LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 6/1 ts. 4-7
  • Modimo ga a Bonya ka Tsholofetso ya Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo ga a Bonya ka Tsholofetso ya Gagwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Selekanyo sa Phoso se Tshwanetse sa Felela
  • Nako ya Gore Modimo a Tseye Kgato e Gorogile
  • Nako ya Gore o Tseye Kgato
  • Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A ne A Lwantsha Bakanana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Dikatlholo Tsa Modimo—A di Ne di le Setlhogo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Letsatsi la Katlholo ke Eng?
    Tsogang!—2010
  • Letsatsi la Katlholo—Ke Nako Eo Re Ka Nnang le Tsholofelo mo go Yone!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 6/1 ts. 4-7

Modimo ga a Bonya ka Tsholofetso ya Gagwe

“JEHOFA, ke tla goa ka lobaka lo lo kae mme o ntse o gana go utlwa?” Ao ke mafoko a moporofeti wa Mohebera e leng Habakuke, yo o neng a tshela mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E. Mme gone a utlwala a tlwaelegile, a ga go jalo? Ke ga tlholego mo bathong gore dilo tse re di ratang thata, re di batle ka yone nako eo kana ka bonako jo bo kgonegang. Mme go ntse jalo bogolo jang mo motlheng wa rona wa go batla go kgotsofala ka bofefo.—Habakuke 1:2.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne go na le bangwe ba go lebegang ba ne ba akanya gore Modimo o tshwanetse go ka bo a diragaditse ditsholofetso tsa gagwe ka bonako go feta jaaka a dirile. Ba ne ba fedile pelo mo ba neng ba bile ba tsaya gore Modimo o bonya kgotsa o siilwe ke nako. Ka ntlha ya seno, moaposetoloi Petere o ne a tshwanelwa ke go ba gakolola gore tsela e Modimo a lebang nako ka yone e farologane thata le ya rona. Petere o kwala a re: “Lo se ka lwa tlhoka go lemoga ntlha e nngwe fela eno, baratwa, gore letsatsi le le lengwe mo go Jehofa le ntse jaaka dingwaga di le sekete le dingwaga di le sekete jaaka letsatsi le le lengwe.”—2 Petere 3:8.

Go ya ka tsela eno ya go bala nako, motho wa dingwaga tse 80 o tshedile mo e ka nnang diura di le pedi fela, mme hisitori yotlhe ya motho e setse e na le malatsi a ka nna marataro fela. Fa re leba dilo ka tsela eno, go nna motlhofo gore re tlhaloganye tsela e Modimo a dirisanang le rona ka yone.

Le fa go ntse jalo, Modimo ga a tlhokomologe nako. Go na le moo, o amega thata ka nako. (Ditiro 1:7) Ka jalo, Petere o tswelela pele a re: “Jehofa ga a bonya mabapi le tsholofetso ya gagwe, jaaka batho bangwe ba tsaya gore ke bonya, mme o pelotelele le lona ka gonne ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikotlhaong.” (2 Petere 3:9) Modimo ga a tshwane le batho, ka gonne ga a ikutlwe a patelesega go dira dilo jaaka e kete o siiwa ke nako. E re ka e le “Kgosi ya bosafeleng,” o na le pono e atologileng ka mo go gakgamatsang mme a ka kgona go bona gore ditiro tsa gagwe di tla solegela botlhe ba ba amegang molemo thata leng mo tsamaong ya nako.—1 Timotheo 1:17.

Fa a se na go tlhalosa lebaka la go bo go lebega Modimo a le bonya, Petere o ntsha tlhagiso eno: “Letsatsi la ga Jehofa le tla tla jaaka legodu.” Ke gore, letsatsi la go ikarabela le tla tla ka nako e batho ba sa le lebelelang ka yone. Go tswa foo, mo ditemaneng tse di latelang, Petere o bua ka tebelelo e e gakgamatsang ya bao ba bontshang “[ditiro] tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo,” e leng, tebelelo ya gore ba ka nna ba falolela mo “[magodimong] a masha le lefatshe le lesha” tse di solofeditsweng ke Modimo.—2 Petere 3:10-13.

Seno se tshwanetse sa dira gore re itumele thata go bo katlholo ya Modimo e ise e tle. Bopelotelele jwa gagwe bo dirile gore re kgone go itse boikaelelo jwa gagwe le go baakanya matshelo a rona gore re tle re amogele masego ao a a solofeditseng. A ga re a tshwanela go tsaya “bopelotelele jwa Morena wa rona e le poloko,” jaaka Petere a bontsha? (2 Petere 3:15) Le fa go ntse jalo, go na le lebaka le lengwe la go bo Modimo a le pelotelele.

Selekanyo sa Phoso se Tshwanetse sa Felela

Fa re ithuta tsela e Modimo a neng a dirisana le batho ka yone mo nakong e e fetileng, re lemoga gore gantsi o ne a sa tlise katlholo ya gagwe go fitlha go sa tlhole go na le tsholofelo epe ya gore dilo di tla tokafala. Ka sekai, malebana le katlholo ya Modimo mo Bakananeng, o ne a bolelela Aborahame maleo a bone nako e sa ntse e le kgakala. Mme nako ya gore a diragatse katlholo e ne e ise e goroge. Ka ntlha yang? Baebele ya re: “Ka gonne boikepo jwa Moamore [Bakanana] ga bo ise bo tlale,” kana jaaka fa thanolo ya Knox e e baya: “Boikepo jwa Baamore [bo ne bo] sa fitlha kwa bowelong.”—Genesise 15:16.a

Le fa go ntse jalo, mo e ka nnang dingwaga di le 400 moragonyana, katlholo ya Modimo e ne ya tla, mme ditlogolwana tsa ga Aborahame e leng Baiseraele di ne tsa gapa naga eo. Fela jaaka Rahabe le Bagibeone, Bakanana ba sekae ba ne ba bolokwa ka ntlha ya boikutlo jwa bone le ditiro tsa bone, mme bontsi jwa bone, ba ne ba fitlhile mo selekanyong se se feteletseng sa bomaswe, jaaka go senolwa ke dithibololo tsa motlha wa jaanong tsa thutamarope. Ba ne ba obamela setshwantsho sa serwe sa bonna sa tsalo, ba dira boaka jwa mo tempeleng, e bile ba ntsha ditlhabelo ka bana. Halley’s Bible Handbook ya re: “Baithutamarope ba ba epang mo matlotleng a metse ya Bakanana ba ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a se ka a ba fedisa pele ga nako e a ba fedisitseng ka yone.” Kwa bofelong, ‘selekanyo sa boleo sa Bakanana se ne se feletse’; boikepo jwa bone bo ne bo ‘fitlhile kwa bowelong.’ Go ne go se na ope yo o neng a ka nna le lebaka la go latofatsa Modimo ka gore o a gobelela fa a ne a letla gore naga eo e phepafadiwe mme a sadisa ba ba neng ba bontshitse boikutlo jo bo siameng.

Re bona se se tshwanang mo motlheng wa ga Noa. Le fa gone batho ba pele ga Morwalela ba ne ba le boikepo, Modimo ka bopelotlhomogi o ne a swetsa ka gore nako ya bone e ne e tla tswelela pele dingwaga tse dingwe tse 120. Mo karolong ya nako eo, Noa o ne a nna “moreri wa tshiamo.” (2 Petere 2:5) Fa nako e ntse e feta, go bonala gore boikepo jwa bone bo ne jwa tota. “Modimo wa bona lefatshe, mme bona, le ne le senyegile; gonne batho botlhe ba sentse mekgwa ya bone mo lefatsheng.” (Genesise 6:3, 12) ‘Selekanyo sa bone sa boleo se ne se feteletse’; go feta ga nako go ne go dirile gore ditshekamelo tsa bone tse di phoso di fitlhe kwa setlhoeng. Fa Modimo a ne a tsaya kgato ruri go ne go utlwala. Ke batho ba le robedi fela ba ba neng ba itshupa ba siame mo matlhong a Modimo, mme o ne a ba boloka.

Go ka bonwa se se tshwanang gape le mo tseleng e Modimo a neng a tshwara Iseraele ka yone. Le fa ba ne ba sa ikanyege le go nna bosula, Modimo o ne a nna pelotelele le bone ka makgolokgolo a dingwaga. Pego ya re: “Jehofa . . . a nna a roma . . . ka barongwa ba gagwe, a roma gangwe le gape, ka gonne o ne a tlhomogela batho ba gagwe . . . pelo. Mme ba nna ba . . . nyatsa mafoko a gagwe e bile ba sotla baporofeti ba gagwe, go fitlha tšararego ya ga Jehofa e tla mo bathong ba gagwe, go fitlha go se na phodiso.” (2 Ditirafalo 36:15, 16, NW) Batho ba ne ba fitlhile mo seemong se mo go sone ba neng ba ka se tlhole ba tokafala. Ke Jeremia fela le ba bangwe ba sekae ba ba neng ba ka bolokwa. Go ne go ka se ka ga twe Modimo o tshiamololo fa kgabagare a tlisa katlholo mo go ba bangwe botlhe.

