Kgaolo ya Bosomennè
Dikgosi Tse Pedi di Nna di Fetofetoga
1, 2. (a) Ke eng se se neng sa dira gore Antiochus IV a ineele go utlwa ditaelo tsa Roma? (b) Siria e ne ya nna porofensi ya Roma leng?
KGOSI ya Siria e bong Antiochus IV o tlhasela Egepeto a bo a itlhoma go nna kgosi ya teng. Roma, e kopilwe ke Kgosi Ptolemy VI wa Egepeto, e romela Moemedi wa puso e bong Caius Popilius Laenas kwa Egepeto. O tsamaya le mophato o mogolo thata wa masole le ditaelo tse di tswang kwa Lekgotlenglegolo la Puso ya Roma tse di laelang Antiochus IV gore a tlogele bogosi jwa Egepeto mme a tswe mo nageng eo. Kgosi ya Siria le moemedi wa puso ya Roma ba kopana kwa Eleusis, e leng torotswana e e gaufi le Alexandria. Antiochus IV o kopa gore a newe nako a ye go botsa bagakolodi ba gagwe, mme Laenas o thala mosako go dikologa kgosi eno a bo a e bolelela gore e se ka ya tlola mola oo e ise e mo arabe. A tlhabilwe ke ditlhong, Antiochus IV o dira go ya kafa ditaelong tsa Roma a bo a boela kwa Siria ka 168 B.C.E. Ntwa mo gare ga kgosi ya botsheka ya Siria le kgosi ya borwa ya Egepeto e khutla jalo.
2 E re ka Roma e ne e na le seabe se segolo mo mererong ya Botlhabagare, e ne ya nna ya tswelela pele go laola Siria. Ka gone, le mororo dikgosi tse dingwe tsa losika lwa segosi lwa ga Seleucus di sa ntse di busa Siria fa Antiochus IV a sena go swa ka 163 B.C.E., ga se tsone “kgosi ya botsheka.” (Daniele 11:15) Kgabagare Siria e nna porofensi ya Roma ka 64 B.C.E.
3. Roma e ne ya simolola go busa Egepeto leng, mme jang?
3 Losika lwa segosi lwa ga Ptolemy wa Egepeto lo tswelela lo le “kgosi ya borwa” ka lobaka lo lo batlang lo feta dingwaga di le 130 morago ga loso lwa ga Antiochus IV. (Daniele 11:14) Ka ntwa ya Actium, e e lolweng ka 31 B.C.E., mmusi wa Roma e bong Octavian o fenya mephato e e kopantsweng go nna seoposengwe ya ga kgosigadi ya bofelo ya losika lwa ga Ptolemy—e bong Cleopatra VII—le moratiwa wa gagwe wa Moroma, e bong Mark Antony. Fa Cleopatra a sena go ipolaya mo ngwageng o o latelang, Egepeto le yone e nna porofensi ya Roma mme ga e tlhole e le kgosi ya borwa. Ka ngwaga wa 30 B.C.E., Roma e busa Siria le Egepeto. A jaanong re tshwanetse go lebelela babusi ba bangwe gore ba nne kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa?
KGOSI E NTŠHA E ROMELA “MOKGETHISI”
4. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra lebelela gore mmusi mongwe o sele a tseye boemo jwa go nna kgosi ya botsheka?
4 Ka dikgakologo tsa 33 C.E., Jesu Keresete o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Fa lo tshogana ka lo bona selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo, jaaka go buiwa ka sone ka Daniele moporofeti, se eme mo lefelong le le boitshepo, . . . foo a ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng.” (Mathaio 24:15, 16) A nopola Daniele 11:31, Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe ka ‘selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo’ se se neng se tla tlhaga mo isagweng. Boporofeti jono jo bo akaretsang kgosi ya botsheka bo ne jwa bolelwa dingwaga di ka nna 195 morago ga loso lwa ga Antiochus IV, kgosi ya bofelo ya Siria e e neng e tsere boemo joo. Go phepafetse gore mmusi mongwe o sele o ne a tla tshwanelwa ke go tsaya boemo joo jwa go nna kgosi ya botsheka. E ne e tla nna mang?
5. Ke mang yo o neng a ema e le kgosi ya botsheka, a tsaya boemo jo pele e kileng ya bo e le jwa ga Antiochus IV?
5 Moengele wa ga Jehofa Modimo o ne a bolelela pele jaana: “Foo go tlaa ema mo bonnong jwa gagwe [jwa ga Antiochus IV] mongwe yo o tlaa dirang gore mokgethisi a ralale kgalalelo ya bogosi; mme e tlaa re go ise go fete malatsinyana mangwe o tlaa senngwa, e seng mo bogaleng, le fa e le mo tlhabanong.” (Daniele 11:20) Yo o ‘emang’ ka tsela eno o ne a itshupa e le mmusimogolo wa ntlha wa Roma, e bong Octavian, yo o neng a itsiwe e le Caesar Augustus.—Bona “Yo Mongwe o a Tlotlwa, yo Mongwe o a Nyatsega,” mo tsebeng ya 248.
6. (a) “Mokgethisi” o ne a ralatswa “kgalalelo ya bogosi” leng, mme botlhokwa jwa seno e ne e le eng? (b) Ke ka ntlha yang fa go ka twe Augustus o ne a swa “e seng mo bogaleng, le fa e le mo tlhabanong”? (c) Go ne ga direga phetogo efe mo go yo e nnang kgosi ya botsheka?
6 “Kgalalelo ya bogosi” jwa ga Augustus e ne e akaretsa ‘lefatshe le le galalelang’—porofensi ya Roma ya Judea. (Daniele 11:16) Ka 2 B.C.E., Augustus o ne a romela “mokgethisi” fa a ne a laela gore batho ba kwadisiwe, kana ba balwe, gongwe e le gore a ke a itse gore go na le batho ba le kae gore a tle a ba duedise lekgetho le go ba kwadisa mo sesoleng. Ka ntlha ya taelo eno, Josefa le Marea ba ne ba tsaya loeto go ya Bethelehema ba ya go ikwadisa, mme ga felela ka gore Jesu a tsholwe mo lefelong leo le go boleletsweng pele ka lone. (Mika 5:2; Mathaio 2:1-12) Ka August 14 C.E.—morago ga ‘malatsinyana,’ kana go ise go fete lobaka lo loleele morago ga gore a ntshe taelo ya gore batho ba kwadisiwe—Augustus o ne a swa a le dingwaga di le 76, e seng “mo bogaleng” jwa go bolawa ka go tlhaselwa kana “mo tlhabanong,” mme ka ntlha ya bolwetse. Eleruri kgosi ya botsheka e ne e fetogile! Kgosi eno jaanong e ne e le Mmusomogolo wa Roma ka babusi ba yone.
‘YO O NYATSEGANG O A EMA’
7, 8. (a) Ke mang yo o neng a ema mo boemong jwa ga Augustus go nna kgosi ya botsheka? (b) Ke ka ntlha yang fa “tlotlo ya bogosi” e ne ya newa motlhatlhami wa ga Augustus Caesar mme e seng ka go rata?
7 Moengele yono fa a tswelela ka boporofeti jono o ne a re: “Mo bonnong jwa gagwe [jwa ga Augustus] go tlaa ema motho yo o nyatsegang, yo ba se kang ba mo naya tlotlo ya bogosi; ene o tlaa tla mo motlheng wa boiketlo, mme o tlaa bona bogosi ka mafoko a a borethe. Ba tlaa kgokgoediwa fa pele ga gagwe ka mabogo a morwalela, mme ba tlaa thujwa; ee, le yone kgosana ya kgolagano.”—Daniele 11:21, 22.
8 “Yo o nyatsegang” e ne e le Tiberius Caesar, morwa Livia, e bong mosadi wa boraro wa ga Augustus. (Bona “Yo Mongwe o a Tlotlwa, yo Mongwe o a Nyatsega,” mo tsebeng ya 248.) Augustus o ne a tlhoile morwa yono wa gagwe wa letlaleanya ka ntlha ya mekgwa ya gagwe e e sa siamang mme o ne a sa batle gore a nne Kaesara yo o mo tlhatlhamang. O ne a mo naya “tlotlo ya bogosi” a ntse a sa rate, fa ba bangwe botlhe ba ba neng ba tshwanetse go nna batlhatlhami ba sena go swa. Augustus o ne a amogela Tiberius ka 4 C.E. mme a mo dira moruaboswa wa setulo sa bogosi. Morago ga loso lwa ga Augustus, Tiberius yo o dingwaga di 54—yo o nyatsegang—‘o ne a ema,’ a amogela taolo jaaka mmusimogolo wa Roma e bile e le kgosi ya botsheka.
9. Tiberius o ne a “bona bogosi ka mafoko a a borethe” jang?
9 The New Encyclopædia Britannica ya re: “Ka botlhale, Tiberius o ne a goga maloko a Lekgotlalegolo la Puso ya Roma ka nko mme a se ka a le letla go mmitsa mmusimogolo ka lobaka lwa mo e ka nnang kgwedi [morago ga go swa ga ga Augustus].” O ne a bolelela Lekgotlalegolo la Puso ya Roma gore e ne e le Augustus fela yo o neng a ka kgona go sikara mokgweleo wa go busa Mmusomogolo wa Roma le go kopa maloko a lekgotlalegolo la puso ya Roma gore a boe a dire puso eno repaboliki ka go dira gore e busiwe ke setlhopha sa batho, mme e seng ke motho a le mongwe fela. Rahisitori e bong Will Durant o ne a kwala jaana: “E re ka maloko a Lekgotlalegolo la Puso ya Roma a ne a sa batle go amogela se a se buang, a ne a nna a ikoba fa pele ga gagwe go fitlhela labofelo a amogela puso.” Durant o ne a oketsa jaana: “Botlhajana jwa gagwe bo ne jwa dira sentle mo matlhakoreng oomabedi. Tiberius o ne a batla mofuta wa puso ya repaboliki, e seng jalo o ne a ka tlogela; maloko a Lekgotlalegolo la Puso ya Roma a ne a mo tshaba e bile a mo tlhoile, mme a ne a sa batle go boela kwa pusong ya repaboliki e e theilweng mo makgotleng a a busang fela ka molomo, jaaka ya bogologolo.” Ka gone Tiberius a ‘bona bogosi ka mafoko a a borethe.’
10. ‘Mabogo a morwalela’ a ne a ‘thujwa’ jang?
10 Moengele o ne a bolela jaana ka “mabogo a morwalela”—e leng mephato ya sesole ya dipuso tse di neng di ba dikologile: ‘Ba tlaa kgokgoediwa fa pele ga gagwe, mme ba tlaa thujwa.’ Fa Tiberius a ne a nna kgosi ya botsheka, setlogolo sa gagwe e bong Germanicus Caesar e ne e le molaodi wa sesole sa Maroma kwa Nokeng ya Rhine. Ka 15 C.E., Germanicus o ne a etelela masole a gagwe pele go ya go lwa le mogaka wa Mojeremane e bong Arminius, mme a bona phenyonyana e e sa reng sepe. Le fa go ntse jalo, diphenyo di sekae tse a neng a di bona di ne tsa dira gore a latlhegelwe thata, mme morago ga moo Tiberius o ne a emisa ntwa le Jeremane. Go na le moo, o ne a thibela merafe ya Bajeremane go nna seoposengwe, ka go tlhotlheletsa ntwa ya selegae. Gantsi Tiberius o ne a rata mokgwa wa dinaga di sele wa go itshireletsa a ba a tlhoma mogopolo thata mo go nonotsheng melelwane. O ne a atleganyana ka go dira jalo. Ka tsela eno “mabogo a morwalela” a ne a laolwa mme a “thujwa.”
11. ‘Kgosana ya kgolagano’ e ne ya ‘thujwa’ jang?
11 Yo mongwe yo o neng a “thujwa” e ne e le “kgosana ya kgolagano” e Jehofa Modimo a neng a e dirile le Aborahame ya go segofatsa malapa otlhe a lefatshe. Jesu Keresete e ne e le ene Losika lwa ga Aborahame lo lo solofeditsweng mo kgolaganong eo. (Genesise 22:18; Bagalatia 3:16) Ka Nisane 14, 33 C.E., Jesu o ne a ema fa pele ga ga Ponto Pilato mo ntlong ya segosi ya mmusi wa Moroma kwa Jerusalema. Baperesiti ba Bajuda ba ne ba latofaditse Jesu ka gore o leka go menola puso ya mmusimogolo. Mme Jesu o ne a bolelela Pilato jaana: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno. . . . Bogosi jwa me ga bo tswe mo motsweding ono.” Bajuda ba ne ba goa jaana go dira gore mmusi yono wa Moroma a se ka a golola Jesu yo o neng a se na molato: “Fa o golola monna yono, ga o tsala ya ga Kaesara. Motho mongwe le mongwe yo o itirang kgosi o bua kgatlhanong le Kaesara.” Fa ba sena go kopa gore Jesu a bolawe, ba ne ba re: “Ga re na kgosi epe fa e se Kaesara.” Go ya ka molao wa “kgosi e e utlwisitsweng botlhoko,” o Tiberius a neng a o atolosa gore o akaretse mo e ka nnang lefoko lengwe le lengwe le le buiwang go tlhapaola Kaesare, Pilato o ne a neela Jesu gore a ‘thujwe,’ kana a bapolelwe mo koteng ya tlhokofatso.—Johane 18:36; 19:12-16; Mareko 15:14-20.
MOGATELEDI O ‘LOGA MAANO A GAGWE’
12. (a) Ke bomang ba ba neng ba dira tumalano le Tiberius? (b) Go ne ga tla jang gore Tiberius a ‘thatafale ka batho ba bannye’?
12 Moengele, a sa ntse a porofeta ka Tiberius, o ne a bolela jaana: “Morago ga tumalano e e dirilweng nae o tlaa dira ka tsietso; gonne o tlaa tla, mme o tlaa thatafala ka batho ba bannye.” (Daniele 11:23) Maloko a Lekgotlalegolo la Puso ya Roma a ne a ile a dirisa molaomotheo go ‘dira tumalano’ le Tiberius, mme o ne a ikaegile thata ka one fela thata. Mme o ne a dira ka tsietso, ee, a “thatafala ka batho ba bannye.” Batho bao ba bannye e ne e le Badisa ba Mmusimogolo ba Roma, ba ba neng ba thibeletse gaufi le dithako tsa Roma. Go nna ga bone gaufi jalo go ne ga tshosetsa maloko a Lekgotlalegolo la Puso ya Roma ga bo ga thusa Tiberius gore a thibele batho bape fela ba ba ka batlang go tsogologela taolo ya gagwe. Ka gone, Tiberius o ne a nna a thatafetse ka badisa ba ka nna 10 000.
13. Tiberius o ne a gaisa borraagwemogologolwane ka tsela efe?
13 Moengele o ne a oketsa jaana fa a ne a porofeta: “E tlaa re mo motlheng wa boiketlo o tlaa tla fela mo mafelong a a monono o mogolo a kgaolo eo ya lefatshe. O tlaa dira se borraagwe ba se kang ba se dira, le fa e le borra ba borraagwe; o tlaa gasetsa mo go bone kgapo, le thopo, le thoto. Ee, o tlaa logela dikago tse di thata tsa phemelo maano a gagwe, e le ka lobaka.” (Daniele 11:24) Tiberius o ne a belaela batho thata, mme mo pusong ya gagwe batho ba le bantsi ba ne ba bolawa ka taelo ya gagwe. Ka ntlha ya tlhotlheletso ya ga Sejanus, molaodi wa Badisa ba Mmusimogolo, karolo ya bofelo ya puso ya gagwe e ne e tletse ka dilo tse di boifisang. Kgabagare ene Sejanus ka boene o ne a simolola go belaelwa mme a bolawa. Fa go tsenwa mo go gateleleng batho, Tiberius o ne a gaisa borraagwemogologolwane.
14. (a) Tiberius o ne a gasamisetsa jang “kgapo, le thopo, le thoto” mo diporofensing tsotlhe tsa Roma? (b) Tiberius o ne a tsewa jang fa a tlhokafala?
14 Le fa go ntse jalo, Tiberius o ne a gasamisetsa “kgapo, le thopo, le thoto” kwa diporofensing tsotlhe tsa Roma. Ka nako ya fa a swa, batho botlhe ba a neng a ba busa ba ne ba itumelela letlotlo le legolo. Lekgetho le ne le se boima thata, mme o ne a aba ka bopelotshweu a abela batho ba ba mo dikarolong tse di mo mathateng. Fa masole kana badiredibagolo bangwe ba ne ba ka gatelela motho ope kana ba se ka ba dira dilo ka tsela e e tshwanetseng, ba ne ba ka lebelela gore puso e ipusolosetse mo go se ba se dirileng. E re ka a ne a tshwere puso ka nitamo, seno se ne sa dira gore go nne le pabalesego mo setšhabeng, mme go nna le mokgwa o o tokafaditsweng wa tlhaeletsano go ne ga thusa mo go tsa kgwebo. Tiberius o ne a tlhomamisa gore dilo di ne di dirwa kwantle ga tlhaolele epe le ka boikanyegi mo teng le kwa ntle ga Roma. Melao e ne ya tokafadiwa, mme melawana e e laolang setšhaba le e e laolang boitshwaro e ne ya tokafadiwa ka go tokafatsa diphetogo tse di dirilweng ke Augustus Caesar. Le fa go ntse jalo, Tiberius o ne a ‘loga maano,’ mo e leng gore rahisitori wa Moroma e bong Tacitus o ne a mo tlhalosa e le moitimokanyi a le setswerere mo go itshemeng se a seng sone. Fa a tlhokafala ka March 37 C.E., Tiberius o ne a tsewa e le mogateledi.
15. Roma e ne ya dira jang mo karolong ya bofelo ya lekgolo la ntlha la dingwaga le karolo ya ntlha ya lekgolo la bobedi la dingwaga C.E.?
15 Batlhatlhami ba ga Tiberius ba ba neng ba nna kgosi ya botsheka ba ne ba akaretsa Gaius Caesar (Caligula), Claudius I, Nero, Vespasian, Titus, Domitian, Nerva, Trajan, le Hadrian. The New Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Gantsi batlhatlhami ba ga Augustus ba ne ba tswelela ba dirisa mekgwa ya gagwe ya go busa le thulaganyo ya gagwe ya go aga, le fa gone ba ne ba sa tlise sepe se se kalokalo se sesha mme ba ikgantsha thata.” Yone buka eno e tswelela pele e tlhalosa jaana: “Mo karolong ya bofelo ya lekgolo la ntlha la dingwaga le mo karolong ya ntlha ya lekgolo la bobedi la dingwaga Roma e ne e di gaisa tsotlhe ka bontle e bile e na le batho ba le bantsi thata.” Le mororo ka lobaka lono Roma e ne e na le mathata mo melelwaneng ya puso ya yone, ntwa ya yone ya ntlha e e boleletsweng pele kgatlhanong le kgosi ya borwa ga ya ka ya simolola go fitlha ka lekgolo la boraro la dingwaga C.E.
YO O EMANG KGATLHANONG LE KGOSI YA BORWA
16, 17. (a) Ke mang yo o neng a tsaya boemo jwa go nna kgosi ya botsheka e go buiwang ka yone mo go Daniele 11:25? (b) Ke mang yo o neng a tsaya boemo jwa go nna kgosi ya borwa, mme seno se ne sa direga jang?
16 Moengele wa Modimo o ne a tswelela pele ka boporofeti jono, a re: “[Kgosi ya botsheka] o tlaa tsosetsa kgosi ya borwa thata ya gagwe, le bopelokgale jwa gagwe ka ntwa e kgolo; mme kgosi ya borwa e tlaa dira ntwa mo tlhabanong ka ntwa e kgolo thata, e e nonofileng mo gogolo; mme [kgosi ya botsheka] ga e ketla e ema, gonne ba tlaa e logela maano. Ee, bone ba ba jang dijo tsa gagwe ba tlaa mo senya; mephato ya gagwe e tlaa [“gogolwa,” NW], mme bantsi ba tlaa wa ba bolailwe.”—Daniele 11:25, 26.
17 Mo e ka nnang dingwaga di le 300 morago ga gore Octavian a dire Egepeto porofensi ya Roma, Mmusimogolo wa Roma e bong Aurelian o ne a nna kgosi ya botsheka. Go sa ntse go ntse jalo, Kgosigadi Septimia Zenobia wa kolone ya Roma ya Palmyra o ne a tsaya boemo jwa go nna kgosi ya borwa.a (Bona “Zenobia—Kgosigadi ya Motlhabani ya Palmyra,” mo tsebeng ya 252.) Masole a Palmyra a ne a gapa Egepeto ka 269 C.E. a itira jaaka e kete a e babalela mo go Roma. Zenobia o ne a batla go dira gore Palmyra e nne toropo e e tshwereng taolo kafa botlhaba mme o ne a batla go busa diporofensi tse di kafa botlhaba tsa Roma. E re ka Aurelian a ne a tshositswe ke go bona tsela e Zenobia a lwelang go fitlhelela mekgele ya gagwe ka yone, o ne a ‘tsosa thata ya gagwe le bopelokgale jwa gagwe’ gore a ye go lwa le ene.
18. Ntwa mo gare ga ga Mmusimogolo Aurelian, kgosi ya botsheka, le Kgosigadi Zenobia, kgosi ya borwa, e ne ya felela jang?
18 Jaaka puso e e neng e eteletswe pele ke Zenobia, kgosi ya borwa e ne ya ‘dira ntwa’ kgatlhanong le kgosi ya botsheka “ka ntwa e kgolo thata, e e nonofileng mo gogolo” e eteletswe pele ke bajenerale ba le babedi, e bong Zabdas le Zabbai. Mme Aurelian o ne a gapa Egepeto mme morago ga moo a bolotsa letsholo kgatlhanong le Asia Minor le Siria. Zenobia o ne a fenngwa kwa Emesa (e jaanong e leng Homs), mme go tswa foo a tshabela kwa Palmyra. Fa Aurelian a ne a dikanyetsa motse oo, Zenobia o ne a o femela ka bopelokgale mme a se ka a atlega. Ene le morwawe ba ne ba tshabela kwa Peresia, mme Baroma ba ba tshwara kwa Nokeng ya Euferatese. Baagi ba Palmyra ba ne ba ineela ka 272 C.E. Aurelian o ne a se ka a bolaya Zenobia, mme a mo dira segakgamalelo se segolo mo mokolokong wa phenyo mo Roma yotlhe ka 274 C.E. O ne a fetsa karolo e e setseng ya botshelo jwa gagwe e le mohumagadi wa Roma.
19. Aurelian o ne a swa jang ‘gonne ba ne ba mo logela maano’?
19 Aurelian ka boene ‘ga a ka a ema gonne ba ne ba mo logela maano.’ Ka 275 C.E., o ne a bolotsa letsholo kgatlhanong le Baperesia. Fa a ntse a letile kwa Thrace gore a tloge a kgabaganye kgogometso e e yang kwa Asia Minor, ba ba neng ‘ba ja dijo tsa gagwe’ ba ne ba mo logela maano mme ba mo “senya.” O ne a tlile go dira gore mokwaledi wa gagwe e bong Eros a arabele dilo dingwe tse di neng di sa tsamaisiwa kafa tshwanelong. Le fa go ntse jalo, Eros o ne a kwala lenaane la maina a badiredibagolo bangwe ba ba neng ba tshwanetse go bolawa. E ne ya re fela fa badiredibagolo bano ba bona lenaane leno ba loga leano la go lobela Aurelian dintsi.
20. “Mephato” ya kgosi ya botsheka ‘e ne ya gogolwa’ jang?
20 Go busa ga kgosi ya botsheka ga go a ka ga fela fa Mmusimogolo Aurelian a tlhokafala. E ne ya tlhatlhangwa ke babusi ba bangwe ba Baroma. Ka lobakanyana, go ne go na le mmusimogolo wa bophirima le wa botlhaba. Tlase ga banna bano, “mephato” ya kgosi ya botsheka e ne ya “gogolwa,” kana “ya gasaganngwa,”b mme ba le bantsi ba ne ba “wa ba bolailwe” ka gonne ba ne ba tlhaselwa ke merafe ya Jeremane e e tswang kwa botsheka. Bajeremane ba ne ba sutlhelela mo melelwaneng ya Roma mo lekgolong la bonè la dingwaga C.E. Morago ga moo ba ne ba nna ba tlhasela gangwe le gape. Ka 476 C.E., moeteledipele wa Mojeremane e bong Odoacer o ne a tlosa mmusimogolo wa bofelo yo o neng a busa kwa Roma. Mo masimologong a lekgolo la borataro la dingwaga, Mmusomogolo wa Roma kwa bophirima o ne o sentswe, mme dikgosi tsa Jeremane di ne di busa kwa Britannia, Gaul, Italy, Afrika Bokone le Spain. Karolo e e kafa botlhaba ya mmusomogolo ono e ne ya tswelela go fitlha ka lekgolo la bo15 la dingwaga.
MMUSOMOGOLO O A KGAOGANNGWA
21, 22. Constantine o ne a dira diphetogo dife mo lekgolong la bonè la dingwaga C.E.?
21 Kwantle ga go re naya dintlha tse di sa tlhokegeng ka go senyega ga Mmusomogolo wa Roma, go go neng ga tsaya makgolo a le mantsi a dingwaga, moengele wa ga Jehofa o tswelela go bolelela pele ka dilo tse dingwe tse di dirwang ke kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa. Le fa go ntse jalo, go sekaseka ditiragalo dingwe mo Mmusomogolong wa Roma ka bokhutshwane, go tla re thusa go bona gore dikgosi tse pedi tseno tse di itaanang ka noga e tshela e ne ya nna bomang moragonyana.
22 Mo lekgolong la bonè la dingwaga, Mmusimogolo wa Moroma e bong Constantine o ne a dira gore Bokeresete jwa botlhanogi bo amogelwe ke Puso. O ne a ba a epa pitso ya lekgotla la kereke kwa Nicaea, kwa Asia Minor, ka 325 C.E. a ba a okamela pokano eno ka boene. Moragonyana, Constantine o ne a tlosa bonno jwa gagwe jwa segosi kwa Roma a bo isa kwa Byzantium, kana Constantinople, a dira gore toropo eo e nne yone motsemogolo wa gagwe o mosha. Mmusomogolo wa Roma o ne wa tswelela pele o busiwa ke mmusimogolo a le mongwe fela go fitlha Mmusimogolo Theodosius I, a swa ka January 17, 395 C.E.
23. (a) Mmusomogolo wa Roma o ne wa kgaoganngwa jang morago ga loso lwa ga Theodosius? (b) Mmusomogolo wa Botlhaba o ne wa khutla leng? (c) Ke mang yo o neng a busa Egepeto ka 1517?
23 Morago ga loso lwa ga Theodosius, Mmusomogolo wa Roma o ne wa kgaoganyediwa bomorwawe. Honorius o ne a amogela karolo e e kafa bophirima, mme Arcadius ene a amogela e e kafa botlhaba, motsemogolo wa gagwe e le Constantinople. Britannia, Gaul, Italy, Spain, le Afrika Bokone e ne e le dingwe tsa diporofensi tse di kafa bophirima. Makedonia, Thrace, Asia Minor, Siria, le Egepeto e ne e le diporofensi tse di kafa botlhaba. Ka 642 C.E., Alexandria, e bong motsemogolo wa Egepeto, o ne wa wela kafa tlase ga Ba-Saracens (Baarabia), mme Egepeto ya nna porofensi ya ba-caliph. Ka January 1449, Constantine XI o ne a nna mmusimogolo wa bofelo kafa botlhaba. Ba-Ottoman ba kwa Turkey kafa tlase ga ga Sultan Mehmed II ba ne ba gapa Constantinople ka May 29, 1453, ka go dira jalo ba fedisa Mmusomogolo wa Roma o o Kafa Botlhaba. Ka ngwaga wa 1517 Egepeto e ne ya nna porofensi ya Turkey. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, lefatshe leno la kgosi ya borwa ya bogologolo le ne le tlile go laolwa ke mmusomogolo o mongwe o o kafa bophirima.
24, 25. (a) Go ya ka borahisitori bangwe Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma o ne wa simologa jang? (b) Kgabagare, go ne ga diregang ka sereto sa “mmusimogolo” wa Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma?
24 Kafa karolong ya bophirima ya Mmusomogolo wa Roma go ne ga tsoga mobishopo wa Katoliki wa Roma, e bong Mopapa Leo I, yo o neng a itsiwe ka go tlhoma taolo ya bomopapa mo lekgolong la botlhano la dingwaga C.E. Fa nako e ntse e tsamaya, mopapa o ne a ipagololela mogodu mme a tlhoma mmusimogolo wa karolo e e kafa bophirima mo setulong sa bogosi. Seno se ne sa direga kwa Roma ka Keresemose ya 800 C.E., fa Mopapa Leo III a ne a tlhoma Kgosi Charles (Charlemagne) wa Mo-Frank go nna mmusimogolo wa Mmusomogolo o mosha wa Roma o o Kafa Bophirima. Go tlhomiwa gono go ne ga tsosolosa thulaganyo ya go busa ga babusi ba bagolo mo Roma, mme go ya ka borahisitori bangwe, seno se ne sa simolola Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma. Fa e sa le ka nako eo go ne ga nna le Mmusomogolo kafa Botlhaba le Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma kafa bophirima, yotlhe e ipolela gore ke Bakeresete.
25 Fa nako e ntse e kgabaganya, batlhatlhami ba ga Charlemagne ba ne ba itshupa e le babusi ba ba diramatla fela. Go ne ga ba ga feta lobakanyana go se na mmusimogolo. Go ntse go ntse jalo, Kgosi Otto I wa Mojeremane o ne a setse a laola karolo e kgolo e e kafa bokone le bogare jwa Italy. O ne a ipitsa kgosi ya Italy. Ka February 2, 962 C.E., Mopapa John XII o ne a tlhoma Otto I gore a nne mmusimogolo wa Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma. Motsemogolo wa one o ne o le kwa Jeremane, babusibagolo ba one e ne e le Bajeremane, mmogo le babusiwa ba le bantsi ba teng. Makgolo a le matlhano a dingwaga moragonyana bantlo ya segosi ya Hapsburg kwa Austria ba ne ba newa sereto sa go nna “mmusimogolo” mme ba tswelela ka sone dingwaga di le dintsi tse di setseng tsa Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma.
DIKGOSI TSE PEDI DI BONALA SENTLE GAPE
26. (a) Go ka tweng ka go khutla ga Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma? (b) Ke mang yo o neng a tlhaga e le kgosi ya botsheka?
26 Napoléon I o ne a senya Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma fa a ne a gana go o amogela morago ga diphenyo tsa gagwe kwa Jeremane ka ngwaga wa 1805. E re ka Mmusimogolo Francis II a ne a sa kgone go femela serwalo seno sa bogosi, o ne a rola tiro ya go nna mmusimogolo wa Roma ka August 6, 1806, mme a boela kwa mmusong wa setšhaba sa gagwe e le mmusimogolo wa Austria. Morago ga dingwaga di le 1 006, Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma—o o simolotsweng ke Leo III, e bong mopapa wa Roma Katoliki, le Charlemagne, e bong kgosi ya Mo-Frank—o ne wa khutla. Ka 1870, Roma e ne ya nna motsemogolo wa bogosi jwa Italy, jo bo ikemetseng ka nosi bo sa laolwe ke Vatican. Mo ngwageng o o latelang, mmusomogolo wa Jeremane o ne wa simolola ka Wilhelm I a bidiwa kaesara. Ka gone kgosi ya botsheka ya motlha wa segompieno—e bong Jeremane—e ne ya tlhaga.
27. (a) Go ne ga tla jang gore Egepeto e nne naga e e sirelediwang ke Boritane? (b) Ke mang yo o neng a tsaya boemo jwa go nna kgosi ya borwa?
27 Mme kgosi ya borwa ya motlha wa segompieno e ne e le mang? Hisitori e bontsha gore Boritane e ne ya tsaya maatla a go busa mo lekgolong la bo17 la dingwaga. E re ka Napoléon I a ne a batla go kgoreletsa ditsela tsa kgwebisano tsa Boritane, o ne a gapa Egepeto ka 1798. Ntwa e ne ya latela, mme tumalano ya Baboritane le Ba-Ottoman e ne ya patelela Mofora yono yo o neng a tsewa e le kgosi ya borwa mo tshimologong ya ntwa eno gore a tswe kwa Egepeto. Mo lekgolong le le latelang la dingwaga, tlhotlheletso ya Boritane mo Egepeto e ne ya gola. Morago ga 1882, Egepeto e ne e ikaegile thata ka Boritane. Fa Ntwa ya Lefatshe I e ne e simolola ka 1914, Egepeto e ne e le kafa tlase ga Turkey mme e ne e busiwa ke khedive, kana moemedi wa kgosi. Le fa go ntse jalo, fa Turkey e sena go tsaya letlhakore le Jeremane mo ntweng eno, Boritane e ne ya pagolola khedive mo setulong sa bogosi mme ya bolela Egepeto e le naga e e sirelediwang ke Boritane. E ne ya re fa Boritane le United States of America di ntse di nna balekane ba bagolo ka iketlo, di ne tsa nna Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika. Ka bobedi jwa tsone, di ne tsa tsaya boemo jwa go nna kgosi ya borwa.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a E re ka maina ano “kgosi ya botsheka” le “kgosi ya borwa” e le direto, a ka kaya mongwe le mongwe yo o busang, go akaretsa le kgosi, kgosigadi, kana ditlhopha tsa ditšhaba.
b Bona ntlhanyana e e kwa tlase mo go Daniele 11:26 mo go New World Translation of the Holy Scriptures—With References, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
O LEMOGILENG?
• Ke mmusimogolo ofe wa Moroma yo o neng a ema pele e le kgosi ya botsheka, mme o ne a romela leng “mokgethisi”?
• Ke mang yo o neng a tsaya boemo jwa go nna kgosi ya botsheka morago ga Augustus, mme ‘kgosana ya kgolagano e ne ya senngwa’ jang?
• Diphelelo tsa ntwa mo gare ga ga Aurelian jaaka kgosi ya botsheka le Zenobia jaaka kgosi ya borwa e ne ya nna dife?
• Go ne ga diregang ka Mmusomogolo wa Roma, mme ke mebuso efe e e neng ya tsaya boemo jwa go nna dikgosi tse pedi tseno mo lekgolong la bo19 la dingwaga?
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 248-251]
YO MONGWE O A TLOTLWA, YO MONGWE O A NYATSEGA
YO MONGWE o ne a fetola naga ya repaboliki e e neng e tlhasetswe ke dintwa a e dira mmusomogolo wa lefatshe. Yo mongwe o ne a atisa mahumo a yone ga masome a mabedi mo dingwageng di le 23. Yo mongwe o ne a tlotlwa fa a swa, mme yo mongwe o ne a nyatsega. Babusibagolo ba babedi bano ba Roma ba ne ba busa mo nakong ya botshelo le bodiredi jwa ga Jesu. E ne e le bomang? Mme ke ka ntlha yang fa yo mongwe a ne a tlotlwa, mme yo mongwe ene a sa tlotlwe?
O NE A “FITLHELA ROMA E LE MOTSE WA DITENA MME A O TLOGELA E LE MOTSE WA DIMMABOLE”
Ka 44 B.C.E. fa Julius Caesar a ne a lobelwa dintsi, setlogolwana sa ga kgaitsadie e bong Gaius Octavian o ne a na le dingwaga di le 18 fela. E re ka Octavian yo mmotlana yono e ne e le morwa yo o godisitsweng ke Julius Caesar e bile e le mojaboswa wa gagwe yo mogolo, ka yone nako eo o ne a tswa a ya kwa Roma go ya go lopa boswa jwa gagwe. Fa a fitlha koo o ne a kopana le moganetsi wa gagwe yo mogolo—molefotenente yo mogolo wa ga Caesar, e bong Mark Antony, yo o neng a lebeletse gore o tla nna mojaboswa yo mogolo. Go ne ga simolola ditogamaano tsa boferefere tsa sepolotiki le go lwela go busa go go neng ga tsaya dingwaga di le 13.
E nnile morago fela ga go fenya masole a a kopaneng a ga Kgosigadi Cleopatra wa Egepeto le moratiwa wa gagwe e bong Mark Antony (ka 31 B.C.E.) Octavian a neng a kgona go tlhagelela e le mmusi yo o sa belaelweng wa Mmusomogolo wa Roma. Mo ngwageng o o latelang Antony le Cleopatra ba ne ba ipolaya, mme Octavian a gapa Egepeto. Motlhala wa bofelo wa Mmusomogolo wa Gerika o ne wa tlosiwa ka tsela eo, mme Roma ya nna mmuso wa lefatshe.
E re ka Octavian a ne a gakologelwa gore puso ya ga Julius Caesar ya bogateledi ke yone e neng ya dira gore a lobelwe dintsi, o ne a nna kelotlhoko gore a se ka a boeletsa phoso eo. E le gore a se ka a utlwisa Baroma botlhoko ba ba neng ba rata puso ya repaboliki, o ne a busa jaaka e kete puso ya gagwe ke ya repaboliki mme e se yone. O ne a gana go bidiwa “kgosi” le “mmusaesi.” Mo godimo ga moo, o ne a itsise gore o ikaelela go naya Lekgotlalegolo la Puso ya Roma diporofensi tsotlhe gore le di laole a ba a ithaopela go rola tiro e a neng a e dira. Leano leno le ne la atlega. Lekgotlalegolo la Puso ya Roma le le neng le itumelela se Octavian a neng a se dira le ne la mo kgothaletsa gore a nne a ntse a le mo maemong a gagwe mme a laole diporofensi dingwe.
Mo godimo ga moo, ka January 16, 27 B.C.E., Lekgotlalegolo la Puso ya Roma le ne la naya Octavian sereto sa “Augustus,” mo go bolelang “Motlotlegi, Moitshepi.” Octavian ga a ka a amogela sereto seo fela mme gape o ne a fetola leina la kgwedi nngwe a e bitsa ka leina la gagwe a bo a tsaya letsatsi le le lengwe mo go February gore August e nne le malatsi a a lekanang le a July, e leng kgwedi e e bidiwang ka Julius Caesar. Ka go rialo Octavian o ne a nna mmusimogolo wa ntlha wa Roma mme morago ga moo o ne a itsiwe e le Caesar Augustus kana “Motlotlegimogolo.” Moragonyana gape o ne a amogela sereto e leng “pontifex maximus” (moperesiti yo mogolo), mme ka 2 B.C.E.—ngwaga o Jesu a neng a tsholwa ka one—Lekgotlalegolo la Puso ya Roma le ne la mo naya sereto sa Pater Patriae, “Rraagwe Naga ya Gaabo.”
Ka one ngwaga oo, “Kaesara Aguseto a ntsha taelomolao ya gore lefatshe lotlhe le le nang le banni le kwadisiwe; . . . mme batho botlhe ba simolola go tsaya loeto ba ya go kwadisiwa, mongwe le mongwe kwa motseng wa gagabo.” (Luke 2:1-3) Ka ntlha ya taelo eno, Jesu o ne a tsholelwa kwa Bethelehema e le fa go ne go diragadiwa boporofeti jwa Baebele.—Daniele 11:20; Mika 5:2.
Puso kafa tlase ga ga Augustus e ne e ikanyega go ya bokgakaleng jo bo rileng e bile ikonomi ya yone e tsepame. Gape Augustus o ne a tlhoma thulaganyo e e molemo thata ya go tsamaisa poso a ba a aga ditsela le maborogo. O ne a rulaganya sesole sesha, a dira gore go nne le masole a leruri a mo lewatleng, a ba a tlhoma setlhopha sa maemo a a kwa godimo sa badisa ba puso ba ba itsegeng e le Badisa ba Mmusimogolo. (Bafilipi 1:13) Dilo di ne di tsamaela bakwadi ba ba tshwanang le Virgil le Horace sentle kafa tlase ga badiredi ba gagwe ba puso, le babetli ba ditshwantsho ba ne ba dira ditshwantsho tse dintle thata tse gompieno di bidiwang ditshwantsho tsa metlha ya bogologolo. Augustus o ne a wetsa dikago tse di neng di tlogetswe ke Julius Caesar di sa wediwa a ba a tsosolosa ditempele di le dintsi. Pax Romana (“Kagiso ya Roma”) e a neng a e simolola e ne ya tsaya lobaka lwa dingwaga di le 200. Ka August 19, 14 C.E., fa Augustus a ne a le dingwaga di le 76, o ne a tlhokafala mme morago ga moo a tsewa jaaka modimo.
Augustus o ne a ikgantsha ka gore o ne a “fitlhela Roma e le motse wa ditena mme a o tlogela e le motse wa dimmabole.” E re ka a ne a sa batle Roma e boela gape kwa malatsing ale a repaboliki ya pele a go tlhaselwa ke dintwa, o ne a ikaelela go baakanyetsa mmusi yo o latelang. Mme o ne a se na batho ba le kalo ba a ka tlhophang motlhatlhami wa gagwe mo go bone. Setlogolo sa gagwe, barwa ba babedi ba ngwana mongwe wa gagwe, mogwe wa gagwe, le morwawe wa letlaleanya ba ne ba sule botlhe, go setse fela morwawe yo mongwe wa letlaleanya e bong Tiberius gore a tseye bogosi.
“MOTHO YO O NYATSEGANG”
Pele kgwedi e wela morago ga loso lwa ga Augustus, Lekgotlalegolo la Puso ya Roma le ne la dira Tiberius wa dingwaga di le 54 mmusimogolo. Tiberius o ne a tshela a ba a busa go fitlha ka March 37 C.E. Ka gone, o ne a le mmusimogolo wa Roma mo nakong ya bodiredi jwa ga Jesu jwa phatlalatsa.
Jaaka mmusimogolo, Tiberius o ne a na le dilo tse a neng a le molemo thata mo go tsone, le tse a neng a le bosula thata mo go tsone. Sengwe sa dilo tse a neng a le molemo thata mo go tsone e ne e le go gana ga gagwe go senya madi mo dilong tse di manobonobo. Ka ntlha ya moo, mmusomogolo ono o ne wa huma mme o ne a na le madi a a lekaneng a go thusa fa go nnile le kotsi ya masetlapelo le ka dinako tse dingwe tsa mathata. Tiberius o ne a iteba e le motho fela yo o sa reng sepe, a sa batle go bidiwa ka maina a mantsintsi a go mo tlotlomatsa, mme gantsi a dira gore kobamelo ya mmusimogolo e isiwe kwa go Augustus e seng kwa go ene, mme seo sa dira gore ba le bantsi ba mo tlotle. Ga a ka a bitsa kgwedi epe ka leina la gagwe jaaka fa Augustus le Julius Caesar ba ne ba dira, e bile ga a ka a letla ba bangwe go mo tlotlomatsa ka tsela eo.
Le fa go ntse jalo, masula a ga Tiberius a ne a le mantsi go feta melemo ya gagwe. O ne a tletse go belaela batho thata e bile a itimokanya fa a dirisana le ba bangwe, mme mo pusong ya gagwe batho ba le bantsi ba ne ba nna ba bolawa ka taelo ya gagwe—ba le bantsi ba ditsala tsa gagwe e ne e le bangwe ba bone. O ne a dira gore molao wa lèse-majesté (kgosi e e utlwisitsweng botlhoko), mo godimo ga gore o bo o dirisiwa mo ditirong tsa boepapuso, o akaretse le go bua lefoko fela la go mo senya leina. Go ka direga gore Bajuda ba ne ba dirisa molao ono go gatelela Mmusi wa Roma e bong Ponto Pilato go dira gore Jesu a bolawe.—Johane 19:12-16.
Tiberius o ne a dira gore Badisa ba Mmusimogolo ba nne gaufi thata le Roma ka go aga matlo a sesole a a agetsweng dithako kafa bokone jwa dipota tsa motse. Go nna teng ga Badisa bano go ne go tshosetsa Lekgotlalegolo la Puso ya Roma, mme seno se ne se tshosetsa puso ya gagwe, le go dira gore batho le fa e le bafe ba ba sa laolegeng ba bewe leitlho. Tiberius o ne a kgothaletsa gape gore go nne le thulaganyo ya bolomatsebe, mme mo karolong ya bofelo ya puso ya gagwe batho ba ne ba tshelela mo poifong.
Ka nako ya loso lwa gagwe, Tiberius o ne a tsewa e le mogateledi. Fa a swa, Baroma ba ne ba itumela mme Lekgotlalegolo la Puso ya Roma le ne la gana go mo tsaya jaaka modimo. Ka ntlha ya mabaka ano le a mangwe, mo go Tiberius re bona go diragadiwa boporofeti jo bo reng “motho yo o nyatsegang” o tla ema e le “kgosi ya botsheka.”—Daniele 11:15, 21.
O LEMOGILENG?
• Go ne ga tla jang gore Octavian a nne mmusimogolo wa ntlha wa Roma?
• Go ka bolelwang ka dilo tse di fitlheletsweng ke puso ya ga Augustus?
• Melemo le masula a ga Tiberius e ne e le eng?
• Boporofeti jo bo malebana le “motho yo o nyatsegang” bo ne jwa diragadiwa jang mo go Tiberius?
[Setshwantsho]
Tiberius
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 252-255]
ZENOBIA—KGOSIGADI YA MOTLHABANI YA PALMYRA
“O NE a le motshwana . . . Meno a gagwe a ne a le masweu jaaka perela, mme matlho a gagwe a magolo a mantsho a ne a tsabakela ka bogale jo bo sa tlwaelegang, a tla a timolwa ke bontle jwa gagwe jo bo gogelang. Lentswe la gagwe le ne le nonofile e bile le le molodi. Tlhaloganyo ya gagwe e e keteng ya monna e ne e nonotshiwa le go ntlafadiwa ke go ithuta. O ne a itse puo ya Selatine, mme le dipuo tsa Segerika, Sesiria, le Seegepeto o ne a di kgona ka tsela e e tshwanang.” Eo ke tsela e rahisitori e bong Edward Gibbon a neng a baka Zenobia ka yone—kgosigadi ya motlhabani ya motse wa Siria wa Palmyra.
Monna wa ga Zenobia e ne e le motlotlegi wa Palmyra e bong Odaenathus, yo o neng a newa maemo a go nna moemedi wa puso wa Roma ka 258 C.E. ka gonne a ile a kgona go lwela Mmusomogolo wa Roma ka katlego kgatlhanong le Peresia. Dingwaga di le pedi moragonyana, Odaenathus o ne a amogela tlotla ya go nna corrector totius Orientis (mmusi wa karolo yotlhe ya Botlhaba) go tswa go Mmusimogolo wa Roma e bong Gallienus. Seno e ne e le fa a sena go fenya Kgosi Shāpūr I wa Peresia. Kgabagare Odaenathus o ne a ipitsa “kgosi ya dikgosi.” Katlego eno ya ga Odaenathus, e ka tswa go ya bokgakaleng jo bo rileng e nnile gone ka ntlha ya bopelokgale jwa ga Zenobia le botlhale jwa gagwe.
ZENOBIA O NYORETSWE GO BOPA MMUSOMOGOLO
Ka 267 C.E., fa Odaenathus a ne a fitlheletse dilo di se kana ka sepe mo tirong ya gagwe, ene le mojaboswa wa gagwe ba ne ba lobelwa dintsi. Zenobia o ne a tsaya boemo jwa monna wa gagwe, gonne morwawe o ne a sa ntse a le monnye thata go ka bo tsaya. E re ka a ne a le montle, a tlhagafaletse go fitlhelela mekgele ya gagwe, a na le bokgoni jwa go laola dilo, a tlwaetse go ya le monna wa gagwe kwa ntweng, e bile a kgona go bua dipuo di le mmalwa, ka gone o ne a tlotlwa a ba a engwa nokeng ke batho ba a ba busang. Zenobia o ne a rata go ithuta e bile a rata go nna le barutegi. Mongwe wa bagakolodi ba gagwe e ne e le rafilosofi e bile e le motho yo o seleta mo puong e bong Cassius Longinus—yo o neng a bidiwa “laeborari e e tshelang le musiamo o o tsamayang.” Mo bukeng ya Palmyra and Its Empire—Zenobia’s Revolt Against Rome, mokwadi e bong Richard Stoneman o bolela jaana: “Mo dingwageng di le tlhano morago ga loso lwa ga Odenathus . . . Zenobia o ne a setse a go tsentse mo megopolong ya batho ba gagwe gore ke ene mohumagadi wa Botlhaba.”
Kafa letlhakoreng le lengwe la puso ya ga Zenobia e ne e le Peresia, eo ene le monna wa gagwe ba neng ba e koafaditse thata, mme kafa go le lengwe e ne e le Roma e e neng e ntse e koafala. Malebana le maemo mo Mmusomogolong wa Roma ka nako eo, rahisitori J. M. Roberts o bolela jaana: “Lekgolo la boraro la dingwaga e ne e le . . . nako e e maswe thata mo Roma mo melelwaneng e e kafa botlhaba le e e kafa bophirima ka go tshwana, mme kwa gae go ne go simolotse motlha o mosha wa ntwa ya selegae le go lwela go busa. Babusibagolo ba le 22 (go sa balelwe baitshemi) ba ne ba busa ka go latelana.” Kafa letlhakoreng le lengwe, mohumagadi yono wa Mosiria e ne e le kgosi e e busang ka botlalo mo pusong ya gagwe. Stoneman o tlhalosa jaana: “E re ka a ne a laola karolo e e setseng ya mebusomegolo e mebedi eno [wa Peresia le wa Roma], o ne a nyoretswe go bopa wa boraro o o neng o tla e laola ka bobedi.”
Sebaka sa ga Zenobia sa gore a atolose puso ya gagwe se ne sa tla ka 269 C.E. fa go ne go tlhaga moitshemi mongwe kwa Egepeto a ganetsa bobusi jwa Roma. Masole a ga Zenobia a ne a gwantela ka bonako kwa Egepeto, a senya motsuolodi yono, mme a gapa naga eo. Ka a ne a ipitsa kgosigadi ya Egepeto, o ne a dira madi a tshipi a a kwala leina la gagwe. Bogosi jwa gagwe jaanong bo ne bo tswa kwa nokeng ya Nile bo fitlha kwa nokeng ya Euferatese. E nnile mo lobakeng lono lwa botshelo jwa gagwe Zenobia a neng a tsaya boemo jwa go nna “kgosi ya borwa.”—Daniele 11:25, 26.
MOTSEMOGOLO WA GA ZENOBIA
Zenobia o ne a nonotsha motsemogolo wa gagwe wa Palmyra, a ba a o kgabisa, mo e leng gore o ne wa ba wa feleletsa o lekana le metse e megolo thata ya lefatshe la Roma. Go ne go lekanngwa gore batho ba one ba ne ba feta 150 000. Palmyra e ne e tletse ka dikago tse dintlentle tsa botlhe, ditempele, ditshingwana, dipilara, le difikantswe, e le motse o o thekeleditsweng ka dipota o go neng go twe o dikilomitara di le 21 go o dikologa. Tsela ya one e kgolo e ne e le tsela e e nang le borulelo, e na le dipilara tsa Korintha di ka nna 1 500 tse di bogodimo jwa dimitara di le 15. Motse ono o ne o tletse difikantswe le ditshwantsho tse di setilweng tsa bagaka le bahumi ba bangwe ba ba tswetseng setšhaba molemo. Ka 271 C.E., Zenobia o ne a tlhoma difikantswe tsa gagwe le tsa ga moswi mogatsaagwe.
Tempele ya Letsatsi e ne e le nngwe ya dikago tse dintle thata kwa Palmyra mme ga go na pelaelo gore e ne e di goga kwa pele mo go tsa bodumedi mo motseng ono. Zenobia ka boene o tshwanetse a bo a ne a obamela modimo yo o amanngwang le modimo wa letsatsi. Le fa go ntse jalo, Siria wa lekgolo la boraro la dingwaga e ne e le lefatshe le le tletseng madumedi a le mantsi. Mo pusong ya ga Zenobia go ne go na le batho ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete, Bajuda, le baobamedi ba letsatsi le ngwedi. O ne a ikutlwa jang ka mefuta eno e e farologaneng ya kobamelo? Mokwadi Stoneman o tlhalosa jaana: “Mmusi yo o botlhale ga a na go itlhokomolosa ditlwaelo dipe tse di bonalang di tshwanela mo bathong ba gagwe. . . . Go ne go dumelwa gore . . . medimo e phuthegetse kafa letlhakoreng la Palmyra.” Go bonala Zenobia a ne a letlelela madumedi otlhe.
Batho ba le bantsi ba ne ba rata Zenobia ka ntlha ya botho jwa gagwe jo bontle. Se se botlhokwa thata ke seabe sa gagwe mo go emeleng puso ya sepolotiki e e boleletsweng pele mo boporofeting jwa ga Daniele. Le fa go ntse jalo, puso ya gagwe ga ya tsaya lobaka lo lo fetang dingwaga di le tlhano. Mmusimogolo wa Roma e bong Aurelian o ne a fenya Zenobia ka 272 C.E. morago ga moo a senya Palmyra mo e neng e ka se ka ya tlhola e baakanngwa. Zenobia o ne a utlwelwa botlhoko. Go bolelwa gore o ne a nyalwa ke leloko lengwe la Lekgotlalegolo la Puso ya Roma e bile go ka direga gore o ne a fetsa karolo e e setseng ya botshelo jwa gagwe a le esi koo.
O LEMOGILENG?
• Botho jwa ga Zenobia bo ile jwa tlhalosiwa jang?
• Dingwe tsa diphitlhelelo tsa ga Zenobia e nnile dife?
• Boikutlo jwa ga Zenobia malebana le bodumedi e ne e le bofe?
[Setshwantsho]
Kgosigadi Zenobia a eme masole a gagwe ka lefoko
[Setshwantsho mo go tsebe 246]
DIKGOSI MO GO DANIELE 11:20-26
Kgosi ya Botsheka Kgosi ya Borwa
Daniele 11:20 Augustus
Daniele 11:21-24 Tiberius
Daniele 11:25, 26 Aurelian Kgosigadi Zenobia
Go senyega go go Mmusomogolo Boritane, e latelwa
boleletsweng pele wa Jeremane ke Mmuso wa Lefatshe
ga Mmusomogolo wa Maesemane le
wa Roma go feleletsa Maamerika
go bopile
[Setshwantsho]
Tiberius
[Setshwantsho]
Aurelian
[Setshwantsho]
Setshwantsho sa ga Charlemagne
[Setshwantsho]
Augustus
[Setshwantsho]
Sekepe sa Boritane sa ntwa sa lekgolo la bo17 la dingwaga
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 230]
[Setshwantsho mo go tsebe 233]
Augustus
[Setshwantsho mo go tsebe 234]
Tiberius
[Setshwantsho mo go tsebe 235]
Ka ntlha ya taelo ya ga Augustus, Josefa le Marea ba ne ba tsaya loeto go ya kwa Bethelehema
[Setshwantsho mo go tsebe 237]
Jaaka go ne ga bolelelwa pele, Jesu o ne a “rojwa” ka go bolawa
[Setshwantsho mo go tsebe 245]
1. Charlemagne 2. Napoléon I 3. Wilhelm I 4. Masole a Jeremane, Ntwa ya Lefatshe I