Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
◼ Ke ka ntlha yang fa 29 C.E. e lejwa jaaka letlha la botlhokwa thata mo hisitoring ya Bibela go na le 14 C.E., eo e leng nako eo Kaesare Tiberio yo o umakiwang mo go Luke 3:1 a neng a simolola go busa ka yone?
Bibela ga e umake gore Tiberio o ne a simolola leng go busa, mme e bega ka tiragalo nngwe e e diragetseng mo karolong ya bofelo ya ngwaga wa gagwe wa bo 15. Seno se thusa baithuti ba Bibela go bona gore tiragalo eno e ne ya diragala ka 29 C.E., eo e ka lejwang jaaka letlha la botlhokwa thata go ya ka Bibela.
Puso ya mmusi wa bobedi wa Roma ebong Kaesare Tiberio e amogelwa sentle fela mo hisitoring. The New Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Ka AD 14 ka August 19, Augustus [mmusi wa ntlha] o ne a swa. Tiberio, yoo jaanong e neng e le yo mogolo, o ne a dirisa Senate gore a bone molemo mme ga a ka a e letla gore e bolele gore ke mmusi ka lobaka lo e ka nnang lwa kgwedi, mme ka September 17 o ne a dumela gore puso ya gagwe e thewe leina.”a
Nako e e tlhomameng eno e puso ya ga Tiberio e neng ya simolola ka yone e dumalana le Bibela gonne Luke 3:1-3 e bolela jaana mabapi le bodihedi jwa ga Johane Mokolobetsi: “Me yana, e rile ka ñwaga oa boleshomè le botlhano oa pusho ea ga Kaesare Tiberio, ka Ponto Pilatwe a le molaodi oa Yudea, . . . lehoko ya Modimo ya tla kwa go Yohane, morwa Sakarie, a le mo nageñ. Me a tla mo lehatshiñ yeotlhe ye le mo tikologoñ ea Yoredane, a rèra kolobeco ea boikwatlhaō yo bo bōnañ boichwarèlō yoa dibe.”
Johane ga a ka a simolola go rera le go kolobetsa fa Tiberio e ne e nna mmusi mme o ne a dira jalo “ka ñwaga oa leshomè le botlhano oa pusho ea ga Kaesare Tiberio.” Ngwaga oo wa bo 15 o ne o simolola ka letlhabula la 28 C.E. go fitlha ka letlhabula la 29 C.E. Lefa go ntse jalo, lefa re itse seno, ga se re thuse go supa ka tlhomamo gore bodihedi jwa ga Johane bo ne jwa simolola leng mo ngwageng oo kana gone go bona letlha la ditiragalo tse di amanang le seo.
Mme Bibela e re naya tshedimosetso nngwe ya botlhokwa e e tlatsang seno. Ka sekai, boperofeti jwa ga Daniele jwa “diweke di le mashomè a shupa” bo ne bo supa gore Mesia o tla tla ka 29 C.E. Gape bo ne jwa bontsha gape gore bodihedi jwa ga Jesu bo ne bo tla nna boleele jwa dingwaga di le tharo le sephatlo. (Daniele 9:24-27) Oketsa gape ka dintlha tseno tsa Bibela: Jesu o ne a tsholwa dikgwedi di le thataro morago ga Johane; Jesu o ne a na le “dinyaga di le mashomè mararo”; mme Jesu o ne a swa ka dikgakologo tsa 33 C.E. (Nako ya Tlolaganyo), fa a ne a na le dingwaga di le 33 1/2.—Luke 1:24-38; 3:23; 22:14-16, 54.b
Ereka ba na le tshedimosetso e e tlhomameng jalo e e tswang mo Bibeleng, mmogo le letlha la batho ba selefatshe la puso ya ga Tiberio, baithuti ba Bibela ba kgona go bona gore letlha le Johane a simolotseng bodihedi jwa gagwe ka lone ke ka dikgakologo tsa 29 C.E. le gore Johane o ne a kolobetsa Jesu dikgwedi di le thataro moragonyana ka 29 C.E. Ka gone, go ya ka Bibela letlha le le lejwang jaaka le le botlhokwa thata ke 29 C.E. eseng 14 C.E..
[Dintlha tse di kwa tlase]
a September 17 ya khalendara ya ga Julianus e tshwana fela le September 15 ya khalendara ya Gregory eo e dirisiwang thata gompieno.
b Bapisa Insight on the Scriptures, Bolumo 1, ditsebe 458, 463, 467; Bolumo 2, ditsebe 87, 899-902, 1099, 1100, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.