Go Ikemisetsa go Latela Tsela ya Modimo ya Botshelo
Dikopano Tsa “Tsela ya Modimo ya Botshelo” di ne tsa abela batho ba ba batlang go direla Modimo go le gontsi! Motlakopanong mongwe o ne a tlhalosa kopano e le “nako e e molemo ya go laiwa, go kgothadiwa le go sedimosetswa.”
MOTLAKOPANONG yo mongwe o ne a re “go ne go na le mo gontsi go go itumelela, go tlhatlhanya ka gone le go ithuta.” Mma jaanong re sekasekeng thulaganyo ka boyone.
Jesu Keresete—Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Seno e ne e le setlhogo sa letsatsi la ntlha la kopano. (Johane 14:6) Puo ya ntlha e ne ya tlhalosa lebaka la go phuthega ga rona mmogo mo kopanong jaana: go rutiwa go ya pele ka tsela e e gaisang tsotlhe ya botshelo, tsela ya Modimo ya botshelo. Jehofa o ruta batho ba gagwe gore ba tsamaye jang mo ditseleng tsa gagwe. O dira seno ka Baebele, “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela,” le moya o o boitshepo. (Mathaio 24:45-47; Luke 4:1; 2 Timotheo 3:16) A bo e le tshiamelo ruri go rutiwa ke Molaodimogolo wa lobopo!
Go tsamaisana le setlhogo sa letsatsi leo, puo ya setlhogo e ne e re “Setlhabelo sa ga Keresete sa Thekololo—Tsela ya Modimo ya Poloko.” Go tsamaya ka tsela ya Modimo ya botshelo, go botlhokwa go lemoga seabe se Jesu Keresete a nang naso mo maikaelelong a ga Jehofa. Sebui se ne sa re: “Kwantle ga setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete, ga go na motho ope, go sa kgathalesege gore o dumela eng kana o dirang, yo o ka amogelang botshelo jo bo sa khutleng go tswa kwa Modimong.” Morago ga foo o ne a nopola Johane 3:16 e e bolelang jaana: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo o bileng wa ntsha Morwaone yo o tsetsweng a le esi, e le gore mongwe le mongwe yo o supang tumelo mo go ene a tle a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” Go dumela mo setlhabelong sa thekololo ya ga Keresete go tlhokega gore re nne le kitso ya boammaaruri. Go akaretsa gape gore re neele matshelo a rona mo go Jehofa, re supa seo ka go kolobediwa mo metsing, le go tshela go ya ka sekao se Jesu Keresete a se re tlhometseng.—1 Petere 2:21.
Thulaganyo ya motshegare e ne ya simolola ka puo e e reng “Tsela ya Lorato Ga e Fele.” Se se ne se akaretsa go sekasekiwa ga temana nngwe le nngwe ya tlhaloso e e tlhotlheletsang ya ga Paulo ya lorato, e e kwadilweng mo go 1 Bakorintha 13:4-8. Bareetsi ba ile ba gakololwa gore lorato lwa go intsha setlhabelo ke letshwao le le tlhaolang Bokeresete le gore go rata Modimo le baagelani le dikarolo tse di botlhokwa tsa kobamelo e Jehofa a e amogelang.
Morago ga moo go ne ga latela simphosiamo sa dikarolo tse tharo se se nang le setlhogo se se reng “Batsadi—Rutang Bana ba Lona Tsela ya Modimo ka Tlhoafalo.” Batsadi ba ka thusa bana ba bone gore ba direle Modimo ka go ba tlhomela sekao se se molemo sa go bala le go ithuta Lefoko la gagwe. Ba ka nwetsa boammaaruri mo baneng ba bone ka thuto ya ka metlha ya lelapa, ba dira gore e tsamaisane le ditlhokego tsa lelapa. Go botlhokwa gape go thusa bana go nna le seabe mo ditirong tsa phuthego le mo bodireding jwa tshimo. Le mororo go godisa bana ba ba boifang Modimo mo lefatsheng le le boikepo leno e le kgwetlho, go dira jalo go lere masego a magolo.
Morago ga simphosiamo seno go ne ga latela puo e e reng “Letla Jehofa a go Bope Gore o Dirisiwe ka Tsela e e Tlotlegang.” Fela jaaka mmopi a tle a bope sejana sa letsopa, Modimo le ene o bopa batho ba ba batlang go mo direla jalo. (Baroma 9:20, 21) O dira seno ka go neela kgakololo ka Lefoko la gagwe le ka phuthego ya gagwe. Jehofa o tla re thusa go dirisa bokgoni jwa rona ka botlalo fa re amogela le go tsibogela ditshono le fa re rata gore a kaele dikgato tsa rona.
Jaanong go ne ga latela karolo e e kgatlhang ya thulaganyo—“Tirelo mo Tshimong ya Borongwa.” Gone jaanong lefatshe ka bophara mo dinageng di le 148 go na le badiredi ba Bakeresete ba le 2 390 ba ba tsewang e le barongwa. Ba tlhoma sekao se se molemo thata sa boikanyegi le tlhoafalo mme ba anaanela tshiamelo ya bone ya go direla kwa dinageng di sele. Ka nako ya karolo eno mo thulaganyong ya dikopano tsa ditšhabatšhaba, barongwa ba ne ba bua ka dikgwetlho le masego a tiro ya borongwa.
Puo ya bofelo ya letsatsi la ntlha e ne e re “A go Na le Botshelo Morago ga Loso?” Potso eno e tlhakantse batho tlhogo ka makgolokgolo a dingwaga. Batho mo setšhabeng sengwe le sengwe ba ile ba mekamekana le kgang eno. Go na le dikarabo tse dintsi tse go akanngwang ka tsone. Di dintsi fela jaaka ditso le madumedi a batho ba ba di neelang. Le fa go ntse jalo, batho ba tlhoka go ithuta boammaaruri.
Ka gone, sebui se ne sa itsise go gololwa ga boroutšhara jo bosha jo bo mebalabala jwa ditsebe di le 32 jwa Go Direga Eng ka Rona fa re Swa? Boroutšhara jono bo tlhalosa kafa thuto ya gore moya ga o swe e simologileng ka gone le gore go tlile jang gore thuto eno e nne thuto ya konokono mo e batlang e le mo madumeding otlhe a lefatshe gompieno. E tlhatlhoba se Baebele e se bolelang ka moya, lebaka la go bo re swa, le gore go direga eng ka rona fa re swa ka tsela e e tlhamaletseng le e e kgatlhang. Gape boroutšhara jono bo tlhalosa gore baswi le batshedi ba na le tsholofelo efe. A bo kgatiso eno e tla nna tshegofatso jang ne mo bathong ba ba batlang boammaaruri gongwe le gongwe!
Nnang Lo Tlhokometse ka Kelotlhoko e Kgolo Kafa lo Tsamayang ka Gone
A bo setlhogo seno se ne se tshwanela letsatsi la bobedi la kopano jang ne! (Baefeso 5:15) Thulaganyo ya mo mosong e ne e lebisitse thata mo tirong ya go rera le ya go dira barutwa. Fa go sena go sekasekiwa temana ya letsatsi, thulaganyo e ne ya tswelela ka puo e e reng “Go Thusa Batho go Tsena mo Tseleng e e Isang Botshelong.” Go dira tiro e e potlakileng eno, go botlhokwa gore re nne le boikutlo jo bo siameng, le go lemoga gore go nna le seabe mo go boleleleng ba bangwe ka boammaaruri ke tshiamelo e bile ke tiro. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., bontsi jwa batho ba ne ba gana Lefoko la Modimo. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege kganetso, go ne go na le ba ba neng ‘ba sekametse sentle go bona botshelo jo bo sa khutleng mme ba nna badumedi.’ (Ditiro 13:48, 50; 14:1-5) Boemo bo ntse jalo le gompieno. Le fa batho ba le bantsi ba gana boammaaruri jwa Baebele, re tswelela re batla ba ba tla arabelang sentle.—Mathaio 10:11-13.
Puo e e latelang e ne e bua ka kgwetlho ya go fitlhelela batho ba bangwe ka molaetsa wa botshelo. E re ka gone jaanong go le thata go fitlhela batho kwa gae, re tlhoka go bereka tshimo ka botlalo le go dirisa ditsela tse dintsi go fitlhelela batho ba bantsi ka mo re ka kgonang ka teng ka molaetsa wa Bogosi. Mo dinageng tse dintsi, baboledi ba dikgang tse di molemo ba bona matswela a mantle ka go neela bosupi ka thelefouno le ka go rera mo tshimong ya kgwebo, ka go dira jalo ba fitlhelela batho ba gantsi go leng thata go ikgolaganya le bone.
Puo e e neng e re “Go Ruta Barutwa Dilo Tsotlhe Tse Keresete a di Laotseng” e ne e bua thata ka botlhokwa jwa go nna ditswerere mo bodireding jwa rona. Bokgoni jwa rona jwa go ruta bo a tokafala fa re ntse re ithuta mo go ba bangwe le fa re dirisa thapiso e e molemo e re e bonang mo dipokanong tsa phuthego. Fa re ntse re nna ditswerere mo go ruteng, re nna le boitumelo jo bo oketsegileng le kgotsofalo e e oketsegileng mo tirong ya rona ya go thusa batho go ithuta boammaaruri jwa Baebele.
Thulaganyo ya mo mosong e ne ya konela ka puo e e neng e tlhalosa bokao jwa boineelo le kolobetso. Nngwe ya dintlha tse sebui se neng sa di tlhalosa e ne e le gore fa re ikanya Modimo ka botlalo mme re leka ka natla go dira go rata ga gagwe, o tla re segofatsa le go re tshegetsa. Monna yo o botlhale o ne a kwala jaana: “Mo ditseleng tsotlhe tsa gago o ipolele [Modimo] mme o tlaa siamisa ditselana tsa gago.” (Diane 3:6) Kolobetso e e itumedisang e ne e le ntlhakgolo ya kopano e e supang gore batho ba le bantsi ba simolotse go tsamaisana le tsela ya Modimo ya botshelo.
Morago ga boikhutso jwa thapama, thulaganyo ya thapama e ne ya simolola ka puo e e reng “Go Dira re Akantse ka Botshelo Jo bo Sa Khutleng.” Boikaelelo jwa Modimo jwa gore go nne le batho ba ba kutlo ba ba mo direlang ka bosakhutleng mo lefatsheng bo tla diragadiwa. A bo go tshwanela jang ne go tlhoma megopolo ya rona, dithulaganyo tsa rona, le tsholofelo ya rona mo go direleng Jehofa re akantse ka bosakhutleng! Le fa re batla go nna re akantse thata ka “letsatsi la ga Jehofa” go botlhokwa gore re gakologelwe gore mokgele wa rona ke go mo direla ka bosakhutleng. (2 Petere 3:12) Go se itse nako e tota Jesu a tla tlisang pusolosetso ya Modimo ka yone go dira gore re nne re tlhagafetse e bile go re naya ditshono letsatsi le letsatsi go itshupa gore re direla Jehofa re se na maitlhomo ape a bopelotshetlha.
Dipuo tse pedi tse di neng tsa latela di ne tsa sekaseka kgaolo 4 ya lekwalo la ga Paulo le a le kwaletseng Baefeso. Gareng ga dilo tse di neng di sekasekiwa e ne e le tsela e re segofaditsweng ka yone ka “dimpho [ka] banna,” banna ba ba tshwanelegang mo semoyeng ba ba tlhomilweng ka moya o o boitshepo. Bagolwane bano ba re neela kgakololo le kaelo e e tla re solegelang molemo mo semoyeng. Lekwalo leno la ga Paulo le le tlhotlheleditsweng gape le kgothaletsa Bakeresete go apara “botho jo bosha.” (Baefeso 4:8, 24) Botho jwa bomodimo bo akaretsa dinonofo tse di jaaka bopelotlhomogi, bopelonomi, kgobalalo ya mogopolo, bori, bopelotelele le lorato.—Bakolosa 3:12-14.
Go tlhokomela ka kelotlhoko kafa re tsamayang ka gone go akaretsa gore re ipoloke re se na selabe se se tswang mo lefatsheng—setlhogo sa puo e e neng ya latela. Go tlhokega tekatekanyo mo mofuteng wa boitlosobodutu jo re bo tlhophang, botsalano le go nna le dithoto. Ka go dirisa kgakololo e e mo go Jakobe 1:27 ya gore re ipoloke re se na selabe se se tswang mo lefatsheng, re nna re na le boemo jo bo phepa mo Modimong le segakolodi se se siameng. Gape re ka tshela botshelo jo bo nang le bokao mme re tla segofadiwa ka kagiso, go gatela pele mo semoyeng le ditsala tse di molemo.
Morago ga moo go ne ga latela simphosiamo sa dikarolo tse tharo se se nang le setlhogo se se reng “Basha—Latelang Tsela ya Modimo.” E re ka basha ba itse gore Modimo o a ba rata le gore o anaanela maiteko a ba a dirang a go ema kobamelo e e itshekileng nokeng, ba tshwanetse go thapisa maatla a bone a go akanya go mo direla ka boikanyegi. Tsela e nngwe ya go nna le maatla a go akanya ke ka go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi le go tlhatlhanya ka lone. Fa re dira seno, re ka kgona go itse ditsela tsa ga Jehofa. (Pesalema 119:9-11) Maatla a go akanya gape a ka bonwa ka go amogela kgakololo e e itekanetseng e e tswang mo batsading, mo bagolwaneng le mo dikgatisong tsa Mokgatlho. Fa basha ba dirisa maatla a bone a go akanya ka tsela e e siameng, ba ka kgona go tila go amega thata ka go nna le dithoto, ka puo e e leswe, le boitlosobodutu jo bo feteletseng jo bo ratwang thata ke lefatshe leno le le tlhoboganeng le Modimo. Ka go latela tsela ya Modimo ya botshelo, basha le bagolo ba ka atlega tota.
Puo ya bofelo ya letsatsi leo e ne e le “Mmopi—Botho Jwa Gagwe le Ditsela Tsa Gagwe.” Fa sebui se sena go bontsha gore dimilione di le diketekete tsa batho ga di itse Mmopi, o ne a re: “Bokao jwa mmatota jwa botshelo bo amana le go itse Mmopi, Modimo wa rona yo e leng motho wa mmatota; re itse botho jwa gagwe; le go tshela go ya ka ditsela tsa gagwe. . . . Go na le dilo tse di kaga lefatshe la rona le kaga rona ka borona tse o ka di dirisang go thusa batho go dumela mo Mmoping le go mo itse.” Morago ga foo sebui se ile sa sekaseka bosupi jo bo bontshang gore go na le Mmopi yo o botlhale le yo o lorato. Puo e ile ya konela ka go gololwa ga buka ya—Is There a Creator Who Cares About You?
“Tsela ke e Tsamayang mo go Yone”
Seno e ne e le setlhogo sa letsatsi la boraro la kopano. (Isaia 30:21) Thulaganyo e ne ya simolola ka simphosiamo se se kgatlhang sa dipuo tse tharo, tse di buang ka ponatshegelo ya ga Esekiele ya tempele. Ponatshegelo eno e kaya mo gontsi mo bathong ba Modimo gompieno, ka gonne e amana le kobamelo e e itshekileng mo motlheng wa rona. Selo se se ka re thusang go tlhaloganya ponatshegelo eno ke se: Tempele ya ga Jehofa e kgolo ya semoya e emela thulaganyo ya gagwe ya kobamelo e e itshekileng. Fa dikarolo tsa ponatshegelo eno di ne di ntse di sekasekiwa, bareetsi ba ne ba nna ba akanya ka tiro ya bone ya go tshegetsa tiro e e dirwang ke balebedi ba ba lorato ba masalela a a tloditsweng le ke ba e tla nnang ba setlhopha sa dikgosana.
Moragonyana mo mosong oo, go ne go na le terama ya Baebele e batsayakarolo mo go yone ba neng ba apere sentle. Setlhogo sa terama se ne se re “Malapa—A go Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi e Nne Tsela ya Lona ya Botshelo!” E ne e bontsha tumelo le bopelokgale jwa Bahebera ba bararo ba ba neng ba gana go obamela setshwantsho sa gauta se Kgosi Nebukadenesare wa Babilona a neng a se tlhomile. Thuto ya terama eno e ne e le go bontsha gore Baebele ga se fela buka ya bogologolo ya hisitori mme go na le moo, kgakololo ya yone e mosola tota mo basheng le mo bagolong gompieno.
Thulaganyo ya thapama e ne e le nako ya puo ya phatlalatsa “Tsela Yosi Fela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng.” Fa sebui se sena go tlhalosa tsela e batho ba wetseng mo boleong le mo losong ka yone se ne sa konela ka mafoko ano a a dirang gore motho a akanye: “Setlhogo se se tswang mo Baebeleng sa letsatsi leno la kopano se tswa mo go Isaia kgaolo 30, temana 21 e e reng: ‘Ditsebe tsa gago di tlaa utlwa lefoko sefularong sa gago, le re: “Tsela ke e, tsamayang mo go yone:” Ke go re, mogang lo fapogelang ka fa letsogong le le siameng, le fa lo fapogela ka fa go la molema.’ Re utlwa jang lentswe leno? Ka go reetsa Lefoko la Modimo e leng Baebele e e Boitshepo, le ka go latela kaelo e Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo Thata, Jehofa Modimo, a re neelang yone ka lone le ka phuthego ya gagwe ya segompieno ya Bokeresete. Ee ruri, go dira jalo ke tsela yosi fela e e isang botshelong jo bo sa khutleng.”
Morago ga tshobokanyo ya setlhogo sa thuto ya Tora ya Tebelo ya beke eo go ne ga latela puo ya bofelo, e e reng “Nnang lo Tsamaye mo Tseleng ya ga Jehofa.” Bontlhanngwe jwa yone e ne e le go boelediwa ga dintlha tsa konokono tsa thulaganyo. Morago ga foo sebui se ile sa bua maitlamo a a neng a tlhalosa boikemisetso jwa rona jwa go tswelela pele re tshela ka tsela ya Modimo.
Maitlamo ao a ile a konela ka mafoko a a tlhotlheletsang ano: “Re tlhatswegile pelo gore go tshela ka melaometheo, kgakololo le tlhagiso ya Dikwalo go re baya mo tseleng e e molemolemo ya botshelo gompieno e bile go thaya motheo o o molemo wa isagwe, e leng gore re bone jo e leng botshelo ruri. Mo godimo ga moo, re itlama jaana ka gonne re rata Jehofa Modimo ka pelo yotlhe, ka moya otlhe, ka mogopolo otlhe le ka nonofo yotlhe ya rona!” Botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba tlhomamisa fa ba dumalana le seno ka ee yo o utlwalang sentle!
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]
A go Na le Mmopi yo o Amegang ka Wena?
Buka e ntšha e e nang le setlhogo seno e neela bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Mmopi Jehofa o teng, mme e bua ka dinonofo tsa gagwe. E kwaletswe segolobogolo batho ba lefatshe ba ba rutegileng mme ba sa dumele mo Modimong. Buka eno ya ditsebe tse 192 e tla nonotsha le tumelo ya batho ba ba setseng ba dumela mo Modimong, e dira gore ba anaanele botho jwa gagwe le ditsela tsa gagwe.
Buka ya Is There a Creator Who Cares About You? ga e tseye gore mmadi o dumela mo Modimong. Go na le moo, e bua ka dilo tse ba tsa saense ba sa tswang go di ribolola bosheng jaana le dikgopolo tse di supang gore Mmopi o teng. Gareng ga dikgaolo tsa yone go na le tse di reng “Ke Eng Se se Ka Dirang Gore Botshelo Jwa Gago bo Nne le Bokao go Feta?,” “Lobopo lwa Rona lo Nnile Gone Jang?—Kgang ya Moruthutha,” le “A bo O Tlhomologile Jang Ne!” Dikgaolo tse dingwe di tlhalosa mabaka a go bo re ka tlhomamisega gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo. Buka eno e ntšha gape e re neela tshobokanyo yotlhe ya pono ya Baebele, e e senolang botho le ditsela tsa Mmopi. Buka eno ga e tlhalose fela lebaka la go bo Modimo a letleletse pogo e kanakana mme gape e tlhalosa kafa a tlileng go e fedisetsa ruri ka teng.
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Go ne ga kolobediwa ba le bantsi
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Boroutšhara jo bosha bo ne jwa gololwa ke A. D. Schroeder, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa
[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Terama e e itumedisang e ne e kgothaletsa go bala Baebele letsatsi le letsatsi