LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g03 10/8 ts. 26
  • Puisano e e Isang Botshelong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Puisano e e Isang Botshelong
  • Tsogang!—2003
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Reetsa Modimo?
  • Go Buisana mo Lelapeng le mo Phuthegong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • A o Bua le Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Go Buisana le ba Bangwe mo Bodiheding Jwa Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Jehofa le Keresete ke ba Maemo a a Kwa Godimo mo go Buisaneng le ba Bangwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2003
g03 10/8 ts. 26

Puisano e e Isang Botshelong

MO DIBOPIWENG tsotlhe tsa lefatshe, batho ke bone fela ba ba sa kgotsofaleleng gore ba bo ba buisana ba le bosi fela. Go sa kgathalesege gore batho ke ba setšhaba sefe, ba na le maemo afe mo setšhabeng, ke ba bong bofe kgotsa ba rutegile go le kana kang, ba bontshitse gore ba na le keletso e ba tshotsweng ba na le yone ya go buisana le motho yo mogolo thata, e bong Modimo.

A eno ke tumelo fela e e seng ya sepe? Gotlhelele nnyaa! Jaaka go tlhalositswe mo setlhogong se se fetileng, Modimo o bopile batho mo setshwanong sa gagwe. O tsentse mo go rona bokgoni jwa go tlhaloganya dilo tsa semoya. Seno se akaretsa keletso ya go buisana le ene jaaka Rraarona wa selegodimo. (Genesise 1:27; Mathaio 5:3) Tota e bile, Modimo o leba go buisana le ene go le botlhokwa mo e leng gore o bolelwa e le “Moutlwi wa thapelo.”—Pesalema 65:2.

Ruri ke tshiamelo go rapela Mothatayotlhe! Batho ba le bantsi ba tla go tsaya e le tshiamelo go buisana le motho wa maemo a a kwa godimo mo sephiring, jaaka moporesidente kgotsa tonakgolo. Le fa go ntse jalo, Jehofa Modimo ke motho yo mogolo mo lobopong! Mme ga re tlhoke go mo itsise pele gore re batla go buisana le ene. Re ka rapela nako nngwe le nngwe, gongwe le gongwe. Re ka kgona go rapela Modimo ka go buela mo pelong. (1 Samuele 1:12-15) Le fa go ntse jalo, Jehofa o batla gore re nne peloephepa le gore re mo reetse ka boikobo. (Mika 6:8; Mathaio 6:5-13) Tota e bile, puisano e e molemo ke selo se se amang batho ba babedi, a ga go jalo?

A o Reetsa Modimo?

Motho a ka reetsa Modimo jang? Selo sa botlhokwa ke go bala le go dirisa dithuto tse di fitlhelwang mo Lefokong la gagwe le le kwadilweng, e leng Baebele e e Boitshepo. (2 Timotheo 3:16; 2 Petere 1:20, 21) Jesu o ne a re: “Motho o tshwanetse go tshela . . . ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.” (Mathaio 4:4) A o reetsa Modimo ka go bala Lefoko la gagwe le le kwadilweng le go le dirisa?

Jehofa o amogela ba ba buisanang le ene ka metlha e bile ba itumelela “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.” (Bafilipi 4:6, 7; Diane 1:33) Gape ba na le tebelelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise, ba sa tlhole ba tlhobaela le go boga jaaka go re diragalela gompieno. (Pesalema 37:29; Johane 17:3) A bo ba ba dirisang mpho eno e e gakgamatsang ya puisano ka tsela e e molemo ba tla bona maduo a a molemolemo jang ne!

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go buisana le Modimo go akaretsa go bala Baebele le go rapela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela