LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 6/1 ts. 20-23
  • Go Diragatsa Tsholofetso Ya me Ya go Direla Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Diragatsa Tsholofetso Ya me Ya go Direla Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Golela Kwa Lithuania
  • Go Diragatsa Tsholofetso ya Me
  • Diteko Tsa Ntlha Tsa Tumelo
  • Thibelo le go Tshwarwa Gape
  • Go Boloka Tumelo mo Kgolegelong
  • Go Boela mo Bodireding Jwa Nako e e Tletseng
  • Go Fetola Dilo Go ya Ka Maemo
  • Ke Rotloeditswe ke Boikanyego Jwa Lelapa la Gaetsho mo Modimong
    Tsogang!—1998
  • Go Lebelela mo go Jehofa ka Bopelotelele go Tloga mo Bosheng Jwa me go ya Pele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Go Lwela go Nna re Nonofile Semoyeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Modimo ke Botshabelo Jwa me le Thata ya me
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 6/1 ts. 20-23

Go Diragatsa Tsholofetso Ya me Ya go Direla Modimo

JAAKA GO BOLETSE FRANZ GUDLIKIES

Ke batho ba le banè fela mo setlhopheng sa rona sa masole a a fetang lekgolo ba ba neng ba falola. E re ka ke ne ke lebane le loso, ke ne ka khubama mme ka solofetsa Modimo gore, ‘Fa nka falola mo ntweng eno, ke tla go direla ka metlha.’

KE ILE ka mo solofetsa jalo dingwaga tse 54 tse di fetileng, ka April 1945, fa ke ne ke le mongwe wa masole a Jeremane. E ne e le pelenyana fela ga Ntwa ya Lefatshe II e khutla, mme sesole sa Soviet se ne se ikemiseditse go tlhasela Berlin ka bojotlhe. Banna ba rona ba ne ba thibeletse gaufi le toropo ya Seelow fa Nokeng ya Oder, dikilometara tse di ka fa tlase ga 65 go tswa kwa Berlin. Re ne re tlhaselwa bosigo le motshegare ka marumo a mantsintsi, mme go ne ga bolawa karolo e kgolo ya masole a ke neng ke na le one.

Ke ka nako eno mo e neng ya nna la ntlha mo botshelong jwa me ke thubega ka selelo ke ntse ke rapela Modimo. Ke ne ka gakologelwa temana ya Baebele e mmè yo o neng a tshaba Modimo a neng a tlhola a e nopola: “Mo letsatsing la tlalelo o mpitse; ke tlaa go golola mme o tlaa nkgalaletsa.” (Pesalema 50:15) Ke ne ka solofetsa Modimo jaaka go umakilwe fa godimo, ke le mo meseleng mme ke tshogile gore ke tlile go swa. Ke ne ka kgona jang go e diragatsa? Mme go ne go tlile jang gore ke nne leloko la sesole sa Jeremane?

Go Golela Kwa Lithuania

Ka 1918, ka Ntwa ya Lefatshe I, Lithuania e ne ya tsaya boipuso mme ya tlhoma puso ya temokerasi. Ke tshotswe ka 1925 kwa kgaolong ya Memel (Klaipėda) gaufi le Lewatle la Baltic. Kgaolo eno e ne e sa tswa go akarediwa mo Lithuania ngwaga pele ke tsholwa.

Nna le bokgaitsadiake ba batlhano re ile ra itumelela dingwaga tsa rona tsa bongwana. Re ne re tsaya rre e le tsala ya rona e kgolo, gantsi o ne a dira dilo le rona. Batsadi ba rona e ne e le maloko a Kereke ya Evangelical, mme ba ne ba sa nke ba ya kerekeng ka gonne Mmè o ne a kgopisitswe ke boitimokanyi jwa moruti. Le fa go ntse jalo, o ne a rata Modimo le Lefoko la gagwe, Baebele, le a neng a le bala ka tlhoafalo.

Ka 1939, Jeremane e ne ya gapa karolo e re neng re nna mo go yone ya Lithuania. Go tswa foo, mo masimologong a 1943, ke ne ka bilediwa go tsenela bosole mo sesoleng sa Jeremane. Ke ile ka gobala mo go nngwe ya dintwa tseno, mme fa ke sena go fola, ke ne ka boela kwa Botlhabanelong jo bo neng bo le ka fa Botlhaba. Mo nakong eno ntwa e ne e setse e fetogile mme Bajeremane ba ne ba tshaba masole a Soviet. Ke gone koo ke neng ka falola loso ka tshoba la mogodu, jaaka go boletswe mo matsenong.

Go Diragatsa Tsholofetso ya Me

Fa ntwa e ntse e tsweletse pele, batsadi ba me ba ne ba fudugela kwa Oschatz, kwa Jeremane, e e ka fa borwabotlhaba jwa Leipzig. Morago ga ntwa ke ne ke sa tlhole ke itse kwa ba leng teng. Mme a bo re ne ra itumelelana jang ne fa kgabagare re kopana gape! Go ise go ye kae morago ga moo, ka April 1947, ke ne ka tsamaya le Mmè go ya kwa puong ya phatlalatsa e e neng e neelwa ke Max Schubert, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Mmè o ne a dumela gore o bone bodumedi jwa boammaaruri, mme fa ke sena go nna gone kwa dipokanong makgetlho a sekae, ke ne ka amogela bodumedi jwa gagwe.

Moragonyana ga moo, Mmè o ne a wa mo godimo ga llere, a gobala mme morago ga dikgwedi di sekae a tlhokafala. Fa a ne a le kwa kokelong pele a tlhokafala, o ne a nkgothatsa jaana ka tsela e e lorato: “Gantsi ke ne ke rapelela gore mongwe wa bongwanake a bone tsela ya Modimo. Jaanong ke bona gore dithapelo tsa me di arabilwe, mme nka robala ka kagiso.” A bo ke lebile pele jang ne kwa nakong e Mmè a tla bong a tsoga mo baswing ka yone a bo a utlwa gore dithapelo tsa gagwe di digaraditswe!—Johane 5:28.

Ka August 8, 1947, dikgwedi di le nnè fela morago ga gore ke utlwe puo ya ga Mokaulengwe Schubert, ke ne ka kolobediwa kwa kopanong ya Leipzig ke bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa Modimo. Kgabagare ke ne ke setse ke tsaya dikgato tse di neng di bontsha gore ke tlile go diragatsa se ke neng ke se solofeditse Modimo. Go ise go ye kae ke ne ka nna mmulatsela, jaaka badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa. Ka nako eo go ne go na le babulatsela ba ka nna 400 ba ba neng ba nna mo lefelong le kwa morago le neng la bidiwa German Democratic Republic, kana Jeremane Botlhaba.

Diteko Tsa Ntlha Tsa Tumelo

Moagelani mongwe kwa Oschatz o ne a leka gore ke kgatlhegele Bo-Marxist, a mpolelela gore ke tla thusiwa ke Puso ka madi gore ke dire dithuto dingwe tsa yunibesithi fa nka nna leloko la Phathi ya Socialist Unity ya Jeremane (SED). Ke ne ka gana, fela jaaka Jesu a ile a gana kopo ya ga Satane.—Mathaio 4:8-10.

Ka letsatsi lengwe ka April 1949, mapodise a mabedi a ne a tla kwa ke neng ke bereka gone mme ba batla gore ke tsamaye le bone. Ke ne ka isiwa kwa ofising ya Soviet ya dipatlisiso tsa tshedimosetso ya lefelo leo, koo ke neng ka pegwa molato wa go berekela bakapitalise kwa Bophirima. Ba ne ba re nka supa gore ga ke molato ka go tswelela pele ka tiro ya me ya ntlo le ntlo mme gone ke ba begele ope fela yo o sa bueng phathi ya Soviet Union kana SED sentle kana ope fela yo o yang kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Fa ke ne ke gana go dirisana le bone, ke ne ka tswalelwa mo seleng. Morago ga moo, ke ne ka isiwa fa pele ga se se neng se lebega e le kgotlatshekelo ya masole. Katlholo ya me: dingwaga di le 15 ke bereka bokete kwa Siberia!

