka letlhogonolo e ileng ya atlega. Gone jaanong botsogo jwa me bo siame, mme ke kgonne go boela mo tirong ya go rera ya nako e e tletseng. Gape ke mogolwane mo go nngwe ya diphuthego tsa Thesalonika e bile ke mo Komiting ya Puisano le Dikokelo ya lefelo la rona go thusa batho ba ba tlhokang thuso ya kalafi.
Fa ke akanya ka botshelo jwa me, ke lemoga kafa go dira se se itumedisang Rraarona wa selegodimo go kgotsofatsang ka teng. Ke itumelela go bo ke sa bolo go amogela taletso eno e e kgatlhang: “Morwaaka, o tlhalefe, o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.” (Diane 27:11) Ke itumela tota go bona koketsego ya lefatshe lotlhe ya batho ba ba tlhoafetseng ba ba tsenang mo phuthegong ya ga Jehofa. Ruri ke tshiamelo go nna le seabe mo go gololeng batho ka boammaaruri jwa Baebele mme ka go dira jalo re ba bulela tshono ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la tshiamo!—Johane 8:32; 2 Petere 3:13.
Ka metlha re leka go kgothatsa batlhanka ba basha ba ga Jehofa gore ba dire bodiredi jwa nako e e tletseng mokgele wa bone, go mo neela nako le nonofo ya bone. Eleruri, go ikanya Jehofa le go ipelela go itumedisa pelo ya gagwe ke botshelo jo bo itumedisang tota jo motho a ka nnang najo!—Diane 3:5; Moreri 12:1.
[Ditshwantsho mo go tsebe 21]
(Go tswa kafa molemeng go ya mojeng)
Ke dira mo boapeelong jwa Bethele ka 1965
Ke neela puo ka 1970 fa tiro ya rona ya go rera e ne e thibetswe
Ke na le mosadi wa me ka 1959
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Ke na le mosadi wa me Koula