LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 5/15 ts. 10-15
  • Re Leboga Gore Jehofa o re Bontsha Tsela ya Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Leboga Gore Jehofa o re Bontsha Tsela ya Gagwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o re Bontsha Tsela
  • Bangwe Ba ne Ba Tsamaya mo Tseleng ya ga Jehofa
  • Lebaka La go Bo Bangwe Ba ne Ba Latlha Tsela ya ga Jehofa
  • Sekao se se Maswe sa ga Ahase
  • Bajuda le Jeremia Kwa Egepeto
  • Jehofa o Segofatsa ba ba Tsamayang mo Tseleng ya Gagwe
  • Ikanye Jehofa Fa o Le mo Pitlaganong
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • Tsheko ya Lobopo Lotlhe E e Go Kopanyeletsang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Basupi Kgatlhanong le Medimo ya Maaka
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Tshwetso ya ga Jehofa Kgatlhanong le Ditšhaba
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 5/15 ts. 10-15

Re Leboga Gore Jehofa o re Bontsha Tsela ya Gagwe

“Ka ga Modimo, tsela ya one e itekanetse; lefoko la ga Jehofa le lekilwe.”—2 SAMUELE 22:31.

1, 2. (a) Batho botlhe ba tlhoka eng thata? (b) Ke sekai sa ga mang se go leng molemo go se etsa?

BATHO botlhe ba tlhoka kaelo thata. Ee, re tlhoka thuso e e ka re kaelang mo botshelong. Ke boammaaruri gore Jehofa o re bopile re na le botlhale ka selekanyo se se rileng le segakolodi go re thusa go farologanya dilo tse di siameng mo go tse di phoso. Le fa go ntse jalo, gore digakolodi tsa rona di re kaele sentle, re tlhoka go di katisa. (Bahebera 5:14) Ditlhaloganyo tsa rona le tsone di tlhoka go fepiwa ka tshedimosetso e e siameng—le katiso e e ka re thusang go sekaseka tshedimosetso eo—gore re kgone go dira ditshwetso tse di siameng. (Diane 2:1-5) Le fa go ntse jalo, ka go bo botshelo bo sa tlhomama, ditshwetso tsa rona di ka nna tsa se ka tsa atlega jaaka re ne re akantse. (Moreri 9:11) Ka borona fela re ka se itse kafa isagwe e tlileng go nna ka teng.

2 Ka ntlha ya lebaka leno le a mangwe a mantsi, moporofeti Jeremia o ile a kwala jaana: “Jehofa, ke a itse fa tsela ya motho e se mo go ene ka esi; ga goyo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Jesu Keresete, monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela, o ne a amogela kaelo. O ile a re: “Morwa ga a ka ke a dira selo lefa e le se le sengwe ka bogagagwe, fa e se fela se a bonang Rara a se dira. Gonne dilo lefa e le dife tse Ene yoo a di dirang, dilo tseno Morwa le ene o di dira ka mokgwa o o tshwanang.” (Johane 5:19) Ka jalo, a bo go le molemo jang ne go etsa Jesu mme re ikanye Jehofa go bona thuso e e ka kaelang dikgato tsa rona! Kgosi Dafide o ile a opela jaana: “Ka ga Modimo, tsela ya one e itekanetse; lefoko la ga Jehofa le lekilwe; ene, ke thebe ya botlhe ba ba mo ikanyang.” (2 Samuele 22:31) Fa e le gore re batla go tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa go na le go latela botlhale jwa rona, re tla bona kaelo e e molemo tota. Go gana tsela ya Modimo go felela ka masetlapelo.

Jehofa o re Bontsha Tsela

3. Jehofa o ile a kaela Adame le Efa jang, a ba naya tebelelo efe?

3 Akanya ka kgang ya ga Adame le Efa. Le mororo ba ne ba se na boleo, ba ne ba tlhoka go kaelwa. Jehofa ga a ka a tlogelela gore Adame a ithulaganyetse dilo mo tshingwaneng e ntle ya Edene. Go na le moo, Modimo o ne a mo naya tiro go e dira. Sa ntlha, Adame o ne a tshwanetse go naya diphologolo maina. Go tswa foo, Jehofa o ne a naya Adame le Efa mekgele ya lobaka lo loleele. Ba ne ba tshwanetse go fenya lefatshe, ba le tlatse ka bana le go tlhokomela diphologolo mo lefatsheng. (Genesise 1:28) Seno e ne e tla nna namane e tona ya tiro, mme gone, e ne e tla felela ka gore go nne le paradaise mo lefatsheng lotlhe e e tletseng ka batho ba ba itekanetseng ba tshela mmogo ka kutlwano le diphologolo. A tebelelo e e molemo ruri! Mo godimo ga moo, fa Adame le Efa ba ntse ba tsamaya ka boikanyegi mo tseleng ya ga Jehofa, ba ne ba tla kgona go nna ba buisana le ene. (Bapisa Genesise 3:8.) A bo e le tshiamelo e e molemo jang ne—go nna le kamano e e sa kgaotseng ya botsala le Mmopi!

4. Adame le Efa ba ile ba bontsha go tlhoka tshepo le boikanyegi jang, mme ka matswela afe a a bosula?

4 Jehofa o ne a iletsa batho ba ntlha ba babedi go ja setlhare sa kitso ya molemo le bosula se se neng se le mo Edene, mme seno se ne sa ba naya tshono e e tlhamaletseng ya go bontsha kutlo ya bone—keletso ya bone ya go tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa. (Genesise 2:17) Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae kutlo eo ya bone e ile ya lekwa. Fa Satane a ne a tla ka mafoko a gagwe a tsietso, Adame le Efa ba ne ba tshwanetse go bontsha kafa ba ikanyegang ka teng mo go Jehofa le go tshepa tsholofetso ya Gagwe fa ba ne ba batla go tswelela pele ba bontsha kutlo. Ka maswabi, ba ile ba se ka ba ikanyega le go bontsha go mo ikanya. Fa Satane a ne a solofetsa Efa boitaolo le go pega Jehofa molato wa gore o bua maaka, o ne a tsiediwa mme a tlola molao wa Modimo. Adame o ile a leofa le ene. (Genesise 3:1-6; 1 Timotheo 2:14) Ka ntlha ya seo, ba ile ba latlhegelwa thata. Go tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa go ka bo go ile ga ba naya boipelo jo bo oketsegelang pele fa ba ntse ba tsweletse ka go dira thato ya gagwe. Go na le moo, botshelo jwa bone bo ne bo tla tlala ka maswabi le kutlobotlhoko go fitlha loso lo ba fenya.—Genesise 3:16-19; 5:1-5.

5. Maikaelelo a ga Jehofa a lobaka lo loleele ke afe, mme o thusa batho ba ba ikanyegang jang gore ba a bone fa a diragadiwa?

5 Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a fetola maikaelelo a gagwe a gore letsatsi lengwe lefatshe e tla bo e le legae la paradaise la batho ba ba itekanetseng ba ba se nang boleo. (Pesalema 37:11, 29) E bile ga a ise a ko a lese go neela batho ba ba tsamayang mo tseleng ya gagwe le ba ba solofetseng go bona tsholofetso eo e diragadiwa kaelo e e molemo. Rona ba re reetsang Jehofa fa a bua, re utlwa lentswe sefularong sa rona le re: “Tsela ke e, tsamayang mo go yone.”—Isaia 30:21.

Bangwe Ba ne Ba Tsamaya mo Tseleng ya ga Jehofa

6. Ke banna bafe ba babedi ba bogologolo ba ba ileng ba tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa, mme ka matswela afe?

6 Go ya ka pego ya Baebele, ke bana ba sekae fela ba ga Adame le Efa ba ba ileng ba tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa. Abele e ne e le wa ntlha mo go bone. Le mororo a ile a swa pele ga nako, o sule a amogelwa ke Jehofa mme ka gone o na le tsholofelo e e tlhomameng ya go bona “tsogo ya ba ba siameng” ka nako e Modimo a e tlhomileng. (Ditiro 24:15) Kgabagare o tla bona maikaelelo a magolo a ga Jehofa ka lefatshe le batho a diragadiwa. (Bahebera 11:4) Yo mongwe yo o ileng a tsamaya le Jehofa ke Enoke, yo boporofeti jwa gagwe malebana le bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo kwadilweng mo bukeng ya Jude. (Jude 14, 15) Enoke le ene o ile a se ka a kgona go tshela botshelo jotlhe jo a neng a ka kgona go bo tshela. (Genesise 5:21-24) Le fa go ntse jalo, “o ne a na le bosupi jwa gore o ne a itumedisitse Modimo sentle.” (Bahebera 11:5) Jaaka Abele, e rile fa a swa, a bo a na le tsholofelo e e tlhomameng ya gore o tla tsoga mme o tla nna mongwe wa batho ba ba tla bonang maikaelelo a ga Jehofa a diragadiwa.

7. Noa le lelapa la gagwe ba ile ba bontsha jang go ikanyega mo go Jehofa le go mo ikanya?

7 Fa batho ba motlha wa pele ga Morwalela ba ntse ba nnela boikepo go ya pele, go ne ga se ka ga nna motlhofo go ikanyega mo go Jehofa. Fa lefatshe leo le tloga le fedisiwa, go ne go na le setlhopha se sennye fela sa batho ba ba neng ba tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa. Noa le lelapa la gagwe ba ile ba reetsa Modimo le go tshepa se a neng a se bua. Ba ile ba dira ditiro tse a neng a ba neile tsone ka boikanyegi mme ba gana go dira ditiro tse di boikepo tsa lefatshe la nako eo. (Genesise 6:5-7, 13-16; Bahebera 11:7; 2 Petere 2:5) Re ka lebogela go bo ba ile ba ikanyega le go bontsha tshepo ka boikokobetso. Ka ntlha ya seo, ba ile ba falola Morwalela mme ba nna bagolwagolwane ba rona.—Genesise 6:22; 1 Petere 3:20.

8. Mo setšhabeng sa Iseraele, go tsamaya mo tseleng ya Modimo go ne go akaretsa eng?

8 Fa go ntse go ya, Jehofa o ile a dira kgolagano le ditlogolwana tsa ga Jakobe yo o ikanyegang mme ba ile ba nna setšhaba sa gagwe se se kgethegileng. (Ekesodo 19:5, 6) Jehofa o ile a kaela batho bano ba gagwe ba kgolagano ka Molao o o kwadilweng, thulaganyo ya boperesiti le kaelo e e sa kgaotseng ya baporofeti. Mme gone, go ne go ikaegile ka Baiseraele gore a ba tla latela kaelo eo. Jehofa o ile a dira gore moporofeti wa gagwe a reye Baiseraele a re: “Bonang, gompieno ke baya tshegofatso le phutso fa pele ga lona: Tshegofatso, fa lo ka reetsa ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa lona, tse ke di lo laolelang gompieno; le phutso, fa lo gana go reetsa ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa lona, mme lo fapoga tsela e ke e le laolelang gompieno, go ya go sala medimo e sele morago, e lo iseng lo e itse.”—Duteronome 11:26-28.

Lebaka La go Bo Bangwe Ba ne Ba Latlha Tsela ya ga Jehofa

9, 10. Ke maemo afe a a neng a tlhoka Baiseraele go ikanya Jehofa le go ikanyega mo go ene?

9 Fela jaaka go ne go ntse ka Adame le Efa, fa Baiseraele ba ne ba batla go tswelela pele ba le kutlo, ba ne ba tshwanetse go ikanya Jehofa le go ikanyega mo go ene. Iseraele e ne e le setšhaba se sennye se se neng se dikaganyeditswe ke baagelani ba ba ratang ntwa. Kwa borwabophirima jwa yone go ne go le Egepeto le Ethiopia. Kwa bokonebotlhaba go le Siria le Asiria. Go bapa le ene go le Bafilisitia, Baamone, Bamoabe le Baedoma. Ka dinako dingwe ditšhaba tseno tsotlhe di ne tsa nna baba ba Iseraele. Mo godimo ga moo, tsotlhe fela di ne di le mo bodumeding jwa maaka, jo bo neng bo itsege ka kobamelo ya medimo ya disetwa, tepodinaledi, ka dinako dingwe le ngwaokobamelo ya tlhakanelodikobo le go isa bana ditlhabelo ka tsela e e setlhogo. Baagelani ba Iseraele ba ne ba ikantse medimo ya bone go ba tlamela ka malapa a magolo, go nna le thobo e kgolo le go bona phenyo mo ntweng.

10 Ke Iseraele fela yo o neng a obamela Modimo o o nosi, Jehofa. O ne a ba solofetsa go ba segofatsa ka malapa a magolo, thobo e kgolo, le go ba sireletsa mo babeng ba bone fa ba ne ba ka ikobela melao ya gagwe. (Duteronome 28:1-14) Ka maswabi, bontsi jwa Baiseraele ba ile ba palelwa ke go dira jalo. Mo go ba ba neng ba tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa, bontsi bo ile jwa boga ka ntlha ya boikanyegi jwa bone. Bangwe ba bone ba ile ba bo ba setlakwa, ba sotlwa, ba seolwa, ba latlhelwa mo dikgolegelong, ba kgobotlediwa le go bolawa ke Baiseraelekabone. (Ditiro 7:51, 52; Bahebera 11:35-38) A bo seo e ile ya nna teko e kgolo jang ne mo go ba ba ikanyegang! Mme gone, ke eng fa ba bantsi jaana ba ile ba latlha tsela ya ga Jehofa? Dikai tse pedi go tswa mo hisitoring ya Baiseraele di re thusa go bona tsela e e phoso e ba neng ba akanya ka yone.

Sekao se se Maswe sa ga Ahase

11, 12. (a) Fa Ahase a ne a tshosediwa ke Siria o ile a gana go dira eng? (b) Ahase o ile a ikanya dilo dife tse pedi gore di mo sireletse?

11 Ahase o ne a busa bogosi jwa Juda jo bo kwa borwa mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E. Puso ya gagwe e ne e se na kagiso. Ka lekgetlo lengwe, Siria e ne ya itira seoposengwe le bogosi jwa bokone jwa Iseraele go mo tlhabantsha, mme “pelo ya gagwe ya ebela, le pelo ya batho ba gagwe.” (Isaia 7:1, 2) Le fa go ntse jalo, fa Jehofa a ne a ithaopa go thusa Ahase mme a mo kopa gore a mo leke, Ahase o ile a gana nnyaa ya banyana! (Isaia 7:10-12) Ka ntlha ya seo, Juda e ile ya fenngwa mo ntweng mme ya swelwa ke batho ba le bantsi.—2 Ditirafalo 28:1-8.

12 Le mororo Ahase a ile a gana go leka Jehofa, o ile a se ka a ipona tsapa go kopa thuso ya kgosi ya Asiria. Le fa go ntse jalo, Juda e ile ya nna ya fenngwa ke baagelani ba yone. Fa Asiria le ene a ne a tlhanogela Ahase mme “a mo pitlaganya,” kgosi e ile ya “isetsa medimo ya Damaseko [di]tlhabelo, yone e e mo kgemethileng, mme a re: ‘E re ka medimo ya dikgosi tsa Siria e ne ya ba thusa, ke gone ka moo ke tlaa e isetsang [di]tlhabelo, gore e nthuse.’”—2 Ditirafalo 28:20, 23.

13. Ahase o ne a bontsha eng ka go retologela kwa medimong ya Siria?

13 Moragonyana, Jehofa o ne a ka raya Iseraele a re: “Ke nna Jehofa, Modimo wa gago, yo ke go rutang go itsholegela molemo, yo ke go gogang mo tseleng e o tshwanetseng go tsamaya ka yone. A bo o ka bo o reeditse ditaolo tsa me, kagiso ya gago e ka bo ne ne fano e ntse jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka dinteelo tsa lewatle.” (Isaia 48:17, 18) Ka go retologela kwa medimong ya Siria, Ahase o ne a bontsha kafa a neng a katogile thata ka teng mo ‘tseleng e a tshwanetseng go tsamaya ka yone.’ O ne a timeditswe ke tsela ya go akanya ya baditšhaba, a ikanya metswedi ya bone ya tshireletso go na le go ikanya Jehofa.

14. Ke eng fa go ne go se na seipato sa gore Ahase a retologele kwa medimong ya maaka?

14 Medimo ya baditšhaba, go akaretsa le ya Siria, e ne e sa bolo go senolwa fa e le “e e se nang mosola.” (Isaia 2:8, NW) Pelenyana, mo pusong ya ga Kgosi Dafide, bogolo jwa ga Jehofa mo medimong ya Siria bo ne jwa bonala sentle fa Basiria ba ne ba fetoga batlhanka ba ga Dafide. (1 Ditirafalo 18:5, 6) Ke Jehofa fela, “Modimo wa medimo le Morena wa barena, Modimo o mogolo o o nonofileng, o o boitshegang,” yo a ka re nayang tshireletsego ya mmatota. (Duteronome 10:17) Le fa go ntse jalo, Ahase o ne a fularela Jehofa mme a ikanya medimo ya baditšhaba gore e mo sireletse. Go ne ga dira gore Juda a welwe ke masetlapelo.—2 Ditirafalo 28:24, 25.

Bajuda le Jeremia Kwa Egepeto

15. Bajuda ba ba neng ba le kwa Egepeto mo motlheng wa ga Jeremia ba ile ba leofa ka tsela efe?

15 Ka 607 B.C.E., Jehofa o ne a letla Bababelona go senya Jerusalema le tempele ya yone ka gonne batho ba gagwe ba ne ba sa ikanyege. Bontsi jwa setšhaba bo ne jwa isiwa botshwarwa kwa Babilone. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba sala, mongwe wa bone e le moporofeti Jeremia. Morago ga gore Molaodi Gedalia a bolawe, setlhotswana seno se ne sa tshabela kwa Egepeto mme sa tsaya le Jeremia. (2 Dikgosi 25:22-26; Jeremia 43:5-7) Fa ba fitlha koo ba ile ba simolola go direla medimo ya maaka ditlhabelo. Jeremia o ile a leka go tlhagisa Bajuda bano ba ba sa ikanyegeng, mme ba ile ba nna tlhogoethata. Ba ile ba gana go sokologela kwa go Jehofa mme go na le moo ba ile ba nna ba direla “kgosi ya sesadi ya legodimo” maswalo. Ka ntlha yang? Gonne seo ke se bone le borraabonemogolo ba ileng ba se dira ‘mo metseng ya Juta, le mo mebileng ya Jerusalema: gonne ka baka loo ba ne ba na le dijo tse di tletseng, mme ba tshela sentle, ba sa bone bosula bope.’ (Jeremia 44:16, 17) Gape Bajuda ba ne ba re: “Re sa le re bakela go fisetsa kgosi ya sesadi ya legodimo maswalo, le go e thelela ditshupelo tse di nowang, re ntse re tlhoka dilo tsotlhe, mme re ntse re nyelediwa ke tšhaka le ke popamo.”—Jeremia 44:18.

16. Ke eng fa tsela ya go akanya ya Bajuda ba ba neng ba le kwa Egepeto e ne e le phoso?

16 A bo mogopolo o tsietsa thata jang ne! Boammaaruri e ne e le eng? Bajuda ba ne ba direla medimo ya maaka ditlhabelo mo nageng e Jehofa a neng a ba file yone. Ka dinako tse dingwe, jaaka mo nakong ya ga Ahase, ba ne ba boga ka ntlha ya botlhanogi joo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a le ‘bonya go galefela’ batho ba gagwe ba kgolagano. (Ekesodo 34:6; Pesalema 86:15) O ile a romela baporofeti ba gagwe gore ba ba kgothaletse go ikwatlhaya. Ka dinako tse dingwe fa kgosi e ne e ikanyega, Jehofa o ne a e segofatsa, mme batho ba ne ba solegelwa molemo ke masego ao, le fa bontsi jwa bone bo ne bo sa ikanyege. (2 Ditirafalo 20:29-33; 27:1-6) A bo Bajuda bao ba ba neng ba le kwa Egepeto ba ne ba fositse jang ne ka go bolela gore katlego epe fela e ba kileng ba nna le yone kwa nagagaeng ya bone e ne e le ka ntlha ya medimo ya bone ya maaka!

17. Ke eng fa Juda e ile ya latlhegelwa ke naga le tempele ya yone?

17 Pele ga 607 B.C.E., Jehofa o ile a kgothatsa batho ba Juda jaana: “Reetsang lentswe la me, mme ke tlaa nna Modimo wa lona, lo tlaa nna batho ba me; mme lo sepele mo tseleng yotlhe e ke e lo laolelang, gore go tle go nne molemo mo go lona.” (Jeremia 7:23) Bajuda ba ne ba latlhegelwa ke tempele le naga ya bone ka gonne ba ne ba ganne go tsamaya ‘mo tseleng yotlhe e Jehofa a ba e laoletseng.’ A re tlhomamiseng gore re tila go dira phoso e e ntseng jalo e e kotsi.

Jehofa o Segofatsa ba ba Tsamayang mo Tseleng ya Gagwe

18. Batho ba ba tsamayang mo tseleng ya ga Jehofa ba tshwanetse go dira eng?

18 Gompieno, fela jaaka pele, go tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa go re batla gore re ikanyege—re ikemisetse go direla ene fela. Go re batla gore re ikanye Jehofa—re dumele ka bojotlhe gore ditsholofetso tsa gagwe di a ikanyega e bile di tla diragala. Go tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa go re batla gore re mo utlwe—re latele melao ya gagwe re sa e fapoge le go boloka ditekanyetso tsa gagwe tsa maemo a a kwa godimo. “Jehofa o siame; o rata tshiamo.”—Pesalema 11:7.

19. Batho ba le bantsi ba obamela medimo efe gompieno, mme ka matswela afe?

19 Ahase o ne a ikanya medimo ya Siria go bona tshireletsego. Baiseraele ba ba neng ba le kwa Egepeto ba ne ba ikantse gore “kgosi ya sesadi ya legodimo,” modimogadi o o neng o obamelwa thata kwa Botlhabagare jwa bogologolo, o ne o tla ba leretse katlego mo dikhumong. Gompieno bontsi jwa medimo ga se medimo ya mmatota. Jesu o ile a tlhagisa gore go se ka ga direlwa “Dikhumo” mo boemong jwa ga Jehofa. (Mathaio 6:24) Moaposetoloi Paulo o ile a bua ka “bopelotshetlha, se e leng kobamelo ya medingwana.” (Bakolosa 3:5) Gape o ile a bua ka ba ‘modimo wa bone e leng mpa ya bone.’ (Bafilipi 3:19) Ee, madi le dikhumo ke dingwe tsa dilo tse batho ba di obamelang gompieno. Boammaaruri ke gore, bontsi jwa batho—go akaretsa le bontsi jwa batho ba bodumedi—ba ‘aega tsholofelo ya bone mo dikhumong tse di se nang tlhomamo.’ (1 Timotheo 6:17) Bontsi jwa bone ba direla medimo eno ka natla mme bangwe ba bona maduo a gone—ba nna mo matlong a mantle, ba nna le dilo tse di tlhwatlhwakgolo e bile ba ja dijo tse di tlhatlhwakgolo. Le fa go ntse jalo, ga se botlhe ba ba nnang le letlepu leo. Mme tota le ba ba nnang le lone, kgabagare ba iphitlhela ba sa kgotsofadiwe ke dilo tseno. Ga di a tlhomama, ke tsa nakwana e bile ga di kgotsofatse dilo tsa semoya tse ba di tlhokang.—Mathaio 5:3.

20. Re tshwanetse go dira dilo jang ka tekatekano?

20 Ke boammaaruri gore, re tshwanetse go nna tekatekano fa re ntse re tshela mo metlheng eno ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo. Re tshwanetse go tsaya dikgato tse di molemo go tlamela ba malapa a rona ka dilo tsa nama. Mme gone, fa re tsaya botshelo jwa maemo a a kwa godimo, go gagamalela go nna le madi kana dilo tse di jaaka tseo, di le botlhokwa thata go feta go direla Modimo, re a bo re wetse mo mofuteng mongwe wa kobamelo ya medimo ya disetwa mme re sa tlhole re tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa. (1 Timotheo 6:9, 10) Mme go tweng fa re rakana le mathata a botsogo, a tsa madi kana a mangwe fela? A re se nne jaaka Bajuda ba ba neng ba le kwa Egepeto ba ba neng ba re mathata a bone a bakwa ke go bo ba direla Modimo. Go na le moo, a re lekeng Jehofa, e leng se Ahase a ileng a palelwa ke go se dira. Ka boikanyegi leba kwa go Jehofa Modimo go bona kaelo. Dirisa kaelo eo ya gagwe ka boikanyegi, mme o mo rapele gore a go neye nonofo le botlhale jwa go itebanya le seemo sengwe le sengwe. Go tswa foo, letela masego a ga Jehofa o sa belaele sepe.

21. Jehofa o segofatsa batho ba ba tsamayang mo tseleng ya gagwe jang?

21 Go ralala hisitori yotlhe ya Iseraele, Jehofa o ile a segofatsa batho ba ba neng ba tsamaya mo tseleng ya gagwe thata. Kgosi Dafide o ile a opela jaana: “Nkgoga Jehofa mo tshiamong ya gago ka ntlha ya baba ba me.” (Pesalema 5:8) Jehofa o ne a mo thusa go fenya ditšhaba tse di neng di bapile le ene tse moragonyana di neng tsa bogisa Ahase. Mo pusong ya ga Solomone, Iseraele e ile ya segofadiwa ka kagiso le katlego tse moragonyana Bajuda ba ba neng ba le kwa Egepeto ba ileng ba di eletsa. Jehofa o ile a thusa morwa wa ga Ahase e bong Hesekia go fenya Asiria e e nonofileng. (Isaia 59:1) Ee, seatla sa ga Jehofa ga se a ka sa ngotlega mo bathong ba gagwe ba ba ikanyegang, ba ba ileng ba se ka ba ema “mo tseleng ya baleofi” go na le moo ba ileng ba itumelela molao wa Modimo. (Pesalema 1:1, 2) Go sa ntse go ntse jalo. Mme gone, gompieno re ka tlhomamisa jang gore re tsamaya mo tseleng tsa ga Jehofa? Re tla tlotla ka seno mo setlhogong se se latelang.

A o A Gakologelwa?

◻ Ke dinonofo dife tse di botlhokwa tse di ka re thusang go tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa?

◻ Ke eng fa tsela ya go akanya ya ga Ahase e ne e le phoso?

◻ Ke eng se se neng se le phoso ka tsela ya go akanya ya Bajuda ba ba neng ba le kwa Egepeto?

◻ Re ka nonotsha boikemisetso jwa rona jwa go tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Ahase o ne a ikanya medimo ya Siria go na le go ikanya Jehofa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela