LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 9/1 ts. 20-24
  • Go Buisana mo Lelapeng le mo Phuthegong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Buisana mo Lelapeng le mo Phuthegong
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Lebelela, go Bua, le go Reetsa
  • Puisano ya Batsadi le Bana
  • Go Buisana mo Teng ga Phuthego
  • Kgakololo le Kgothatso
  • Go Buisana le ba Bangwe mo Bodiheding Jwa Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Jehofa le Keresete ke ba Maemo a a Kwa Godimo mo go Buisaneng le ba Bangwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Puisano e e Molemo—Selotlolo sa Lenyalo le le Itumetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Batsadi le Bana—Buisanang ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 9/1 ts. 20-24

Go Buisana mo Lelapeng le mo Phuthegong

“A puō ea lona e nnè ntlè ka metlha eotlhe, e lokilwe ka lecwai.”—BAKOLOSA 4:6.

1. Adame o ne a reng fa Modimo o ne o tlisa Efa mo go ene?

“GA GO na motho ope yo o leng setlhaketlhake . . . Motho mongwe le mongwe ke karolo ya kontinente.” Go ne ga kwala jalo monna mongwe yo o elang dilo tlhoko yo o rutegileng makgolo a dingwaga a a fetileng. Fa a bolela jalo, o ne a tlhalosa fela seno seo Mmopi a neng a se bolelela Adame: “Ga go molemō ha monna a ka nna a le esi.” Adame o ne a na le mpho ya go bua le puo, ka gonne o ne a sheile diphologolo tsotlhe maina. Mme Adame o ne a sena sebopiwa sepe sa motho seo a neng a ka buisana le sone. Ga go gakgamatse go bo fa Modimo o ne o mo tlisetsa Efa yo montle jaaka mosadi wa gagwe, a neng a bolela jaana ka boitumelo: “Yana eo, ke lesapō ya marapō a me, le nama ea nama ea me”! Ka jalo fa lelapa la ntlha la batho le simolola, Adame o ne a simolola go bua le motho ka ene.—Genesise 2:18, 23.

2. Thelebishene e ka baka tshenyo efe?

2 Lelapa ke lefelo le le molemo thata leo go tshwanetsweng ga buisanngwa mo go lone. Tota ebile, ke sone selo se tota se dirang gore botshelo jwa lelapa bo atlege. Lefa go ntse jalo, gore go kgonwe go buisanwa go tlhokega nako le boiteko. Gompieno, le lengwe la magodu a magolo a nako ke thelebishene. E ka nna sone sedirisiwa se se utlwisang botlhoko ka bobotlana ditsela di le pedi. Kafa letlhakoreng le lengwe, e ka kgona go gogela jaana mo eleng gore maloko a lelapa a tshwakgolwa ke yone, seo se felelang ka gore puisano e nne bokoa. Kafa letlhakoreng le lengwe, thelebishene e ka nna ya direla jaaka selo se motho a tshabelang kwa go sone fa go na le go sa tlhaloganyane kana a utlwile botlhoko. Mo boemong jwa gore ba rarabolole mathata, banyalani bangwe ba tlhopha go didimala mme ba lebelele thelebishene. Ka jalo thelebishene e ka nna yone tota e e tlatsang mo go direng gore batho ba palelwe ke go buisana, eleng selo se segolo se se dirang gore manyalo a thubege. Bao ba nang le bothata jwa go laola selekanyo sa go leba thelebishene ba tla bo ba dira sentle fa ba akanyetsa go e tlosa gotlhelele.—Mathaio 5:29; 18:9.

3. Bangwe ba ile ba solegelwa molemo jang ke go fokotsa tsela eo ba lebang thelebishene ka yone?

3 Tota ebile, go ile ga amogelwa dipego tse di itumedisang di bolela ka masego ao a nnileng gone fa go ne go fokodiwa go lebelela thelebishene kana go fedisiwa gotlhelele. Lelapa lengwe le ne la kwala jaana: “Re buisana go feta . . . , re dira dipatlisiso tse di oketsegileng mo Bibeleng . . . Re tshameka mmogo . . . Dikarolo tsotlhe tsa tirelo ya rona ya tshimo di oketsegile.” Lelapa le lengwe le ne la bolela jaana morago ga gore le tlose thelebishene ya lone: “Ga se gore re boloka madi fela [ba ne ba beeleditse thelebishene e e tshamekang ka kheibole] mme gape re kitlane jaaka lelapa mme re bona dilo tse dingwe tse dintsi tse di mosola go di dira ka nako ya rona. Ga re lapisege le fa e le ka motlha.”