Ke ne ka ritibala fela, mme seo se ne sa kgatlha badiredibagolo. Go tswa foo ba ne ba mpolelela gore katlholo ya me ga e ne e fetolwa le gore go tla bo go lekane gore ke ba bone gangwe fela ka beke go fitlhela ke batla go dirisana sentle le bone. Ke ne ka ya kwa Magdeburg, koo go neng go na le lekala la Mokgatlho wa Watch Tower gone ka nako eo ke batla kgakololo ya Basupi ba ba godileng. Loeto lwa me lo ne lo se motlhofo, e re ka ke ne ke beilwe leitlho thata. Ernst Wauer, yo o neng a direla mo Lefapheng la Tsa Molao kwa Magdeburg, o ne a nthaya a re: “Kgaratlha mme o tla fenya. Ineele mme o tla fenngwa. Ke sone se re neng ra se ithuta kwa kampeng ya pogisetso.”a Kgakololo eno e ne ya nthusa gore ke diragatse se ke neng ke se solofeditse Modimo.

Thibelo le go Tshwarwa Gape

Ka July 1950, ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi yo o etang. Le fa go ntse jalo, ka August 30, mapodise a ne a phuruphutsha dikago tsa rona kwa Magdeburg, mme tiro ya rona ya go rera e ne ya thibelwa. Ka jalo kabelo ya me e ne ya fetoga. Nna le Paul Hirschberger re ne re tshwanetse go bereka le diphuthego di ka nna 50, re nna malatsi a le mabedi kana a le mararo mo phuthegong nngwe le nngwe, re thusa bakaulengwe gore ba nne le thulaganyo ya go dira bodiredi jwa bone ba ntse ba thibetswe. Mo dikgweding tse di neng tsa latela, ke ne ka falola go tshwarwa ke mapodise ka makgetlho a marataro!

Mongwe o ne a kukunela mo go nngwe ya diphuthego tseno mme a itsise Ba-Stasi, Lephata la Puso la Tshireletso, ka rona. Ka gone, ka July 1951, nna le Paul re ne ra tshwarwa ke banna bangwe mo seterateng ba re supile ka ditlhobolo. Fa re akanya ka gone, re lemoga gore re ne re sa ikaega thata ka phuthego ya ga Jehofa jaaka re ne re tshwanetse. Re ne re gakolotswe ke bakaulengwe ba rona ba ba godileng gore re se ka ra tsamaya mmogo. Go itshepa thata go ne ga dira gore re latlhegelwe ke kgololesego! Mo godimo ga moo, re ne re sa buisana go sa le gale gore fa re ka tshwarwa re tla reng.

Ke ne ka lela ke le nosi mo seleng ke kopa Jehofa gore a nthuse ke se ka ka oka bakaulengwe ba me kana go latlhegelwa ke tumelo. Fa ke sena go thulamela, ka tshoganetso fela, ke ne ka tsosiwa ke go utlwa lentswe la tsala ya me Paul. Kwa godimo fela ga sele e ke neng ke le mo go yone go ne go le phaposi e a neng a botsolodiwa ke Ba-Stasi mo go yone. E re ka e ne e le bosigo jo bo bothitho e bile go le bongolanyana, lebati le le fa mathuding le ne le butswe, mme ke ne ke kgona go utlwa sengwe le sengwe. Moragonyana, fa ke ne ke botsolodiwa, ke ne ka ba araba ka tsela e e tshwanang, mo go neng ga gakgamatsa badiredibagolo. Temana ya Baebele e Mmè a neng a e rata thata e e reng, “Mo letsatsing la tlalelo o mpitse; ke tlaa go golola,” e ne ya nna ya tla mo mogopolong wa me, mme ke ne ka kgothala fela thata.—Pesalema 50:15.

