Bosenyi bo ka Fedisiwa
BAKWADI Jane Norman le Myron W. Harris ba tlhalosa jaana: “Ke bogologolo bosenyi jwa basha ba dingwaga tsa bolesome bo tsewa e le go bontsha go se tlotle le go tlhoa bagolo le melao ya bone.” Le fa basha ba le bantsi ba akanya gore ga go na sepe se se ka dirwang go fetola seemo, bakwadi bano ba bega gore “a le mongwe mo go ba le 3 o akanya gore bosenyi jwa basha bo ka fokodiwa fa batsadi ba ka tlhokomela bana ba bone thata, le fa basha ba ka bo ba sa lapisege pelo thata jaana.” Le fa go naya basha se ba ka se dirang le gore batsadi ba ba laole botoka go ka fokotsa bosenyi, a seo ka bosone se ne se tla fitlhelela se se bo bakang tota?
Fa basha ba le bosi, ga ba tshwenye, mme fa ba le mo setlhopheng kana ba le babedi, ba ka nna ba batla go bonwa, ba dira dilo tsa boeleele le tse di maswe. Ke se se neng sa diragala ka Nelson, yo e neng e re gantsi fa a gobolotswe ke diokobatsi kana dinotagi a bo a bontsha kgalefo le go sa kgotsofala ga gagwe ka ditiro tsa bosenyi. José, yo o neng a tlhotlhelediwa ke dithero tsa Kereke ya Katoliki tse di malebana le ditshwanelo tsa go nna le ditsha tse di lekaneng le tsa dituelo tsa ditiro, o ne a akanya gore o tshwanetse go nna le seabe mo diteraekeng le go rulaganya bosenyi go nna kgatlhanong le puso. Le fa go ntse jalo, Nelson mmogo le José ba ne ba bona sengwe se se botoka thata go na le dikhuduego le bosenyi.
Mabaka Mangwe a Magolwane a Bosenyi
A re sekasekeng ka mo go tseneletseng lebaka la go bo basha bangwe ba senya. Basha ba le bantsi ba dingwaga tsa bolesome ba tlhakane tlhogo mme ba “tlhalosa lefatshe e le le le tlhakatlhakaneng, le le tsenwang, le le tletseng batho ba ba tlhakaneng tlhogo.” Le fa go ntse jalo, go farologana le se bangwe ba se dumelang, pego nngwe e bolela jaana: “Basha ba le bantsi ba tshwenyegile ka tsela ya bone ya botshelo. Ba amegile go feta kafa bagolo ba akanyang ka teng.” A lemoga kana a sa lemoge, mosha yo o senyang a ka nna a dira seno go bontsha go betwa ke pelo ga gagwe go gogolo, mathata a gagwe a a sa rarabologeng, kana a se dira ka ntlha ya dilo tse a di tlhokang tse a sa kgoneng go di bona. Go ya ka patlisiso e e umakilweng kwa tshimologong, “ga go na ope mo patlisisong eno yo o neng a femela kana a buelela bosenyi, le e seng bone ba ba [kileng] ba bo dira tota.”
Go ka nna ga direga gore mosha a bo a lebogiwa kana a kgothadiwa sewelo. E re ka thutego e nna e ntse e nna botlhokwa thata e bile ditiro tse dintsi di tlhoka kitso e e kgethegileng kana bokgoni jo bo rileng jwa botegeniki, mosha a ka nna a ikutlwa a boifa. Mo godimo ga moo, batsadi, barutabana, kana balekane ba ka nna ba bo ba rata go tshwaya diphoso e bile ba batla mo gontsi, ba gatelela thata se mosha a kgonang go se fitlhelela go na le se ene a leng sone tota. Ba le bantsi ba tsuologa kana ba senya fela ka go bo ba itshwabisitse. A lorato le kamego ya batsadi di ka se ka tsa fokotsa tlalelo e e ntseng jalo thata?
O ka tswa o ile wa lemoga gore le mororo go bonala fa babusi bangwe ba itlhobogile mme ba sa tlhole ba leka go fokotsa tlolomolao ya go kwala mo maboteng le mefuta e mengwe ya boganana, baagi ka kakaretso ba ba amegang ba sa ntse ba lebeletse gore barutabana le badiredi ba sekolo ba fokotse bosenyi. The World Book Encyclopedia e bolela jaana malebana le go diragadiwa ga molao: “Bosenyi bo otlhaelwa ka go duedisiwa kana ka go tsenngwa mo kgolegelong. Mebuso mengwe e na le melao e e dirang gore batsadi ba ikarabelele bosenyi jo bana ba bone ba bo dirang. Mme bontsi jwa bosenyi jo bo dirwang ga bo otlhaelwe. Go diragatsa melao go boima mo dilong tse di ntseng jalo, mme bontsi jwa tshenyo e e bakiwang ga e kgolo ka mo go lekaneng gore go ka tsewa kgato ya semolao.” Pego nngwe e ne ya bontsha gore ke diperesente tse tharo fela tsa batho ba ba senyang ba ba kileng ba tshwarwa.
O ka tswa o dumela gore kaelo e e lekaneng e bana ba godisiwang ka yone e ka nna yone tsela e e molemolemo ya go lebana le selo se segolo se se bakang boganana. Mme fa botshelo jwa lelapa bo senyega, ditšhaba di a boga. Porofesa Ana Luisa Vieira de Mattos, wa kwa Yunibesithing ya São Paulo kwa Brazil, o bolela gore mangwe a mabaka a a dirang gore basha ba nne le mathata ke go bo “batsadi ba sa okamele dilo sentle, go se na tao, puisano, go itlhokomolosiwa ga bana, go sa ba kgatlhegele.”
Ruri re ile ra bona mafoko ano a ga Jesu a diragadiwa mo metlheng ya rona: “Ka ntlha ya go oketsega ga bosenangmolao lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala.” (Mathaio 24:12) Mme ke mang yo o tla ganelang gore mafoko a a kwadilweng mo go 2 Timotheo 3:1-4 a a diragala? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Itse seno, gore mo malatsing a bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng ka nitamo, ba ba se nang katamalano e e bothitho ya tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, basenyabathomaina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale bo tshabegang, ba ba se nang lorato lwa bomolemo, ba ba neelang batho ka boferefere, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le barati ba Modimo.” Boammaaruri ke gore, go tshela fela gare ga batho ba ba ntseng jalo go dira gore go nne le boganana. Le fa go ntse jalo, ga re tlhoke go itlhoboga. Ditšhaba ka kakaretso di paletswe ke go fedisa bosenyi, mme re ka kgona go bona batho ba ba ileng ba atlega go fetola matshelo a bone, ba sa tlhole ba le makgakga kana ba senyaka. Mo go bone, bosenyi bo fedisitswe.
Kaelo e e Molemo mo Basheng
Ke eng se se thusitseng disenyi le ba bangwe go fetola botho jwa bone? Le mororo go ka tswa go gakgamatsa barutisi le batsadi bangwe, Baebele e na le kaelo e e molemo thata le e e mo nakong. Ka go e latela, batho ba pele e neng e le disenyi ba ile ba tlhotlheletsega go utlwa molao ono o o maleba wa Modimo: “O se ka wa sala bontsi morago mo go direng bosula.” (Ekesodo 23:2) Batho ba le bantsi ba ile ba ngokiwa ke boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo jo bo malebana le ditumelo le dithuto tse ba neng ba sa di tlhaloganye pele, mme dilo tse ba di ithutileng di ba thusitse gore ba fetoge go nna batho ba ba botoka. Akanya ka sekai sa ga José, mosha mongwe wa kwa São Paulo. O ne a godisiwa a ntse a dumela mo go diriseng ditshwantsho mo kobamelong. E rile a ithuta gore Modimo o na le leina, Jehofa, le gore ga A amogele kobamelo ya ditshwantsho, José o ne a dira diphetogo gore a tle a dire se se itumedisang Modimo.—Ekesodo 20:4, 5; Pesalema 83:18; 1 Johane 5:21; Tshenolo 4:11.
Nelson ene, o ne a bona tsholofelo ya mmatota ka isagwe, mme e ne ya dira gore a wele makgwafo thata go na le gore a nne a ntse a betilwe ke pelo fa gare ga digopa tse di bogale le mo diteraekeng. O bolela jaana: “Go na le gore ba lelapa la gaetsho ba ntatlhe ka ntlha ya ditsala tse di bosula le go tshela botshelo jwa go tshwakgolwa ke diokobatsi, gone jaanong ke nna ke tlotliwang thata kwa gae. Gantsi rre o nkopa gore ke kgalemele bomogolole. Fa e sa le ke ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ke kgona go itumela ka gonne jaanong botshelo jwa me bo na le boikaelelo.” Mme Marco yo e leng mosha yo o nnang mo toropong—yo o tlwaetseng go tshela mo tikologong e e nang le thubakanyo—o ne a itumedisiwa thata ke go itse gore Bogosi jwa Modimo bo tla dira lefatshe paradaise.—Tshenolo 21:3, 4.
Akanya gape ka kgang ya motho yo pele e neng e le leloko la segopa, e le serukhutlhi sa mo mebileng e bile e le sesenyi. E re ka Valter e le khutsana e bile a godile ka tsela e e botlhoko thata, o ne a kgatlhega thata go bona gore mo tsamaisong eno e e tletseng tlolomolao le boikepo, Modimo o na le batho. Ba leka ka natla go dirisa melaometheo ya Baebele mo matshelong a bone, ba kutlwelobotlhoko, ba a akanyetsa e bile ba pelonomi. Valter o tlhalosa jaana: “Go dumalana le tsholofetso ya ga Jesu, jaanong ke na le lelapa le legolo, ‘bomorwarre le bomorwadiarre le bommè le borre.’ Malebana le isagwe, ke lebeletse pele nakong e batho ba tla bong ba tshela ka boitumelo le ka kutlwano mo pusong ya Modimo ya tshiamo.”—Mareko 10:29, 30; Pesalema 37:10, 11, 29.
Sengwe se se Botoka Go na Le Boganana
Mo godimo ga go akanyetsa le go rata beng ka bone, batho bano ba e neng e le disenyi pele ba ithutile go ‘ila se se bosula.’ (Pesalema 97:10; Mathaio 7:12) Go tweng ka wena? Le fa o ka tswa o le motho fela yo o bogang ka ntlha ya bosenyi jo bo tletseng, go ithuta Lefoko la Modimo go tla dira gore Jehofa e nne motho wa mmatota mo go wena e le Rre yo o lorato wa selegodimo yo o batlang go go tlhokomela. (1 Petere 5:6, 7) Modimo a ka go thusa go gola mo semoyeng, le fa o na le makoa kana o humanegile. Selo seo ka bosone se a itumedisa!
Eleruri, Jehofa le Morwawe e bong Jesu Keresete, ba batla gore batho ba mefuta yotlhe ba nne le tshono ya go ithuta boammaaruri jwa Baebele. Lefoko la Modimo le ka dira se se fetang go thusa batho gore ba se tlhole ba le disenyi gone jaanong. Le ka ba tlhotlheletsa go tswelela pele ba dira kgatelo pele mo go diriseng melaometheo ya Modimo. Ka go dira jalo, ba nna bontlhanngwe jwa bokaulengwe jwa ditšhabatšhaba jo bo itsegeng ka bophepa le maitseo a mantle, e leng phuthego ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa. Tumalanong le se se kwadilweng mo go Baefeso 4:24, Bakeresete ba ba tlhoafetseng bano ba ile ba “[apara] botho jo bosha jo bo neng jwa tlhōlwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyego jo bo nitameng.” Go ise go ye kae lefatshe le tla bo le tletse ka batho ba ba ntseng jalo ka gonne e tla bo e le bone fela ba ba tla falolang mme ba tshelele ruri.—Bapisa Luke 23:43.
Lefatshe le Lesha Le le Se Nang Bosenyi le ka Kgonega
A o dumela gore bosenyi bo ka fedisiwa tota? Fa go ntse jalo, phetogo e kgolo eo e tla diragala jang? Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo fedisa tsamaiso e e boikepo eno. Batho ba ba tla agang mo lefatsheng ba tla ikarabela fa ba ka tlola ope fela wa melao ya Modimo e e siameng ka boomo. (Bapisa Isaia 24:5, 6.) Fa ‘batlodi ba nyelediwa mmogo,’ batho ba ba ratang tshiamo ba tla gololwa. “Jehofa o tla ba thusa le go ba falotsa. O tla ba falotsa mo bathong ba ba boikepo a bo a ba boloka, ka gonne ba tshabetse mo go ene.”—Pesalema 37:38-40, NW.
Ee, selo se se bakang bosenyi se tla nyelediwa ruri. Mme le bokebekwa, kgatelelo, go boga le boikepo bo tla fedisiwa. Mo boemong jwa moo, botshelo mo lefatsheng le lesha e tla nna jwa kagiso, tshiamo ya mmatota, tidimalo le pabalesego. Isaia 32:18 e tlhalosa se se tla diragalang ka tsela ya mmatota: “Batho ba me ba tlaa nna mo boagong jwa thagamo, le mo dikagong tse di tlhomameng, le mo mafelong a tapologo le a lodule.” Ee, paradaise e ntle ya lefatshe lotlhe e tla nniwa ke batho ba ba ratang le ba ba akanyetsang ba bangwe.
Batho ba pele e neng e le disenyi, mmogo le dimilione tse dingwe tsa batho, ba setse ba na le kamano e e atamalaneng le Jehofa Modimo. Ga ba tlhole ba senya ka tsela epe. A le wena o tla letla Lefoko la Modimo go go kaela gore o bone botshelo mo lefatsheng la gagwe le lesha? Ke eng fa o sa etse mopesalema wa bogologolo yo o neng a kwala mafoko ano a ga Jehofa: “Ke tlaa go laya ke go ruta tsela e o tlaa tsamayang ka yone; ke tlaa go gakolola, leitlho la me le ntse le le mo go wena.”—Pesalema 32:8.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Tlhokomelo le lorato lwa batsadi di sireletsa basha