Puisano e e Molemo—Selotlolo sa Lenyalo le le Itumetseng
Ka 1778, Robert Barron o ne a tlhama lloko e e lotlelwang gabedi, le e e nang le sepakelo e e sa ntseng e ediwa fa go dirwa dilloko gompieno. Mofuta wa lloko eno o tlhoka fela selotlolo se le sengwe se se kgonang go tsholetsa dipakelo tse pedi tsa lloko ka nako e le nngwe.
KA MO go tshwanang, gore lenyalo le atlege go tlhokega gore monna le mosadi ba dire mmogo ka kutlwano. Selo se se botlhokwa ke go nna le puisano e e molemo gore ba lotlolole le go ipelela lenyalo le le itumetseng.
Se Puisano e e Molemo e se Bolelang
Puisano e e molemo e akaretsa eng? Dikishinare nngwe e tlhalosa puisano e le “go neelana kana go abelana dikakanyo, megopolo, kana tshedimosetso ka go buisana, go kwalelana, kana ka puo ya diatla.” Ka gone puisano e bolela go abelana maikutlo le megopolo. Mme puisano e e molemo e akaretsa dilo tse di agang, tse di lapolosang, tse di siameng, tse di tshwanelwang ke pako le tse di gomotsang.—Baefeso 4:29-32; Bafilipi 4:8.
Puisano e e molemo e ka nna teng fa batho ba tshepana, ba ikanyana le go utlwisisana. Dinonofo tseno di nna teng fa banyalani ba tsaya lenyalo e le kamano ya botshelo jotlhe e bile ba ititeile sehuba go dira gore le atlege. Fa mokwadi wa ditlhamo e bong Joseph Addison wa lekgolo la bo18 la dingwaga a ne a akgela malebana le kamano e e ntseng jalo, o ne a kwala jaana: “Batho ba babedi ba ba tlhophaneng go tswa mo bathong ba bangwe botlhe, ka boikaelelo jwa gore ba gomotsane le go itumela mmogo, ka go dira jalo, ba itlamile go dira metlae mmogo, go bontshana bopelontle, go tlhaloganyana, go itshwarelana, go nna pelotelele, le go itumela, e ka tswa ba na le makoa e bile ba sena diphoso, go fitlhela ba kgaoganngwa ke loso.” A bo lenyalo le le ntseng jalo le itumetse jang ne! Mme dinonofo tseno tse di jaaka mabenyane di ka kgabisa lenyalo la lona, ka gonne di ka nna teng fa fela lo na le puisano e e melemo.
Dilo Tse di Kgoreletsang Puisano e e Molemo
Banyalani ba le bantsi ba tsena mo lenyalong ba na le tsholofelo, e bile ba itumetse thata. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae ba le bantsi ba bone ba felelwa ke boitumelo, mme tsholofelo le yone e nyelele. Mo boemong jwa go nna le tsholofelo ba betwa ke pelo, ba a galefa, ga ba nne botsalano, tota le go nna le letlhoo le le tseneletseng. Go tswa foo lenyalo e nna kgang fela ya go itshoka “go fitlha re kgaoganngwa ke loso.” Gore re tokafatse kana re tswelele pele re na le puisano e e molemo e e tla dirang gore lenyalo e nne le le itumetseng, he re tshwanetse go fenya dilo dingwe tse di ka e kgoreletsang.
Selo se tota se kgoreletsang puisano e e molemo e ka nna go tshaba gore molekane wa lenyalo o tla ikutlwa jang fa a utlwa tshedimosetso e e rileng kana sengwe se o se batlang. Ka sekai, o ka nna wa tshaba gore o tla go tlogela fa o sena go bolelelwa gore o na le bokoa bongwe jo bo masisi. Motho a ka tlhalosetsa molekane wa gagwe jang gore kgato e a tlileng go e tsaya e tlile go fetola tebego ya gagwe le tsela e a ntseng a dira dilo ka yone? Mo mabakeng a a ntseng jalo, go mmulela mafatlha le go ipaakanyetsa isagwe sentle ke dilo tse di botlhokwa fela thata. Go mo tlhomamisetsa gore o tla tswelela pele o mo rata, le go mmontsha lorato nako le nako, o tla bona gore o a mo kgatlhegela ka namana, seo se tla thusa gore lo nne le lenyalo le le itumetseng thata. Seane seno se tshwanetse go nna boammaaruri thata mo lenyalong: “Tsala e rata motho ka metlha yotlhe, le morwa rra motho o tsaletswe motlha wa pitlagano.”—Diane 17:17.
Selo se sengwe se se kgoreletsang puisano e e molemo ke go galefa. Go ile ga buiwa ka tsela e e tshwanetseng fa gotwe lenyalo le le itumetseng le bopiwa ke batho ba babedi ba ba itseng go itshwarelana. E le gore banyalani ba dire go dumalana le mafoko ao, ba tshwanetse go leka ka natla gore ba latele kgakololo eno e e mosola ya ga moaposetoloi Paulo: “A letsatsi le se ka la phirima lo santse lo rumolesegile.” (Baefeso 4:26) Gore ba dirise kgakololo eno go na le gore ba galefe, eleruri go tlhoka gore ba buisane ka boikokobetso. Balekane ba ba mo lenyalong le le itumetseng ga ba nnele go galefa, go omana, le go tshwarana ka pelo. (Diane 30:33) Ba batla go etsa Modimo, yo o sa tshwareng batho ka pelo. (Jeremia 3:12) Eleruri, ba itshwarelana go tswa pelong.—Mathaio 18:35.
Sekgoreletsi se segolo sa mofuta ope fela wa puisano ke go sa buisane. Seno se akaretsa go hutsafala, go fegelwa thata, go dira dilo e kete ga o rate, le fa molekane yo mongwe a gana go bua le yo mongwe. Molekane wa lenyalo yo o dirang jalo o a bo a bontsha gore ga a itumela. Mme go ntsha maikutlo a gagwe ka tlhamalalo le ka mokgwa o o siameng go ka dira gore lenyalo le atlege go gaisa fa a didimetse le fa a hutsafetse.
Go sa reetse ka tshwanelo kana go sa reetse gotlhelele fa molekane yo mongwe a bua ke sekgoreletsi se sengwe se se tshwanetseng go fenngwa gore go nne le puisano e e molemo ya go ntshana seinong mo lenyalong. Gongwe re lapile kana re tshwaregile thata mo e bileng re palelwa ke go kgaratlhela go nna le maatla a mogopolo le a maikutlo a a tlhokegang gore re reetsane ka kelotlhoko. Go ka nna ga tsoga dikganetsano ka ntlha ya dithulaganyo tse di dirilweng go sa utlwanwa sentle tse molekane yo mongwe a neng a nagana gore o boleletse yo mongwe ka tsone mme yo mongwe a tatalalela gore ke gone a simololang go di utlwa. Kwantle ga pelaelo, go sa buisane sentle go baka mathata a a ntseng jalo.
Ditsela Tse di Dirang Gore go Nne le Puisano e e Molemo
A bo go le botlhokwa jang ne go ipha nako ya go nna le puisano e e lorato, le e e agang! Batho ba bangwe ba senya nako e ntsi fa pele ga thelebishene ba lebile matshelo a batho ba bangwe mo e bileng ba se nang nako ya go akanya ka jwa bone ka bobone. Ka gone, gantsi go tima thelebishene ke kgato e e botlhokwa ya gore lo nne le puisano e e molemo.
Le fa go ntse jalo, fela jaaka go na le nako ya go bua, gape go na le nako ya go didimala. Monna yo o botlhale o ne a re: “Sengwe le sengwe se na le motlha wa sone, . . . motlha wa go didimala, le motlha wa go bua.” Ee ruri, gape go na le mafoko a a siametseng go ka buiwa. Seane sengwe se bolela jaana: “Lefoko, fa le buiwa mo lobakeng lo e leng lone, le molemo jang!” (Moreri 3:1, 7; Diane 15:23) Ka jalo bona gore ke nako efe e o ka tlhagisang ntlha ya gago ka yone kana e o ka ntshang se se mo pelong ya gago ka yone. Ipotse jaana: ‘A molekane wa me o lapile kana o iketlile le go lapologa mo mogopolong? A kgang e ke batlang go e mmolelela e ka dira gore a galefe? Ke mafoko afe a molekane wa me a neng a sa a rate mo nakong e e fetileng fa re ne re bua ka kgang eno?’
Go molemo go gakologelwa gore batho ba itshwara sentle fa ba ka lemoga gore go utlwa se se kopiwang kana go se dira go tla ba solegela molemo. Fa banyalani ba kgopisane, yo mongwe wa bone a ka nna a re, “Go na le sengwe se se ntseng se ntshwenya, mme re tlile go se rarabolola gone jaanong jaana!” Legale, mafoko a a tshwanang le ao a tla ikaega ka maemo, mme go ka nna molemo go bua sengwe se se jaaka, “Moratiwa, ke ntse ke akantse ka kgang e re kileng ra e bua pelenyana le gore re ka rarabolola dilo jang.” Ke tsela efe ya go bua e molekane wa gago a ka e itumelelang thata?
Ee, tsela e selo se builweng ka yone e botlhokwa thata. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “A puo ya lona ka metlha e nne ka bopelontle, e lokilwe ka letswai.” (Bakolosa 4:6) Leka gore lentswe la gago le mafoko a o a dirisang a utlwale gore o pelontle. Gakologelwa gore “mafoko a a monate a ntse jaaka lomepa lwa dinotshe, a monate mo moweng, e bile ke phodiso mo marapong.”—Diane 16:24.
Mo banyalaning ba bangwe go dira ditiro tsa mo gae mmogo go ka dira gore ba nne le puisano e e molemo. Tirisanommogo e e ntseng jalo e ka dira gore ba abelane dilo le gore ba nne le nako ya go buisana ka tsela e e molemo. Banyalani ba bangwe bone ba bona go le molemo e bile go thusa thata go nna le puisano e e molemo fa ba iketlile fela ba le mmogo ba sa dire sepe.
Gantsi motho a ka ithuta dilo di le dintsi ka go ela tlhoko tsela e banyalani ba ba tshwanelanang ba buisanang ka yone. Ke eng se se ba thusitseng? Gongwe, boiteko jo ba bo dirileng, bopelotelele le go akanyetsana ka tsela e e lorato, ke gone go dirileng gore ba utlwane thata le go buisana motlhofo jalo. Go ka direga gore bone ka bobone ba ile ba tshwanelwa ke go ithuta dilo tse dintsi, ka gonne manyalo a a itumetseng ga a itiragalele fela. Jalo he, go botlhokwa thata gore o sekegele pono ya molekane wa gago tsebe, go lemoga dilo tse a di tlhokang, le go tila dilo tse di ka bakang dikgotlhang ka gore o bue ka tsela e e botlhale. (Diane 16:23) Fa o le mo lenyalong, lwela go dira gore molekane wa gago a itumelele go nna le wena le go nna motho yo go leng motlhofo go ikopa maitshwarelo mo go ene. Seo se tla thusa thata gore lenyalo la gago e nne le le itumetseng.
Jehofa Modimo o batla batho ba ipelela manyalo a a itumetseng, a a nnelang ruri. (Genesise 2:18, 21) Mme seno se ikaegile thata ka batho ba ba kopantsweng ke lenyalo. Go tlhoka batho ba babedi ba ba ratanang ba tota ba dirang mmogo gore ba lotlolole lebati le le isang lenyalong le le atlegileng ka gore ba kgone go nna le puisano e e molemo.
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Go tima thelebishene go dira gore go nne le nako e ntsi ya go buisana
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Puisano e e agang e thusa go kopanya dipelo mo loratong lo lo nnelang ruri