Jehofa le Keresete ke ba Maemo a a Kwa Godimo mo go Buisaneng le ba Bangwe
“Rure Morèna Modimo o tla bo a sa dihe sepè, ha e se ka go senolèla batlhanka ba gagwè baperofeti leōma ya gagwè.”—AMOSE 3:7.
1. Go na le mekgwa efe ya tlhaeletsano e e dirisiwang gompieno?
GOMPIENO boranyane jwa go tlhaeletsana ke kgwebo e e dirang diranta di le dimilionemilione. Dibuka tsotlhe tse di gatisitsweng, makwalodikgang otlhe le dimakasine tsotlhe tse di gatisiwang ka metlha, dithulaganyo tsotlhe tsa radio le tsa thelebishene tse di gasiwang, go akaretsa le dibaesekopo tsotlhe le metshameko e e tshamekelwang mo seraleng, ke dilo tse di dirwang go leka go tlhaeletsana le ba bangwe. Go ntse jalo le ka makwalo otlhe ao a kwalwang a bo a romelwa le megala yotlhe. Tsotlhe ke dilo tse di dirwang go lekwa go tlhaeletsana le ba bangwe.
2. Go na le dikao dife tsa dilo tse di gatetseng pele tse batho ba di dirileng mo karolong ya boranyane ya ditlhaeletsano?
2 Kgatelopele e motho a e dirileng mo dikarolong tsa boranyane tsa ditlhaeletsano ga e a tlhomama. Ka sekai, dikheibole tse di logilweng, tseo di leng botoka thata fela go gaisa dikheibole tsa kgotlho, di ka kgona go tsamaisa metlotlo e le dikete tse di masomesome ya dithelefouno ka nako e le nngwe. Gape go na le disatelaete tsa ditlhaeletsano tseo di dikologang mo lefaufaung ebile di na le didirisiwa tse di kgonang go tsamaisa melaetsa ya thelefouno, thelekerama, radio le thelebishene. Satelaete e le nngwe e e ntseng jalo e ka kgona go tshwara melaetsa e le 30 000 ya thelefouno!
3. Go direga eng fa batho ba sa kgone go buisana?
3 Lefa go ntse jalo go sa kgathalesege mekgwa yone eno ya ditlhaeletsano, go na le matlhotlhapelo a le mantsi thata mo lefatsheng ka ntlha ya go palelwa ke go buisana ga batho. Ka gone, re bolelelwa gore “go na le kgogometso e e ntseng e gola—‘phatlha ya puisano’ e e ntseng e bulegela pele—mo gare ga babusi le batho ba ba busiwang.” Mme selo se se bidiwang go sa atamalanang ga batsadi le bana ke eng fa e se go palelwa ga batsadi go buisana le bana ba bone? Bagakolodi ba manyalo ba bega gore bothata jo bogolo mo manyalong ke go palelwa ga monna le mosadi go buisana. Go palelwa ke go buisana ka tsela e e tshwanetseng go ka nna ga ba ga baka le loso. Fa 1990 e ne e santse e simolola, batho ba le 73 ba ne ba swa fa sefofane se ne se thubega, go bonala selo se se neng sa baka seo e le gonne mokgweetsi wa sefofane le batsamaisi ba mo lefatsheng ba ne ba palelwa ke go buisana. Setlhogo sengwe sa lokwalodikgang se ne sa bolela jaana: “Bothata jwa Puisano Bo Ne Jwa Gogela kwa Matlhotlhapelong.”
4. (a) “Puisano” e bolela eng? (b) Mokgele wa puisano e e dirwang ke Bakeresete ke ofe?
4 Puisano kafa letlhakoreng la Bakeresete ke eng? Go ya ka buka nngwe e e tlhalosang mafoko, “puisano” e bolela “go fetisa tshedimosetso, mogopolo, kana maikutlo ka tsela eo e leng gore di amogelwa ka tsela e e kgotsofatsang kana di a tlhaloganngwa.” Buka e nngwe eo e tlhalosang mafoko e e tlhalosa jaaka “mokgwa wa go tlhagisa megopolo ka botswerere.” Tlhokomela tlhaloso eno, “go tlhagisa megopolo ka tsela e e botswerere.” Puisano bogolo jang eo e dirwang ke Bakeresete e tshwanetse ya nna e e botswerere ka gonne mokgele wa yone ke go fitlhelela dipelo tsa batho ka boammaaruri go tswa mo Lefokong la Modimo ka tsela eo e leng gore, go solofelwa gore, ba tla tsaya kgato ka seo ba se ithutang. Ka tsela eo e leng ya mofuta wa yone fela, e tlhotlhelediwa ke go senang bogagapa, ke lorato.
Jehofa Jaaka Yo O Kgonang go Buisana le Ba Bangwe
5. Nngwe ya ditsela tsa ntlha tseo Jehofa Modimo o neng a tlotla le motho ka tsone ke efe?
5 Ga go na pelaelo gore Jehofa Modimo ke ene Motho yo mogolo go gaisa yo o kgonang go buisana le batho. Ka gonne o re bopile mo setshwanong sa one le mo sebopegong sa one, o kgona go buisana le rona, ebile go a kgonega gore re buisane le ba bangwe kaga gagwe. Go tloga fela ka nako ya fa motho a bopiwa, Jehofa o ile a bolelela dibopiwa tsa gagwe tsa lefatshe kaga gagwe. Tsela e nngwe eo a dirileng seno ka yone ke ka popo ya gagwe e e bonalang. Ka gone, mopesalema o re bolelela jaana: “Magodimo a bolèla kgalalèlō ea Modimo; phuthologō le eōna e shupa tihō ea diatla tsa ōna. Letsatsi le tlhōmaganya puō le letsatsi ye leñwe, bosigo bo tlhōmaganya chupō ea kicō le bosigo yo boñwe.” (Pesalema 19:1, 2) Mme Baroma 1:20 e re bolelela gore ‘dinonofo tse di sa bonaleng tsa Modimo di sa le di bonala sentle gale mo tlholegong ya lefatshe.’ Ereka dilo tseno di ‘bonala sentle,’ seno ke bosupi jwa gore o dirisa mokgwa o o molemo wa go buisana le ba bangwe!
6. Jehofa o ne a bolelela dibopiwa tsa gagwe tsa selefatshe eng fa ba ne ba le mo tshimong ya Edena?
6 Batho ba ba senang tumelo mo Modimong le mo tshenolelong ya gagwe ya bomodimo ba ne ba tla leka go re dira gore re dumele gore motho o tlogetswe fela gore a ikaege ka motswedi o e leng wa gagwe wa tshedimosetso go iponela ka boene gore ke ka ntlha yang fa a le gone. Mme Lefoko la Modimo le bolela ka tsela e e utlwalang sentle gore Modimo o ile wa buisana le motho go tswa kwa tshimologong. Ka gone, Modimo o ne wa neela monna wa ntlha le mosadi molao ono wa gore ba tshole bana: “Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatse, lo le henyè; me lo laolè . . . señwe le señwe se se tshedileñ se se tsamaeañ mo lehatshiñ.” Gape Modimo o ne wa ba neela gore ba je maungo a tshimo go fitlha ba bo ba kgora—kwantle ga le le lengwe fela. Morago ga moo, fa Adame le Efa ba ne ba tlhoka go utlwa, Jehofa o ne a ba bolelela ka tsholofetso ya ntlha ya ga Mesia, a neela setho tsholofelo eno e e phatsimang: “Ke tla tsenya bobaba ha gare ga gago [noga] le mosadi, le ha gare ga losika loa gago le losika loa gagwè: lōna lo tla tapeta tlhōgō ea gago, me wèna u tla kgōba serèthè sa gagwè.”—Genesise 1:28; 2:16, 17; 3:15.
7. Buka ya Genesise e senola eng malebana le tsela eo Jehofa a neng a buisana le batlhanka ba gagwe ka yone?
7 Fa morwa wa ga Adame ebong Kaine a ne a tletse keletso ya go bolaya, Jehofa Modimo o ne a buisana le ene, a bolela gore: ‘O itlhokomele! Gonne o tlile go wela mo kotsing!’ Mme Kaine o ne a gana go utlwa tlhagiso eo mme a bolaya monnawe. (Genesise 4:6-8) Morago ga moo, fa lefatshe le tlala ka thubakanyo le boikepo, Jehofa o ne a buisana le monna yo o siameng ebong Noa, a mmolelela ka boikaelelo jwa gagwe jwa go tlosa sengwe le sengwe se se leswefatsang lefatshe. (Genesise 6:13–7:5) Morago ga Morwalela, fa Noa le lelapa la gagwe ba ne ba tswa mo arakeng, Jehofa o ne a ba bolelela boikaelelo jwa gagwe malebana le boitshepo jwa botshelo le madi, mme ka motshewagodimo o ne a tlhomamisa gore ga a kitla a tlhola a fedisa ditshedi tsotlhe ka morwalela. Makgolo a dingwaga moragonyana, Jehofa o ne a bolelela Aberahame ka maikaelelo a gagwe a go dira gore losika longwe le longwe lwa setho lo itshegofatse ka Losika lwa ga Aberahame. (Genesise 9:1-17; 12:1-3; 22:11, 12, 16-18) Mme fa Modimo o ne o ntsha taolo ya gore o tla senya bagokafadi ba Sodoma le Gomora, o ne a bolelela Aberahame ka selo seno ka tsela e e lorato, a bolela jaana: “A ke tla lōbèla Aberahame se ke se dihañ?”—Genesise 18:17.
8. Jehofa o ile a buisana le batlhanka ba gagwe mo lefatsheng ka ditsela dife tse nne?
8 Go tloga fela ka Moshe, Jehofa o ne a dirisa baperofeti ba le bantsintsi fela go buisana le Iseraele. (Bahebera 1:1) Ka dinako tse dingwe o ne a bua le bone ka molomo, jaaka fa a ne a bua le Moshe jaana: “Kwala mahoko a.” (Ekesodo 34:27) Gantsi thata Jehofa o ne a buisana le baemedi ba gagwe a dirisa dipono, jaaka fa a ne a setse a dirile mo go Aberahame.a Gape Jehofa o ne a dirisa ditoro go buisana le batho, mme a sa buisane le batlhanka ba gagwe fela mme le bao ba dirisanang le batlhanka ba gagwe. Ka sekai, Jehofa o ne a dira gore batho ba babedi ba ba neng ba tshwerwe le Josefa ba lore ditoro tseo Josefa a neng a di tlhalosa. Jehofa gape o ne a dira gore Faro le Nebukadenesare ba lore ditoro tse batlhanka ba gagwe eleng Josefa le Daniele ba neng ba ba tlhalosetsa tsone. (Genesise 40:8–41:32; Daniele, dikgaolo 2 le 4) Mo godimo ga moo, mo mabakeng a le mantsi Jehofa o ne a dirisa barongwa ba baengele go buisana le batlhanka ba gagwe.—Ekesodo 3:2; Baatlhodi 6:11; Mathaio 1:20; Luke 1:26.
9. Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Jehofa gore a buisane le batho ba gagwe ba Iseraele, mme seo se supiwa ke eng seo a neng a se bolela?
9 Mekgwa eno yotlhe ya go buisana eo Jehofa a neng a e dirisa ka baperofeti ba gagwe e ne e bontsha kafa a ratang batho ba gagwe ba Iseraele ka gone. Ka sekai, o ne a bolela a dirisa moperofeti wa gagwe ebong Esekiele jaana: “Ga ke na kgatlhègō epè mo loshuñ loa moikepi; ha e se go re, moikepi a shokologè mo tseleñ ea gagwè, me a tshelè: shokologañ, shokologañ mo ditseleñ tsa lona tse di boshula: gonne lo ratèlañ go shwa, lona ba ntlo ea Iseraela?” (Esekiele 33:11) Jehofa e ne e le Motho yo o pelotelele le yo o boitshoko yo o buisanang le batho ba gagwe ba bogologolo ba ba neng ba tsuologa, jaaka fa go ka bonwa mo go 2 Ditihalō 36:15, 16: “Me Yehofa, Modimo oa borrabō, a roma kwa go bōnè ka baroñwa ba gagwè, a phakèla a ba roma; ka gonne o na a utlwèla batho ba gagwè botlhoko, le helō ga boagō yoa gagwe; Me . . . ba nyatsa mahoko a gagwè, ba tshèga baperofeti ba gagwè, . . . ga tsamaea phodishō ea tlhōkahalèla rure.”
10. Jehofa o buisana jang le batho ba gagwe gompieno, mme ke Modimo o o buisanang le batho go ya bokgakaleng bofe?
10 Gompieno, re na le Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng eleng Bibela E E Boitshepo, eo Jehofa a buisanang le rona ka yone a re bolelela ka ga gagwe, maikaelelo a gagwe, le ka thato ya gagwe ka rona. (2 Timotheo 3:16, 17) Tota ebile, jaaka Motho yo o kwa Godimo Thata Yo O Kgonang go Buisana le ba bangwe, Jehofa, o bolela jaana: “Rure Morèna Modimo o tla bo a sa dihe sepè, ha e se ka go senolèla batlhanka ba gagwè baperofeti leōma ya gagwè.” (Amose 3:7) O itsise batlhanka ba gagwe seo a ikaeletseng go se dira.
Morwa Modimo Jaaka Motho Yo O Kgonang go Buisana le Ba Bangwe
11. Motho yo mogolo yo o dirisiwang ke Jehofa mo go buisaneng le motho ke mang, mme ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore a bo a bidiwa “Lefoko”?
11 Mo baemeding botlhe bao Jehofa a neng a ba dirisa go bolela thato ya Gagwe, yo o kwa pele go ba gaisa botlhe ke Lefoko, Logos, yo o neng a nna Jesu Keresete. Lebaka la go bo a bidiwa Lefoko, kana Logos le bolelang? Le bolela gore ke ene Mmueledi Yo Mogolo wa ga Jehofa. Mme mmueledi ke eng? Yo o bolelelang ba bangwe seo yo mongwe a se bolelang. Ka jalo Logos o ne a nna motho yo o bolelelang dibopiwa tse di botlhale tsa ga Jehofa Modimo tse di mo lefatsheng lefoko la Gagwe. Karolo eo e botlhokwa mo eleng gore o bidiwa Lefoko.—Yohane 1:1, 2, 14.
12. (a) Jesu o ne a tlile go dirang mo lefatsheng? (b) Ke eng se se bontshang gore o ne a diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka boikanyego?
12 Jesu ka boene o ne a bolelela Ponto Pilatwe gore boikaelelo jo bogolo jwa gagwe jwa go tla mo lefatsheng e ne e le go bolelela batho boammaaruri: “Ke tsalecwe gōna mouō, me ke tletse gōna mouō mo lehatshiñ, gore ke shupè kaga boamarure.” (Yohane 18:37) Mme pego e e leng mo Dikwalong tsa Efangele e bolela kafa a neng a diragatsa kabelo eo sentle ka gone. Thuto ya gagwe ya kwa Thabeng e begwa jaaka thuto e kgolo go di gaisa tsotlhe eo e kileng ya rerwa ke motho. Abo a ile a buisana le batho ka tsela e e molemo jang ne mo thutong eo! Go ne ga felela ka gore “batho [ba ba neng ba reeditse thero eno] ba gakgamalèla thutō ea gagwè.” (Mathaio 7:28) Mo lobakeng lo longwe, re bala jaana: “Ba e leñ batho hèla ba mo utlwa ka boitumèlō.” (Mareko 12:37) Fa maotlana mangwe a ne a romilwe go ya go tshwara Jesu, ba ne ba boa ba sa mo tshwara. Ka ntlha yang? Ba ne ba araba Bafarasai jaana: “Ga go e se go ko go bue motho opè yaka èna.”—Yohane 7:46.
Barutwa ba ga Keresete Ba Laetswe go Nna Batho Ba Ba Buisanang le Batho
13. Ke eng se se bontshang gore Keresete o ne a sa kgotsofalele gore e nne ene fela motho yo o buisanang le ba bangwe?
13 Ereka a ne a sa batle go nna ene fela motho yo o buisanang le batho Jesu sa ntlha o ne a laela baaposetoloi ba ba 12 mme moragonyana bareri ba mafoko a a molemo ba le 70 gore ba tsamaye jaaka batho ba ba bolelang mafoko a a molemo a Bogosi. (Luke 9:1; 10:1) Morago ga moo ka bonakonyana fela pele a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba dire tiro e e kgethegileng. Ke tiro efe eo? Jaaka fa re bala mo go Mathaio 28:19, 20, o ne a ba laela gore e nne batho ba ba buang le batho; ebile ba ne ba santse ba tla ruta ba bangwe gore ba nne batho ba ba buisanang le ba bangwe.
14. Babuisani ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le bokgoni go le kana kang?
14 A barutwa e ne e le batho ba ba kgonang go buisana le ba bangwe ka tsela e e molemo? Eleruri ba ne ba kgona! Ka ntlha ya go rera ga bone mo letsatsing la Pentekosete ya 33 C.E., phuthego e e neng e sa tswa go tlhongwa ya Bokeresete e ne ya okediwa ka meya e le 3 000. Go ise go ye kae palo ya bone e ne ya oketsega go ya go fitlha go banna ba le 5 000. (Ditihō 2:41; 4:4) Ga go gakgamatse go bo baba ba bone ba Bajuda ba ne ba ba latofatsa ka gore ba tladitse Jerusalema yotlhe ka thuto ya bone mme moragonyana ba ngongorega ka gore ba tshelepantse lefatshe lotlhe ka go rera ga bone!—Ditihō 5:28; 17:6.
15. Jehofa o dirisitse eng mo dinakong tsa segompieno go buisana le batho?
15 Go tweng ka dinako tsa gompieno? Jaaka fa go ne ga bolelelwa pele mo go Mathaio 24:3, 45-47, Morena, Jesu Keresete, o tlhomile “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” yo o dirilweng ka Bakeresete ba ba tloditsweng, gore ba tlhokomele ba ntlo ya gagwe mo lefatsheng ka nako eno ya go nna gone ga gagwe. Motlhanka yono yo o boikanngo le yo o botlhale o emelwa gompieno ke Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, seo se dirisang Watch Tower Bible and Tract Society. Ka mo go tshwanelang sentle, motlhanka yoo yo o ikanyegang le yo o botlhale le ene o ne a ntse a bidiwa tsela eo Modimo o e dirisang go buisana le batho. Mme jaanong le ene o re kgothaletsa gore re nne batho ba ba buisanang le ba bangwe ka tsela e e molemo. Tota ebile, tokololo ya ntlha fela ya Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence e ne ya gakolola babadi ba yone jaana: “Fa e le gore o na le moagelani kana tsala eo o akanyang gore e ka nna ya kgatlhegela thuto [e e mo makasineng ono] kana ya solegelwa molemo ke yone, o ka nna wa e mmontsha; ka go dira jalo o rera Lefoko le go direla batho botlhe molemo fa o bona tshono eo.”
16. Ke eng se se bontshang gore go tlhokega se se fetang fela go bala Bibela gore Modimo o buisane le batlhanka ba gagwe ba selefatshe ka tsela e e molemo?
16 Lefa go ntse jalo, go kgona fela go nna le Lefoko la Modimo le go le bala ka bowena ga go a lekana gore o bone kitso ya boammaaruri eo e dirang gore motho a tsamaye mo tseleng ya botshelo. Gakologelwa motlhankela wa Moethopia yo o neng a bala boperofeti jo bo mo go Isaia mme a sa tlhaloganye seo a se balang. Filipi wa moefangele o ne a mo tlhalosetsa polelelopele eno, eo morago ga yone a neng a ipaakanyeditse go kolobediwa jaaka morutwa wa ga Keresete. (Ditihō 8:27-38) Lebaka la go bo go tlhokega go go oketsegileng go feta gore motho a bale Bibela fela ka boene le bonala mo go Baefesia 4:11-13, koo Paulo a bontshang gore Keresete ga a abela bangwe fela go nna baaposetoloi ba ba tlhotlheleditsweng le baperofeti mme gape o ne a abela ‘bangwe jaaka bareri ba Mafoko a a Molemo, bangwe jaaka badisa ba phuthego, le baruti: Gore baitshepi ba itekanediwe, le gore ba dire tiro ya tihelo ya phuthego, gore ba agelele mmele wa ga Keresete: Go tle go tsamaye re fitlhe rotlhe mo bongwe feleng jwa tumelo le mo kitsong ya Morwa Modimo, go ya go fitlha mo boemong jwa monna yo o godileng.’
17. Re ka bona jang baemedi ba Jehofa a ba dirisang gompieno go buisana le batho ka maikaelelo a gagwe?
17 Re ka bona jang bao Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba ba dirisang go thusa batho bao ba tla nnang Bakeresete gore ba fitlhe mo boemong jwa go nna banna ba ba godileng? Go ya ka Jesu, nngwe ya matshwao ao a tla ba tshwayang e tla nna gore ba a ratana fela jaaka fa Jesu a ne a rata balatedi ba gagwe. (Yohane 13:34, 35) Letshwao le lengwe gape: Ga ba kitla ba nna karolo ya lefatshe, fela jaaka Jesu e ne e se karolo ya lefatshe. (Yohane 15:19; 17:16) Letshwao le lengwe gape e ne e tla nna gore ba lemoga gore Lefoko la Modimo ke boammaaruri, fela jaaka Jesu a ne a dira, ba le bolela fa le na le maatla ba sa kgaotse. (Mathaio 22:29; Yohane 17:17) Ba baya leina la Modimo kwa pele, fela jaaka fa Jesu a ne a dira, e ne e tla nna selo se sengwe se se neng se tla ba tshwaya. (Mathaio 6:9; Yohane 17:6) Mme letshwao le lengwe gape e ne e tla nna go latela sekao sa ga Jesu sa go rera Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 4:17; 24:14) Go na le setlhopha se le sengwe fela seo se fitlhelelang dipatlafalo tseno, eleng batho ba meraferafe bao ba kgonang go buisana le batho bao ba itseweng jaaka Basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa.
18. Ditlhogo tse di latelang di tla tlotla ka dikarolo dife di le tharo tsa go buisana le ba bangwe?
18 Lefa go ntse jalo, go buisana le batho go dira gore motho a nne le boikarabelo mo go ba bangwe. Bakeresete ba na le boikarabelo jwa go buisana le bomang? Totatota, go na le dikarolo di le tharo tseo Bakeresete ba tshwanetseng ba amega kaga go nna ba buisana le batho mo go tsone: mo lelapeng, mo phuthegong ya Bokeresete, le mo bodiheding jwa Bokeresete jwa tshimo. Ditlhogo tse di latelang di tla tlotla ka dikarolo tseno tsa kgang ya rona.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona Genesise 15:1; 46:2; Dipalō 8:4; 2 Samuele 7:17; 2 Ditihalō 9:29; Isaia 1:1; Esekiele 11:24; Daniele 2:19; Obadia 1; Nahume 1:1; Ditihō 16:9; Tshenolō 9:17.
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Go se kgone go buisana sentle le ba bangwe go ka utlwisa botlhoko jang?
◻ Batho ba babedi ba ba kgonang go buisana le ba bangwe ka tsela e e molemolemo ke bomang?
◻ Ke ditsela dife tse di farologaneng tseo Modimo o di dirisitseng go buisana le motho?
◻ Jesu o ne a di goga kwa pele jang mo go buisaneng le batho?
◻ Bakeresete ba pele ba ne ba atlega go le kana kang mo go buisaneng le batho?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Fela jaaka Rraagwe wa selegodimo, Jesu e ne e le motho yo o boutlwelobotlhoko yo o neng a kgona go buisana le batho