Nako ya Gore Modimo a Tseye Kgato e Gorogile

Re kgona go bona mo dikaing tseno gore Modimo ga a tlise katlholo mo tsamaisong eno ya dilo fela go fitlha nako e tshwanela. Seno se bontshiwa ke taelo e e neetsweng modiragatsakatlholo wa tshwantshetso wa Modimo: “‘Tsenya sekele ya gago e e bogale mme o kgetle masitlha a mofine wa lefatshe, ka gonne morara wa lone jaanong o budule.’ Mme moengele a tsenya sekele ya gagwe mo lefatsheng mme a kgetla mofine wa lefatshe, mme a o latlhela mo segatisetsong se segolo sa beine ya bogale jwa Modimo.” Ela tlhoko gore boikepo jwa batho bo ne ‘jaanong bo budule,’ ke gore, bo ne bo fitlhile mo seemong se go neng go ka se ka ga tlhola go tokafala. Fa Modimo a diragatsa katlholo, go tla bo go se na pelaelo epe gore o ne a na le mabaka a a utlwalang a go tsaya kgato.—Tshenolo 14:18, 19.

Fa go iwa ka se se fa godimo, go bonala sentle gore katlholo ya Modimo ka lefatshe e tshwanetse ya bo e le gaufi ka gonne lefatshe le setse le na le matshwao a a neng a dira gore Modimo a tlise katlholo mo nakong e e fetileng. Gongwe le gongwe kwa re lebang teng, lefatshe le tletse thubakanyo, fela jaaka go ne go ntse pele ga Morwalela wa motlha wa ga Noa. Mekgwa ya batho e ntse e ya e tshwana le se se tlhalosiwang mo go Genesise 6:5: “Go akanya ga megopolo ya pelo ya [motho] gotlhe, go le bosula ka metlha yotlhe.” Le e leng maleo a a masisi a a neng a dira gore Modimo a atlhole Bakanana a atile gompieno.

Bogolo jang fa e sa le ka Ntwa ya Lefatshe I, batho ba ile ba bona diphetogo tse di tsitlisang marapo. Ba ile ba bona lefatshe le tlora ka madi a dimilione. Dintwa, kgailo ya merafe, borukhutlhi, bokebekwa le tlolomolao di runtse mo lefatsheng lotlhe. Leuba, bolwetse, le boitsholo jo bo sa siamang di tlhasetse kgolokwe ya rona. Bosupi jotlhe bo supa gore jaanong re tshela mo gare ga kokomana ele e e boikepo e Jesu a neng a bua ka yone a re: “Kokomana eno ga e na go feta ka gope go fitlha dilo tseno tsotlhe di diragala.” (Mathaio 24:34) Lefatshe jaanong le dira gore “selekanyo sa boleo” jwa lone se tlale. “Masitlha a mofine wa lefatshe” a a butswa gore a ka rojwa.

Nako ya Gore o Tseye Kgato

Moaposetoloi Johane o ne a bolelelwa gore fa nako ya katlholo e ntse e atamela, go tla diragala mefuta e mebedi ya go butswa. Kafa letlhakoreng le lengwe, “yo o dirang tshiamololo, a a dire tshiamololo go ya pele; mme a yo o leswe a leswefadiwe go ya pele.” Mme kafa letlhakoreng le lengwe, “a yo o siameng a dire tshiamo go ya pele, mme a yo o boitshepo a dirwe boitshepo go ya pele.” (Tshenolo 22:10, 11) Tiragalo eno ya bofelo e diragala malebana le tiro ya go ruta Baebele mo lefatsheng lotlhe e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa. Boikaelelo jwa tiro eo ke go ruta batho se Modimo a se batlang mo go bone gore ba tle ba fitlhelwe ba tshwanelegela go bona botshelo jo bo sa khutleng. Tiro eno jaanong e fitlha kwa dinageng di le 233 mo diphuthegong di ka nna 87 000.

Modimo ga a bonya. Ka bopelotelele o neile batho nako e ba e tlhokang gore ba “apare botho jo bosha” e le gore ba tle ba tshwanelegele ditsholofetso tsa gagwe. (Baefeso 4:24) Gompieno, Modimo o sa ntse a letile, le fa maemo a ntse a nna maswe go ya pele mo lefatsheng. Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba abele baagelani ba bone kitso e e isang botshelong jo bo sa khutleng. (Johane 17:3, 17) Se se itumedisang ke gore, ngwaga le ngwaga batho ba feta 300 000 ba tsaya kgato e bile ba a kolobediwa.

E re ka botshelo jo bo sa khutleng bo le gaufi, jaanong ke nako ya go tsaya kgato, e seng go leta. Gonne mo lobakeng lo lokhutshwane, re tla bona tsholofetso eno ya ga Jesu e diragadiwa: “Mongwe le mongwe yo o tshelang e bile a supa tumelo mo go nna ga a kitla a swa ka gope.”—Johane 11:26.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ntlhanyana e e kwa tlase ya temana eno mo go The Soncino Chumash ya re: “Go tshwanelwa ke go kobiwa, ka gonne Modimo ga a otlhaye setšhaba go fitlha selekanyo sa boleo se felela.”

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Modiragatsakatlholo wa Modimo o ne a bolelelwa gore a tsenye sekele fa mofine wa lefatshe o setse o budule

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba thusa batho go tshwanelegela masego a Modimo a a sa khutleng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela