LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/02 ts. 8
  • Nna le Bokgoni Jwa go Buisana le ba Bangwe!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna le Bokgoni Jwa go Buisana le ba Bangwe!
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa le Keresete ke ba Maemo a a Kwa Godimo mo go Buisaneng le ba Bangwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Buisana le ba Bangwe mo Bodiheding Jwa Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Buisana mo Lelapeng le mo Phuthegong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Puisano e e Molemo—Selotlolo sa Lenyalo le le Itumetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 8/02 ts. 8

Nna le Bokgoni Jwa go Buisana le ba Bangwe!

1 Gore re kgone go diragatsa thomo ya rona ya go rera le go dira barutwa, re tshwanetse go bo re kgona go naya batho ba bangwe tshedimosetso. (Math. 24:14; 28:19, 20) Puisano e ka nna kgwetlho tota le mo bathong ba e leng ditsala. Ke eng se se ka re thusang go bolelela batho ba re sa ba itseng dikgang tse di molemo?

2 Thusa Mong wa Ntlo Gore a go Lebe o le Tsala e Seng Motho Yo a Sa mo Itseng: Leka go ipaya mo maemong a batho ba o kopanang le bone mo bodireding. Mo lefatsheng gompieno, re a tlhaloganya go bo bangwe ba belaela batho ba ba sa ba itseng kgotsa ba ba boifa. Seno se ka dira gore go nne thata go buisana le bone. Re ka dira jang gore batho ba re kopanang le bone ba se ka ba nna le dipelaelo? Pele ga re bua sepe fela, tsela e re ka buang ka yone ke ka tebego ya rona e e nang le seriti. Go apara ga rona ka tsela e e nang le seriti go thusa go fokotsa letshogo.—1 Tim. 2:9, 10.

3 Selo se sengwe se se re thusang go buisana le batho ke go ritibala le go nna botsalano. Seno se dira gore ba bangwe ba wele makgwafo le gore ba re reetse. Gore re kgone go dira jalo, re tshwanetse go baakanyetsa sentle. Ga re tshoge fa re itse sentle gore re tlile go bua ka eng. Mme go ritibala jalo ga rona mo mogopolong go tla dira gore ba bangwe ba reetse molaetsa wa rona. Mosadi mongwe o ne a bua jaana ka Mosupi yo o neng a mo etela: “Ke gakologelwa kafa a neng a nyenya ka botsalano ka gone. Ke ne ke kgatlhegile tota.” Seno se ne sa dira gore mosadi yono a reetse dikgang tse di molemo.

4 Dinonofo Tse di Ngokang Batho: Re tshwanetse go kgatlhegela batho ba bangwe. (Bafil. 2:4) Tsela nngwe ya go dira jalo, ke go tlhokomela gore ga se rona re buang thata ka dinako tsotlhe. Totatota, puisano e akaretsa go reetsa. Fa re kopa batho ba ba re reeditseng gore ba tlhalose maikutlo a bone mme re bo re reetsa dikakgelo tsa bone ka tsela e e bontshang gore re a di kgatlhegela, ba a lemoga gore re ba tsaya tsia. Ka jalo, fa bareetsi ba gago ba bua o se ka wa itlhaganelela go buisana le bone ka se o tlileng o se baakanyeditse. Ba akgole go tswa pelong fa go kgonega, mme o leke go tsweletsa motlotlo ka se ba se buang. Fa dikakgelo tsa bone di bontsha gore go na le sengwe se ba tshwenyegileng thata ka sone, dira gore motlotlo wa gago e nne o o buang ka dilo tseo.

5 Boingotlo le mogopolo o o ikokobeditseng di dira gore go se ka ga nna le mathata a puisano. (Dia. 11:2; Dit. 20:19) Jesu o ne a ngoka batho ka gonne o ne a le ‘bonolo e bile a ikokobeditse mo pelong.’ (Math. 11:29) Ka fa letlhakoreng le lengwe go ikgogomosa go ka dira gore batho ba go katoge. Ka jalo, le mororo re tlhatswegile pelo thata gore re na le boammaaruri, ka botlhale re tila go bua re gatelela dilo.

6 Go tweng fa se motho a se buang se bontsha gore dilo tse a di dumelang ga di dumalane le dithuto tsa Baebele? A re patelesega go mmontsha gore se a se dumelang se phoso? Ee, fa nako e ntse e tsamaya mme ga re tlhoke go dira jalo mo loetong lwa rona lwa ntlha. Gantsi, go molemo gore re buisane le motho yo o re reeditseng ka selo se re dumalanang le ene ka sone pele re mo ruta dithuto tsa Baebele tse a ka nnang a fitlhela go le thata go di amogela. Seno se re tlhoka bopelotelele le go dira dilo ka botlhale. Paulo o ne a re tlhomela sekao se se molemo se se amanang le seno fa a ne a neela baatlhodi ba kwa Areopago bosupi.—Dit. 17:18, 22-31.

7 Mo godimo ga tsotlhe, lorato lo e seng lwa bopelotshetlha lo tla re thusa go buisana le batho ka tsela e e nang le matswela. Fela jaaka Jesu, re tshwanetse go utlwela botlhoko batho ba ba ‘sotlegileng e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.’ (Math. 9:36) Seno se re tlhotlheletsa go ba leretse dikgang tse di molemo le go ba thusa go nna mo tseleng e e isang botshelong. Molaetsa wa rona ke wa lorato, ka jalo a re nneng re o bolela ka tsela e e lorato. Fa re dira jalo re tla bo re etsa Jehofa Modimo le Jesu Keresete—batho ba ba nang le bokgoni jwa go Buisana le ba bangwe go feta botlhe mo lobopong.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela