Bosenyi—Ka Ntlha Yang?
“GA GO na se nka se buang.” Mafoko ano a ne a kwadilwe ka ditlhaka tse dikgolo mo leboteng le le neng le sa tswa go pentiwa mo motseng o o didimetseng wa São Paulo. O ka nna wa akanya gore ke bosenyi. Mme mokwalo o o kwalwang mo leboteng ke mofuta o le mongwe fela wa bosenyi.
Akanya fela disenyi tse di sa kgathaleng di sentse koloi ya gago e ntšha. Kana o bona sengwe sa batho botlhe—se se solegelang batho ba le bantsi molemo—se sentswe ke disenyi. Ka ntlha yang? Ee, ka ntlha yang? A o kile wa ipotsa gore ke eng fa ditiro tsa bosenyi di tletse jaana? Mo mafelong a le mantsi, go bonala fa disenyi di itumelela go tladika kana go senya mafelo a dithelefouno tsa batho botlhe. Gantsi dipalangwa tsa botlhe tse di jaaka diterena kana dibese ke tsone tse di senngwang. Ka mo go bonalang ka teng, disenyi ga di tshwenyege ka sepe. Mme ke eng se se tlhotlheletsang bosenyi jo re bo bonang kana jo bo re diragalelang?
Marco,a mosha mongwe wa kwa Rio de Janeiro, o ne a betwa ke pelo thata fa setlhopha sa bone se sena go jewa mo motshamekong wa kgwele ya dinao—o ne a betilwe ke pelo thata mo e leng gore o ne a simolola go konopa ka maje bese e e neng e tletse ka barati ba setlhopha se se neng se fentse. Kana akanya ka Claus. Fa a ne a sa dira sentle kwa sekolong, o ne a galefa thata mo e leng gore o ne a konopa maje mme a thuba difensetere. Le fa go ntse jalo, “monate” o ne wa fela fa rraagwe a ne a kopiwa gore a duelele ditshenyegelo. Mosha yo mongwe e bong Erwin, o ne a ithuta kwa sekolong e bile a bereka. Ene le ditsala tsa gagwe ba ne ba itsege e le basha ba ba siameng. Le fa go ntse jalo, ba ne ba fetisa nako ka go senya mo motseng wa gagabo. Batsadi ba ga Erwin ba ne ba sa itse sepe ka seo. Valter e ne e le khutsana mme go se na sepe se a ka se dirang fa e se go dira diterata tsa São Paulo legae la gagwe. Ditsala tsa gagwe tse dikgolo e ne e le segopa sa disenyi mme o ne a tsamaya le bone a bo a ithuta mathaithai a ntwa. Dikai tseno di supa gore go na le batho ba ba senyang, mme dilo tse di ba tlhotlheletsang go senya le ditsela tse ba ikutlwang ka tsone di farologane.
“Bosenyi e ka nna ya bo e le tsela ya go ipusolosetsa kana tsela ya go supa maikutlo a bopolotiki. Ka dinako tse dingwe basha mmogo le bagolo ba senya e le fela go ‘ijesa monate,’” go bolela jalo The World Book Encyclopedia. Le fa go ntse jalo, go na le gore bosenyi e bo e le go ijesa monate fela ga basha, bo ka baka tshenyo e e masisi, le e leng go bolaya. Setlhopha sa basha se ne se batla “go ijesa monate,” mme e rile ba bona monna mongwe a robetse, ba mo tshela ka seedi sengwe se se kapang molelo mme ba mo tshuba ka molelo. Motho yoo, yo e neng e le Moindia, o ne a tlhokafala moragonyana kwa kokelong. Go ya ka pego, “makawana ao a ne a bolela gore a ne a sa akanye gore go tla nna le mongwe yo o tshwenyegang ka gonne bakopi ba le mmalwa ba ne ba ile ba fisiwa mo seterateng, mme ga se ka ga tsewa kgato epe ka gone.” Le fa go ka bonala go se na ope yo o gobadiwang ke bosenyi kana le fa go na le mongwe yo o gobalang, tshenyo e bo e dirang ya tsa madi le mo maikutlong e kgolo thata. Ka jalo, ke eng se se ka fokotsang kana sa fedisa bosenyi?
Ke Mang Yo o Ka Fedisang Bosenyi?
A mapodisi le dikolo di ka thibela bosenyi? Bothata bo le bongwe ke gore balaodi ba ka tswa ba tshwaregile ka melato e e masisi, e e jaaka go rekisa diokobatsi kana dikgetsi tsa polao, go na le gore ba itshwenye ka melato e mo go yone “go se nang motho yo o gobetseng.” Go ya ka lepodise lengwe, fa mosha a tsena mo mathateng, gantsi batsadi ba “pega bana ba bangwe ba a tsamayang le bone molato, kana sekolo, kana mapodise go bo a mo tshwere.” Taolo ya sekolo le ya molao e ka nna ya fokotsa bosenyi; le fa go ntse jalo, go tweng fa maikutlo a batsadi a sa fetoge? Modiredi mongwe yo o tlhokometseng boitshwaro jwa basha o bolela jaana: “Ke go lapisega pelo le go nna le tshono. [Bana ba] tsamaya bosigo mme ga ba na se ba ka se dirang. Mme gongwe ga ba tlhokomelwe—ka gonne ba ka bo ba le kwa gae.”
Le mororo bosenyi e le bothata jo bo masisi mo mafelong a le mantsi, akanya kafa dilo di ka fetogang ka teng. Disenyi tsa basha tse di umakilweng kwa tshimologong di ile tsa fetoga; mme gone jaanong ba tila boitshwaro jo bo sa siamang gotlhelele. Ke eng se se dirileng gore batho bano ba pele e neng e le diganana ba fetole botshelo jwa bone? Mme gape, a o ne o tla gakgamala fa bosenyi bo ne bo sa fokodiwe fela mme bo fedisiwa? Re go laletsa gore o bale setlhogo se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Maina a ile a fetolwa.