“Mohumagadi wa Moriri o Montsho wa Sekaka sa Siria”
O NE a le mmala wa motlhware, meno a le masweu jaaka diperela, matlho a le mantsho e bile a phatsima. O ne a rutegile thata e bile e le kgeleke ya dipuo. Go ne go twe mohumagadi yono wa motlhabani o feta Cleopatra ka botlhale mme gongwe a le montle jaaka ene. E re ka a ile a nna le bopelokgale jwa go itebanya le pusokgolo ya lefatshe ya motlha wa gagwe, o ne a diragatsa karolo ya boporofeti bongwe mo Dikwalong. Nako e telele morago ga loso lwa gagwe, bakwadi ba ne ba sa ntse ba mmaka, mme bataki ba ne ba mo taka ka bontle jo bo feteletseng. Mmoki wa lekgolo la bo19 la dingwaga o ne a mo tlhalosa e le “mohumagadi wa moriri o montsho wa sekaka sa Siria.” Mosadi yono yo o neng a bakiwa thata e ne e le Zenobia—kgosigadi ya motse wa Siria kwa Palmyra.
Go tlile jang gore Zenobia a nne le maemo? Ke maemo afe a bopolotiki a a neng a dira gore a buse? Go ka tweng ka botho jwa gagwe? Mme mohumagadi yono o ne a diragatsa karolo efe ya boporofeti? Akanya pele ka lefelo le tiragalo eno e diragalang mo go lone.
Motse O o Fa Molelwaneng wa Sekaka
Motse wa ga Zenobia e leng Palmyra, o ne o le dikilometara tse di ka nnang 210 go ya ntlheng ya bokonebotlhaba jwa Damaseko, kwa ntlheng ya bokone ya molelwane wa Sekaka sa Siria kwa dithaba tsa Anti-Lebanon di fitlhang di fologela teng di nna dipoa. Motse ono o montle o o dikologilweng ke sekaka o ne o le mo e ka nnang mo bogareng jwa Lewatle la Mediterranean go ya ntlheng ya bophirima le mo bogareng jwa Noka ya Euferatese go ya ntlheng ya botlhaba. Kgosi Solomone a ka tswa a ne a o itse e le Tatamore, e leng lefelo le le neng le solegela bogosi jwa gagwe molemo thata ka ntlha ya mabaka a mabedi: ka ntlha ya gore e ne e le bothibelelo jwa masole a a neng a femela molelwane o o kafa ntlheng ya bokone e bile e le motse o o botlhokwa thata mo go gokaganyeng ditoropo tse di tlhomaganeng tsa dikolotsana. Ka jalo, Solomone o ne a “aga Tatamore mo nageng.”—2 Ditirafalo 8:4.
Ga go buiwe sepe ka Tatamore mo dingwageng tse di sekete tse di latelang morago ga puso ya ga Kgosi Solomone. Fa e le gore ke boammaaruri gore ke yone e e bidiwang Palmyra, go bolela gore e simolotse go tuma fa Siria e sena go nna porofensi ya bothibelelo jwa masole a Mmusomogolo wa Roma ka 64 B.C.E. “Palmyra e ne e le botlhokwa mo go Roma ka ditsela tse pedi, ka tsa itsholelo le tsa bosole,” go bolela jalo Richard Stoneman mo bukeng ya gagwe ya Palmyra and Its Empire—Zenobia’s Revolt Against Rome. E re ka motse ono wa ditlhare tsa dipalema e ne e le tsela e kgolo ya kgwebo e e kopanyang Roma le Mesopotamia le Botlhaba, dikhumo tsa kgwebo tsa dinaga tseo tsa bogologolo di ne di feta ka one—ditshwaiso tse di tswang kwa East Indies, sei e e tswang kwa China le dilo tse dingwe tse di tswang kwa Peresia, Mesopotamia E e Kwa Tlase le dinaga tsa Mediterranean. Roma e ne e ikaegile ka dithoto tseno tse di tswang kwa dinageng tse dingwe.
Fa go tla mo go tsa ntwa, porofensi ya Siria e ne le lefelo le le neng le kgaoganya mebuso e mebedi e e lwang ya Roma le Peresia. Noka ya Euferatese e ne e kgaoganya Roma le naga e e bapileng le yone e e kafa ntlheng ya botlhaba mo dingwageng tsa ntlha tse 250 tsa Motlha wa Rona o o Tlwaelegileng. Palmyra e ne e lebagane le sekaka kafa ntlheng ya bophirima jwa motse wa Dura-Europos kwa nokeng ya Euferatese. Fa mmusimogolo Hadrian le mmusimogolo Valerian kwa Roma ba lemoga gore Palmyra e mo lefelong le le botlhokwa thata jaana, ba ne ba e etela. Hadrian o ne a oketsa bontle jwa yone ka go e abela madi a mantsi. Valerian o ne a duela motlotlegi mongwe wa kwa Palmyra yo o bidiwang Odaenathus—monna wa ga Zenobia—ka go mo tlhatlosetsa maemo ka 258 C.E., gore e nne mongwe wa balaodi ba Roma ka gonne a ile a atlega go lwa kgatlhanong le Peresia le go oketsa melelwane ya Puso ya Roma gore e fetele kwa Mesopotamia. Zenobia o ne a nna le seabe se segolo mo go direng gore monna wa gagwe a nne le maemo. Rahisitori e bong Edward Gibbon o ne a kwala jaana: “Odenathus o ne a atlega segolobogolo ka ntlha ya botlhale le bopelokgale jwa gagwe [Zenobia].”
Ka nako eo, Kgosi Sapor wa Peresia o ne a dira tshwetso ya go gwetlha bolaodi jwa Roma le go tlhoma bolaodi jwa gagwe mo diporofenseng tsotlhe tse pele e neng e le tsa Peresia. O ne a gwantela kwa ntlheng ya bophirima a na le mophato o o nonofileng wa masole, mme a gapa metse ya bothibelelo ya Roma ya Nisibis le Carrhae (Harane) mme a feta a ya go thopa Siria bokone le Kilikia. Mmusimogolo Valerian o ne a tla ka namana go etelela masole a gagwe pele kgatlhanong le batlhasedi mme o ne a fenngwa a ba a thopiwa ke Baperesia.
Odaenathus o ne a bona e le nako e e tshwanetseng gore a romelele mmusaesi yono wa Peresia dimpho tse di tlhwatlhwakgolo le molaetsa wa kagiso. Ka boikgodiso Kgosi Sapor o ne a laela gore dimpho tseo di latlhelwe mo nokeng ya Euferatese mme a laela gore Odaenathus a tle ka namana mo pele ga gagwe e le motshwarwa yo o ikokobetsang. Batho ba kwa Palmyra ba ne ba tsibogela seo ka go phutha mophato wa masole a bakgarakgatshegi ba sekaka le masalela a masole a Roma mme ba simolola go tlhasela Baperesia ba ba neng ba boela morago. E re ka masole a ga Sapor a ne a sa kgone go emelana le mokgwa wa go tlhaselwa go tshabiwa—ba ne ba palelwa ke go iphemela mme ba patelesega gore ba tshabe.
Fa morwa le motlhatlhami wa ga Valerian e bong Gallienus a bona gore Odaenathus o fentse Sapor, o ne a mo naya sereto sa corrector totius Orientis (mmusi wa karolo yotlhe ya Botlhaba). Fa nako e ntse e ya, Odaenathus o ne a ipha sereto sa “kgosi ya dikgosi.”
Zenobia o Tlhoafalela go Tlhoma Mmusomogolo
Ka 267 C.E. fa Odaenathus a fitlha mo setlhoeng sa tiro ya gagwe, ene le mojaboswa wa gagwe ba ne ba bolawa, gongwe ke motlogoloe mongwe yo o neng a ipusolosetsa. Zenobia o ne a tsaya boemo jwa monna wa gagwe ka gonne morwawe o ne a sa ntse a le mmotlana. E re ka a ne a le montle, a tlhoafetse, e le mookamedi yo o nang le bokgoni, a tlwaetse go tswa letsholo le moswi monna wa gagwe e bile a kgona go bua dipuo di le mmalwa ka thelelo, o ne a kgona go dira gore a tlotliwe le go tshegediwa ke batho ba a ba busang—e ne e le phitlhelelo e kgolo gareng ga Ba-Bedouin. Zenobia o ne a rata go ithuta mme o ne a itsalanya le batlhalefi. Mongwe wa bagakolodi ba gagwe e ne e le rafilosofi e bile e le kgeleke ya sebui e bong Cassius Longinus—yo go neng go twe ke “laeborari e e tshelang le musiamo e e tsamayang.” Stoneman yo e leng mokwadi wa dibuka o tlhalosa jaana: “Mo dingwageng tse tlhano tsa morago ga loso lwa ga Odenathus . . . Zenobia o ne a dirile gore batho ba gagwe ba akanye ka ene e le mohumagadi wa Botlhaba.”
Kafa ntlheng e nngwe ya bogosi jwa ga Zenobia e ne e le Peresia, e ene le monna wa gagwe ba ileng ba e koafatsa, mme kafa letlhakoreng le lengwe e ne e le Roma e e neng e koafala. Rahisitori J. M. Roberts o bolela jaana malebana le maemo a a neng a le teng mo Pusong ya Roma ka nako eo: “Lekgolo la boraro la dingwaga e ne e le . . . nako e e sa itumediseng mo melelwaneng ya Roma e e kafa botlhaba le e e kafa bophirima, fa mo gare ga naga gone go ne go simologa motlha o mosha wa ntwa ya selegae le go lwela bogosi. Go ile ga nna le babusibagolo (kwantle ga ba ba neng ba iphaka jalo) ba le 22 ba ba neng ba tlhagoga ba ba ba phutlhama.” Kafa letlhakoreng le lengwe, mohumagadi wa Siria, e ne e le mmusaesi yo puso ya gagwe e tlhomameng sentle. Stoneman o bolela jaana: “E re ka a ne a busa mebuso e mebedi e mogolo [ya Peresia le ya Roma], o ne a ka tlhoafalela go tlhoma ya boraro e e neng e tla di laola ka bobedi.”
Zenobia o ne a bona tshono ya go atolosa mebuso e a busang mo go yone ka 269 C.E., fa motho mongwe wa kwa Egepeto yo o neng a iphaka gore ke mmusi a ne a nna kgatlhanong le go busiwa ke Roma. Mophato wa ga Zenobia o ne wa gwantela Egepeto ka bonako mme wa ripitla motsuolodi yoo mme wa gapa naga eo. Fa a ne a itira kgosigadi ya Egepeto, o ne a dira madi a tshipi a a nang le leina la gagwe. Bogosi jwa gagwe jaanong bo ne bo setse bo anama go tloga mo nokeng ya Nile go ya kwa nokeng ya Euferatese. Ka nako eno ya botshelo jwa gagwe, o ne a nna “kgosi ya borwa” e go buiwang ka yone mo boporofeting jwa Baebele jwa ga Daniele, ka gonne bogosi jwa gagwe bo ne bo laola karolo ya borwa ya nagagae ya gaabo Daniele. (Daniele 11:25, 26) Mme gape o ne a thopa bontsi jwa Asia Minor.
Zenobia o ne a nonotsha le go kgabisa moshate wa gagwe e leng Palmyra thata jaana mo e leng gore o ne o na le maemo a a lekanang le a metse e megolo go gaisa yotlhe mo pusong ya Roma. Go fopholediwa gore baagi ba gone ba ne ba feta 150 000. Motse ono o ne o tletse ka dikago tse dintsi tse dintle, ditempele, ditshingwana, dipilara le difikantswe, o dikaganyeditswe ke dithako tse go tweng bophara jwa tsone e ne e le jwa dikilometara di le 21. Mo mmileng wa teng o mogolo go ne go tlhomagane dikholomo tse di dirilweng ka dipilara tsa Sekorintha tse di bogodimo jwa dimetara di le 15, di ka nna 1 500. Motse o ne o tletse ka difikantswe le ditshwantsho tsa ditlhogo tsa bagaka le tsa batho ba ba humileng ba ba diretseng motse melemo mengwe. Ka 271 C.E., Zenobia o ne a tlhoma difikantswe tse pedi, se sengwe e le sa gagwe se sengwe e le sa monna wa gagwe yo o suleng. Palmyra e e neng e bapile le sekaka e ne e le maphatsiphatsi jaaka lebenya.
Tempele ya Letsatsi e ne e le nngwe ya dikago tse dintle go gaisa tsotlhe mo Palmyra mme ga go pelaelo gore e ne e le jone bodumedi jo bogolo go gaisa otlhe mo motseng oo. Gongwe Zenobia le ene o ne a obamela modimo mongwe o o neng o amana le modimo wa letsatsi. Le fa go ntse jalo, Siria ya lekgolo la boraro la dingwaga, e ne e le naga ya madumedi a mantsi. Mo pusong ya ga Zenobia go ne go na le ba ba neng ba ipitsa Bakeresete, Bajuda, balepadinaledi le batho ba ba neng ba obamela letsatsi le ngwedi. O ne a ikutlwa jang ka mefuta eno e e farologaneng ya kobamelo mo bogosing jwa gagwe? Stoneman wa mokwadi wa dibuka o bolela jaana: “Mmusi yo o botlhale a ka se ka a itlhokomolosa dingwao dipe tse go bonalang di siame mo bathong ba gagwe. . . . Go ne go solofelwa gore . . . medimo e, e phuthegetse kafa letlhakoreng la Palmyra.” Go bonala fa Zenobia a ne a letlelela madumedi a mangwe. A tota medimo e ne e “phuthegetse kafa letlhakoreng la Palmyra”? Go ne go tlile go direga eng ka Palmyra le “mmusi wa yone yo o botlhale”?
Mmusimogolo Mongwe o ‘Kurusa Pelo ya Gagwe’ Kgatlhanong le Zenobia
Mo ngwageng wa 270 C.E., Aurelian o ne a nna mmusimogolo wa Roma. Masole a gagwe a ne a atlega go leleka le go fenya batho ba ba sa tlhabologang ba kwa bokone. Ka 271 C.E.—Aurelian yo jaanong a neng a emela “kgosi ya bokone” ya boporofeti jwa ga Daniele—o ne a ‘kurusa maatla a gagwe le pelo ya gagwe kgatlhanong le kgosi ya borwa,’ e e neng e emelwa ke Zenobia. (Daniele 11:25a, NW) Aurelian o ne a romela mangwe a masole a gagwe ka tlhamalalo kwa Egepeto mme a etelela pele mophato wa gagwe wa konokono go ya ntlheng ya botlhaba ba kgabaganya Asia Minor.
Kgosi ya borwa—puso e e neng e busa e e neng e eteletswe pele ke Zenobia—e ne ya ‘ikgalefisa’ go lwa kgatlhanong le Aurelian ka “mophato wa sesole o mogolo le o o thata ka mo go fetisang,” o o neng o eteletswe pele ke bagenerale ba babedi e bong Zabdas le Zabbai. (Daniele 11:25b, NW) Mme gone, Aurelian o ne a thopa Egepeto mme morago ga foo a tlhasela Asia Minor le Siria. Zenobia o ne a fenngwa kwa Emesa (e jaanong e leng Homs), mme o ne a boela kwa Palmyra.
Fa Aurelian a thopa Palmyra, Zenobia o ne a tshabela kwa Peresia le morwawe a solofetse go bona thuso, mme go na le moo o ne a tshwarwa ke Baroma kwa Nokeng ya Euferatese. Batho ba Palmyra ba ne ba lesa motse wa bone o thopiwa ka 272 C.E. Aurelian o ne a utlwela baagi ba teng botlhoko, a phutha thopo e ntsi, go akaretsa le setshwantsho mo Tempeleng ya Letsatsi mme a bo a boela kwa Roma. Mmusimogolo wa Roma ga a ka a bolaya Zenobia, o ne a mo dira segakgamalelo sa mokoloko wa gagwe wa phenyo o o neng o ralala Roma ka 274 C.E. O ne a fetsa botshelo jwa gagwe jotlhe e le mohumagadi yo o tlotlegang mo Roma.
Motse wa Sekaka o a Senngwa
Dikgwedi di sekae fa Aurelian a sena go thopa Palmyra, batho ba Palmyra ba ne ba gaila masole a Baroma a a neng a a tlogetse kwa morago. Fa dikgang tsa tsuologo eno di fitlha kwa go Aurelian, ka yone nako eo o ne a laela masole a gagwe gore ba boele morago, mme ka lekgetlo leno ba ne ba ipusolosetsa ka tsela e e setlhogo mo baaging bao. Batho ba ba neng ba falola kgailo e e setlhogo eo ba ne ba nna makgoba. Motse oo o montle o ne wa ripitliwa le go senngwa mo o neng o ka se ka wa tlhola o baakanngwa. Ka jalo toropokgolo eno e e neng e tlotlometse thata e ne e fetotswe gore e boele mo boemong jwa yone jwa pele—“Tatamore wa sekaka.”
Fa Zenobia a ne a emelana le Roma, ene le Mmusimogolo Aurelian ba ne ba diragatsa diabe tsa bone tsa go nna “kgosi ya borwa” le “kgosi ya bokone” ba sa itse, ba diragatsa karolo ya boporofeti jo bo tlhalositsweng ka botlalo ke moporofeti wa ga Jehofa mo e ka nnang dingwaga di le 800 pele ga moo. (Daniele, kgaolo 11) Ka ntlha ya botho jwa ga Zenobia jo bontle, o ne a ratwa ke batho ba le bantsi. Le fa go ntse jalo, selo se se botlhokwa go feta, ke seabe sa gagwe sa go emela puso ya bopolotiki e go boletsweng pele ka yone mo boporofeting jwa ga Daniele. Puso ya gagwe ga e a ka ya fetsa dingwaga tse tlhano. Palmyra, e e leng moshate wa bogosi jwa ga Zenobia, gompieno ke motsana fela. Le one Mmusomogolo wa Roma tota o ile wa nyelela bogologolo mme wa ineela mo mebusong ya segompieno. Go tlile go direga eng ka mebuso eno? Le yone e tlile go diragalelwa ke se Baebele e se porofetileng ka yone.—Daniele 2:44.
[Lebokoso mo go tsebe 29]
Boswa Jwa ga Zenobia
Fa Mmusimogolo Aurelian a boela Roma fa a sena go fenya Zenobia, kgosigadi ya Palmyra, o ne a agela letsatsi tempele. Mo teng ga yone o ne a tsenya difikantswe tsa modimo wa letsatsi tse a neng a tlile le tsone go tswa kwa motseng wa gagwe. Fa makasine wa History Today o tlhalosa go ya pele ka se se ileng sa direga, o bolela jaana: “Gongwe nngwe ya ditiro tsotlhe tse di sa lebalegeng tsa ga Aurelian ke go tlhongwa ga moletlo wa letsatsi wa ngwaga le ngwaga ka AD 274, o o neng o ketekwa ka nako ya go tlhaga ga letsatsi ka nako ya setlha sa mariga, ka December 25. Fa mmusomogolo oo o fetogela mo Bokereseteng, botsalo jwa ga Keresete bo ne jwa fetolelwa mo letlheng leno go dira gore bodumedi jo bosha bo amogelwe ke batho ba ba neng ba rata mekete eo ya bogologolo. Go a gakgamatsa gore totatota ke ka ntlha ya ga Kgosigadi Zenobia go bo . . . gompieno [batho] ba keteka Keresemose ya rona.”
[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 28, 29]
(For fully formatted text, see publication)
LEWATLE LA MEDITERRANEAN
SIRIA
Antioka
Emesa (Homs)
PALMYRA
Damaseko
MESOPOTAMIA
Euferatese
Carrhae (Harane)
Nisibis
Dura-Europos
[Metswedi ya Ditshwantsho]
Map: Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.
Colonnade: Michael Nicholson/Corbis
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Madi a tshipi a Roma a a ka tswang a na le setshwantsho sa ga Aurelian
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Tempele ya letsatsi kwa Palmyra
[Motswedi wa Setshwantsho]
The Complete Encyclopedia of Illustration/J. G. Heck
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Kgosigadi Zenobia a bua le masole a gagwe
[Motswedi wa Setshwantsho]
Giovanni Battista Tiepolo, Queen Zenobia Addressing Her Soldiers, Samuel H. Kress Collection, Photograph © Board of Trustees, National Gallery of Art, Washington
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 28]
Detail of: Giovanni Battista Tiepolo, Queen Zenobia Addressing Her Soldiers, Samuel H. Kress Collection, Photograph © Board of Trustees, National Gallery of Art, Washington