LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 5/15 ts. 3-6
  • A o Ipha Nako le Lelapa la Gago?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ipha Nako le Lelapa la Gago?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhoka Puisano
  • Go Tlhokega Maiteko a Magolo
  • Thuso e e Tswang mo Lefokong la Modimo
  • Batsadi le Bana—Buisanang ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Go Buisana mo Lelapeng le mo Phuthegong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Dira Gore O Boloke Lelapa la Gago Gore le Tsene mo Lefatsheng Le Lesha la Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ke Eng Se se Ka Dirang Gore Lelapa la Gago le Itumele?—Karolo 2
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 5/15 ts. 3-6

A o Ipha Nako le Lelapa la Gago?

“BORRE ba Bajapane ba a Ratiwa—Le fa Ba Tshwaregile ba Bereka ba sa Tshameke le Bana ba Bone.” Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng setlhogo seno se ne sa tlhaga mo lokwalodikgannyeng lwa Mainichi Shimbun. Setlhogo seo se ne sa bega gore diperesente di le 87,8 tsa bana ba Bajapane ba ba neng ba akgela mo patlisisong ya puso ba ne ba bolela gore ba ne ba ka rata go tlhokomela borrabone mo isagweng. Le fa go ntse jalo, mo kgatisong ya Seesemane ya lone lokwalodikgang loo, yone kgang eo e ne ya tlhaga e na le setlhogo se sengwe. Se ne se balega ka gore “Borre le Barwa: Mathata a go Itlhokomolosana.” Go farologana le kgatiso ya Sejapane, setlhogo seno se ne se gatelela karolo e nngwe ya yone patlisiso eo: Mo letsatsing lengwe le lengwe le go berekwang ka lone, borre ba Bajapane ba ne ba dirisa metsotso e le 36 fela ba na le bana ba bone. Fa go bapisiwa, borre ba kwa Jeremane Bophirima bone ba ne ba dirisa metsotso e le 44 le bana ba bone mo gare ga beke mme selekanyo sa nako e e neng e dirisiwa kwa United States e ne e le metsotso e le 56.

Ga se borre fela ba ba iphang nako e nnye le bana ba bone. Bommè ba ba ntseng ba oketsega ba bereka ka kwa ntle ga legae. Ka sekai, bommè ba ba sa nyalwang ba le bantsi ba tshwanetse go dira tiro ya boitshediso gore ba tlamele lelapa. Ka ntlha ya seo, nako e batsadi—borre le bommè—ba iphang yone le bana ba bone e fokotsegile.

Patlisiso nngwe ya 1997 ya basha ba dingwaga tsa bolesome ba ba fetang 12 000 ba kwa Amerika e ile ya fitlhela gore basha ba ba nang le kamano e e gaufi le batsadi ba bone ga se gantsi ba ka tshwenyegang thata mo maikutlong, ba nna le maikutlo a go ipolaya, ba nna le seabe mo thubakanyong, kana ba dirisa diokobatsi tse di gobololang. Mme mongwe wa babatlisisi yo le ene a neng a dira patlisiso eno e e tseneletseng o ne a re: “O ka se ka wa ikutlwa o atamalane le bana fa o sa iphe nako ya go nna le bone fa ba go tlhoka.” Go ipha nako le bana ba gago le go buisana le bone go botlhokwa.

Go Tlhoka Puisano

Selo se segolo thata se se dirang gore go nne le bothata jwa puisano ke malapa a mo go one motsadi a nnang kgakala le legae ka ntlha ya tiro e e kgakala. Le gale, go tlhoka puisano ga go nne gone fela mo malapeng a go nang le motsadi yo o nnang kgakala le legae. Batsadi bangwe, le fa ba nna mo gae, ba ya tirong pele ga bana ba bone ba tsoga mme ba boele gae fa ba setse ba robetse. Go duelela nako e ba sa kgonang go kopana le bana ba bone ka yone, batsadi bangwe ba ipha nako le lelapa ka mafelobeke le ka malatsi a boikhutso. Ba bua ka go nna le nako e e “mosola” le bana ba bone.

Le fa go ntse jalo, a go tlhoka nako e ntsi go ka emisediwa ka nako e e mosola? Mmatlisisi Laurence Steinberg o araba jaana: “Ka kakaretso, bana ba ba nnang le nako e ntsi le batsadi ba bone ba dira botoka go na le bana ba ba nnang le nako e nnye le batsadi ba bone. Go bonala go le thata go duelela nako e o se nang yone. Kgopolo ya go nna le nako e e mosola e ile ya dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang.” Ke ka tsela eo mosadi mongwe wa kwa Burma a ikutlwang ka yone. Monna wa gagwe—monna wa Mojapane tota—o fitlha kwa gae go tswa kwa tirong ka ura ya bongwe kana ya bobedi moso mongwe le mongwe. Le mororo a ipha nako le lelapa la gagwe ka mafelobeke, mosadi wa gagwe a re: “Go nna mo gae ka Bomatlhatso le ka Bosontaga ga go thibe phatla ya go sa nne le lelapa ka malatsi a mangwe a beke. . . . A o ka itima dijo tsotlhe mo gare ga beke mme o bo o ja dijo tsa beke yotlhe ka Bomatlhatso le ka Bosontaga?”

Go Tlhokega Maiteko a Magolo

Go motlhofo go bua ka go nna le puisano e e molemo mo lelapeng go na le kafa go ntseng ka teng go go dira. Mathata a botshelo le go tlamela lelapa a dira gore go nne thata mo go rre kana mmè yo o berekang go ipha nako le lelapa. Ba le bantsi ba maemo a bone a dirang gore ba bo ba le kgakala le legae ba buisana ka metlha ka go founa kana ka go kwala makwalo. E ka tswa e le gore lelapa le mmogo kwa gae kana ga le mmogo, go tlhokega maiteko a magolo go boloka puisano e e molemo ya lelapa.

Batsadi ba ba sa buisaneng le malapa a bone ba tshwanetse go duela ka ntlha ya go itlhokomolosa seo. Rre mongwe yo o neng a ipha nako e nnye le lelapa la gagwe, a sa je le go ja le bone, o ne a lebana le ditlamorago tse di masisi. Morwa wa gagwe o ne a nna dikgoka mme morwadie ene o ne a tshwarwa a utswa kwa lebenkeleng. Ka Sontaga mongwe mo mosong fa rre a ne a ipaakanyetsa go ya motshamekong wa kolofo, morwa o ne a tsibogela seo ka bogale. “A mmè ke ene fela motsadi mo lelapeng leno? Mama o dira tshwetso ka sengwe le sengwe mo lelapeng. Papa, wena ga o ke o bo o . . . ,” mosimane a ngongorega jalo.

Mafoko ao a ne a dira gore rraagwe a akanye. Kgabagare o ne a swetsa ka gore o tshwanetse a simolola ka go ja sefitlholo le lelapa la gagwe. Kwa tshimologong e ne e nna ene le mosadi wa gagwe fela. Fa nako e ntse e ya, bana ba ne ba kopanela le bone, mme tafole ya sefitlholo e ne ya nna lefelo la puisano. Se se ne sa felela ka gore ba je dijo tsa maitseboa mmogo. Ka jalo, monna yono o ne a dira maiteko a go boloka lelapa la gagwe gore le se ka la thubega gotlhelele.

Thuso e e Tswang mo Lefokong la Modimo

Baebele e kgothaletsa batsadi gore ba iphe nako ya go buisana le bana ba bone. Baiseraele ba ne ba laelwa jaana ka moporofeti Moshe: “Reetsa, wena Iseraele: Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa a le mongwe fela. Mme o rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka maatla otlhe a gago a botlhaga. Mme mafoko ano a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago; mme o a jalele kwa teng mo go morwao o bo o bue ka one fa o nna mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.” (Duteronome 6:4-7, NW) Ee, bao ba rona ba re leng batsadi e tshwanetse ya nna rona re etelelang pele go ipha nako le malapa a rona fa re batla go jalela mafoko a Modimo kwa teng mo megopolong le mo dipelong tsa bana.