Fa re sena go thamathamisiwa ka dipotso, nna le Paul re ne ra nna dikgwedi di le tlhano re tswaletswe re letetse tsheko kwa kgolegelong ya Ba-Stasi kwa Halle, mme morago ga moo ra isiwa kwa Magdeburg. Fa re le kwa Magdeburg, ke ne ke tle ke gaodise dikago tse e neng e le tsa lekala la rona tse di tswetsweng. Ke ne ke eletsa e kete nka bo ke bereka teng go na le mo kgolegelong! Ka February 1952 re ne ra itsisiwe katlholo ya rona: “Dingwaga di le 10 mo kgolegelong le dingwaga di le 20 re timiwa ditshwanelo tsa setšhaba.”

Go Boloka Tumelo mo Kgolegelong

Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba atlholetswe dingwaga di ka nna lesome ba ne ba na le letshwao le le neng le ba tlhaola le ba neng ba le dirisa ka nako e e rileng mo kgolegelong. Letsela le lehibidu le ne le rokelelwa mo lootong la borokgwe le mo letsogong le lengwe la dibaki tsa rona. Gape, khatebokosonyana e e kgolokwe e khibidu e ne e matarediwa kwa ntle ga lebati la rona la sele e le go tlhagisa balebeledi gore re dikebekwa tse di kotsi.

Tota badiredibagolo ba ne ba re tsaya re le dikebekwa tse di kotsi thata. Re ne re sa letlelelwe go nna le Baebele, jaaka molebeledi mongwe a ile a tlhalosa: “Fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a tshwere Baebele o tshwana fela le sekebekwa se se tshwereng tlhobolo.” E le gore re nne le dikarolo dingwe tsa Baebele, re ne re bala dibuka tsa mokwadi wa Mo-Russia e bong Leo Tolstoy, yo gantsi a neng a tle a nopole ditemana tsa Baebele mo dibukeng tsa gagwe. Re ne re ithuta ditemana tseno tsa Baebele ka tlhogo.

Pele ke tshwarwa ka 1951, ke ne ka beeletsana le Elsa Riemer. O ne a nketela gantsi kwa kgolegelong le go ntlisetsa sephuthelwana sa dijo gangwe fela ka kgwedi. Gape o ne a fitlha dijo tsa semoya mo diphuthelwaneng tsa gagwe. O kile a tsenya ditlhogo dingwe tsa Tora ya Tebelo mo borosong. Gantsi balebeledi ba ne ba tle ba sege boroso ba tlhatlhoba gore a ga go na sepe se se fitlhilweng mo go yone, mme ka nako eo sephuthelwana seo se ne sa fitlha pele fela go wediwa tiro ya letsatsi, mme se ne sa se ka sa tlhatlhobiwa.

Ka nako eo, nna le Karl Heinz Kleber re ne re nna le magolegwa mangwe a mararo a e seng Basupi mo seleng. Re ne re tlile go bala Tora ya Tebelo jang go se na ope yo o re bonang? Ebu, re ne re dira e kete re bala buka, mme mo teng re ne re fitlhile ditlhogo tsa Tora ya Tebelo. Gape re ne re neela Basupi ba bangwe mo kgolegelong dijo tseno tse di botlhokwa tsa semoya.

Gape fa re ne re le kwa kgolegelong re ne re dirisa sebaka sengwe le sengwe go bolelela ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo. Ke ne ka itumedisiwa ke go bona mongwe wa magolegwakanna a nna modumedi ka ntlha ya seo.—Mathaio 24:14.

Go Boela mo Bodireding Jwa Nako e e Tletseng

Ka April 1, 1957, morago ga dingwaga di ka nna thataro ke le mo kgolegelong, ke ne ka gololwa. Go ise go fete dibeke tse pedi morago ga moo, ke ne ka nyala Elsa. Fa Ba-Stasi ba utlwa gore ke golotswe, ba ne ba batla seipato sa gore ke busediwe kwa kgolegelong. Go tila seo, nna le Elsa re ne ra tlola molelwane mme ra ya go nna kwa Berlin Bophirima.

Fa re goroga kwa Berlin Bophirima, Mokgatlho o ne wa batla go itse dithulaganyo tsa rona. Re ne ra tlhalosa gore mongwe wa rona o tla nna mmulatsela fa yo mongwe a tla dira tiro ya boitshediso.

Re ne ra bodiwa jaana: “A lo ne lo ka se rate gore ka bobedi jwa lona lo nne babulatsela?”

Re ne ra araba ka go re, “Fa seo se kgonega re ka simolola gone jaanong.”

Ka gone re ne re duelwa madi a sekae ka kgwedi gore re itlamele, mme re ne ra simolola go nna babulatsela ba ba kgethegileng ka 1958. A bo re ne ra itumela jang ne go bona batho ba re neng re ithuta le bone Baebele ba fetola matshelo a bone mme ba nna batlhanka ba ga Jehofa! Dingwaga tse di lesome re ntse re le mo tirelong ya bobulatsela jo bo kgethegileng di re rutile go dira mmogo re le monna le mosadi. Nna le Elsa re ne re se ke re kgaogana, tota le fa ke ne ke baakanya koloi. Gape re ne re bala, re ithuta le go rapela mmogo.

Ka 1969 re ne ra abelwa tiro ya go eta, re etela diphuthego tse di farologaneng beke le beke re di thusa ka dilo tse di tlhokwang ke maloko a tsone. Josef Barth, monna yo o neng a na le boitemogelo mo tirong ya go eta, o ne a nneela kgakololo eno: “Fa o batla go atlega mo kabelong ya gago, rata bakaulengwe ba gago.” Ke ne ke leka go dirisa kgakololo eno. Ka ntlha ya seo, re ne ra nna le kamano e e lorato le go utlwana le Basupikarona, mo go neng ga dira gore go nne motlhofo go ba neela kgakololo fa go tlhokega.

Ka 1972, go ne ga lemogiwa gore Elsa o na le kankere mme a ariwa. Moragonyana, gape o ne a tshwarwa ke bolwetse jwa ramatiki. Le mororo a ne a le mo ditlhabing, o ne a ntse a tsamaya le nna beke le beke, re direla diphuthego, a dira le bokgaitsadi mo bodireding ka mo a neng a ka kgona ka gone.

Go Fetola Dilo Go ya Ka Maemo

Ka 1984 bagogwadiake ba ne ba tlhoka go nna ba tlhokometswe, ka jalo re ne ra tlogela tiro ya go eta mme ra ba tlhokomela go fitlhela ba tlhokafala dingwaga di le nnè morago ga moo. (1 Timotheo 5:8) Go tswa foo, ka 1989, Elsa o ne a lwala thata. Se se itumedisang ke gore, o ne a nna botoka, mme go ne ga tlhokega gore ke dire ditiro tsotlhe tsa mo gae. Ke sa ntse ke ithuta go itshokela go nna le motho yo o agang a le mo ditlhabing. Le fa go ntse jalo, re sa ntse re rata dilo tsa semoya le fa gone re tle re lebane le mathata le ditlalelo.

Gompieno, se se itumedisang ke gore re sa ntse re le babulatsela. Le fa go ntse jalo, re lemogile gore selo se se botlhokwa ke gore re tswelele pele re ikanyega e seng maemo a re nang le one kana gore re kgona go dira go le kana kang. Re batla go direla Modimo wa rona, Jehofa, e seng dingwaga di sekaenyana fela, mme ka bosakhutleng. Se se re diragaletseng se ne se re thapisetsa sentle se se tla diragalang mo isagweng. Mme Jehofa o re neile maatla a go mmaka tota le fa re le ka fa tlase ga maemo a a boima thata.—Bafilipi 4:13.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Hisitori ya botshelo jwa ga Ernst Wauer e mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 1, 1991, ditsebe 25 go ya go 29.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ke ne ke le mo kgolegelong eno ya Magdeburg

[Motswedi wa Setshwantsho]

Gedenkstätte Moritzplatz Magdeburg für die Opfer politischer Gewalt; Foto: Fredi Fröschki, Magdeburg

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Fa re ne re nyalana ka 1957

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ke na le Elsa gompieno

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela