Kgaolo Ya Lesometlhano
Reetsa Kgakololo, Amogela Kotlhao
1. (a) Ke ka ntlha yang fa rotlhe re tlhoka kgakololo le kotlhao? (b) Ke potso efe e re tshwanetseng ra e sekaseka?
BAEBELE mo go Jakobe 3:2 ya re: “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi.” Re ka akanya ka makgetlo a mantsi a ka one re ileng ra palelwa ke go nna mofuta wa motho o Lefoko la Modimo le re rotloetsang go nna one. Ka jalo re a dumela gore Baebele e nepile fa e re: “Reetsa kgakololo mme o amogele kotlhao, gore o tle o nne botlhale mo isagweng ya gago.” (Diane 19:20) Ga go pelaelo gore re setse re dirile diphetogo mo matshelong a rona go a dumalanya le dithuto tsa Baebele. Mme re itshwara jang fa Mokeresete ka rona a re gakolola ka kgang e e rileng?
2. Re tshwanetse ra dira eng fa motho yo mongwe a re gakolola?
2 Bangwe ba leka go ntsha diipato, ba dira gore seemo se se ka sa lebega se le maswe go le kalo, kgotsa ba pega ba bangwe molato. Mme go botoka go reetsa kgakololo le go e dirisa. (Bahebera 12:11) Gone ke boammaaruri gore ga go ope yo o tshwanetseng a lebelela gore batho ba bangwe ba nne e kete ba itekanetse, le gone ga a tshwanela go nnela go gakolola ka dilo tse e seng tsa sepe kgotsa ka dikgang tse Baebele e di tlogelelang motho gore a itirele tshwetso mo go tsone. Mo godimo ga moo, gongwe motho yo o nayang kgakololo ga a sekaseka dintlha tsotlhe, mme a ka bontshiwa dintlha tseno ka tlotlo. Mme mo motlotlong o o latelang, a re tseye gore kgakololo kgotsa kotlhao e e newang e a tshwanela, e theilwe mo Baebeleng. Motho o tshwanetse a itshwara jang?
Dikai Tse di Tshwanetseng go re Tlhagisa
3, 4. (a) Baebele e na le eng se se ka re thusang go leba kgakololo le kotlhao ka tsela e e tshwanetseng? (b) Kgosi Saulo o ne a itshwara jang fa a gakololwa, mme seo sa felela ka eng?
3 Lefoko la Modimo le na le maitemogelo a mmatota a batho ba ba neng ba amogela kgakololo e ba neng ba e tlhoka. Ka dinako tse dingwe, kgakololo e ne e patilwe ke kotlhao. Mongwe wa bone e ne e le Kgosi Saulo wa Iseraele. Ga a ka a utlwa Jehofa malebana le setšhaba sa Amaleke. Baamaleke ba ne ba ganeditse batlhanka ba Modimo, mme katlholo ya ga Jehofa e ne ya nna gore go se ka ga rekegelwa ope wa Baamaleke kgotsa sepe sa diruiwa tsa bone. Mme Kgosi Saulo o ne a rekegela kgosi ya bone le diphologolo tsa bone tse di nonneng.—1 Samuele 15:1-11.
4 Jehofa o ne a romela moporofeti Samuele go ya go kgalemela Saulo. Saulo o ne a itshwara jang? O ne a tlhalosa gore gone o ne a fentse Baamaleke, ke fela gore o ne a bona gore a se ka a bolaya kgosi ya bone. Mme Jehofa o ne a sa laela jalo. (1 Samuele 15:20) Saulo o ne a leka go pega batho molato wa go rekegela diruiwa, a re: “Ke ne ke boifa batho ka jalo ka utlwa lentswe la bone.” (1 Samuele 15:24) O ne a lebega a tshwenyegile thata ka go ipona, mo a bileng a kopa Samuele gore a mo tlotle fa pele ga batho. (1 Samuele 15:30) Kgabagare, Jehofa o ne a latlha Saulo gore a se ka a tlhola a nna kgosi.—1 Samuele 16:1.
5. Kgosi Usia o ne a diragalelwa ke eng fa a gana kgakololo?
5 Kgosi Usia wa Juda o ne “a direla Jehofa Modimo wa gagwe ka go tlhoka boikanyegi mme a tla mo tempeleng ya ga Jehofa go tla go fisa maswalo.” (2 Ditiragalo 26:16) Mme baperesiti ke bone fela ba neng ba letleletswe go ntsha maswalo kafa molaong. Fa moperesiti yo mogolo a ne a leka go thiba Usia, kgosi e ne ya arabela ka bogale. Go ne ga diragalang? Baebele ya re: “Lepero la mo tswa ka tshoganyetso mo phatleng . . . ka gonne Jehofa o ne a mo iteile. Mme kgosi Usia a tswelela e le molepero go fitlha mo letsatsing la loso lwa gagwe.”—2 Ditiragalo 26:19-21.
6. (a) Ke ka ntlha yang fa Saulo mmogo le Usia ba ile ba gana kgakololo? (b) Ke ka ntlha yang fa go gana kgakololo e le bothata jo bo masisi gompieno?
6 Ke eng fa Saulo mmogo le Usia ba ne ba fitlhela go le thata go amogela kgakololo? Bothata jo bogolo e ne e le boikgogomoso, mongwe le mongwe wa bone o ne a itseela kwa godimo thata. Batho ba le bantsi ba itlisetsa mahutsana ka ntlha ya mokgwa ono. Go lebega ba akanya gore go amogela kgakololo go bontsha gore ba a tlhaela ka tsela nngwe kgotsa go ba senya leina. Mme boikgogomoso ke bokoa. Boikgogomoso bo sira tsela ya motho ya go akanya mo e leng gore gantsi o gana thuso e Jehofa a e mo nayang ka Lefoko la gagwe le phuthego ya gagwe. Ka gone, Jehofa o tlhagisa jaana: “Boikgogomoso bo tla pele ga go thubagana, mme moya o o mabela o tla pele ga go kgotšwa.”—Diane 16:18; Baroma 12:3.
Go Amogela Kgakololo
7. Re ka ithuta dithuto dife tse di mosola mo tseleng e Moshe a neng a itshwara ka yone fa a gakololwa?
7 Dikwalo gape di na le dikai tse di molemo tsa batho ba ba ileng ba amogela kgakololo, mme re ka ithuta sengwe mo go tsone. Akanya ka Moshe, yo mogwagadiagwe a neng a mo naya kgakololo ya kafa a ka dirang tiro ya gagwe e e boima ka teng. Moshe o ne a mo reetsa a ba a akofa a dira jaaka a gakololwa. (Ekesodo 18:13-24) Le fa Moshe a ne a na le taolo e kgolo, ke ka ntlha yang fa a ne a amogela kgakololo? Ka gonne o ne a ikokobeditse. “Moshe e ne e le motho yo o boikokobetso thata go gaisa batho botlhe ba ba neng ba le mo godimo ga lefatshe.” (Dipalo 12:3) Boikokobetso bo botlhokwa go le kana kang? Sefania 2:3 e bontsha gore bo ka re naya botshelo.
8. (a) Dafide o ne a dira maleo afe? (b) Dafide o ne a itshwara jang fa Nathane a mo kgalemela? (c) Maleo a ga Dafide a ne a nna le ditlamorago dife?
8 Kgosi Dafide o ne a dira boaka le Bathesheba mme a leka go bo bipa ka go dira gore monna wa gagwe, Uria a bolawe. Jehofa o ne a romela moporofeti Nathane go ya go kgalema Dafide. O ne a ikwatlhaya mme a dumela jaana ka bonako: “Ke leofetse Jehofa.” (2 Samuele 12:13) Le fa Modimo a ne a amogela boikwatlhao jwa ga Dafide, o ne a tla tshwanelwa ke go lebana le ditlamorago tsa phoso ya gagwe. Jehofa o ne a mmolelela gore tšhaka ‘e ne e se kitla e tswa mo ntlong ya gagwe,’ le gore basadi ba gagwe ba ne ba tla newa ‘mongwe ka ene,’ le gore morwa yo o neng a tla tsholwa ka ntlha ya boaka jwa gagwe ‘ruri o ne a tla swa.’—2 Samuele 12:10, 11, 14.
9. Ga re a tshwanela go lebala eng fa re gakololwa kgotsa re otlhaiwa?
9 Kgosi Dafide o ne a itse mosola wa go reetsa kgakololo e e molemo. Gangwe le gape o ne a lebogela Modimo gore a bo a rometse mongwe go tla go mo e naya. (1 Samuele 25:32-35) A re dira jalo? Fa go le jalo, re tla sirelediwa gore re se ka ra bua sepe kgotsa ra dira dilo tse dintsi tse re ka di ikwatlhaelang. Mme go tweng fa re tsena mo maemong a a dirang gore re gakololwe gongwe re bo re otlhaiwe? A re se ka ra lebala gore seo ke bosupi jwa gore Jehofa o a re rata, o eletsa gore re tshele sentle ka bosakhutleng.—Diane 3:11, 12; 4:13.
Dinonofo Tse Dintlentle Tse re Tshwanetseng go Nna le Tsone
10. Ke nonofo efe e Jesu a neng a bontsha gore e botlhokwa mo bathong ba ba neng ba tla tsena mo Bogosing?
10 Re tshwanetse go leka go nna le dinonofo dingwe gore re nne le kamano e e molemo le Jehofa le bakaulengwe ba rona ba Bakeresete. Jesu o ne a umaka nngwe ya tsone fa a ne a baya ngwana fa gare ga barutwa ba gagwe a bo a re: “Fa lo sa sokologe lo bo lo nna jaaka bana ba babotlana, ga lo na go tsena mo bogosing jwa magodimo ka gope. Jalo, le fa e le mang yo o tla ikokobetsang jaaka ngwana yo mmotlana yono ke ene yo mogolo thata mo bogosing jwa magodimo.” (Mathaio 18:3, 4) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go ikokobetsa, ka gonne ba ne ba ile ba ganetsana ka bobone malebana le gore ke ofe yo mogolo.—Luke 22:24-27.
11. (a) Re tshwanetse ra ikokobeletsa mang, mme ka ntlha yang? (b) Fa re ikokobeditse re tla itshwara jang fa re gakololwa?
11 Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Lotlhe ikgatlheng ka mogopolo wa go ikokobeletsana, ka gonne Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.” (1 Petere 5:5) Re a itse gore re tshwanetse ra ikokobeletsa Modimo, mme temana eno e bontsha gore gape re tlhoka go ikokobeletsa badumedi ka rona. Fa re dira jalo, ga re na go gana dikakantsho tse di tshwanetseng tse ba bangwe ba re nayang tsone mme re tla ithuta mo go bone.—Diane 12:15.
12. (a) Ke nonofo efe ya botlhokwa e e amanang thata le boikokobetso? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tshwenyega ka ga gore boitshwaro jwa rona bo ama batho ba bangwe jang?
12 Sengwe se se amanang thata le boikokobetso ke go amega ka ba bangwe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “A mongwe le mongwe a nne a batle, e seng molemo wa gagwe, fa e se wa motho yo mongwe. . . . Jalo, e ka ne lo a ja kgotsa lo a nwa kgotsa lo dira sepe fela, dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo. Ithibeng mo go nneng ba ba kgopisang Bajuda mmogo le Bagerika le phuthego ya Modimo.” (1 Bakorintha 10:24-33) Paulo o ne a sa re ga re a tshwanela go dira sepe fela se re se ratang, mme o ne a re rotloetsa gore re se ka ra dira sepe se se ka kgothaletsang motho yo mongwe go dira sengwe se segakolodi sa gagwe se mmolelelang gore se phoso.
13. Ke sekai sefe se se ka supang gore a re itlwaeditse go dirisa kgakololo ya Dikwalo?
13 A o akanyetsa batho ba bangwe pele ga o dira se wena o se ratang? Rotlhe re tshwanetse ra ithuta go dira jalo. Seno se ka dirwa ka ditsela tse dintsi. Ka sekai, akanya ka moaparo le go ipaakanya mo mmeleng. Tseno ke dikgang tse di amang se motho a se ratang mme se dumalana le dikaelo tsa dikwalo ka go nna bori, go nna bothakga le go nna phepa. Mme fa o ne o ka utlwa gore ka ntlha ya tlwaelo ya batho ba o nnang mo gare ga bone, tsela e o aparang kgotsa o ipaakanyang ka yone mo mmeleng e kgoreletsa ba bangwe gore ba se ka ba reetsa molaetsa wa Bogosi, a o ne o ka dira diphetogo? Ee ruri, go thusa motho yo mongwe gore a bone botshelo jo bo sa khutleng go botlhokwa thata go feta go iitumedisa.
14. Ke eng fa go le botlhokwa go ikokobetsa le go amega ka ba bangwe?
14 Jesu o ne a tlhoma sekao sa go ikokobetsa le go amega ka ba bangwe, mo a bileng a tlhapisa dinao tsa barutwa ba gagwe. (Johane 13:12-15) Lefoko la Modimo le bolela jaana ka ene: “Bolokang boikutlo jono jwa mogopolo mo go lona jo gape bo neng bo le mo go Keresete Jesu, yo, le mororo a ne a tshela a le mo sebopegong sa Modimo, a neng a se ka a akanyetsa go itseela, e leng, go lekana le Modimo. Nnyaa, mme o ne a iithontsha, a tsaya sebopego sa motlhanka mme a nna mo setshwanong sa batho. Mo godimo ga moo, e rile a iphitlhela a le mo sebopegong sa motho, a ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha losong.”—Bafilipi 2:5-8; Baroma 15:2, 3.
O se Ka wa Gana Kotlhao ya ga Jehofa
15. (a) Re tlhoka go dira diphetogo dife gore re nne le botho jo bo itumedisang Modimo? (b) Jehofa o dirisitse eng go naya mongwe le mongwe wa rona kgakololo le kotlhao?
15 Ka gonne rotlhe re baleofi, re tlhoka diphetogo mo boikutlong le mo boitshwarong jwa rona gore re nne le botho jo bo tshwanang le jwa Modimo wa rona. Re tlhoka go apara “botho jo bosha.” (Bakolosa 3:5-14) Kgakololo le kotlhao di re thusa go bona gore re ka dira diphetogo fa kae le gore re ka di dira jang. Selo sa konokono se re se tlhokang go re kaela ke Baebele ka boyone. (2 Timotheo 3:16, 17) Dikgatiso tse di buang ka Baebele le dipokano tse di rulaganngwang ke phuthego ya ga Jehofa di re thusa go dirisa Lefoko la Modimo. Tota le fa re newa kgakololo e re setseng re kile ra e utlwa, a re tla lemoga gore re a e tlhoka re bo re leke go tokafatsa?
16. Jehofa o naya mongwe le mongwe wa rona thuso efe?
16 Jehofa o re thusa go sikara mathata a rona ka gonne a amega ka rona ka lorato. Batho ba le dimilionemilione ba thusitswe ka dithuto tsa magae tsa Baebele. Batsadi ba gakolola le go otlhaya bana ba bone gore ba ba sireletse mo boitshwarong jo bo ka ba bakelang kutlobotlhoko. (Diane 6:20-23) Mo phuthegong, bangwe ba a tle ba kope badiredi ba ba nang le boitemogelo gore ba ba neye kgakololo le dikakantsho gore ba kgone go tokafatsa maiteko a bone mo tirelong ya tshimo. Ka dinako tse dingwe, bagolwane ba ka kopa kgakololo mo bagolwaneng ba bangwe kgotsa mo bathong ba bangwe ba ba nang le boitemogelo mo bodireding. Ba ba nang le ditshwanelego tsa semoya ba dirisa Baebele go thusa ba ba tlhokang thuso, ba dira jalo ka bopelonomi. Fa o naya batho kgakololo, gakologelwa go nna o ‘ntse o ipeile leitlho, e se re kgotsa le wena wa raelwa.’ (Bagalatia 6:1, 2) Ee, rotlhe re tlhoka kgakololo le kotlhao gore re obamele Modimo wa boammaaruri ka kutlwano.
Motlotlo wa Poeletso
• Jehofa o re thusa jang ka lorato gore re bone fa mongwe le mongwe wa rona a tlhokang go tokafatsa teng?
• Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba palelwa ke go amogela kgakololo e e tlhokegang, mme seno se masisi go le kana kang?
• Ke dinonofo dife tse dintlentle tse di ka re thusang go amogela kgakololo, mme Jesu o ne a tlhoma sekao jang mo go tsone?
[Setshwantsho mo go tsebe 142]
Usia o ne a gana kgakololo mme a itewa ka lepero
[Setshwantsho mo go tsebe 142]
Moshe o ne a solegelwa molemo ke go amogela kgakololo ya ga Jethero