Mmopi wa Gago—Itse Kafa a Leng ka Teng
“Molemo wa me otlhe ke tlaa o fetisa fa pele ga gago, ke tlaa bolela leina la ga Jehofa fa pele ga gago.”—EKESODO 33:19.
1. Ke eng fa Mmopi a tshwanelwa ke go newa tlotlo?
MOAPOSETOLOI JOHANE, mokwadi wa buka ya bofelo ya Baebele, o ile a kwala mafoko ano a a tletseng temogo ka Mmopi: “O a tshwanela, Jehofa, le eleng Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o tlhōdile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa tlhōlwa.” (Tshenolo 4:11) Jaaka fa setlhogo se se fetileng se ile sa bontsha, dilo tse saense ya segompieno e di ribololang gantsi di oketsa mabaka a go dumela mo Mmoping wa dilo tsotlhe.
2, 3. (a) Batho ba tshwanetse go ithuta eng ka Mmopi? (b) Ke eng fa go sa utlwale go batla go kopana le Mmopi ka namana?
2 Fela jaaka go le botlhokwa gore re dumele gore go na le Mmopi, go botlhokwa fela jalo gore re itse kafa a leng ka teng—gore ke motho wa mmatota, yo o nang le botho le ditsela tse di dirang gore batho ba mo rate. A go ne go ka se nne molemo gore o mo itse botoka, le fa o ka tswa o setse o mo itse go le kana kang? Seo ga se tlhoke gore o kopane le ene ka namana, ka tsela e re tleng re kopane le batho ba bangwe ka yone.
3 Tota le dinaledi Modiri wa tsone ke Jehofa, mme letsatsi ke naledi fela ya bogolo jo bo magareng. A o ka akanya ka go atamela kwa letsatsing go sekae? Legoka! Bontsi jwa batho ba tila le e leng go le leba ka tlhamalalo kana gore letlalo la bone le rakane le marang a lone a a bogale ka lobaka lo loleele. Themperetšha ya karolo e e fa gare ya lone ke didikirii tsa Celsius di le 15-000 000. Mo motsotswaneng mongwe le mongwe, boubelo jono jo bo tukang bo fetola bokete jwa ditone di le dimilione tse nnè go nna maatla. Ke selekanyo se sennye fela sa one se se fitlhang mo lefatsheng se le mo sebopegong sa mogote le lesedi, mme selekanonyana seo se thusa gore go nne le botshelo mono. Dintlhanyana tseo tsa motheo di tshwanetse go re lemotsha maatla a a boitshegang a Mmopi a nang nao. Ke gone ka moo Isaia a ileng a kwala a bua ka “bogolo jwa nonofo ya [Mmopi], le ka go bo a nonofile mo thateng.”—Isaia 40:26.
4. Moshe o ile a kopa eng, mme Jehofa o ile a araba jang?
4 Le fa go ntse jalo, a o ne o itse gore dikgwedi di sekae morago ga gore Baiseraele ba tswe kwa Egepeto ka 1513 B.C.E., Moshe o ile a lopa Mmopi jaana: “Ke a go rapela, a ko o mpontshe kgalalelo ya gago.” (Ekesodo 33:18) Fa o gopola gore Modiri wa letsatsi ke Modimo, o tla tlhaloganya gore ke eng fa a ile a raya Moshe a re: “Ga o a nonofa go bona sefatlhogo sa me; gonne motho ga a ketla a mpona a ba a tshela.” Mmopi o ne a letla gore Moshe a senke lefelo la go iphitlha mo Thabeng ya Sinai fa A “feta” fa pele ga gagwe. Ka jalo re ka re Moshe o ile a bona “mokwatla, [NW]” wa Modimo, a bona marang fela a kgalalelo ya Mmopi kana go nna gone ga gagwe.—Ekesodo 33:20-23; Johane 1:18.
5. Mmopi o ile a diragatsa kopo ya ga Moshe jang, mme seo se supa eng?
5 Keletso ya ga Moshe ya go batla go itse Mmopi botoka e ile ya diragadiwa. Modimo o ile a feta fa pele ga Moshe mme go bonala a ile a dirisa moengele go bua jaana: “Jehofa, Modimo o o tletseng bopelotlhomogi, o o tsalano, o o bonya go galefa, le o o letlotlo la boutlwelo botlhoko le boammaaruri; O bolokelang ba makgolokgolo boutlwelo botlhoko, o o itshwarelang tshiamololo, le tlolo, le boleo; le o o se ketlang o golola yo o molato gope.” (Ekesodo 34:6, 7) Seno se supa gore go itse Mmopi botoka ga go akaretse go bona ditebego tsa gagwe, go na le moo, go akaretsa go lemoga ka botlalo kafa a leng ka teng, botho jwa gagwe le dinonofo tsa gagwe.
6. Thulaganyo ya mmele wa rona ya go lwantsha malwetse e gakgamatsa ka tsela efe?
6 Tsela nngwe ya go dira jalo ke go lemoga dinonofo tsa Modimo mo dilong tse a di bopileng. Akanya ka thulaganyo ya mmele wa gago ya go lwantsha malwetse. Scientific American e ile ya bua jaana malebana le kgang ya go lwantsha malwetse: “Go tloga fa re tsalwa go fitlha re swa, thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse e nna e ntshitse matlho dinameng. Mefutafuta e e farologaneng ya dimolekhule le disele . . . di re sireletsa kgatlhanong le dipharasaete le ditwatsi. Fa batho ba ka bo ba se na disireletsi tse di ntseng jalo, ba ka bo ba sa tshele.” Thulaganyo eo e tswa kae? Setlhogo sengwe mo go one makasine oo se ile sa re: “Mefutafuta e mentsi ya disele tse di dirisanang mmogo ka botswerere go sireletsa mmele kgatlhanong le megare le dibaerase di tlhaga go tswa mo diseleng di sekae fela tse dikgolo tse di simololang go nna gone mo e ka nnang mo dibekeng di le robonngwe fela morago ga go ima.” Mosadi yo o imileng o fetisetsa leseanyana le le sa ntseng le gola mo teng ga gagwe thulaganyo eno ya go lwa le malwetse. Moragonyana gape o abela lesea la gagwe disele tse di lwantshang malwetse le dikhemikale tse di ka le solegelang molemo ka mashi a lebele.
7. Ke eng se re ka se sekasekang ka thulaganyo ya mmele wa rona ya go lwantsha malwetse, mme seno se re dira gore re dire tshwetso efe?
7 O na le mabaka a a utlwalang a go konela ka gore thulaganyo ya mmele wa gago ya go lwantsha malwetse e gaisa dilo dipe fela tse kalafi ya segompieno e ka go neelang tsone. Ka jalo, ipotse jaana, ‘Seno se re ruta eng ka Modiri le Moabi wa yone?’ Thulaganyo eno e e ‘simololang go nna gone mo e ka nnang mo dibekeng di le robonngwe fela morago ga go ima’ le e e nnang e ipaakanyeditse go sireletsa lesea le le sa tswang go tsholwa, ruri e supa botlhale le go akanyetsa kwa pele. Mme gone, a re ka lemoga sengwe gape ka Mmopi go tswa mo thulaganyong eno? Ke eng se bontsi jwa rona re se akanyang ka Albert Schweitzer le batho ba bangwe ba ba ileng ba neela matshelo a bone mo go tlameleng batlhoki ka thuso ya kalafi? Gantsi re tle re tseye batho ba ba kutlwelobotlhoko jalo e le ba ba nang le dinonofo tse di molemo. Ka tsela e e tshwanang, re ka reng ka Mmopi wa rona, yo o tlamelang batlhoki le bahumi ka thulaganyo eno ya mmele ya go lwantsha malwetse? Ga go pelaelo gore o lorato, ga a tlhaole, o kutlwelobotlhoko e bile o tshiamo. A seno ga se dumalane le tsela e Moshe a neng a tlhalosediwa Mmopi ka yone?
O Senola Kafa a Leng ka Teng
8. Jehofa o re itshenolela ka tsela efe e e kgethegileng?
8 Le fa go ntse jalo, go na le tsela e nngwe e re ka itseng Mmopi botoka ka yone—ka Baebele. Seno se botlhokwa thata ka gonne go na le dilo tse saense le lobopo di sa kgoneng go di senola le dilo tse dingwe tse Baebele yone e di senolang sentle. Sekai sa kgang eno ya ntlha ke leina la Mmopi. Ke Baebele fela e e re senolelang leina la Mmopi le botlhokwa jwa lone. Mo Mekwalong ya Sehebera ya Baebele, leina la gagwe le tlhaga ka makgetlo a le 7 000 le kwadilwe ka ditumammogo tse nnè tse di ka bidiwang YHWH kana JHVH, tse gantsi ka Setswana di bidiwang Jehofa.—Ekesodo 3:15; 6:3.
9. Leina la Mmopi le kaya eng, mme seno se re dira gore re dire tshwetso efe?
9 Gore re itse Mmopi botoka, re tshwanetse go lemoga gore ga se “Seitiri” fela se se sa tsheleng kana “Ke Nna” yo o sa tlhaloganyegeng sentle. Leina la gagwe le supa seno. Ke mofuta wa lediri la Sehebera le le kayang “direga” kana “itshupa.”a (Bapisa Genesise 27:29; Moreri 11:3.) Leina la Modimo le kaya “O Dira Gore go Direge” e bile le gatelela gore o a ikaelela a bo a tsaya kgato. Ka go itse leina la gagwe le go le dirisa, re ka kgona go tlhaloganya sentle gore o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe le gore o diragatsa maikaelelo a gagwe ka botlhaga.
10. Pego ya Genesise e ka re sedimosetsa eng se se botlhokwa?
10 Baebele ke yone e e re nayang kitso ka ga maikaelelo a Modimo le botho jwa gagwe. Pego ya Genesise e senola gore batho ba kile ba bo ba na le kagiso le Modimo e bile ba na le tsholofelo ya botshelo jo boleele le jo bo monate. (Genesise 1:28; 2:7-9) Go ya ka bokao jwa leina la ga Jehofa, re ka tlhomamisega gore o tla fedisa pogo le mathata otlhe a batho ba sa bolong go lebana le one. Re bolelelwa jaana malebana le tsela e a tla diragatsang boikaelelo jwa gagwe ka yone: “Lefatshe leno le ne la wela mo mathateng, e seng ka go rata ga lone, mme ka go rata ga Mmopi, yo ka go dira jalo, a ileng a le naya tsholofelo ya gore letsatsi lengwe . . . le ka dirwa gore le nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”—Baroma 8:20, 21, The New Testament Letters, ka J. W. C. Wand.
11. Ke eng fa re ka sekaseka dipego tsa Baebele, mme dintlha tsa nngwe ya dipego tseo ke dife?
11 Gape Baebele e ka re thusa go itse Mmopi wa rona botoka ka gonne e re senolela ditiro tsa gagwe le ditsela tse a ileng a tsiboga ka tsone fa a ne a dirisana le Iseraele wa bogologolo. Akanya ka sekai sa ga Elisha le Naamane, mookamedi wa masole a Siria e e ratang ntwa. Fa o ntse o bala pego eno mo go 2 Dikgosi kgaolo 5, o tla lemoga gore mosetsana mongwe wa Moiseraele yo e neng e le motshwarwa o ile a akantsha gore lepero la ga Naamane le ne le ka fola ka thuso ya ga Elisha kwa Iseraele. Naamane o ne a ya teng a solofetse gore Elisha o tla fitlha a mo baya diatla ka tsela ya go phekola. Go na le moo, Elisha o ile a laela Mosiria yono gore a tlhape mo Nokeng ya Joredane. Le mororo batlhanka ba ga Naamane ba ile ba tshwanelwa ke go mo kgona ka mabaka gore a dumele go dira jalo, fa a sena go dira jalo, o ile a fola. Naamane o ile a ntsha dimpho tse di tlhwatlhwakgolo, mme Elisha o ile a di gana. Moragonyana modirimmogo le ene o ile a ngongwaela kwa go Naamane mme a tsaya dingwe tsa dilo tseno ka go bua maaka. Go se ikanyege gono ga gagwe go ile ga dira gore a itewe ka lepero. Eno ke pego e e kgatlhang e e supang kafa batho ba leng ka teng—e e ka re rutang sengwe.
12. Re ka dira ditshwetso dife malebana le Mmopi go tswa mo pegong ya ga Elisha le Naamane?
12 Ka tsela e e amang maikutlo, pego eno e bontsha gore Mmopi yo Mogolo wa lobopo ga a itseye a le kwa godimo thata mo a neng a ka se tseye mosetsana yono yo monnye tsia, e leng se se farologaneng thata le kafa gantsi batho ba leng ka teng mo ditšhabeng tse dintsi gompieno. Gape go supa gore Mmopi ga a rate lotso kana setšhaba se se rileng fela. (Ditiro 10:34, 35) Selo se se kgatlhang ke gore, mo boemong jwa gore Mmopi a batle gore batho ba dirise mekgwa ya go phekola—e e neng e dirisiwa thata ke “baphekodi” ba bogologolo le e e dirisiwang ke ba gompieno—o ile a bontsha go nna le botlhale jo bogolo. O ne a itse tsela ya go fodisa lepero. Gape o ile a bontsha temogo le tshiamiso ka go se letlelele gore motsietsi a atlege. A seo le sone ga se dumalane le botho jwa ga Jehofa jo Moshe a ileng a bo tlhalosediwa? Le mororo pego eno ya Baebele e le khutshwane, a bo go na le dilo tse dintsi jang ne mo go yone tse re ka di lemogang malebana le kafa Mmopi wa rona a leng ka teng!—Pesalema 33:5; 37:28.
13. Bontsha kafa re ka ithutang dithuto tse di botlhokwa ka teng go tswa mo dipegong tsa Baebele.
13 Dipego tse dingwe tse di ka ga ditiro tsa Iseraele tse di sa bontsheng go leboga le tsela e Modimo a ileng a tsiboga ka yone di supa gore ruri Jehofa o a amega. Baebele ya re Baiseraele ba ile ba mo leka gantsintsi ba mo sulafatsa pelo le go mo utlwisa botlhoko. (Pesalema 78:40, 41) Ka gone, Mmopi o na le maikutlo e bile o a amega ka ga se batho ba se dirang. Gape go na le dilo tse dintsi tse re ka di ithutang go tswa mo dipegong tse di malebana le batho ba ba itsegeng thata. Fa Dafide a ne a tlhophiwa go nna kgosi ya Iseraele, Modimo o ile a raya Samuele a re: “Jehofa ga a bone jaaka motho a bona; gonne motho o leba bokafantle, mme Jehofa o leba pelo.” (1 Samuele 16:7) Ee, Mmopi o leba se re leng sone mo teng, e seng ditebego fela. A bo go nametsa pelo jang ne!
14. Fa re ntse re bala Dikwalo Tsa Sehebera, re ka dira eng se se ka re solegelang molemo?
14 Dibuka tse 39 tsa Baebele di kwadilwe pele ga motlha wa ga Jesu mme go botlhokwa gore re di bale. Ga re a tshwanela go dira jalo e le fela gore re ithute dipego tsa Baebele kana hisitori ya yone. Fa e le gore ruri re batla go itse kafa Mmopi wa rona a leng ka teng, re tshwanetse go tlhatlhanya ka dipego tseo, gongwe re akanya gore, ‘Tiragalo eno e senola eng ka botho jwa gagwe? Go gatelelwa nonofo efe ya gagwe fano?’b Go dira jalo go ka thusa le e leng babelaedi go lemoga gore Baebele e tshwanetse ya bo e tswa kwa Modimong, ka gone go ba thaela motheo wa go itse Modiri wa bone botoka.
Morutisi yo Mogolo o re Thusa go Itse Mmopi
15. Ke eng fa ditiro tsa ga Jesu le dithuto tsa gagwe di tshwanetse go re ruta?
15 Ke boammaaruri gore, batho ba ba belaelang gore go na le Mmopi kana ba ba sa tlhaloganyeng Modimo sentle ba ka tswa ba sa itse go le kalo ka Baebele. O ka tswa o kile wa kopana le batho ba ba sa itseng gore a Moshe o ile a tshela pele ga Mathaio kana morago ga gagwe, ba ba sa itseng sepesepe fela ka ditiro le dithuto tsa ga Jesu. Seo se utlwisa botlhoko ka gonne go na le dilo tse dintsi tota tse motho a ka ithutang tsone ka Mmopi mo go Jesu, Morutisi yo Mogolo. E re ka a ile a nna le kamano ya botsala jo bogolo le Modimo, a ka re senolela kafa Mmopi a leng ka teng. (Johane 1:18; 2 Bakorintha 4:6; Bahebera 1:3) Mme o ile a dira jalo. Tota e bile, o kile a re: “Yo o mponeng o bone le Rara.”—Johane 14:9.
16. Tsela e Jesu a ileng a dirisana le mosadi wa Mosamarea ka yone e supa eng?
16 Akanya ka sekai seno. Ka nako nngwe fa Jesu a ne a lapile ka ntlha ya mosepele, o ile a bua le mosadi wa Mosamarea gaufi le Sikara. O ile a mo itsise boammaaruri jo bo tseneletseng malebana le botlhokwa jwa ‘go obamela Rara ka moya le ka boammaaruri.’ Ka nako eo Bajuda ba ne ba ikgogona mo Basamareeng. Jesu ene o ile a bontsha tsela e Jehofa a iketleeditseng ka teng go amogela banna le basadi ba ditšhaba tsotlhe fela jaaka re lemogile le mo tiragalong ya ga Elisha le Naamane. Go tshwanetse ga re nametsa pelo gore Jehofa ga a dumalane le letlhoo la bodumedi le le tletseng mo lefatsheng gompieno. Gape re ka ela tlhoko kgang ya gore Jesu o ne a iketleeleditse go ruta mosadi, mme mo kgannyeng eno e le mosadi yo o neng a nna le monna yo e neng e se monna wa gagwe. Go na le gore Jesu a mo atlhole, o ile a mo tshwara ka seriti, ka tsela e ruri e neng e ka mo thusa. Morago ga foo, Basamarea ba bangwe ba ile ba reetsa Jesu mme ba konela jaana: “Re itse gore monna yono ruri ke mmoloki wa lefatshe.”—Johane 4:2-30, 39-42; 1 Dikgosi 8:41-43; Mathaio 9:10-13.
17. Pego ya tsogo ya ga Lasaro e dira gore re dire tshwetso efe?
17 A re sekaseke setshwantsho se sengwe se se malebana le kafa re ka ithutang ka Mmopi ka teng ka go itlwaelanya le ditiro tsa ga Jesu le dithuto tsa gagwe. Akanya ka tiragalo ya fa tsala ya ga Jesu e bong Lasaro e ne e tlhokafetse. Pele ga foo Jesu o ne a setse a kile a supa maatla a o nang le one go tsosa baswi. (Luke 7:11-17; 8:40-56) Le fa go ntse jalo, o ile a itshwara jang fa a ne a bona kgaitsadie Lasaro e bong Marea a hutsafetse? Jesu o ile a “fegelwa mo moyeng mme a tshwenyega.” O ne a se ka a nna peloethata kana go se amege; o ile a “tsholola dikeledi.” (Johane 11:33-35) Seno e ne e se go tseega maikutlo fela. Jesu o ile a tlhotlheletsega go tsaya kgato e e molemo—o ile a tsosa Lasaro. Akanya fela kafa seno se ileng sa thusa baaposetoloi ka teng go tlhaloganya maikutlo le ditiro tsa Mmopi. Go tshwanetse ga thusa le rona le batho ba bangwe go tlhaloganya botho jwa Mmopi le ditsela tsa gagwe.
18. Batho ba tshwanetse go ikutlwa jang malebana le go ithuta Baebele?
18 Ga go na lebaka la gore re tlhabisiwe ditlhong ke go ithuta Baebele le go ithuta go le gontsi ka Mmopi wa rona. Baebele ga se buka e e siilweng ke nako. Motho mongwe yo o ileng a e ithuta a ba a tsalana thata le Jesu ke Johane. Moragonyana o ile a kwala jaana: “Re itse gore Morwa Modimo o tlile, mme o re neile nonofo ya bokgeleke gore re nne le kitso ya wa boammaaruri. Mme re seoposengwe le wa boammaaruri, ka Morwaone Jesu Keresete. Ono ke Modimo wa boammaaruri le botshelo jo bo sa khutleng.” (1 Johane 5:20) Ela tlhoko gore go nna le “nonofo ya bokgeleke” gore re nne le kitso ka ga “wa boammaaruri,” e bong Mmopi, go ka dira gore re bone “botshelo jo bo sa khutleng.”
O ka Thusa Jang ba Bangwe go Ithuta ka Ene?
19. Go tserwe kgato efe go thusa batho ba ba nang le dipelaelo?
19 Go tlhokega maiteko a magolo gore batho bangwe ba dumele gore go na le Mmopi yo o kutlwelobotlhoko yo o amegang ka rona le go itse gore o ntse jang. Go na le dimilionemilione tsa batho ba ba sa ntseng ba na le dipelaelo ka Mmopi kana ba ba tsayang gore ga a jaaka a tlhalosiwa mo Baebeleng. O ka ba thusa jang? Kwa dikopanong tsa kgaolo le tsa ditšhabatšhaba tsa Basupi ba ga Jehofa tsa 1998/99, go ile ga gololwa sedirisiwa se sesha ka dipuo tse dintsi—buka ya Is There a Creator Who Cares About You?
20, 21. (a) Buka ya Creator e ka dirisiwa jang ka katlego? (b) Anela maitemogelo a a bontshang gore buka ya Creator e setse e itshupile e le molemo.
20 Ke kgatiso e e tla nonotshang tumelo ya gago ka namana mo Mmoping wa rona le kanaanelo ya gago ka botho jwa gagwe le ditsela tsa gagwe. Ke eng fa re ka tlhomamisega jalo? Ka gonne buka eno ya Is There a Creator Who Cares About You? segolobogolo e diretswe sone seo. Kgangkgolo e e gatelelwang mo bukeng eno yotlhe ke “Ke eng se se ka dirang gore botshelo bo nne le bokao?” Dintlha tsa yone di tlhalosiwa ka tsela e e ka kgatlhang le batho ba ba rutegileng thata. Le fa go ntse jalo, e bua ka keletso e rotlhe re nang le yone. E na le dintlha tse di kgatlhang le tse di ka gapang maikutlo a babadi ba ba belaelang gore go na le Mmopi. Buka eno ga e tlhalose dilo jaaka e kete e tsaya gore mmadi o dumela mo Mmoping. Babelaedi ba tla ngokwa kgatlhego ke tsela e dithibololo le megopolo ya sesheng ya saense e e mo go yone e tlhalosiwang ka teng. Dintlha tse di ntseng jalo di tla nonotsha le tumelo ya ba ba dumelang mo Modimong.
21 Fa o ithuta buka eno e ntšha, o tla lemoga gore dikarolo dingwe tsa yone di sobokanya hisitori ya Baebele ka tsela e e gatelelang dikarolo dingwe tsa botho jwa Modimo, e le go thusa babadi gore ba itse Modimo botoka. Batho ba le bantsi ba ba setseng ba e badile ba ile ba bolela kafa go ileng ga nna jalo ka bone. (Bona setlhogo se se latelang, ditsebe 25-6.) E kete go ka nna jalo le ka wena fa o ntse o itlwaelanya le buka eno le go e dirisa go thusa batho ba bangwe go itse Mmopi wa bone botoka.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mokanoki mongwe wa Mojesuite e bong M. J. Gruenthaner, ka nako ya fa e ne e le mokwadimogolo wa The Catholic Biblical Quarterly, o ile a akgela a re mofuta wa lediri leno “ga o ke o naya kgopolo ya go nna gone ga selo ka tsela e e seng ya mmatota go na le moo, ka metlha o naya kgopolo ya gore selo seo se nna kana se fetoga sa mmatota, ke gore, se itshupa gore tota se gone.”
b Fa batsadi ba ntse ba ithuta dipego tsa Baebele le bana ba bone, ba ka thusa bana ba bone ka go botsa dipotso tse di ntseng jalo. Ka gone, basha ba ka tlwaelana le Modimo le go ithuta Lefoko la gagwe le go tlhatlhanya ka lone.
A o Etse Tlhoko?
◻ Moshe o ne a itse Jehofa botoka jang kwa Thabeng ya Sinai?
◻ Ke eng fa go ithuta Baebele e le tsela ya go itse kafa Modimo a leng ka teng?
◻ Fa re ntse re bala Baebele, re ka dira eng gore re tsalane thata le Mmopi wa rona?
◻ O ikaeletse go dirisa buka ya Creator jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Thulaganyo ya mmele wa rona ya go lwantsha malwetse e supa eng ka Mmopi?
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Bontlhanngwe jwa Momeno wa Lewatle le le Suleng ka Thaterakeramatone (Leina la Modimo ka Sehebera) mo go lone
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy of the Shrine of the Book, Israel Museum, Jerusalem
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Re ka ithuta eng ka tsela e Jesu a neng a itshwara ka yone fa Marea a ne a hutsafetse?