LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 10/1 ts. 3-4
  • Ke Eng fa Nako e le Khutshwane Jaana?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa Nako e le Khutshwane Jaana?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nako e Ntsi
  • Nako e Khutshwafalela Pele
  • Ga se Rona Fela ba ba Nang le Nako e Khutshwane
  • Go Dirisa Nako e re Nang Nayo Gone Jaanong Sentle
  • Jehofa o re Bontsha Gore re Bale Malatsi A Rona Jang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Nako le Bosakhutleng—Ke Eng se Tota re se Itseng ka Tsone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Go Sepela le Modimo—Ka Bosakhutleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Bakang Kgosi ya bosaenkae!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 10/1 ts. 3-4

Ke Eng fa Nako e le Khutshwane Jaana?

NAKO. Go ka nna thata go tlhalosa bokao jwa lefoko leno sentle, mme gone re a itse gore go bonala re se ke re nna le nako e e lekaneng. Gape re a itse gore e tsamaya ka bonako. Tota e bile, gantsi re tle re re, “Nako e a taboga.”

Le fa go ntse jalo, go bonala mmoki wa Moesemane e leng Austin Dobson a ne a iteile matshwane mo nkong fa a ne a bua jaana ka 1877: “A wa re nako e a feta? Ija! Nnyaa, Go feta rona, nako yone e sale.” Fa e sa le Dobson a swa ka 1921, o setse a na le dingwaga tse 80 jaanong a ile; nako yone e sa ntse e setse.

Nako e Ntsi

Baebele e re bolelela jaana ka Mmopi wa motho: “E rile pele, dithaba di ise di tsalwe, le gone e rile o ise o bope lefatshe le lobopo, fela go tswa kwa bosasimologeng go ya kwa bosakhutleng, wa bo o ntse o le Modimo fela.” (Pesalema 90:2) Kana jaaka fa The New Jerusalem Bible e e ranola “o Modimo go tloga ka bosaengkae go ya ka bosaengkae.” Ka jalo nako e tla nnela ruri fela jaaka Modimo a nnetse ruri—ka bosakhutleng!

Batho bone ba farologana thata le Modimo yo o nang le nako ka bosaengkae, re bala jaana ka bone: “Gonne malatsi otlhe a rona a fetisiwa mo kgalefong ya gago; re swetsa dinyaga tsa rona jaaka polelo e e bolelwang fela. Malatsi a dinyaga tsa rona ke dinyaga di le masome a supa, gongwe e ka nna dinyaga di le masome a a ferang mebedi ka ntlha ya thata; le fa go ntse jalo, boipelafatso jwa one ke tapiso le bohutsana fela, gonne bo ile ka bofefo, mme re fofele koo.”—Pesalema 90:9, 10.

Ke eng fa botshelo bo le bokhutshwane jaana gompieno, e re ka Baebele e bolela sentle gore Modimo o ne a ikaeletse gore motho a tshele ka bosakhutleng? (Genesise 1:27, 28; Pesalema 37:29) Ke eng fa gantsi batho ba tshela malatsi a a kwa tlase ga 30 000 mo boemong jwa gore ba tshelele ruri jaaka fa Modimo a ne a ikaeletse? Ke eng fa batho ba na le nako e khutshwane jaana? Ke mang kana ke eng se se bakileng maemo ano a a sa itumediseng? Baebele e re neela dikarabo tse di tlhamaletseng le tse di kgotsofatsang.a

Nako e Khutshwafalela Pele

Bagodi ba tla dumalana le gore mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana botshelo bo ile jwa nna bonako thata. Mokwadi mongwe wa dikgang e bong Dr. Sybille Fritsch, o ile a bolela gore mo dingwageng tse 200 tse di fetileng, diura tse di berekwang ka beke di ile tsa fokodiwa go tloga go tse 80 go ya go tse 38, “le fa go ntse jalo re sa ntse re ngongorega.” O ile a tlhalosa seno jaana: “Nako ga e a lekana; nako ke madi; e botlhokwa fela jaaka go hema moya; botshelo jwa lepotlapotla.”

Ditlhabololo di butse ditshono tse dikokomana tsa bogologolo di se kileng tsa akanya ka tsone. Mme lefa go na le ditshono tse dintsi tsa go nna le seabe mo ditirong tse di farologaneng, batho ba sa ntse ba bolaisiwa pelo thata ke go bo ba na le nako e khutshwane thata go ka dira dilo tseno. Gompieno mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe, batho ba laolwa ke nako, ba tlhola ba lelekisana le yone. Papa o tshwanetse go ya tirong ka 7:00 a.m., Mama o tshwanetse go isa bana kwa sekolong ka 8:30 a.m., Rremogolo o tshwanetse go ya go bona ngaka ka 9:40 a.m., mme rotlhe re tshwanetse go ipaakanyetsa go ya pokanong nngwe e e botlhokwa ka 7:30 p.m. Ka ntlha ya go tlhola re le mo lepotlapotleng leno la go lelekisana le nako, ga re ke re salelwa ke nako epe ya go iketla. Mme re aga re ngongorega fela ka mogolagang ono o o sa feleng, lobelo lono lwa lepotlapotla.

Ga se Rona Fela ba ba Nang le Nako e Khutshwane

Mmaba wa Modimo e bong Satane Diabolo, ene yo maretshwa a gagwe a dirileng gore botshelo jwa batho bo nne bokhutshwane jaana, le ene jaanong o angwa ke bothata jono jo bo bakilweng ke boikepo jwa gagwe. (Bapisa Bagalatia 6:7, 8.) Fa Tshenolo 12:12 e bua ka go tsalwa ga Bogosi jwa Bomesia kwa legodimong, e re naya lebaka la go nna le tsholofelo fa e re: “Ka lebaka leno itumeleng, lona magodimo le lona ba lo agileng mo go one! Abo go latlhega lefatshe le lewatle, ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.”

Go ya ka thulaganyo e e ikanyegang ya tatelano ya ditiragalo tsa Baebele le go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele, jaanong re tshela mo karolong ya bofelo ya ‘lobaka loo lo lo khutshwane.’ A bo go itumedisa jang ne go itse gore nako yotlhe ya ga Satane e tloga e fela gotlhelele! E tla re fa a setse a tlositswe, batho ba ba kutlo ba tla boa ba itekanela gape, mme ba tla kgona go bona botshelo jo bo sa khutleng jo Jehofa a neng a ikaeletse gore ba nne le jone kwa tshimologong. (Tshenolo 21:1-4) Go ka se ka ga tlhola go nna le bothata jwa go tlhoka nako.

A o ka akanya fela gore tota go nna le botshelo jo bo nnetseng ruri go tla bo go kaya eng—o tshela ka bosakhutleng? Ga o ne o tlhola o tshwenngwa ke bothata jwa go tlogela dilo dingwe o sa di dira. Fa o tlhoka nako e ntsinyana, o tla kgona go di dira kamoso, kana beke e e tlang, kana ngwaga o o tlang—tota re ka re, o tla bo o na le nako e ntsi fela e e sa feleng!

Go Dirisa Nako e re Nang Nayo Gone Jaanong Sentle

E re ka Satane a lemoga gore nako ya gagwe ya go tlhotlheletsa batho e khutshwafetse, o leka go dira gore batho ba age ba tshwaregile gore ba se ka ba nna le nako ya go utlwa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo. Ka gone, re tla bo re dira sentle fa re sekegela tsebe kgakololo eno ya bomodimo: “Nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale, lo ithekela nako nngwe le nngwe e e lo siametseng, ka gonne malatsi a boikepo. Ka lebaka leno kgaotsang go nna ba ba seng kakanyetso, mme tswelelang lo lemoge se e leng thato ya ga Jehofa.”—Baefeso 5:15-17.

A bo go le botlhokwa jang ne gore re dirise nako ya rona sentle re e dirisetse dilo tse di botlhokwa thata go na le go e senya ka dilo tse di sa thuseng sepe! Re tshwanetse go leka go nna le boikutlo jo bo tshwanang le jo Moshe a neng a na le jone fa a ne a kopa Jehofa jaana ka mafoko ano a a tswang pelong: “Re rute go bala malatsi a rona, gore re tle re itseele pelo ya botlhale.”—Pesalema 90:12.

Ke boammaaruri gore gompieno mo lefatsheng batho botlhe ba faraferwe ke ditiro. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba go kgothaletsa gore o iphe bontlhanngwe jwa nako ya gago e e botlhokwa go ithuta dilo tse Modimo a batlang re di dira gore re bone botshelo jo bo sa khutleng mo pusong ya gagwe ya Bogosi. Fa o ka ipha ura ka beke o ithuta Baebele ka tsela e e rulaganeng, gore o “lemoge se e leng thato ya ga Jehofa,” seo se ka go thusa go iponela ka namana mafoko ano a direga: “Tlogela bosula, o dire molemo; mme o nne ka bosaengkae. Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:27, 29.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, kgaolo 6, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela