Tsela ya Lorato Ga e Ke e Fela
“Nnang lo senke ka tlhoafalo dimpho tse dikgolwane. Mme lefa go ntse jalo ke lo bontsha tsela e e di gaisang tsotlhe.”—1 BAKORINTHA 12:31.
1-3. (a) Go ithuta go bontsha ba bangwe lorato go tshwana jang le go ithuta puo e sele? (b) Ke dilo dife tse di ka dirang gore go nne thata go ithuta go bontsha ba bangwe lorato?
A O KILE wa leka go ithuta puo e sele? Ga se kgetsi e potlana! Ke boammaaruri gore ngwana a ka ithuta puo ka go e utlwa fela e buiwa. Boboko jwa gagwe bo kgona go tshwara medumo le bokao jwa mafoko mme go ise go ye kae a bo a kgona go e bua sentle fela ka thelelo. Ga go a nna jalo ka bagolo. Re leba dikishinari ya puo eo gangwe le gape, e le fela gore re itse dipolelwana di sekae tsa motheo tsa yone. Le fa go ntse jalo, morago ga lobakanyana le ka go nna re utlwa e buiwa, re simolola re akanya go ya ka puo eo mme re bo re simolola go e bua botokanyana.
2 Go ithuta go bontsha ba bangwe lorato go batla go tshwana le go ithuta puo e sele. Ke boammaaruri gore re tsalwa re na le selekanyo se se rileng sa nonofo eno e e molemo. (Genesise 1:27; bapisa 1 Johane 4:8.) Le fa go ntse jalo, go ithuta go bontsha ba bangwe lorato go re tlhoka maiteko a magolo—segolobogolo mo motlheng wa gompieno o lorato lwa tlholego lo tlhaelang thata jaana. (2 Timotheo 3:1-5) Ka dinako tse dingwe seno se direga le mo lelapeng. Ee, batho ba le bantsi ba golela mo tikologong e e makgwakgwa e mo go yone go se keng go buiwa ka tsela e e lorato. (Baefeso 4:29-31; 6:4) Jalo he, re ka ithuta go bontsha ba bangwe lorato jang—le fa rona re ise re ko re le bontshiwe?
3 Baebele e ka re thusa. Mo go 1 Bakorintha 13:4-8, Paulo ga a re neele tlhaloso fela e e sa reng sepe ka ga gore lorato ke eng, go na le moo o re neela tlhaloso e e utlwalang sentle malebana le kafa lorato lono lo logolo lo itshwarang ka teng. Fa re ka ipha nako ya go sekaseka ditemana tseno, re tla kgona go tlhaloganya nonofo eno e e molemo ya Modimo sentle e bile re tla kgona go e bontsha ka tsela e e molemo. A re sekaseke dilo dingwe tse lorato le nang le tsone tse Paulo a di tlhalosang. Re tla di kgobokanya go ya ka dikarolo tseno tse tharo: boitshwaro jwa rona; kamano ya rona le batho ba bangwe; mme sa bofelo, boitshoko jwa rona.
Lorato lo re Thusa go Fenya Boikgogomoso
4. Baebele e re sedimosetsa eng ka lefufa?
4 Paulo o ile a kwalela Bakorintha jaana morago ga go bua ka lorato go sekae: “Lorato ga lo fufege.” (1 Bakorintha 13:4) Motho a ka bontsha go nna lefufa ka go se itumelele katlego ya batho ba bangwe. Mofuta o o ntseng jalo wa lefufa o kotsi—mo mmeleng, mo maikutlong le mo semoyeng.—Diane 14:30; Baroma 13:13; Jakobe 3:14-16.
5. Lorato lo ka re thusa jang go fenya lefufa fa go bonala e kete re tingwa ditshiamelo dingwe tsa puso ya Modimo?
5 O akantse ka seno, a ko o ipotse, ‘A ke nna lefufa fa go lebega e kete ke tingwa ditshiamelo dingwe tsa puso ya Modimo?’ Fa karabo e le ee, se kgobege marapo. Mokwadi wa Baebele e bong Jakobe o re gakolola gore mongwe le mongwe wa rona o na le “tshekamelo ya go tswa pelo.” (Jakobe 4:5) Go rata bakaulengwe ba gago go tla go thusa go nna tekatekano. Go ka go thusa go itumela le ba ba itumelang fa mongwe a bona masego mangwe kana a akgolwa o sa tseye seo e le go tlodisiwa matlho.—Bapisa 1 Samuele 18:7-9.
6. Ke maemo afe a a masisi a a neng a tsoga mo phuthegong ya Korintha ya lekgolo la ntlha la dingwaga?
6 Paulo o oketsa ka gore lorato “ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose.” (1 Bakorintha 13:4) Fa re na le talenta kana bokgoni bongwe ga go tlhokege gore re itlotlomatse ka jone. Go bonala e le bothata jo banna bangwe ba ba boikgogomoso ba ba neng ba sutlheletse mo phuthegong ya Korintha wa bogologolo ba neng ba na le jone. Go ka direga gore ba ne ba na le bokgoni jo bogolo mo go itllhaloseng kana ba le ditswerere mo go direng dilo. Go rata maemo ga bone go ka tswa go ile ga nna le seabe mo go bakeng dikgaogano mo phuthegong. (1 Bakorintha 3:3, 4; 2 Bakorintha 12:20) Maemo a ile a nna maswe thata mo Paulo moragonyana a ileng a tshwanelwa ke go omanyetsa Bakorintha go ‘iphapaanya batho ba ba seng kakanyetso,’ ba a ba tlhalosang ka go ba kgala a re ke ‘baaposetoloi ba ba molemomogolo.’—2 Bakorintha 11:5, 19, 20.
7, 8. Bontsha go ya ka Baebele gore re ka dirisa jang ditalenta tse re tsetsweng re na le tsone go dira gore go nne le kutlwano.
7 Go ka tsoga maemo a a ntseng jalo le gompieno. Ka sekai, batho bangwe ba ka rata go ikgantsha ka katlego e ba nang le yone mo bodireding kana ditshiamelo tse ba nang le tsone mo phuthegong ya Modimo. Le fa re ka tswa re na le bokgoni kana botswerere bongwe jo ba bangwe mo phuthegong ba se nang jone, a go siame gore re ba ikgogomosetse? Kana mme, re tshwanetse go dirisa ditalenta dipe fela tse re tsetsweng re na le tsone go dira gore go nne le kutlwano—e seng go itlotlomatsa.—Mathaio 23:12; 1 Petere 5:6.
8 Paulo o ile a kwala a bolela gore le fa phuthego e na le maloko a le mantsi, “Modimo o ne wa kopanya mmele.” (1 Bakorintha 12:19-26) Lefoko la Segerika le le ranolwang e le “kopanya” le naya mogopolo wa go dira gore dilo di tshwanelane, go go jaaka ga go tswakanya mebala e e farologaneng. Ka jalo, go se ka ga nna le motho ope mo phuthegong yo o ikgogomosang ka bokgoni jo a nang le jone a leka go rena mo godimo ga ba bangwe. Phuthego ya Modimo ga e utlwane le batho ba ba boikgogomoso le ba ba ratang maemo.—Diane 16:19; 1 Bakorintha 14:12; 1 Petere 5:2, 3.
9. Ke dikai dife tse di sa siamang tse Baebele e buang ka tsone tse batho ba tsone ba neng ba ipatlela melemo ya bone fela?