Ka mo go kgatlhisang, patlisiso e e setseng e umakilwe ya 1997 ya basha ba dingwaga tsa bolesome ba kwa Amerika ba le 12 000 e ile ya supa gore “mo gare ga mo e ka nnang 88% . . . ya baagi ba ba ileng ba bolela gore ba na le bodumedi, ba ne ba tsaya botlhokwa jwa bodumedi le thapelo e le tshireletso.” Bakeresete ba boammaaruri ba lemoga gore thuto e e siameng ya bodumedi kwa gae e sireletsa basha mo dilong tse di jaaka go gobolola diokobatsi, go tshwenyega mo maikutlong, go ipolaya, thubakanyo, jalo le jalo.

Batsadi bangwe ba akanya gore go thata go beela malapa a bone nako. Go ntse jalo segolobogolo ka bommè ba ba sa nyalwang, ba ba neng ba ka itumelela go ipha nako le bana ba bone mme le fa go ntse jalo ba tshwanetse go dira tiro ya boitshediso. Ba ka dira maiteko afe a go ipha nako le malapa a bone? Baebele e kgothatsa jaana: “Dibela botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya.” (Diane 3:21, NW) Batsadi ba ka dirisa “bokgoni jwa go akanya” gore ba iphe nako le lelapa. Jang?

Fa e le gore o mmè yo o ikutlwang a lapile morago ga tiro ya letsatsi, ke eng o sa kope bana ba gago gore ba go thuse go apaya dijo? Go dirisa nako e e ntseng jalo mmogo go tla dira gore lo nne le sebaka sa go atamalana. Kwa tshimologong, go dira gore bana ba gago ba nne le seabe, go ka nna ga tsaya nako e e oketsegileng. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, lo tla go ipelela mme e bile lo tla boloka nako.

O ka tswa o le rre yo o nang le dilo tse dintsi tse o tshwanetseng go di dira ka mafelobeke. Ke eng fa o sa dire dingwe tsa ditiro tseno le bana ba gago? O ka kgona go tlotla le bone fa lo ntse lo dira mmogo mme ka nako e e tshwanang o ba thapisa ka tsela e e molemo. Kgothatso ya Baebele ya go jalela mafoko a Modimo mo baneng ba gago e go kgothaletsa gore o bue le bone ‘fa o dutse mo ntlong ya gago, fa o tsamaya mo tseleng’—ee, ka sebaka sengwe le sengwe se o nang naso. Ke go supa “botlhale jo bo mosola” go buisana le bana ba gago fa lo ntse lo dira mmogo.

Go ipha nako le lelapa la gago go na le melemo e e tla nnelang ruri. Seane sa Baebele se bolela jaana: “Go na le botlhale mo go ba ba gakololanang.” (Diane 13:10, NW) Fa o ipha nako ya go buisana le ba lelapa la gago, o tla kgona go ba neela kaelo e e tshwanetseng malebana le dilo tse ba kgaratlhang ka tsone mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. Go neela kaelo e e ntseng jalo gone jaanong go ka boloka nako e ntsi le go fedisa mahutsana mo isagweng. Mo godimo ga moo, go ka thusa gore wena le bone lo itumele. Go neela kaelo e e ntseng jalo, o tlhoka go dirisa botlhale jo bontsi jo bo fitlhelwang mo Lefokong la Modimo e leng Baebele. Bo dirise go ruta bana ba gago le go kaela dikgato tsa lelapa la gago.—Pesalema 119:105.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Basha ba ba nang le kamano e e atamalaneng le batsadi ba bone ga se gantsi ba ka tshwenyegang thata mo maikutlong

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Go nna le puisano e e molemo go tlisetsa botshelo jwa lelapa melemo e mentsi

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Fa o ntse o dira le ngwana wa gago, o ka buisana le ene le go mo thapisa ka tsela e e molemo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela