Jesu a ka Fetola Jang Botshelo Jwa Gago?
JESU KERESETE e ne e le Morutisi yo Mogolo yo o neng a nna kwa Palesetina mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng. Ga go itsiwe thata ka nako ya fa a ne a sa ntse a le ngwana. Le fa go ntse jalo, go na le bosupi jo bontsi jwa gore fa a ne a le dingwaga di le 30, o ne a simolola bodiredi jwa gagwe jwa go ‘naya bosupi ka boammaaruri.’ (Johane 18:37; Luke 3:21-23) Barutwa ba banè ba ba neng ba kwala dipego tsa botshelo jwa gagwe ba bua thata ka dingwaga tse tharo le sephatlo tse di neng tsa latela.
Ka nako ya bodiredi jwa gagwe, Jesu Keresete o ne a naya barutwa ba gagwe taelo e e neng e ka thusa batho go lebana le mathata a mantsi a lefatshe. E ne e le eng? Jesu o ne a bolela jaana: “Ke lo naya taolo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane.” (Johane 13:34) Ee, tharabololo ya mathata a le mantsi a batho ke lorato. Nako nngwe fa Jesu a ne a bodiwa gore taolo e kgolo go di gaisa tsotlhe ke efe, o ne a araba jaana: “‘O tshwanetse go rata Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’ Eno ke taolo e kgolo thata e bile e le ya ntlha. Ya bobedi, e e tshwanang le yone, ke eno, ‘O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.’”—Mathaio 22:37-40.
Jesu o ne a re bontsha ka mafoko le ka ditiro gore re tshwanetse go rata Modimo le beng ka rona jang. A re sekasekeng dikai di le mmalwa mme re bone gore re ka ithuta eng mo go ene.
Dithuto Tsa Gagwe
Mo go nngwe ya dithero tse di itsegeng thata mo hisitoring, Jesu Keresete o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe mme a rate yo mongwe, kgotsa o tla ngaparela yo mongwe mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.” (Mathaio 6:24) A thuto ya ga Jesu ya gore re beye Modimo kwa pele mo botshelong jwa rona e sa ntse e dira gompieno, fa batho ba le bantsi jaana ba dumela gore madi a ka rarabolola mathata otlhe? Gone ke boammaaruri, re tlhoka madi gore re tshele. (Moreri 7:12) Le fa go ntse jalo, fa re letla gore “Dikhumo” e nne mong wa rona, “lorato lwa madi” lo tla re laola, lo laola botshelo jwa rona jotlhe. (1 Timotheo 6:9, 10) Batho ba le bantsi ba ba ileng ba wela mo seraing seno ba ile ba feleletsa ba latlhegetswe ke malapa a bone, botsogo jwa bone, tota le e leng ke botshelo jwa bone.
Kafa letlhakoreng le lengwe, fa re ikanya Modimo gore e nne ene Mong wa rona seo se dira gore botshelo jwa rona bo nne le bokao. Jaaka Mmopi, ke ene Motswedi wa botshelo, ka jalo, ke ene fela yo re tshwanetseng go mo obamela. (Pesalema 36:9; Tshenolo 4:11) Batho ba ba ithutang ka dinonofo tsa gagwe mme ba ithuta go mo rata ba tlhotlheletsega go ikobela ditaelo tsa gagwe. (Moreri 12:13; 1 Johane 5:3) Ka go dira jalo, re itsholegela molemo.—Isaia 48:17.
Mo Therong ya mo Thabeng, Jesu o ile a ruta barutwa gape kafa ba tshwanetseng go rata beng ka bone ka teng. O ne a bolela jaana: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Lefoko “batho” le Jesu a le dirisitseng fano le akaretsa tota le baba ba motho. Mo go yone thero eo, o ne a re: “Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang.” (Mathaio 5:43, 44) A lorato lo lo ntseng jalo lo ne lo ka se ka lwa rarabolola mathata a mantsi a re lebaneng le one gompieno? Moeteledipele wa Mohindu e bong Mohandas Gandhi o ne a akanya jalo. O nopolwa a bolela jaana: “Fa [re] ka dumalana mo dithutong tse Keresete a ileng a di tlhoma mo Therong eno ya mo Thabeng, re tla bo re rarabolotse mathata . . . a lefatshe lotlhe.” Fa dithuto tsa ga Jesu tse di malebana le lorato di dirisiwa, di ka rarabolola mathata a mantsi a batho.
Ditiro Tsa Gagwe
Jesu o ne a sa rute fela boammaaruri jo bo botlhokwa malebana le kafa re tshwanetseng go supa lorato ka teng mme gape o ne a dira se a neng a se ruta. Ka sekai, o ne a baya dikgatlhego tsa batho ba bangwe kwa pele ga tsa gagwe. Letsatsi lengwe Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba tshwaregile thata jaana ba thusa batho mo e leng gore ba ne ba se na le nako ya go ja. Jesu o ne a bona gore barutwa ba gagwe ba tlhoka go ikhutsa go sekae, mme a ba isa kwa lefelong lengwe le le kwa thoko. Mme fa ba fitlha koo, ba ne ba fitlhela boidiidi bo ba letetse. O ne o tla itshwara jang fa o ne o bona boidiidi jwa batho ba ba neng ba lebeletse gore o bereke fa wena o ne o ikutlwa o tlhoka go ikhutsa go sekae? Gone mme, Jesu o ne a “tlhotlheletsega go ba tlhomogela pelo” mme “a simolola go ba ruta dilo di le dintsi.” (Mareko 6:34) Go amega jaana ka batho ba bangwe go ne go tlhotlheletsa Jesu ka metlha gore a ba thuse.
Jesu o ne a direla batho mo gontsi go na le go ba ruta fela. O ne a ba thusa le ka dilo tse ba di tlhokang. Ka sekai, ka lekgetlo lengwe o ne a fepa batho ba ba fetang 5 000 ba ba neng ba ntse ba mo reeditse go fitlha go nna lotlatlana. Ka bonako morago ga foo, o ne a fepa boidiidi jo bongwe jo bogolo—mo lekgetlong leno e le ba ba fetang 4 000—ba ba neng ba ntse ba mo reeditse ka malatsi a le mararo mme ba sa tlhole ba saletswe ke sepe se ba ka se jang. Mo lekgetlong la pele, o ne a dirisa dilofo tse tlhano tsa senkgwe le ditlhapi tse pedi, mme mo lekgetlong la bobedi, o ne a dirisa dilofo tse supa le ditlhapi di le mmalwa tse dinnye. (Mathaio 14:14-22; 15:32-38) Dikgakgamatso? Ee, e ne e le modiri wa dikgakgamatso.
Jesu gape o ne a fodisa batho ba le bantsi ba ba lwalang. O ne a fodisa difofu, digole, balepero le bosusu. Ebu, o bile a tsosa le baswi! (Luke 7:22; Johane 11:30-45) Nako nngwe molepero o ne a mo lopa jaana: “Fa fela o batla o ka mphepafatsa.” Jesu o ne a arabela jang? “Fa a rialo a tlhotlheletsega go tlhomoga pelo, mme ya re a otlolola seatla sa gagwe a mo ama, mme a mo raya a re: ‘Ke a batla. Phepafadiwa.’” (Mareko 1:40, 41) Ka dikgakgamatso tse di ntseng jalo, Jesu o ne a supa lorato lwa gagwe mo bathong ba ba bogang.
A go thata gore o dumele dikgakgamatso tsa ga Jesu? Mo go ba le bantsi go thata. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore Jesu o ne a dira dikgakgamatso tsa gagwe phatlalatsa. Tota le baganetsi ba gagwe, ba ba neng ba leka go mmona phoso ka sengwe le sengwe, ba ne ba sa kgone go ganela gore ke modiri wa dikgakgamatso. (Johane 9:1-34) Mo godimo ga moo, dikgakgamatso tsa gagwe di ne di na le boikaelelo. Di ne di thusa batho go mo tlhaola jaaka Yo o romilweng ke Modimo.—Johane 6:14.
Fa Jesu a ne a dira dikgakgamatso, o ne a sa batle go lebisa tlhokomelo mo go ene. Go na le moo, o ne a galaletsa Modimo, Monei wa maatla a gagwe. Nako nngwe kwa Kaperenama o ne a le mo ntlong nngwe e e neng e tletse ka batho. Monna mongwe yo o neng a sule ditokololo o ne a batla go fodisiwa mme o ne a sa kgone go tsena. Ka jalo ditsala tsa gagwe di ne tsa mo folosetsa kwa tlase ka bolao jo a ntseng mo go jone ka borulelo. Fa Jesu a bona tumelo ya bone, o ne a fodisa motho yo o suleng ditokololo yono. Ka ntlha ya seo, batho ba ne ba “galaletsa Modimo” mme ba re: “Ga re ise re ke re bone mo go tshwanang le gone.” (Mareko 2:1-4, 11, 12) Dikgakgamatso tsa ga Jesu di ne tsa tlisetsa Jehofa, Modimo wa gagwe pako mme tsa thusa ba ba tlhokang.
Le fa go ntse jalo, go fodisiwa ga batho ba ba lwalang ka kgakgamatso, e ne e se selo sa konokono mo bodireding jwa ga Jesu. Mongwe yo o neng a kwala pego ya botshelo jwa ga Jesu o ne a tlhalosa jaana: “Tseno di kwadilwe gore lo tle lo dumele gore Jesu ke Keresete Morwa Modimo, le gore, ka ntlha ya go dumela, lo tle lo nne le botshelo ka leina la gagwe.” (Johane 20:31) Ee, Jesu o ne a tla mo lefatsheng gore batho ba ba dumelang ba bone botshelo.
Setlhabelo sa Gagwe
O ka nna wa botsa wa re, ‘A Jesu o tlile mo lefatsheng?’ ‘O ne a tswa kae?’ Jesu ka boene o ne a bolela jaana: “Ke fologile kwa legodimong go tla go dira, e seng thato ya me, fa e se thato ya yo o nthomileng.” (Johane 6:38) O kile a tshela pele ga a nna motho e le Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo. Mme he, go rata ga Yo o mo romileng mo lefatsheng e ne e le eng? Johane yo e leng mongwe wa bakwadi ba Diefangele o ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo o bileng wa ntsha Morwaone yo o tsetsweng a le esi, e le gore mongwe le mongwe yo o supang tumelo mo go ene a tle a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Seno se ne se ka kgonega jang?
Baebele e bontsha gore go tlile jang gore loso e nne selo se batho ba sa kgoneng go se tila. Modimo o ne a naya banyalani ba ntlha botshelo ka tebelelo ya go tshelela ruri. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tlhopha go tsuologela Modiri wa bone. (Genesise 3:1-19) Ka ntlha ya kgato eno, e leng boleo jwa ntlha jwa batho, bana ba ga Adame le Efa ba ne ba rua boswa jo bo sa itumediseng jwa go swa. (Baroma 5:12) Gore batho ba bone botshelo jwa mmatota, boleo le loso di tshwanetse tsa fedisiwa.
Ga go na moitsesaense ope yo o ka fedisang loso ka tsela nngwe ya go fetola dijini. Le fa go ntse jalo, Mmopi wa batho o na le tsela ya go dira gore batho ba ba kutlo ba itekanele gore ba tshelele ruri. Mo Baebeleng, thulaganyo eno e bidiwa thekololo. Banyalani ba ntlha ba ile ba rekisetsa bone le bana ba bone mo botlhankeng jwa boleo le loso. Ba ne ba ananya botshelo jwa bone e le batho ba ba itekanetseng ba ba kutlo mo Modimong ka botshelo jo bo sa laolweng ke Modimo, ba itirela ditshwetso tsa bone malebana le se se bosula le se se siameng. Go rekolola botshelo jo bo itekanetseng, go ne ga tlhokega tlhwatlhwa e e neng e lekana le botshelo jo bo itekanetseng jo batsadi ba rona ba ileng ba bo latlha. E re ka batho ba ne ba ruile bosaitekanelang, ba ne ba sa tshwanelege go duela tlhwatlhwa eo.—Pesalema 49:7.
Ka jalo, Jehofa Modimo o ne a tsaya kgato a thusa. O ne a fetisetsa botshelo jo bo itekanetseng jwa Morwa wa gagwe yo o tsetsweng a le esi mo sebopelong sa kgarebana, e e neng ya tshola Jesu. Masome a dingwaga a a fetileng o ne o ka se ka wa dumela kgopolo ya kgarebana e e tsholang ngwana. Le fa go ntse jalo, gompieno baitsesaense ba ile ba bopa setshedi ka go dirisa disele tsa diamusi mme ba tsaya dijini go tswa mo phologolong e nngwe ba di tsenya mo go e nngwe. Ka jalo he, ke mang yo o ka belaelang bokgoni jwa Mmopi jwa go sa dirise thulaganyo e e tlwaelegileng ya tsalo?
E re ka go ne go na le botshelo jwa motho yo o itekanetseng, tlhwatlhwa e e ka rekololang batho mo boleong le mo losong e ne ya nna teng. Le fa go ntse jalo, lesea le le neng la tsholwa mo lefatsheng e le Jesu le ne le tshwanetse go gola go nna “ngaka” e e tla kgonang go neela batho “kalafi” e e tla fedisang mathata a batho. O ne a dira seno ka go tshela botshelo jo bo itekanetseng jo bo se nang boleo. Jesu ga a ka a bona fela mathata a batho ba nang le one ka ntlha ya boleo mme gape o ne a ikutlwela gore go ntse jang go nna le ditlhaelo tsa nama jaaka motho. Seno se ne sa dira gore a nne ngaka e e kutlwelobotlhoko le go feta. (Bahebera 4:15) Go fodisa ga gagwe ka tsela ya kgakgamatso fa a ne a sa ntse a tshela mo lefatsheng go ne ga supa gore o iketleeditse e bile o na le maatla a go fodisa balwetse.—Mathaio 4:23.
Jesu o ne a bolawa ke baganetsi ba gagwe morago ga bodiredi jwa dingwaga tse tharo le sephatlo mo lefatsheng. O ne a supa gore motho yo o itekanetseng a ka kgona go nna kutlo mo Mmoping go sa kgathalesege diteko tse dikgolo. (1 Petere 2:22) Botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jo bo ntshitsweng setlhabelo e ne ya nna tlhwathwa ya thekololo, e e neng ya kgona go rekolola batho mo boleong le mo losong. Jesu Keresete o ne a bolela jaana: “Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.” (Johane 15:13) Ka letsatsi la boraro fa a sena go swa, Jesu o ne a tsosediwa mo botshelong jwa semoya, mme dibeke di sekae morago ga foo o ne a tlhatlogela kwa legodimong go isa tlhwatlhwa ya thekololo kwa go Jehofa Modimo. (1 Bakorintha 15:3, 4; Bahebera 9:11-14) Ka go dira jalo, Jesu o ne a kgona go dirisa boleng jwa setlhabelo sa thekololo ya gagwe mo bathong ba ba mo latelang.
A o ka rata go solegelwa molemo ke tsela e e molemolemo eno ya go fodisiwa mo semoyeng, mo maikutlong le mo bolwetseng? Gore o solegelwe molemo go tlhokega tumelo mo go Jesu Keresete. Ke eng o sa itlele mo Ngakeng eno ka bowena? O ka dira jalo ka go ithuta ka ga Jesu Keresete le seabe sa gagwe mo go bolokeng batho ba ba ikanyegang. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumela go go thusa.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Jesu o iketleeditse e bile o na le maatla a go fodisa ba ba lwalang
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Loso lwa ga Jesu lo go ama jang?