Maikutlo a Bibela
Hanukkah—A Ke “Keresemose ya Sejuda”?
JAAKA dimilione tsa batho go dikologa lefatshe ba ipaakanyetsa go keteka Keresemose, Bajuda le bone gantsi ba ipaakanyetsa letsatsi la boikhutso le le farologaneng, eleng Modiro wa Hanukkah (Chanukah). Hanukkah ke eng? Gantsi batho ba eseng Bajuda ba akanya gore ke “Keresemose ya Sejuda,” mme e kgakala gotlhelele le seo.
Ka sekai, Keresemose e tshwanetse e ka bo e re gopotsa botsalo jwa ga Jesu Keresete, mme moletlo oo tota o remeletse mo dilong tse di jaaka Santa Claus le go kgabisiwa ga ditlhare tse di talafaletseng ruri, e le dilo tse di leng kgakala le Modimo, Jesu, kana Bibela. Le eleng lone letsatsi leo, la December 25, ga se letsatsi la botsalo jwa ga Jesu mme ke la modimo wa letsatsi wa ditlhamane ebong Mithra! Mo letlhakoreng le lengwe, Hanukkah ke segopotso sa tiragalo nngwe mo hisitoring eo e neng ya nna le diphelelo tse dikgolo mo bathong ba bogologolo ba Modimo.
Ebile tota, ke mo go kgatlhisang go bo Hanukkah e umakiwa mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika. Re bala jaana mo go Yohane 10:22, 23: “Me ga bo go le modihō oa boshahaco [ka Sehebera, chanuk·kahʹ] mo Yerusalema. Me ga bo go le mariga, me Jesu a bo a tsamaea tsamaea mo tempeleñ, mo mathudiñ a ga Solomone.” Ka phepafalo, moletlo ono o ne o setse o ketekiwa ka motlha wa ga Jesu mme go lebega le Jesu tota a ne a o keteka.
Ke eng se se neng sa dira gore moletlo ono o nne gone? Go araba potso eno, re tshwanetse go sekaseka ditiragalo dingwe.
Go Itshepololwa ga Tempele ya ga Jehofa
Jaaka go ne ga bolelelwa pele makgolokgolo a dingwaga pele ga moo ke moperofeti Daniele, nako nngwe mo hisitoring ya Bajuda, ba ne ba busiwa ke Gerika mme, ya re morago ga fa mmusomogolo oo o sena go kgaogana, Bajuda ba busiwa ke Egepeto le Siria ka go latelelana. (Daniele 11:2-16) Lefa bontsi jwa babusi ba eseng Bajuda ba ne ba letlelela kobamelo ya ga Jehofa ya Sejuda, yo go lemotshegang sentle fa a ne a sa dire jalo ke Antiochus IV wa Syria.
Ka 175 B.C.E., Antiochus o ne a busa mmuso o mogolo o babusiwa ba one e neng e le batho ba mekgwa e e sa tshwaneng. O ne a tlhoma bodumedi bo le bongwe fela jwa botlhe, ka tsholofelo ya go kopanya batho bao ba gagwe, ene ka boene e le “modimo yo o bonalang.” Lefa go ntse jalo, Jehofa o batla go obamelwa ka mo go haphegileng, ka jalo Bajuda ba ne ba gana go obamela Antiochus. (Ekesodo 20:4-6) Ka jalo Antiochus o ne a fetsa ka gore a nyeletse bodumedi jono jwa Sejuda jo bo sa inaakanyeng le jwa gagwe. Go ise go ye kae o ne a ba thibela go dira ditlhabelo tsa diphologolo tsa bone, go boloka Sabata, go rupa, le eleng go bala Dikwalo tsa Sehebera, tsotlhe tse katlholo ya tsone e le loso. Ebile tota, dikaelo tsa Dikwalo tsa Sehebera di ne tsa kgobokanngwa mme tsa tshubiwa!
Kwantle ga go fetola keletso ya gagwe ya go senya kobamelo ya ga Jehofa, masole a ga Antiochus a ne a tlhasela Jerusalema a ba a tsena mo tempeleng ya ga Jehofa, a thopa mo felong ga Boitshepo jwa Maitshepo. Ka Chislev 15, 168 B.C.E., Antiochus o ne a agela modimo wa Gerika ebong Zeus sebesho mo godimo ga sebesho sa ga Jehofa mo lolwapaneng lwa tempele. Malatsi a le lesome moragonyana, ka Chislev 25, o ne a bontsha lonyatso lwa bofelo, ka go dirisetsa sebesho seo go isetsa dikolobe tshupelo mo go sone (tse di seng phepa go ya ka Molao wa ga Jehofa). Tota, tempele ya ga Jehofa e ne ya tshwaelwa Zeus jalo.
Go Tsuologa ga ga Maccabees
Bajuda ba ne ba itshwara jang mo go tsotlhe tseno? Go ya ka rekoto ya ditiragalo e e sa tlhotlhediwang e jaanong e itsiweng jaaka 1 Maccabees, Bajuda ba le bantsi ba ne ba dirisana le batlhasedi ba bone, ba tlogela kobamelo ya ga Jehofa. Ba bangwe ba ne ba boloka bothokgami jwa bone, mme ga felela fela ka gore ba bolaelwe bodumedi jwa bone.
Ka one ngwaga oo (168 B.C.E.) Bajuda bangwe ba ne ba simolola go lwantsha Masiria, e le ka tsholofelo ya go bona kgololesego ya gore ba obamele Jehofa. Ka 167 B.C.E., Juda Maccabeus (Judah Maccabee), moperesiti wa Molefi, o ne a nna moeteledipele wa mokgatlho ono wa kganetso. Ereka a ne a dumela gore ba ne ba ka fenya fela fa ba ne ba ikaega ka Jehofa, Judas o ne a phutha banna ba gagwe gore ba bale Dikwalo tsa Sehebera le go rapela Jehofa.
Ka dingwaga di le tharo Judas le banna ba gagwe ba ne ba lwa le Masiria, lemororo e ne e le ba dipalo tse di farologaneng fela thata. Se se gakgamatsang, erile ka 166 B.C.E. Judas a bo a setse a gapile Jerusalema gape. Baperesiti ba ga Jehofa jaanong ba ne ba setse ba kgona go phepafatsa tempele le go aga sebeso se sesha. Labofelo, ka Chislev 25, 165 B.C.E., eleng dingwaga di le tharo pele ga letsatsi la morago ga leo tempele e neng ya itshekololwa ka lone e ne ya neelwa mo go Jehofa sesha.
Mokete wa Tshwaelo
Lemororo Judas a ne a santse a tlhoka go tsweledisa ntwa ya gagwe le Masiria mo Galalea, boipelo jwa go tshwaya tempele gape bo ne bo le bogolo thata mo e leng gore go ne ga tlhomiwa moletlo wa ngwaga le ngwaga wa malatsi a robabobedi go dira segopotso sa jone. Seno se ne sa itsiwe jaaka Modiro wa Tshwaelo (Hanukkah).a
Lefa gone moletlo ono o ne o se karolo ya kgolagano ya ntlha e Modimo a e dirileng le Iseraele, Hanukkah e ile ya nna karolo ya kobamelo ya Sejuda e e neng e amogelesega, fela jaaka fa go ne go ile ga nna ka Modiro wa Purima mo dingwageng tsa pele ga foo. (Esethere 9:26, 27) Fela jaaka Purima, Hanukkah e ne e ketekiwa go opelwa dipina ebile go rapelwa mo disinagogeng, go sa tshwaneng le mediro e megolo e meraro e e neng ya laolelwa ke kgolagano eo (Tlolaganyo; Moletlo wa Dibeke, kana Pentekosete; le Moletlo wa Diobo) eo e neng e tlhoka gore go tsewe maeto go ya kwa tempeleng kwa Jerusalema.—Duteronome 16:16.
Morago ga dingwaga di le dintsi mokgwa wa go keteka Hanukkah ka dipone o ne wa simologa. Ka gone, raditiragalo Josephus o bega gore pele ga lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., Hanukkah e ne e itsiwe gape jaaka Moletlo wa Dipone. Lefa go ntse jalo, tshimologo ya mokgwa oo ga e tlhaloganngwe. Polelo nngwe e ntsha lebaka la gore ke segopotso sa kgakgamatso e e neng ya diragala fa tempele e ne e tshwaiwa gape. Go ya ka polelo eno, fa go ne go tla nako ya go tshuba ditlhomo tsa mabone mo tempeleng ya ga Jehofa gape, lefa go ne go na le lookwane lo lo phepa ka mokgwa wa kobamelo lo lo lekaneng go dirisiwa ka letsatsi le le lengwe fela, ka kgakgamatso lo ne lwa kgona go dirisiwa malatsi a le robedi.b
A polelo eno ya lookwane lo lo gakgamatsang e boammaaruri kana ke tlhamane fela? Tota ebile, a Modimo o ne o ema nokeng go tsuologela Siria ga ga Judas Maccabeus?
A Go Ne Go Na Le Kemo Nokeng ya Bomodimo?
Ga go na polelo epe e e tlhamaletseng mo Dikwalong tsa Sehebera ya gore Jehofa o ne a neela Judas phenyo kana o ne a mo kaela go baakanya le go tshwaya tempele eo gape. Legale, ditiragalo tseno di ne tsa diragala morago ga fa go kwalwa ga Dikwalo tsa Sehebera go setse go weditswe, ka jalo go ne go sa kgonege gore go tsenngwe kakgelo epe mo Dikwalong tsa Sehebera.
Go tweng ka Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika? Lefa e le Jesu kana baaposetoloi ba gagwe ga ba ise ba akgele ka ditiragalo tseno, ka gone le bone ga baa ka ba supa gore a Modimo o ne wa tshegetsa Judas kana nnyaa.
Lefa go ntse jalo, Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di bolela fa boperofeti jwa Dikwalo tsa Sehebera kaga Mesia bo ne jwa diragala mo bodiheding jwa ga Jesu Keresete. Bongwe jwa boperofeti jono bo ne bo tlhoka gore tempele e bo e ntse e dirisiwa mo nakong ya go bonala ga ga Mesia. (Daniele 9:27; Hagai 2:9; bapisa Pesalema 69:9 le Yohane 2:16, 17.) Ka gone, boperofeti jono bo ne bo ka bo bo sa diragadiwa, fa e ne e le gore tempele e ne e sa phepafadiwa le go tshwaelwa Jehofa gape. Ka phepafalo, Modimo o ne a batla gore tempele e tshwaiwe sesha. A mme Judas Maccabeus e ne e le ene sedirisiwa sa gagwe se a se kgethileng mo go fitlheleleng seno?
Ereka go sena rekoto e e tlhotlheleditsweng, re ka se bue re tlhomamisa. Legale, mo dingwageng tse di fetileng Jehofa o ne a dirisa batho ba eseng Bajuda, jaaka Kurose wa Peresia, go tsweledisa dintlha dingwe tsa thato ya gagwe. (Isaia 44:26–45:4) Abo go tshwanela thata jang ne gore Modimo o ne o ka dirisa mongwe wa batho ba gagwe ba ba ineetseng eleng Bajuda!
Go Tweng ka Bakeresete?
Mme go tweng ka moletlo oo ka boone? Ereka o gopotsa tiragalo e e botlhokwa mo hisitoring ya batho ba Modimo, a Bakeresete ba tshwanetse go o keteka?
Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa jaana mo go Bakolosa 2:14-17: “[Modimo] oa senya lokwalō loa kgolegō lo lo kwadilweñ mo melaoñ . . . oa lo kōkōthèla mo mokgoroñ . . . Me ke gōna a opè a seka a lo nyatsa kaga go ya, leha e le go nwa leha e le kaga letsatsi ya modihō, leha e le kaga kgwedi e e rogwañ, leha e le kaga letsatsi ya sabata; e le dilō tse e leñ meruti ea dilō tse di tlañ; me mmele ke oa ga Keresete.” Fela jaaka moriti wa sengwe se se atamelang o ka kgona go tsibosa mongwe gore selo seo se a goroga, kgolagano ya Molao e ne ya kgona go tsibosa batho kaga go goroga ga ga Mesia, kana Keresete. Lefa go ntse jalo, e rile lokwalo lono lwa kgolego le sena go diragatsa boikaelelo jwa lone, lo ne lwa senngwa ke Modimo.—Bagalatia 3:23-25.
Ka gone, kgolagano ya Molao le meletlo eo e amanang le yone yotlhe e ne ya khutlisiwa go ya ka pono ya Modimo ka Pentekosete ya 33 C.E. Eleruri, go senngwa ga Jerusalema le tempele ke masole a Roma ka 70 C.E. go ne ga tloga ga gatelela lone lebaka leo. (Luke 19:41-44) Jalo he lefa gone go tshwaiwa sesha ga tempele e ne e le tiragalo e e botlhokwa mo hisitoring ya batho ba Modimo ba bogologolo, ga gona lebaka la gore Bakeresete ba keteke Hanukkah.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Leina la Sehebera le le reng chanuk·kahʹ le raya “go kgakola kana go tshwaya.” Mofuta wa lefoko leno o bonala mo mokwalong wa Pesalema 30.
b Fa esale ka lekgolo la ntlha la dingwaga B.C.E., magae a Bajuda a ile a tshuba kerese e le nngwe fela mo letsatsing la ntlha la moletlo, dikerese tse pedi mo letsatsing la bobedi, jalo le jalo ka malatsi otlhe a a robang bobedi. Tlwaelo eno e santse e le teng gareng ga Bajuda gompieno.
[Lebokoso mo go tsebe 12]
Mo dinageng tse mo go tsone Keresemose e neng ya nna moletlo wa lelapa o o tlwaelegileng, Hanukkah, e ne ya nna selo se se tshwanang, bogolo thata gareng ga Bajuda ba ba Sokologileng. —Encyclopœdia Judaica
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 11]
Israel Department of Antiquities and Museums; Israel Museum/David Harris