Go Lebelela, go Bua, le go Reetsa

4. Banyalani ba ka bolelelana jang gore ba a anaanelana?

4 Go na le dikarolo tse di farologaneng tsa go buisana mo lelapeng. Tse dingwe tsa tsone ga se tse go buisanwang ka mafoko mo go tsone. Fela fa batho ba babedi ba lebane fela, ke mokgwa wa go buisana. Fa lo le mmogo seno se ka bolela gore mongwe le mongwe o amega ka yo mongwe. Banyalani ba tshwanetse ba tila go tlhola ba kgaogane ka metlha nako e telele kwantle le fa go na le lebaka le le ka se kang la tilwa. Banyalani ba ka nna ba itumedisana ka go ipelela go nna mmogo ba kitlane mo kgolaganong ya bone ya lenyalo. Ka tsela e e lorato le e e tlotlegang eo ba tshwaranang ka yone, go sa kgathalesege gore a ke fa pele ga batho kana fa ba le bosi, go bontsha seriti se se tshwanetseng sa go apara le maitseo, ba ka nna ba bolelelana ba didimetse gore ba a anaanelana. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a bolela ka yone jaana ka mafoko ano: “A mocwedi oa gago o nnè segō; me u itumèlè mo mosadiñ oa bokau yoa gago.”—Diane 5:18.

5, 6. Ke ka ntlha yang fa banna ba tshwanetse ba tlhokomela kafa go leng botlhokwa ka gone go buisana le basadi ba bone?

5 Go buisana gape go batla gore batho ba tlotle, go refosanya megopolo—go tlotla mmogo, eseng go mmolelela sengwe fela o sa akanyetse maikutlo a gagwe. Lemororo basadi bangwe ba le botoka go gaisa banna mo go tlhaloseng maikutlo a bone, seno ga se lebaka le le utlwalang la gore banna ba nne balekane ba ba tlholang ba didimetse fela. Banna ba Bakeresete ba tshwanetse ba ela tlhoko gore go tlhoka go buisana ke bothata jo bogolo mo manyalong a le mantsi, mme ka jalo ba tshwanetse ba dira ka natla gore go agwe go ntse go buisanngwa mo lelapeng. Eleruri go tla nna jalo fa, bone le basadi ba bone, ba reetsa kgakololo e e molemo eo moaposetoloi Paulo a e neelang mo go Baefesia 5:25-33. Gore monna a rate mosadi wa gagwe jaaka e ka bo e le mmele wa gagwe, o tshwanetse a nna a amegile ka gore a o itekanetse sentle le ka boitumelo jwa gagwe, a se ka a amega ka tsa gagwe fela. E le gore a tle a dire jalo, go botlhokwa gore lo buisane.

6 Monna ga a tshwanela go nna le boikutlo jwa gore mosadi wa gagwe o tshwanetse a tsaya fela kana a fopholetse fela gore o a mo anaanela. O tshwanetse a tlhomamisega gore o a mo rata. A ka nna a bontsha go anaanela goo ka ditsela di le dintsi—ka go mmolelela gore o a mo rata le ka dimpho tseo a sa di lebelelang, mmogo le ka go mmolelela ka metlha dilo tse di ka tswang di mo ama. Gape go na le kgwetlho ya go bontsha gore o anaanela maiteko ao mosadi wa gagwe a a dirang, e ka tswa e le malebana le tsela eo a ikgabisang ka yone, tiro eo a e dirang ka natla a e direla lelapa, kana tsela eo a tshegetsang ditiro tsa semoya ka yone ka pelo yotlhe. Mo godimo ga moo, gore monna a utlwe kgakololo ya ga moaposetoloi Petere e e mo go 1 Petere 3:7, ya gore ba ‘nne le basadi ba bone kafa kitsong,’ o tshwanetse a nna le kutlwelobotlhoko, eo e bontshiwang ke go buisana le ene ka dilo tsotlhe tseo di lo amang lotlhe, go mmontsha tlotlo jaaka sejana se se bokoa.—Diane 31:28, 29.

7. Mosadi o na le boikarabelo bofe jwa go buisana le monna wa gagwe?

7 Ka mo go tshwanang, e le gore mosadi a tseye tsia kgakololo e e leng malebana le go ineela e e leng mo go Baefesia 5:22-24, o tlhoka go amega ka go dira gore ene le monna wa gagwe ba nne ba ntse ba buisana ka metlha. O tshwanetse a ‘boifa’ monna wa gagwe, ka puo ya gagwe le ka boitshwaro jwa gagwe. Ga a tshwanela go dira dilo ka boene fela kana a itlhokomolosa dilo tseo monna wa gagwe a di tlhokang. (Baefesia 5:33) Ka dinako tsotlhe, go tshwanetse ga bo go na le selo seo se ba amang ka namana seo ba se tlotlang le monna wa gagwe.—Bapisa Diane 15:22.

8. Go boloka puisano e ntse e le gone, basadi ba tshwanetse ba bo ba iketleeditse go dirang?

8 Go feta moo, mosadi o tshwanetse a itlhokomela gore a se ka a boga a ntse a didimetse fela ka ntlha ya gore a ikutlwela botlhoko. Fa e le gore go na le go sa tlhaloganyanang gongwe, a a batle nako e e siameng ya go tlotla ka kgang eo. Ee, ithute sengwe go tswa mo go Kgosigadi Esethere. O ne a tshwanetse a bolelela monna wa gagwe kgang nngwe e e neng e ka felela ka loso kana botshelo. Lebaka la go bo a ne a dira ka bonako ka tsela e e botlhale le ka go loga maano seno se ne sa dira gore Bajuda ba bolokege. Re tshwanetse ra tlotla le balekane ba rona fa re utlwisitswe botlhoko kana re utlwisiwa botlhoko. Go dira dilo ka botlhale le tsela ya go amogela mathata ka tsela ya bomodimo di ka nna tsa dira gore tsela ya go buisana e nne e e bonolo.—Esethere 4:15–5:8.

9. Go reetsa go na le seabe sefe mo go buisaneng?

9 Go dirisa puo go dira gore lo nne lo ntse lo buisana ka metlha go bolela gore mongwe le mongwe o tshwanetse a reetsa seo yo mongwe a se bolelang—le gore a dire boiteko jwa gore a lemoge seo se kaiwang ke se se boletsweng. Seno se batla gore o reetse motho yo o buang ka tlhoafalo. Ga se fela gore a motho o tlhoka go ela tlhoko dikgopolo tse di bolelwang mme gape o tlhoka go tlhokomela gore motho yo o ikutlwa jang, tsela eo selo se buiwang ka yone. Gantsi monna o tlhaela thata mo ntlheng eno. Basadi ba ka nna ba utlwa botlhoko fela ka gonne banna ba palelwa ke go reetsa. Mme basadi le bone ba tshwanetse ba reetsa ka kelotlhoko e le gore ba tile go dira ditshwetso ka bonako. “Motho eo o botlhale a utlwè, a totahalè mo go ithuteñ.”—Diane 1:5.