9 Lorato “ga lo batle melemo ya lone.” (1 Bakorintha 13:5) Motho yo o lorato ga a dirise batho ba bangwe go itsholegela molemo. Baebele e na le dikai tse di re tlhagisang mo kgannyeng eno. Ka sekai: Re bala ka Delila, Jesebele le Athalia—basadi ba ba ileng ba dirisa batho ba bangwe ka tsela ya bogagapa. (Baatlhodi 16:16; 1 Dikgosi 21:25; 2 Ditirafalo 22:10-12) Yo mongwe gape e ne e le morwa wa ga Kgosi Dafide e bong Abesalome. O ne a tle a ye kwa bathong ba ba tlang kwa kgorong ya Jerusalema go tla go atlholwa mme ka boferefere a ba dire gore ba akanye gore kgotla ya kgosi ga e na sepe le mathata a bone. Go tswa foo o ne a tle a ba bolelele ka tlhamalalo gore kgotla e tlhoka monna yo o lorato jaaka ene! (2 Samuele 15:2-4) Mme gone, Abesalome o ne a sa amega ka batho bao ba ba gateletsweng, go na le moo, o ne a amegile ka ene ka boene. O ne a itlhoma kgosi mme a ikgapela bontsi jwa batho. Mme fa nako e ntse e ya, Abesalome o ile a fenngwa setlhogo. Ka nako ya loso lwa gagwe o ile a se ka a ba a fitlhiwa ka tsela e e tlotlegang.—2 Samuele 18:6-17.
10. Re ka bontsha jang gore re beile leitlho le mo melemong ya batho ba bangwe?
10 Seno ke tlhagiso mo Bakereseteng gompieno. E ka ne re le basadi kana re le banna, re ka nna ra bo re na le nonofo ya go tlhotlheletsa batho. Re ka nna ra rata go aga re gatelela ba bangwe mo motlotlong kana re nyenyefatsa ba ba sa dumalaneng le megopolo ya rona. Le fa go ntse jalo, fa ruri re na le lorato lwa mmatota, re tla baya leitlho le mo melemong ya batho ba bangwe. (Bafilipi 2:2-4) Ga re ne re gatelela batho ba bangwe kana re rotloetsa megopolo e e belaetsang fela ka gonne re na le nako e telele mo phuthegong ya Modimo kana ka ntlha ya maemo a re nang le one, go nna jaaka e kete maikutlo a rona ke one a leng botlhokwa go feta. Go na le moo, re tla gopola seane seno sa Baebele: “Boikgodiso bo tle bo etelele tshenyego pele, le boipego jwa pelo pele ga go wa.”—Diane 16:18.
Lorato lo Dira Gore re Agisane le ba Bangwe
11. (a) Re ka bontsha lorato lo lo pelonomi le lo lo molemo ka ditsela dife? (b) Re ka bontsha jang gore ga re kgatlhiwe ke tshiamololo?
11 Gape Paulo a re lorato lo “pelonomi” le gore “ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang.” (1 Bakorintha 13:4, 5) Ee, fa re le lorato re ka se nne makgwakgwa mo bathong ba bangwe, re ka se ba gobolole kana go ba dipela. Go na le moo, re tla akanyetsa maikutlo a ba bangwe. Ka sekai, motho yo o lorato o tla tila go dira dilo tse di ka kgopisang digakolodi tsa ba bangwe. (Bapisa 1 Bakorintha 8:13.) Lorato “ga lo ipelele tshiamololo, mme lo ipela le boammaaruri.” (1 Bakorintha 13:6) Fa re rata molao wa ga Jehofa re ka se mpampetse boitsholo jo bo maswe kana go kgatlhwa ke dilo tse Modimo a di ilang. (Pesalema 119:97) Lorato lo tla re thusa go itumelela dilo tse di agang e seng tse di senyang.—Baroma 15:2; 1 Bakorintha 10:23, 24; 14:26.
12, 13. (a) Re tshwanetse go itshwara jang fa mongwe a re kgopisa? (b) Umaka dikai tsa mo Baebeleng tse di bontshang gore ka dinako tse dingwe re ka dira dilo tsa boeleele le mororo re ka tswa re na le lebaka le le utlwalang la go galefa.
12 Paulo a re lorato “ga lo rumolesege” (“ga lo kgopisege motlhofo,” Phillips). (1 Bakorintha 13:5) Ke boammaaruri gore, gantsi fa ba bangwe ba re kgopisa re na le go tenega kana go shakgala ka selekanyo se se rileng ka gonne re sa itekanela. Le fa go ntse jalo, ga go a siama go fetsa nako e telele re bolokile sekgopi kana re shakgetse. (Pesalema 4:4; Baefeso 4:26) Fa re sa laole kgalefo ya rona re ka iphitlhela re dirile dilo tsa boeleele mme Jehofa a ka dira gore re ikarabele le mororo re ka tswa re ne re na le lebaka le le utlwang la go galefa.—Genesise 34:1-31; 49:5-7; Dipalo 12:3; 20:10-12; Pesalema 106:32, 33.
13 Batho bangwe ba ile ba letla gore bosaitekanelang jwa ba bangwe bo ame tshwetso ya bone ya go nna gone mo dipokanong tsa Bokeresete kana go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo. Mo nakong e e fetileng, bontsi jwa batho bano ba ne ba lwa ka natla mo tumelong, gongwe ba itshokela go ganediwa ke ba malapa a bone, go tlaopiwa ke badirikabone jalo le jalo. Ba ne ba itshokela dikgoreletsi tse di ntseng jalo ka gonne ba ne ba di tsaya e le dilo tse di lekang bothokgami jwa bone. Mme go tweng fa Mokeresetekawena a bua sengwe kana go dira sengwe se se sa supeng lorato? A seno le sone ga se selo se se lekang bothokgami jwa gago? Ee, go ntse jalo, ka gonne fa re nna re galefile re ka tswa re “letlelela Diabolo sebaka.”—Baefeso 4:27.
14, 15. (a) “Go gopola kutlwisobotlhoko” go kaya eng? (b) Re ka etsa Jehofa jang mo go itshwareleng ba bangwe?
14 Ke gone ka moo Paulo a oketsang ka gore lorato “ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko.” (1 Bakorintha 13:5) Fano o dirisa lereo la tsa diakhaonto le go bonalang le kaya go kwala sekoloto mo bukeng ya diakhaonto gore se se ka sa lebalwa. A ke go supa lorato fa re nnela go kwala mo megopolong ya rona se mongwe a se re reileng kana se a se re dirileng jaaka e kete re tla batla go nna re se ikgopotsa mo nakong e e tlang? A bo re ka itumela jang ne go bo Jehofa a sa re sekaseke ka tsela e e ntseng jalo e e setlhogo! (Pesalema 130:3) Ee, fa re ikwatlhaya, o phimola maleo a rona gotlhelele.—Ditiro 3:19.
15 Re ka etsa Jehofa mo kgannyeng eno. Ga re a tshwanela go kgopisega motlhofo fa go bonala e kete mongwe o re tshwara ka tsela e e sa siameng. Fa re kgopisega motlhofo, re ka tswa re ikutlwisa botlhoko thata go feta kafa motho yoo a neng a ka re utlwisa botlhoko ka teng. (Moreri 7:9, 22) Go na le moo, re tshwanetse go gakologelwa gore lorato “lo dumela dilo tsotlhe.” (1 Bakorintha 13:7) Ke boammaaruri gore ga go ope wa rona yo o batlang go nna a gatelelwa, mme gone, ga re a tshwanela go nna ka metlha re belaela maitlhomo a bakaulengwe ba rona. Fa go kgonega, a ka metlha re se ka ra akanyetsa batho ba bangwe bosula.—Bakolosa 3:13.
Lorato lo re Thusa go Itshoka
16. Lorato lo ka re thusa go nna pelotelele mo maemong afe?
16 Go tswa foo Paulo a re “lorato lo itshwara ka bopelotelele.” (1 Bakorintha 13:4) Lo re thusa go itshokela maemo a a boima, gongwe e le ka lobaka lo loleele. Ka sekai, Bakeresete ba le bantsi ba ile ba fetsa dingwaga tse dintsi ba nna mo malapeng a a kgaoganeng ka bodumedi. Ba bangwe ga ba mo lenyalong, e se ka go rata ga bone, e le fela gore ba ile ba se ka ba bona molekane yo o ba tshwanetseng “mo Moreneng.” (1 Bakorintha 7:39; 2 Bakorintha 6:14) Gape go na le ba ba lwalang malwetse a a koafatsang. (Bagalatia 4:13, 14; Bafilipi 2:25-30) Tota gone, mo tsamaisong eno e e sa itekanelang, ga go na motho ope yo maemo a botshelo jwa gagwe a sa mo tlhokeng boitshoko ka tsela nngwe.—Mathaio 10:22; Jakobe 1:12.
17. Ke eng se se ka re thusang go itshokela dilo tsotlhe?
17 Paulo o re tlhomamisetsa gore lorato “lo emelana le dilo tsotlhe, . . . lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe.” (1 Bakorintha 13:7) Go rata Jehofa go tla re thusa go itshokela seemo sepe fela ka ntlha ya tshiamo. (Mathaio 16:24; 1 Bakorintha 10:13) Ga re rate go bolaelwa tumelo ya rona. Go na le moo, re batla go tshela botshelo jwa kagiso le jo bo ritibetseng. (Baroma 12:18; 1 Bathesalonika 4:11, 12) Le fa go ntse jalo, fa re lekwa tumelo, re itshoka ka boitumelo ka re itse gore seo ke karolo ya go nna morutwa wa Mokeresete. (Luke 14:28-33) Fa re ntse re itshoka, re leka go nna le maikutlo a a siameng re nna le tsholofelo ya go bona matswela a a molemo mo maemong ao a a gwetlhang.
18. Boitshoko bo tlhokega jang le e leng mo pakeng e e seng ya matshwenyego?
18 Ga se dipogiso fela tse di re tlhokang go nna le boitshoko. Ka dinako tse dingwe go itshoka go kaya fela go nna nako e telele, go tswelela pele mo tseleng e e rileng re ka tswa re lebane le maemo a a gwetlhang kana nnyaa. Go itshoka go akaretsa go kgomarela thulaganyo e e molemo ya dilo tsa semoya. Ka sekai, a o nna le seabe ka botlalo mo bodireding go ya ka fa maemo a gago a go letlang ka teng? A o na le thulaganyo ya go bala le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo le go buisana ka thapelo le Rraeno wa selegodimo? A o nna gone ka metlha mo dipokanong tsa phuthego le go solegelwa melemo ke thulaganyo ya go kgothatsana le badumedikawena? Fa e le gore go ntse jalo, he go raya gore o a itshoka e ka ne o mo pakeng e e dumelang kana mo pakeng ya matshwenyego. O se ka wa ineela, “gonne re tla roba mo pakeng e e leng yone fa re sa lape.”—Bagalatia 6:9.
Lorato—“Tsela E e Di Gaisang Tsotlhe”
19. Lorato ke “tsela e e di gaisang tsotlhe” jang?
19 Paulo o ile a gatelela botlhokwa jwa go bontsha ba bangwe lorato ka go bitsa nonofo eno e e molemo a re ke “tsela e e di gaisang tsotlhe.” (1 Bakorintha 12:31) Ke “tsela e e di gaisang tsotlhe” ka tsela efe? Paulo o ne a sa tswa go umaka dineo tsa moya tse di neng di atile mo Bakereseteng ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Bangwe ba ne ba neilwe bokgoni jwa go porofeta, ba bangwe jwa go fodisa malwetse, bontsi bo filwe jwa go bua ka diteme. Dineo tse di gakgamatsang eleruri! Le fa go ntse jalo, Paulo o ile a raya Bakorintha a re: “Fa ke bua ka diteme tsa batho le tsa baengele mme ke se na lorato, ke ntse kapetla ya kgotlho e e tsosang modumo kgotsa semebala e e opanang. Mme fa ke na le mpho ya go porofeta e bile ke tlwaelane le diphiri tse di boitshepo tsotlhe le kitso yotlhe, mme fa ke na le tumelo yotlhe mo ke ka tlhomang dithaba go sele, mme ke se na lorato, ga ke sepe.” (1 Bakorintha 13:1, 2) Ee, tota le ditiro tse di molemo di ka fetoga “ditiro tse di suleng” fa re di dira fela re sa tlhotlhelediwe ke go bo re rata Modimo le bankarona.—Bahebera 6:1.
20. Ke eng fa go tlhokega gore re tswelele pele re dira maiteko a magolo go leka go nna lorato?
20 Jesu o re naya lebaka le lengwe la go bo re tshwanetse go nna le nonofo eno e e molemo ya lorato. O ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo na le lorato gareng ga lona.” (Johane 13:35) Lefoko, “fa,” le tlogela kgang mo Mokereseteng mongwe le mongwe gore a o tla dira maiteko a go nna lorato kana nnyaa. Kana e bile, go nna mo nageng e sele ka bogone go ka se re dire gore re batle go ithuta puo ya teng. Le go nna gone fela kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi kana go kopana le Bakeresetekarona ka bogone fela go ka se re dire gore re ba bontshe lorato. Go ithuta “puo” eno go tlhoka motho maiteko.
21, 22. (a) Re tshwanetse go itshwara jang fa go direga gore re se ka ra bontsha lorato ka tsela e Paulo a e tlhalositseng? (b) Ke ka tsela efe go ka tweng “lorato ga lo ke lo fela”?
21 Ka dinako tse dingwe, o ka nna wa se ka wa bontsha lorato ka tsela e Paulo a le tlhalositseng ka teng. Se kgobege marapo. Nna pelotelele go iteka ka natla. Tswelela pele o ithuta Baebele le go dirisa melaometheo ya yone fa o dirisana le batho ba bangwe. O se ka wa bo wa lebala sekai se Jehofa ka boene a re tlhometseng sone. Paulo o ile a tlhagisa Baefeso jaana: “Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka tlekeetso, lo itshwarelana lo gololesegile fela jaaka Modimo le one o ne wa lo itshwarela ka Keresete o gololesegile.”—Baefeso 4:32.
22 Fela jaaka go ithuta puo e sele kgabagare go nna motlhofo, go ka nna ga direga gore fa nako e ntse e ya, o tla bona fela go le motlhofo go bontsha ba bangwe lorato. Paulo o re tlhomamisetsa gore “lorato ga lo ke lo fela.” (1 Bakorintha 13:8) Lorato ga lo tshwane le dineo tsa semoya tsa go dira dikgakgamatso, lone ga lo ke lo fela. Ka jalo, tswelela pele o ithuta go bontsha ba bangwe nonofo eno e e molemo. Go ntse fela jaaka Paulo a e bitsa gore ke “tsela e e di gaisang tsotlhe.”
A o Ka Tlhalosa?
◻ Lorato lo ka re thusa go fenya boikgogomoso jang?
◻ Ke ka ditsela dife lorato lo ka re thusang go dira gore go nne le kagiso mo phuthegong?
◻ Lorato lo ka re thusa go nna le boitshoko jang?
◻ Lorato ke “tsela e e di gaisang tsotlhe” jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Lorato lo tla re thusa go tlhaetsa diphoso tsa badumedikarona matlho
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Boitshoko bo kaya go kgomarela thulaganyo ya rona ya dilo tsa puso ya Modimo