Nako le Bosakhutleng—Ke Eng se Tota re se Itseng ka Tsone?
“GO LEBEGA nako e le sengwe sa dilo tse di akabatsang thata tse di amanang le motho,” go bolela jalo saetlopedia nngwe. Ee, go tlhalosa nako ka mafoko a a motlhofo go batla go sa kgonege. Re ka nna ra re nako “e a feta,” “e a tsamaya,” “e itlhaganetse,” le e leng go re rona re mo “tsamaong ya nako.” Mme tota ga re itse se re se buang.
Nako e ile ya tlhalosiwa e le “sekgala se se fa gare ga ditiragalo tse pedi.” Le fa go ntse jalo, go ya kafa re itseng ka teng, go lebega nako e sa ikaega ka ditiragalo; go lebega e tswelela pele fela e kane sengwe se a diragala kgotsa nnyaa. Mofilosofi mongwe o bolela gore tota ga go na selo se go tweng nako mme nako ke selo se se ikakanyediwang fela. A selo seno se bontsi jwa dilo tse di re diragalelang di ikaegileng ka sone e ka tswa e le selo fela se re se ikakanyetsang?
Kafa Baebele e Lebang Nako ka Gone
Baebele ga e bue sepe go tlhalosa nako, mme seo se ka tswa se bontsha gore gongwe motho a ka se ka a kgona go e tlhaloganya ka botlalo. E tshwana le lefaufau le go se nang kwa le felelang teng, le le lone re palelwang ke go le tlhaloganya. Go lebega nako e le sengwe sa dilo tse Modimo e leng ene fela a ka di tlhaloganyang ka botlalo, ka gonne ke ene fela ‘yo o ntseng a le gone go tswa kwa bosasimologeng go ya kwa bosakhutleng.’—Pesalema 90:2.
Le fa gone Baebele e sa tlhalose bokao jwa nako, gone e bua ka nako e le selo sa mmatota. Selo sa ntlha, Baebele e re bolelela gore Modimo o bopile “masedi”—letsatsi, ngwedi, le dinaledi—e le dilo tse di tshwayang nako, gore “a nne sesupo sa dipaka, le go nna malatsi le dingwaga.” Ditiragalo di le dintsi tse di kwadilweng mo Baebeleng di tlhomilwe sentle mo tsamaong ya nako. (Genesise 1:14; 5:3-32; 7:11, 12; 11:10-32; Ekesodo 12:40, 41) Gape Baebele e bua ka nako e le sengwe se re tshwanetseng ra se dirisa ka botlhale gore re tshwanelegele go amogela masego a Modimo a go nna le nako e e sa feleng—tebelelo ya go tshelela ruri.—Baefeso 5:15, 16.
Botshelo Jo bo Sa Khutleng—A go A Utlwala?
Le fa go kgoba marapo jaana go leka go tlhaloganya gore tota nako ke eng, batho ba le bantsi ba fitlhela kgopolo ya botshelo jo bo sa khutleng, kana go tshelela ruri, e tlhakanya tlhogo le go feta. Sengwe sa dilo tse di bakang seno e ka tswa e le gore tsela e re lebang nako ka yone ga e bolo go amana le modikologo wa go tsalwa, go gola, go tsofala le go swa. Ka jalo re setse re amanya tsamao ya nako le gone go tsofala. Batho ba le bantsi ba tsaya gore go akanya ka tsela epe e sele go ka lebega e le go sa dumalane le yone kgopolo ya nako ka boyone. Ba ka nna ba botsa ba re, ‘Ke ka ntlha yang fa batho ba tshwanetse go farologana le dibopiwa tse dingwe tsotlhe tse di tshelang fa go tliwa mo selong se go lebegang se di diragalela tsotlhe?’
Se gantsi se tlhokomologiwang ke ba ba akanyang ka tsela eno ke ntlha ya gore batho ba setse ba farologana ka dilo di le mmalwa le dibopiwa tse dingwe tsotlhe. Ka sekai, diphologolo ga di na bokgoni jwa go akanya jo batho ba nang le jone. Ga di kgone go itlhamela dilo go feta se tlholego ya tsone e di tlhotlheletsang go se dira, le fa bangwe ba bua se se farologaneng le seno. Ga di na bokgoni jwa go taka e bile ga di kgone go bontsha lorato le kanaanelo jaaka batho. Fa e le gore batho ba filwe go le gontsi thata jaana ga dinonofo tseno le bokgoni jono tse di dirang gore botshelo bo nne le bokao, ke ka ntlha yang fa go ka se kgonege gore ba bo ba filwe go le gontsi thata fa go tliwa mo botshelong ka bojone?
Kafa letlhakoreng le lengwe, a ga go gakgamatse gore ditlhare, tse di sa kgoneng go akanya, mo gongwe di tshela diketekete tsa dingwaga, mme batho ba ba botlhale bone gantsi ba kgona go tshela dingwaga di le 70 go ya go 80 fela? A ga se selo se se gakang gore dikhudu, tse di se nang bokgoni jwa go itlhamela dilo kgotsa jwa botaki, di kgona go tshela dingwaga di feta 200, fa batho bone, ba ba filweng bokgoni jono ka bontsi, ba sa tshele go fitlha le fa e le mo sephatlong sa dingwaga tseo?
Le fa nako le bosakhutleng di ka se ka tsa tlhaloganngwa ka botlalo ke motho, tsholofetso ya botshelo jo bo sa khutleng e sa ntse e le tsholofelo e e theilweng sentle mo Baebeleng. Mo go yone, mafoko “botshelo jo bo sa khutleng” a tlhaga mo e ka nnang ga 40. Mme fa e le gore boikaelelo jwa Modimo ke gore batho ba tshelele ruri, ke ka ntlha yang fa bo ise bo diragale? Potso eno e tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.