A Batho ba Bangwe ba Amogela Kgakololo ya Gago?
KGAKOLOLO e e molemo fa e neelwa sentle ka metlha e nna le matswela a a molemo. A go ntse jalo? Nnyaa! Tota le e leng kgakololo e e molemo e e neelwang ke mogakolodi yo o setswerere e a tle e tlhokomologwe kana e ganwe.—Diane 29:19.
Seno se ne sa direga fa Jehofa a ne a gakolola Kaine yo o neng a simolotse go tlhoa monnawe e bong Abele. (Genesise 4:3-5) Modimo o ne a bua jaana ka go itse kotsi e Kaine a neng a tsena mo go yone: “Ana o galefetseng? Le sefatlh[e]go sa gago se befetseng? A ga ke re fa o dira sentle o tlaa amogelesega? Mme fa o sa dire sentle, boleo bo ipobile fa mojakong; mme keletso ya jone e tlaa nna mo go wena, mme wena o bo laole.”—Genesise 4:6, 7.
Ka jalo Jehofa o ne a tshwantsha boleo le sebatana se se bobileng se letetse go tlolela Kaine fa a tswelela pele a godisa maikutlo a go ila monnawe. (Bapisa Jakobe 1:14, 15.) Kaine o ne a sa ntse a na le nako ya go fetola maikutlo a gagwe, a “dira sentle” go na le go tsaya tsela e e tla mo digelang mo mathateng. Ka maswabi Kaine o ile a se ka a reetsa. O ile a gana kgakololo ya ga Jehofa mme ga felela ka matswela a a sa itumediseng.
Batho bangwe ba tlhokomologa e bile ba gana mofuta mongwe le mongwe fela wa kgakololo. (Diane 1:22-30) A e ka tswa e le molato wa mogakolodi fa kgakololo ya gagwe e tlhokomologiwa? (Jobe 38:2) A wena yo o ntshang kgakololo o dira gore go nne thata gore ba o ba gakololang ba e amogele? Go sa itekanelang ga rona go dira gore seo e nne kotsi e e masisi. Mme gone o ka fokotsa kgonagalo ya gore seo se direge ka go latela melaometheo ya Baebele ka kelotlhoko. A re sekasekeng mengwe ya yone.
‘Lolamisa ka Moya wa Bori’
“Bakaulengwe, le eleng fa motho mongwe a tsaya kgato nngwe e e phoso pele ga a e lemoga, lona ba lo nang le ditshwanelego tsa semoya lekang go lolamisa motho yo o ntseng jalo ka moya wa bori, mongwe le mongwe wa lona a ipeile leitlho, e se re kgotsa le lona lwa raelwa.” (Bagalatia 6:1) Ka gone, moaposetoloi Paulo o ile a bolela gore ba ba “nang le ditshwanelego tsa semoya” ba tshwanetse go lolamisa Mokeresete yo o ‘tsayang kgato nngwe e e phoso pele ga a e lemoga.’ Ka dinako tse dingwe go bonala batho ba ba sa tshwanelegeng e le bone ba ba ratang go neela kgakololo. Ka gone, se nne bonako go neela ba bangwe kgakololo. (Diane 10:19; Jakobe 1:19; 3:1) Bagolwane ba phuthego ke bone ba segolobogolo ba tshwanelegang semoyeng go ka dira jalo. Ke boammaaruri gore, Mokeresete mongwe le mongwe yo o nonofileng semoyeng o tshwanetse go tlhagisa mokaulengwe fa a bona a wela mo kotsing.
Fa o neela kgakololo tlhomamisa gore o tshetlega se o se buang ka botlhale jwa bomodimo e seng ka megopolo kana botlhajana jwa batho. (Bakolosa 2:8) Nna jaaka moapei yo o kelotlhoko yo o tlhomamisang gore ditsompelo tse a di dirisang ke tse di molemo e bile ga di na sepe se se nang le botlhole. Tlhomamisa gore kgakololo ya gago e thailwe mo Lefokong la Modimo e seng mo mogopolong wa gago. (2 Timotheo 3:16, 17) Ka go dira jalo, ruri kgakololo ya gago ga e kitla e gobatsa ope.
Maikaelelo a kgakololo ke go “lolamisa” yo o dirileng phoso e seng go mo pateletsa go fetoga. Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le go “lolamisa” le amana le lereo le le akaretsang go bofa lerapo le le robegileng gore le se ka la robegela pele. Go ya ka mokwadi wa didikishinari e bong W. E. Vine, gape le neela mogopolo wa “go nna pelotelele le go nna le boitshoko fa o ntse o dira jalo.” Akanya fela ka botswerere le bonolo jo bo tlhokegang gore o se ka wa le utlwisa botlhoko. Mogakolodi le ene o tshwanetse go nna kelotlhoko jalo gore a se ka a utlwisa motho yo a mo gakololang botlhoko. Seno ga se motlhofo le fa motho yoo a ikopetse go gakololwa. Fa motho yoo a sa kopa kgakololo go tlhokega gore o dirise botswerere le manontlhotlho le e leng go feta.
Ruri ga o ka ke wa kgona go “lolamisa” motho fa lo sa utlwane. Go tila seno, se lebale go nna le “dikatamalano tse di bothitho tsa tlekeetso tsa bopelotlhomogi, bopelonomi, kgobalalo ya mogopolo, bori, le go itshwara ka bopelotelele.” (Bakolosa 3:12) Fa ngaka e fela pelo e bile e le makgwakgwa, molwetse o tla tlhokomologa kgakololo ya yone e bile a ka se tlhole a boela kwa go yone go tla go tsaya kalafi e a e tlhokang.
Seno ga se bolele gore kgakololo ga ya tshwanela go gagamala. Jesu Keresete o ne a ntsha kgakololo e e gagametseng fa a ne a gakolola diphuthego tse supa tsa kgaolo ya Asia. (Tshenolo 1:4; 3:1-22) O ne a di neela kgakololo e e tlhamaletseng e di neng di tlhoka go e utlwa le go e dirisa. Mme gone, Jesu o ne a lekalekanya kgakololo eo e e gagametseng le dinonofo tse di jaaka lorato le bopelonomi a supa moya wa lorato o Rraagwe wa selegodimo a nang le one.—Pesalema 23:1-6; Johane 10:7-15.
Gakolola ka Bopelotelele
“A puo ya lona ka metlha e nne ka bopelontle, e lokilwe ka letswai, e le gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.” (Bakolosa 4:6) Letswai le ka dira gore dijo di nne monate. Fa o batla gore kgakololo ya gago e nne monate, e tshwanetse go neelwa ka “bopelotelele, e lokilwe ka letswai.” Le fa go ntse jalo, dijo di ka apeega bosula kana tsa tsholwa ka tsela e e sa kgatlheng le mororo di na le ditsompelo tse di molemo. Seno ga se dire gore motho a itumelele go di ja. Tota e bile go ka nna thata go metsa le fa e le leswana le le lengwe fela la dijo tse di seng monate.
Fa o neela kgakololo, go botlhokwa gore o tlhophe mafoko a a siameng. Monna yo o botlhale Solomone o ile a re: “Lefoko le le builweng ka nako e e le tshwanetseng le tshwana le diapole tsa gouta mo mesetong ya selefera.” (Diane 25:11, NW) A ka tswa a ne a akantse ka mogopo o montle wa selefera o o tsentseng diapole tse dintle tse di setilweng tsa gauta. A bo seo se kgatlha matlho jang ne e bile a bo o ne o ka se anaanela thata jang ne go se abelwa e le mpho! Le mafoko a a molemo a a tlhophilweng sentle a ka kgatlha motho yo o lekang go mo thusa fela jalo.—Moreri 12:9, 10.
Go na le moo, “lefoko le le tlhokofatsang le tle le tlhotlheletse bogale.” (Diane 15:1) Mafoko a a sa siamang a ka baka kutlobotlhoko le kgalefo go na le gore motho a a anaanele. Tota e bile, ga se fela mafoko a a sa siamang a a ka dirang gore motho a se ka a amogela kgakololo e e molemo, mme le segalo se se sa siamang sa lentswe se ka dira jalo. Go neela motho kgakololo ka tsela e e seng botswerere le e e sa akanyetseng go ka gobatsa motho fela jaaka go mo tlhasela ka sebolao. Diane 12:18 ya re: “Go na le go bua ka kgakgabuelo jaaka ditlhabo tsa putlela.” Ke eng fa o ka bua ka tsela e e supang go se akanye mo go ka dirang gore motho a se ka a reetsa kgakololo ya gago?—Diane 12:15.
Jaaka Solomone a ile a bolela, kgakololo e tshwanetse go ‘neelwa ka nako e e tshwanetseng.’ Go botlhokwa thata gore kgakololo e neelwe ka nako e e tshwanetseng gore e atlege! Ga go pelaelo gore motho yo o se nang keletso ya dijo a ka se anaanele dijo tse a di newang. Gongwe o sa tswa go ja dijo tse dintsi kana a ka tswa a lwala. Ga go botlhale e bile ga go a siama go pateletsa motho go ja dijo a sa di batle.
Neela Kgakololo ka Kgobalalo ya Mogopolo
“Tlatsang boipelo jwa me ka gore lo bo lo . . . sa dire sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya boikgopolo, fa e se gore ka kgobalalo ya mogopolo lo tsaya ba bangwe ba le bagolo mo go lona, lo beile leitlho, e seng mo molemong wa ka namana mo dilong tse di amang lona fela, mme gape le mo molemong wa ka namana mo go tsa ba bangwe.” (Bafilipi 2:2-4) Fa o le mogakolodi yo o molemo, o tla tlhotlhelediwa ke go ‘kgatlhegela molemo wa ka namana’ wa ba bangwe. Gape o tla bontsha go nna le “kgobalalo ya mogopolo” fa o dirisana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba semoya, o ba tsaya ba le bagolo mo go wena. Seo se bolelang?