Puisano ya Batsadi le Bana

10. Gore ba dire se se siameng fa ba buisana le bana ba bone, batsadi ba tshwanetse ba bo ba iketleeditse go dira eng?

10 Gape go na le mabaka ao mo go one batsadi le bana ba bone ba nang le bothata jwa go buisana. Go “godisetsa ñwana ka thutō mo tseleñ e o chwanetseñ go e tsamaea” go batla gore go nne le mokgwa wa go buisana. Go dira jalo go tla thusa go tlhomamisa gore “o tla re leha a cohetse ga a ketla a kgaogana naeō.” (Diane 22:6) Lebaka la go bo bana ba batsadi bangwe ba ya le lefatshe ka dinako tse dingwe e bo e le ka gonne ba ne ba sa kgone go buisana ka nako ya fa ngwana a le mo dingwageng tsa bosha. Boikarabelo jwa batsadi jwa go buisana le bana ba bone ka metlha bo tlotlomadiwa mo go Duteronome 6:6, 7: “Me mahoko a ke a gu laolèlañ gompiyeno, a a nnè mo peduñ ea gago: Me u a rutè bana ba gago ka tlhōahalō, u buè kaga aōna ha u dutsè mo tluñ ea gago, le ha u tsamaea mo tseleñ, le ha u rapame, le ha u rapamologa.” Ee, batsadi ba tshwanetse ba senya nako le bana ba bone! Ba tshwanetse ba bo ba rata go itima dilo dingwe ka ntlha ya bana ba bone.

11. Dilo dingwe tseo batsadi ba tshwanetseng ba di tlotla le bana ba bone ke dife?

11 Batsadi, bolelelang bana ba lona gore Jehofa o a ba rata le gore le lona lo a ba rata. (Diane 4:1-4) A ba bone kafa lo iketleeditseng ka gone go itima dilo tse di itumedisang le menate gore lo tlhokomele gore ba gola mo mogopolong, mo maikutlong, mo mmeleng le semoyeng. Selo se se botlhokwa mo ntlheng eno ke go utlwela botlhoko, ka mantswe a mangwe, kgono ya batsadi ya go leba dilo ka tsela e bana ba di lebang ka yone. Ka go bontsha lorato lo lo senang bogagapa, lona batsadi lo ka aga kgolagano e e nonofileng ya kutlwano le bana ba lona le go ba kgothaletsa gore ba lo ikanye go na le gore ba ikanye balekane ba bone.—Bakolosa 3:14.

12. Ke ka ntlha yang fa basha ba tshwanetse ba ikutlwa ba gololesegile go tlotla le batsadi ba bone?

12 Kafa letlhakoreng le lengwe, basha, lo tshwanetse lwa buisana le batsadi ba lona. Go anaanela seo ba lo diretseng sone go tla lo thusa gore lo ba ikanye. Lo tlhoka thuso ya bone le kemonokeng e e tswang mo go bone, mme go tla nna bonolo mo go bone gore ba lo di neele fa lo buisana le bone ka tshosologo. Ke ka ntlha yang fa lo dira gore balekane ba lona e nne bone bao tota ba lo neelang kgakololo? Ba ka nna ba bo ba sa go direla sepe se se kalokalo fa se bapisiwa le seo batsadi ba gago ba go diretseng sone. Boitemogelo jwa bone ka botshelo bo lekana fela le jwa gago, ebile fa e se karolo ya phuthego, tota ga ba kgatlhegele gore o bone melemo mo botshelong jotlhe jwa gago.

Go Buisana mo Teng ga Phuthego

13, 14. Ke melaometheo efe ya Bibela eo e dirang gore go nne le go buisana mo Bakereseteng?

13 Kgwetlho e nngwe ke go boloka puisano e ntse e le gone mo bakaulengweng ba ba mo phuthegong. Re gakololwa thata gore re se ka ra bakela go ‘phuthega ga rona.’ Ke ka ntlha yang fa re phuthega mmogo? Gore “re tlhotlheletsanyeñ mo loratoñ le mo ditihoñ tse di molemō.” Seno se batla gore re nne batho ba ba buisanang. (Bahebera 10:24, 25) Fa mongwe a go kgopisa, seno ga se lebaka la gore o se ka wa tlhola o ya kwa dipokanong. Nna o ntse o buisana le ba bangwe ka go latela melaometheo ya kgakololo eo Jesu a neng a e re neela jaaka fa e kwadilwe mo go Mathaio 18:15-17. Bua le motho yo o akanyang gore o baka gore o se ka wa itumela.

14 Fa o na le mathata le mongwe wa bakaulengwe ba gago, utlwa kgakololo ya Dikwalo e e tshwanang le e e tswang go Bakolosa 3:13: “Lo iphapaanyanè moñwe le eo moñwe, lo ichwarèlanè, ha motho moñwe a na le ñōñōrègō kaga eo moñwe; hèla yaka Morèna a lo ichwaretse, le lona lo dihè hèla yalo.” Seno se bolela gore motho a buisane le yo mongwe mo boemong jwa gore a gane go bua le ene. Mme fa o bona gore mongwe o lebega a se botsalano mo go wena, tsaya tsia kgakololo e e fitlhelwang mo go Mathaio 5:23, 24. Buisanang, mme o leke go agisana le mokaulengwe wa gago. Seno se batla gore o bo o na le lorato le boikokobetso, mme o tshwanetse go tsaya kgakololo ya ga Jesu tsia.

Kgakololo le Kgothatso

15. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba sa tshwanela go palelwa ke go neela kgakololo fa ba kgona go dira jalo?

15 Boikarabelo jwa go buisana le ba bangwe gape bo a akarediwa mo go utlweng kgakololo ya ga Paulo e e mo go Bagalatia 6:1: “Ba ga echo, leha motho a chwerwe mo tloloñ ñwe, lona ba lo leñ ba semōea, shokololañ eo o nntseñ yalo ka mōea oa bonōlō; u nntse u ipōna, e se re kgotsa le wèna ua raèlwa.” Go nna bori go tshwanetse ga re dira gore re dumele fa motho yo mongwe a tla go re bontsha koo re dirileng phoso gone mo puong ya rona kana mo boitshwarong jwa rona. Tota ebile, rotlhe re tshwanetse ra nna le boikutlo joo mopesalema Dafide a neng a na le jone fa a ne a kwala jaana: “A mosiami a ntiteè, e tla bo e le pelonomi hèla; a a nkōmanyè, e tla bo e le yaka ha loukwane lo thèlwa mo tlhogoñ ea me; a tlhōgō ea me e se lo gane.” (Pesalema 141:5) Bogolo jang bagolwane ba tshwanetse ba nna dikao tse di tlhomologileng mo go nneng boikokobetso, ba sa ganelele mo tseleng eo bone ka namana ba lebang dilo ka yone mme ba nne ba ipaakanyeditse go dumela fa ba bontshiwa gore ba baakanye diphoso, ba gakologelwa gore ‘ditlhabo tse di ntshitsweng ke tsala di boikango.’—Diane 27:6.

16. Ke mofuta ofe wa go buisana o dibui tsa batho ba ba sa leng basha ba tshwanetseng go o amogela?

16 Ke selo se se botlhale le se se bori gore basha ba batle kgakololo le kaelo mo Bakereseteng ba ba godileng, bao gongwe ba tla go neelang sengwe se se agang. Tota le eleng le bagolwane ba ka nna ba solegelwa molemo mo ntlheng eno. Ka sekai, mogolwane mongwe o ne a bolela mo puong gore masego ao go buiwang ka one mo go Tshenolō 7:16, 17, malebana le go sa tshwarwe ke tlala le go se nyorwe, e ne e le dilo tseo ba dinku di sele ba neng ba ka lebelela pele go di bona mo lefatsheng le lesha. Lefa go ntse jalo, go tlhalosiwa gore lokwalo lono lo dira thatathata jaanong. (Bona Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo E Atametse!, ditsebe 126-8.) Mogolwane yo o neng a reeditse o ne a akanya gore o tshwanetse a bontsha sebui kgang eno, mme pele a ka bona tshono ya go dira jalo, sebui se ne sa mo leletsa mogala mme se kopa kgakololo epe fela eo a e tlhokang go tokafatsa puo ya gagwe. Ee, a re dire gore go nne bonolo mo go bao ba ratang go re thusa ka go ba bolelela gore re rata go gakololwa. A re se ka ra nna batho ba ba amegang bonolo fela kana re nna bomaganagokgongwa go sa tlhokege.

17. Go buisana go ka thusa jang mo go ageng bakaulengwe ba rona?

17 Kgosi Solomone o ne a bolela molaomotheo o o ka nnang wa dirisiwa sentle mo motlotlong wa rona. O ne a bolela jaana: “Ba ba chwanecweñ ke go dihèlwa molemō, u se ka ua gana ka ōna, ha go le mo thateñ ea seatla sa gago go o diha.” (Diane 3:27) Re tshwanetse ra neela bakaulengwe ba rona lorato. Paulo o ne a bolela jaana: “Lo se ka loa nna molato le opè, ha e se go ratana hèla: gonne eo o ratañ oa ga gabō o dihaditse molaō.” (Baroma 13:8) Ka jalo nna motho yo o pelotshweu ka mafoko a gago a kgakololo. A motlhanka wa bodihedi yo o santseng a le mosha o neela puo ya gagwe ya ntlha ya phatlalatsa? Mo akgole. A kgaitsedi o leka ka natla kana o dirile sentle thata mo kabelong ya gagwe ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo? Mmolelele kafa o itumeletseng go bona kafa a dirang boiteko ka gone. Gongwe le gongwe fela, bakaulengwe ba rona le bokgaitsedi ba leka ka natla go dira bojotlhe jwa bone mme ba tla kgothadiwa ke fa o ba bolelela ka tsela e e lorato gore o a ba anaanela.

18. Fa go bonalang go na le go itshepa thata, selo se se bonolo go se dira ke sefe?

18 Go farologana le seo, sebui se sesha se ka nna sa bo se na le bokgoni tota, mme ka ntlha ya go bo a le monnye thata, a ka nna a bo a supa fa a na le go itshepa go gontsi thata go feta jaaka fa a tshwanetse. O tla buisana le ene ka tsela e e ntseng jang? A go ne go se kitla go nna molemo fa mogolwane yo o godileng a ne a ka mo akgolela dintlha dipe fela tse di molemo tsa puo ya gagwe, ka nako e e tshwanang, a ntse a tlhagisa ditsela tseo a ka tlhagolelang bori ka tsone mo isagweng? Tsela e e ntseng jalo ya go buisana e ne e tla bontsha lorato lwa bokaulengwe le go thusa batho ba basha gore ba se ka ba nna le dinonofo tse di sa siamang e santse e le nako, pele di nwelelela.

19. Ke ka ntlha yang fa bagolwane le ditlhogo tsa malapa ba tshwanetse go nna batho ba ba kgonang go buisana le ba bangwe?

19 Bagolwane ba a buisana ba bo ba buisane le phuthego ka dilo dingwe tse di leng mosola—gone ke boammaaruri gore ba tla tila go senola diphiri tse di ntseng jaaka tse di leng malebana le mathata a katlholelo. Lefa go ntse jalo, fa o le motho yo o ratang go fitlha diphiri thata seno se felela ka gore batho ba se ka ba go ikanya ebile se kgoba marapo ebile se ka senya moya wa botsalano o o leng gone mo phuthegong—kana mo lelapeng. Ka sekai, mongwe le mongwe o ipelela go utlwa pego e e agang. Fela jaaka fa moaposetoloi Paulo a ne a tlhologeletswe go tlotla ka dilo tsa semoya, ka jalo bagolwane ba tshwanetse ba nna tlhaga go neela ba bangwe tshedimosetso e e agang.—Diane 15:30; 25:25; Baroma 1:11, 12.

20. Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka karolo efe ya go buisana le batho?

20 Ee, go buisana go botlhokwa mo phuthegong ya Bokeresete le mo lelapeng la Bokeresete. Mo godimo ga moo, go botlhokwa le mo karolong e nngwe gape. Kae? Mo bodiheding jwa Bokeresete. Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka ditsela tseo ka tsone re ka tokafatsang botswerere jwa rona jwa go buisana le ba bangwe mo tirong eno e e botlhokwatlhokwa.

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Selo se ka metlha se kgoreletsang puisano ya lelapa se tshwanetse sa fenngwa jang?

◻ Banna le basadi ba ka lebana jang le kgwetlho ya go buisana?

◻ Batsadi le bana ba ka tila jang go sa atamalaneng ga batsadi le bana?

◻ Go buisana mo phuthegong le mo malapeng go ka itshupa jang gore go a aga?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Tsela e e molemo ya go buisana e dira gore dilo di tsamaye sentle mo lelapeng le gore le itumele

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela