Bamakabise E ne E le Bomang?
MO BATHONG ba le bantsi motlha wa Bamakabise o tshwana le lebokosonyana le lennye la motlakase le le fetlhilweng fa gare ga nako ya go wediwa ga dibuka tsa bofelo tsa Dikwalo Tsa Sehebera le nako ya go tla ga ga Jesu Keresete. Fela jaaka dintlha dingwe di tle di senoge fa go sekasekwa lebokosonyana le lennye la motlakase la sefofane fa se sena go sugakana, re ka bona lesedinyana ka go sekaseka motlha wa Bamakabise—motlha wa diphetogo mo setšhabeng sa Bajuda.
Bamakabise e ne e le bomang? Ba ne ba nna le tlhotlheletso e e ntseng jang mo Bojudeng pele ga go tla ga Mesia yo o boleletsweng pele?—Daniele 9:25, 26.
Setsuatsue sa Motlha wa Tlhotlheletso ya Segerika
Alexander yo Mogolo o ne a gapa dinaga tsotlhe fela go tloga ka Greece go fitlha ka India (336-323 B.C.E.). Puso ya gagwe e kgolo e ne ya nna le seabe mo go anamiseng Tlhotlheletso ya Segerika—puo le ngwao ya Segerika. Masole le badiredipuso ba ga Alexander ba ne ba nyala basadi ba mafelo ao, ba dira gore ngwao ya Segerika e tswakane le dingwao tse dingwe. Morago ga loso lwa ga Alexander, bagenerale ba gagwe ba ne ba kgaogana bogosi jwa gagwe. Kwa tshimologong ya lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E., Antiochus III yo e neng e le wa bogosi jwa Bagerika ba Ba-Seleucus kwa Siria, o ne a gapa Iseraele go tswa mo pusong ya Bagerika ba Ba-Ptolemy ba Egepeto. Tlhotlheletso eno ya Segerika e ne ya ama Bajuda ba Iseraele jang?
Raditiragalo mongwe o kwala jaana: “Bajuda ba ne ba ka se kgone go tila go tlhotlhelediwa ke ngwao ya Segerika le tsela ya Segerika ya go akanya ka gonne ba ne ba patelesega go tswakana le baagelani ba bone ba ba neng ba tshwaeditswe ke Tlhotlheletso ya Segerika le bakaulengwe ba bone ba ba neng ba nna kwa dinageng di sele. . . . Tlhotlheletso ya Segerika e ne e ba pateletsa go inaakanya le ngwao ya Segerika!” Bajuda ba ne ba ipha maina a Segerika. Ba ne ba latela meetlo le tsela ya go apara ya Segerika. Se ne sa ba tshwaetsa thata ka tsela e e bofitlha.
Go Senyega ga Baperesiti
Bajuda ba ba neng ba amiwa thata ke Tlhotlheletso ya Segerika e ne e le baperesiti. Bontsi jwa bone ba ne ba akanya gore go amogela Tlhotlheletso ya Segerika e ne e le go letla Bojuda bo gatela pele le dinako. Mongwe wa Bajuda bao e ne e le Jason (yo ka Sehebera e leng Joshua), monnawe moperesiti yo mogolo e bong Onias III. Ka nako ya fa Onias a ne a seo a ile Antioka, Jason o ile a sala a naya balaodi ba Bagerika pipamolomo. Ka ntlha yang? Gore ba tlhome Jason go nna moperesiti yo mogolo mo boemong jwa ga Onias. Mmusi wa Mogerika wa bogosi jwa Ba-Seleucus e bong Antiochus Epiphanes (175-164 B.C.E.) o ile a amogela tuelo eo kwantle ga go okaoka. Pele ga moo, balaodi ba Bagerika ba ne ba se ke ba itshunya nko mo thulaganyong ya Bajuda ya baperesiti ba bagolo, le fa go ntse jalo, Antiochus o ne a tlhoka madi a dilo tsa sesole. Gape o ne a itumelela gore go nne le moeteledipele wa Mojuda yo o neng a tla rotloetsa Tlhotlheletso ya Segerika. Ka ntlha ya kopo ya ga Jason, Antiochus o ne a naya Jerusalema maemo a a tshwanang le a metse ya Segerika (polis). Mme Jason o ne a aga jiminasiamo e basha ba Bajuda le e leng baperesiti ba neng ba tle ba tshamekele metshameko mo go yone.
Boferefere bo tsala boferefere jo bongwe. Dingwaga di le tharo morago ga foo, Menelaus, yo e ka tswang e ne e se wa lotso lwa seperesiti, o ne a duela pipamolo e ntsinyana mme Jason o ne a tshaba. Menelaus o ne a duela Antiochus ka madi a mantsi a a neng a tswa mo letloleng la tempele. Menelaus o ne a rulaganya gore Onias III (yo o neng a tshabetse kwa Antioka) a bolawe, ka go bo a ne a le kgatlhanong le kgato eo.
Fa go sena go anama magatwe a gore Antiochus o sule, Jason o ne a boela kwa Jerusalema a na le banna ba le sekete ka maiteko a go gapa maemo a go nna moperesiti yo mogolo mo go Menelaus. Mme Antiochus o ne a sa swa. Fa Antiochus a sena go utlwalela kgato eno ya ga Jason le tlhakatlhakano e e neng e tsogile mo Bajudeng ka ntlha ya go nna kgatlhanong le maikaelelo a gagwe a go anamisa Tlhotlheletso ya Segerika, o ne a tsiboga ka tsela e e gagametseng thata.
Antiochus o Tsaya Kgato
Mo bukeng ya The Maccabees, Moshe Pearlman o kwala jaana: “Le fa dipego di sa tlhalose dintlha ka tlhamalalo, go bonala Antiochus a ile a swetsa ka gore o dirile phoso go bo a ile a naya Bajuda kgololesego ya bodumedi. Go ya ka ene, tota botsuolodi joo jwa kwa Jerusalema bo ne bo sa bakwa ke mabaka a bodumedi, go na le moo, bo ne bo bakilwe ke maikutlo a a anameng a Seegepeto a pele ba neng ba na le one mo Judea, mme maikutlo ao a sepolotiki a ne a tlhalosiwa a le kotsi segolobogolo ka gonne Bajuda e ne e le bone fela ba ba neng ba letlilwe go dira dilo tsa bodumedi tse di farologaneng le tsa batho ba bangwe. . . . O ne a swetsa ka gore a emise selo seo.”
Radipolotiki wa Moiseraele yo gape e leng mokanoki e bong Abba Eban o sobokanya se se neng sa latela jaana: “Bajuda ba ne ba bolaelwa tumelo ya bone ka go latelana go tloga ka ngwaga wa 168 le 167 [B.C.E.], dilwana tsa Tempele di ne tsa gapiwa, ditiro tsa bodumedi jwa Sejuda di ne tsa ilediwa. Batho ba ba neng ba rupa le ba ba neng ba boloka Sabata ba ne ba otlhaiwa ka go bolawa. Tlhapatso e kgolo go gaisa e ne ya direga ka December 167 fa Antiochus a ne a laela gore Zeus a agelwe sebeso mo teng ga Tempele, mme Bajuda ba ne ba laelwa gore ba ntshe ditlhabelo tsa nama ya kolobe—selo se se neng se itshekologile go ya ka molao wa Sejuda—ba di ntshetsa modimo wa Bagerika.” Ka nako eo, Menelaus le Bajuda ba bangwe ba ba neng ba inaakantse le Tlhotlheletso ya Segerika ba ne ba tswelela pele ba le mo maemong a bone, ba dira tiro ya bone mo tempeleng eo e e neng e leswafaditswe.
Le fa Bajuda ba le bantsi ba ne ba amogela Tlhotlheletso eo ya Segerika, setlhopha sengwe se sesha se se ipitsang Ba-Hasid—baitshepi—ba ne ba rotloetsa batho go gagamalela Molao wa ga Moshe. Batho ba e seng ba maemo ba ne ba ikgolaganya thata le setlhopha seno sa Ba-Hasid ka gonne ba ne ba tenwa ke go bo baperesiti ba inaakantse le Tlhotlheletso ya Segerika. Go ne ga simolola nako ya boswelatumelo fa Bajuda mo nageng eo yotlhe ba ne ba patelediwa go latela meetlo ya seheitane le go ntsha ditlhabelo kana go itlhophela go swa. Dibuka tse go sa tlhomamisiwang gore a di boammaaruri tsa Bamakabise di umaka dipego tse dintsi tsa banna, basadi le bana ba ba neng ba itlhophela go swa go na le go ineela go dira dilo tseo.
Bamakabise ba a Tsiboga
Dikgato tse di gagametseng tse Antiochus a neng a di tsaya di ne tsa dira gore bontsi jwa Bajuda ba tlhabanele bodumedi jwa bone. Kwa Modiʼin, kwa bokonebophirima jwa Jerusalema gaufi le motse wa segompieno wa Lod, moperesiti yo o bidiwang Matathiase o ne a bilediwa kwa gare ga toropo. E re ka batho ba koo ba ne ba tlotla Matathiase thata, baemedi ba kgosi ba ne ba leka go mo kgona ka mabaka gore a nne le seabe mo go ntsheng setlhabelo sa boheitene—ka go dira jalo o ne a tla namola botshelo jwa gagwe le go tlhomela batho botlhe sekao. E ne ya re fa Matathiase a gana, Mojuda yo mongwe o ne a tla kwa pele a ikaeletse go ineela. Matathiase o ne a shakgala a phamola sebolao mme a mmolaya. Masole a Bagerika a ne a tsiboga ka bonya ka ntlha ya go tshosiwa ke kgalefo ya monnamogolo yono. Mo metsotswaneng e sekae fela ke fa Matathiase a setse a bolaile le mogolwane mongwe wa puso ya Bagerika. Barwa ba batlhano ba ga Matathiase le baagi ba toropo eo ba ne ba fekeetsa masole a Bagerika pele ga a ka iphemela.
Matathiase o ne a tlhaeletsa jaana: ‘A mongwe le mongwe yo o tlhagafaletseng Molao a ntshale morago.’ Ene le bomorwaawe ba ne ba tshabela kwa kgaolong ya dithaba ba tshaba go otlhaiwa. Mme e ne ya re fa dikgang tsa se ba se dirileng di ntse di anama, Bajuda (go akaretsa le bontsi jwa Ba-Hasid) ba ne ba itira seoposengwe le bone.
Matathiase o ne a tlhoma morwaawe e bong Juda go okamela dilo tsa ntwa. Juda o ne a bidiwa Makabise, mo go kayang “hamore,” gongwe e le ka ntlha ya bogatlhamelamasisi jwa gagwe mo ntweng. Matathiase le barwa ba gagwe ba ne ba bidiwa Bahešemone, leina le le tserweng mo toropong e e bidiwang Hešemone kana go tswa mo go rraabonemogolo wa lone leina leo. (Jošua 15:27) Le fa go ntse jalo, lelapa leo lotlhe le ne la itsege e le Bamakabise, ka gonne Juda Makabise o ne a tumile thata mo motlheng wa tsuologo eo.
Tempele e Tsewa Gape
Mo ngwageng wa ntlha wa go tsuologa, Matathiase le barwa ba gagwe ba ne ba kgona go rulaganya setlhopha se sennye sa masole. Ka makgetlo a sekae, masole a Bagerika a ne a tlhasela batlhabani ba Ba-Hasid ka Sabata. Le mororo ba ne ba ka kgona go iphemela, ba ne ba se ke ba tlola molao wa Sabata. Ka jalo bontsi bo ile jwa bolawa. Matathiase—yo jaanong a neng a tsewa e le moeteledipele wa bodumedi—o ne a tlhoma molao o o letlang Bajuda go iphemela fa go le Sabata. Molao ono o ne wa se ka wa tlhagafatsa tsuologo eo fela, mme gape o ne wa thaya motheo wa go letla baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda go nna ba fetola molao wa Sejuda go tsamaisana le maemo. Talmud e supa tlwaelo eno mo mafokong ano a yone a moragonyana: “A ba itshekolole Sabata e le nngwe gore ba tle ba itshepise Bosabata ba bantsi.”—Yoma 85b.
Morago ga loso lwa ga rraagwe yo o tsofetseng, Juda Makabise o ne a tlhomiwa go nna moeteledipele wa tsuologo eo ka bongwe fela jwa pelo. O ne a tlhama mekgwa e mesha ya go lwa, e e tshwanang le ya segompieno e e dirisiwang mo dintweng tsa borukhutli ka go bo a ne a lemoga gore ga a ne a kgona go fenya baba ba gagwe fa a lwa le bone ka tlhamalalo. O ne a tlhasela masole a ga Antiochus mo mafelong a a neng a ka se kgone go itwela ka tsela e e tlwaelegileng mo go one. Ka jalo, mo dintweng tse di latelanang, Juda o ne a kgona go fenya masole a a fetang a gagwe thata.
Ka ntlha ya go lebana le dintwa tsa selegae le puso e e neng e tlhagoga ya Roma, babusi ba Pusokgolo ya Ba-Seleucus ba ne ba se ka ba itshwenya thata ka go gagamatsa melao e e kgatlhanong le Bajuda. Seno se ne sa bulela Juda tsela ya go tlhasela go fitlha kwa dikgorwaneng tsa Jerusalema. Ka December 165 B.C.E. (kana gongwe ka 164 B.C.E.), ene le masole a gagwe ba ne ba gapa tempele, ba phepafatsa dilwana tsa yone, ba ba ba e kgakola sesha—dingwaga di le tharo morago ga gore e leswafadiwe. Bajuda ba keteka segopotso sa tiragalo eno ngwaga le ngwaga ka nako ya Hanukkah, moletlo wa kgakolo.
Dipolotiki mo Boemong Jwa Boineelo
Mekgele ya tsuologo eo e ne e fitlheletswe. Go ne go sa tlhole go thibelwa ditiro tsa bodumedi jwa Sejuda. Go ne go obamelwa gape mo tempeleng e bile go ntshiwa ditlhabelo. E re ka jaanong Ba-Hasid ba ne ba kgotsofetse, ba ne ba tlogela sesole sa ga Juda Makabise mme ba boela magaeng a bone. Le fa go ntse jalo, Juda o ne a na le dikakanyo tse dingwe. O ne a na le masole a a katisitsweng sentle, ke eng fa a ne a ka se a dirise go itlhomela puso e e ipusang ya Bajuda? Mabaka a bodumedi a a neng a dirile gore ba tsuologe a ne jaanong a tseelwa sebaka ke maikaelelo a sepolotiki. Ka jalo, ba ne ba tswelela pele ka go kgaratlha.
Juda Makabise o ne a dira kgolagano le Roma e le gore e mo eme nokeng mo go lweng le puso ya Ba-Seleucus. Le fa a ile a bolawa mo ntweng ka 160 B.C.E., bomonnawe ba ne ba tsweletsa ntwa pele. Monnawe Juda e bong Jonathane o ne a dira gore babusi ba Ba-Seleucus ba dumele gore a tlhomiwe go nna moperesiti yo mogolo le molaodi wa Judea, le fa gone a ne a sa ntse a le kafa tlase ga pusokgolo ya bone. Morago ga gore Jonathane a tsiediwe, a tshwarwe le go bolawa ka ntlha ya lemena le a neng a le epetswe ke Baasiria, monnaawe e bong Simeone—wa bofelo mo barweng ba Bamakabise—o ne a tsaya taolo. Ka nako ya fa Simeone a ne a laola, masalelanyana a bofelo a go laolwa ke puso ya Ba-Seleucus a ne a fela (ka 141 B.C.E.). Simeone o ne a ntšhafatsa kgolagano ya bone le Roma mme baeteledipele ba Bajuda ba ne ba dumela gore e nne mmusi le moperesitimogolo wa bone. Ka jalo go ne ga tlhomiwa puso e e ikemetseng ka nosi ya Bahešemone e eteletswe pele ke Bamakabise.
Bamakabise ba ne ba tsosolosa kobamelo kwa tempeleng pele ga Mesia a tla. (Bapisa Johane 1:41, 42; 2:13-17.) Le fa go ntse jalo, fela jaaka baperesiti ba ba neng ba inaakantse le Tlhotlheletso ya Segerika ba ile ba dira gore ba se ka ba tlhola ba tshepiwa, go ne ga nna jalo le e leng go feta ka baperesiti ba nako ya puso ya Bahešemone. Ee ruri, Bajuda ba ne ba bona masego a mmatota go tswa mo kgosing e e ikanyegang ya losika lwa ga Dafide e seng go tswa mo pusong ya baperesiti ba ba neng ba gapilwe maikutlo ke dipolotiki.—2 Samuele 7:16; Pesalema 89:3, 4, 35, 36.
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Matathiase rraagwe Juda Makabise, o ne a tlhaeletsa jaana: ‘A mongwe le mongwe yo o tlhagafaletseng Molao a ntshale morago’
[Motswedi wa Setshwantsho]
Mattathias appealing to the Jewish refugees/The Doré Bible Illustrations/Dover Publications