Go nna le kgobalalo ya mogopolo go tla go thusa gore o se ka wa utlwala o le motho yo o itsayang a le botoka go na le ba bangwe. Ga go ope wa rona yo o nang le lebaka la go ikutlwa a le mogolo mo badumedingkaene. Mongwe le mongwe wa rona o a leofa gangwe le gape. E re ka o sa kgone go bona se se mo pelong, go botlhokwa thata gore o se ka wa atlhola maitlhomo a motho yo o mo neelang kgakololo. A ka tswa a se na maitlhomo ape a a bosula e bile a ka tswa a sa lemoge gore o na le maikutlo kana ditiro tse di sa siamang. Tota le fa a ka tswa a lemoga gore o fapogile tsela ya Modimo, ga go pelaelo gore o tla amogela kgakololo motlhofo fa o mo neela yone ka boikokobetso le ka tsela e e supang fa o batla gore a itekanele sentle semoyeng.
Akanya fela gore o ne o tla ikutlwa jang fa o laleditswe dijo mme yo o go laleditseng a bo a go tshwara ka tsela e e sa bontsheng lorato a go tseela kwa tlase! Ruri o ne o ka se itumelele dijo tseo. Ee ruri, “go ja dijo tsa merogo fela, fa e na le lorato, go molemo bogolo go kgomo e e otlilweng, fa e na le kilo.” (Diane 15:17) Go ka nna thata go amogela kgakololo e e molemo fa yo o e neelang a sa bontshe go rata motho yo a mo nayang kgakololo kgotsa fa a mo nyenyefatsa e bile a mo tlhabisa ditlhong. Le fa go ntse jalo, lorato, go tlotlana le go tshepana go tla dira gore go nne motlhofo go neela kgakololo le go e amogela.—Bakolosa 3:14.
Kgakololo e e Neng ya Amogelwa
Moporofeti Nathane o ile a bontsha go nna le kgobalalo ya mogopolo fa a ne a neela Kgosi Dafide kgakololo. Nathane o ne a bontsha go rata Dafide le go mo tlotla ka se a neng a se bua le ka ditiro. Nathane o ile a simolola ka setshwantsho se se ileng sa dira gore go nne motlhofo gore Dafide a amogele kgakololo. (2 Samuele 12:1-4) Moporofeti o ile a dirisa tsela e Dafide a neng a rata tshiamo le tshiamiso ka yone, le fa gone a ile a se ka a e bontsha mo go se a neng a se dirile le Bethesheba. (2 Samuele 11:2-27) Fa go sena go tlhalosiwa bokao jwa setshwantsho, Dafide o ile a ikutlwa jaana go tswa pelong: “Ke leofetse Jehofa.” (2 Samuele 12:7-13) Dafide o ne a amogela kgakololo ka boikokobetso, o ne a se ka a tshwana le Kaine yo o ileng a se ka a reetsa Jehofa.
Ga go pelaelo gore Jehofa o ile a kaela Nathane, a akanyetsa makoa a ga Dafide le gore a ka nna a se ka a e amogela sentle. Nathane o ile a bua le ene ka botswerere jo bogolo mme ga go pelaelo gore o ile a akanyetsa maemo a magolo a Dafide a neng a na le one a go nna kgosi e e tloditsweng ya ga Jehofa. Fa o na le maemo mangwe a taolo, o ka nna wa tshwanelwa ke go neela mongwe kgakololo e e tshwanetseng, mme go ka nna thata gore a e amogele fa o sa e neele o na le kgobalalo ya mogopolo.
Nathane o ile a lolamisa Dafide ka moya wa bonolo. Moporofeti yono o ile a dirisa mafoko a a molemo le a a baakantsweng ka kelotlhoko e le gore Dafide a ke a tsiboge ka tsela e e neng e tla mo solegela molemo ka namana. Nathane o ile a se ka a tlhotlhelediwa ke go batla go solegelwa molemo ka namana kana go leka go itshupa a le botoka mo boitshwarong kana semoyeng go na le Dafide. A sekao se se molemo jang ne sa go bua mafoko a a molemo ka tsela e e tshwanetseng! Fa o supa go nna le moya o o ntseng jalo, go ka direga thata gore ba bangwe ba amogele kgakololo ya gago.
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Jaaka dijo tse di otlang, kgakololo ya gago le yone e tshwanetse go nna molemo
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
A o dira gore kgakololo ya gago e kgatlhe fela jaaka diapole tsa gauta mo mesetong ya selefera?
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Moporofeti Nathane o ile a dirisa tsela e Dafide a neng a rata tshiamo le tshiamiso ka yone go mo thusa