Ba ne Ba Dira go Rata ga Jehofa
Ketelo e e Nnileng le Maduo a Magolo
MOHUMAGADI o tshwanetse a bo a ile a lapisiwa ke loeto lo a neng a lo tsaya go tswa kwa Sheba go ya kwa Jerusalema. O ne a tlwaetse go nna mo manobonobong. Jaanong o ne a tsere loeto lwa dikilometara di le 2 400 ka kamela, lo karolo e kgolo ya lone a neng a e tsamaya mo sekakeng se se mogote thata. Go fopholediwa gore loeto lotlhe lo a le tsereng lo ile lwa tsaya malatsi a ka nna 75, mme e le loeto lwa go ya fela!a
Ke ka ntlha yang fa mohumagadi yono yo o humileng a ne a tlogela legae la gagwe le le manobonobo kwa Sheba mme a tsaya loeto lo lo lapisang jaana?
Pego e e Ngokang Kgatlhego
Mohumagadi wa Sheba o ne a ya kwa Jerusalema fa a sena go “utlwela tumedi ya ga Solomone ka ga leina la ga Jehofa.” (1 Dikgosi 10:1) Ga go a umakiwa se tota mohumagadi yono a neng a se utlwela. Le fa go ntse jalo, re itse gore Jehofa o ne a segofaditse Solomone ka botlhale jo bogolo, dikhumo le tlotlo. (2 Ditirafalo 1:11, 12) Mohumagadi o ne a utlwela seno jang? E re ka Sheba e ne e le lefelo la kgwebo, a ka tswa a ile a utlwela go tuma ga ga Solomone ka bagwebi ba ba neng ba etela naga ya gagwe. Bangwe ba bone ba ka tswa ba kile ba ya kwa Ofire, naga e Solomone a neng a gwebisana thata le yone.—1 Dikgosi 9:26-28.
Mme gone, mohumagadi o ne a goroga kwa Jerusalema “a le lekoko le legolo thata, a na le dikamela tse di belesitseng ditswaiso, le gouta e le kgolo, le majana a a thata go rekwa.” (1 Dikgosi 10:2a) Batho bangwe ba bolela gore “lekoko le legolo thata” le ne le akaretsa batlhokomedi ba ba neng ba tlhometse ka dibetsa. Seno se a utlwala, fa re akanya gore mohumagadi e ne e le motlotlegi e bile a tsamaya a tshotse dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse di neng di ka ja dimilione di le masomesome tsa diranta.b
Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore mohumagadi o ne a utlwela tumedi ya ga Solomone “ka ga leina la ga Jehofa.” Ka jalo e ne e se loeto fela lwa kgwebo. Go bonala mohumagadi a ne a tlile go utlwa segolobogolo ka botlhale jwa ga Solomone—gongwe le go ithuta sengwe ka Modimo wa gagwe, Jehofa. E re ka gongwe a ne a tswa mo losikeng lwa ga Sheme kana Hame, ba e neng e le baobamedi ba ga Jehofa, o ka tswa a ne a batla go itse ka bodumedi jwa bagologolwane ba gagwe.
Dipotso Tse di Thata, Dikarabo Tse di Kgotsofatsang
Fa mohumagadi a kopana le Solomone o ne a simolola go mo leka ka “dipotso tse di thata.” (1 Dikgosi 10:1) Lefoko la Sehebera le le dirisitsweng fano le ka ranolwa ka go re “malepa.” Mme seno ga se bolele gore mohumagadi o ne a tshamekisa Solomone ka dilo tse e seng tsa sepe. Se se itumedisang ke gore mo go Pesalema 49:4, lefoko la Sehebera le le tshwanang le leo, le dirisitswe go tlhalosa dipotso tse di masisi malebana le boleo, loso le thekololo. Gongwe mohumagadi wa Sheba o ne a bua dikgang tse di boteng le Solomone tse di neng di leka botlhale jwa gagwe thata. Baebele e bolela gore o ne “a bua nae ka ga dilo tsotlhe tse di mo pelong ya gagwe.” Solomone le ene “a mmolelela dipotso tsotlhe tsa gagwe, go sa fitlhega sepe mo kgosing se o se kang a se mmolelela.”—1 Dikgosi 10:2b, 3.
Mohumagadi wa Sheba o ne a kgatlhiwa ke botlhale jwa ga Solomone le go atlega ga bogosi jwa gagwe mo go neng go “sa tlhole go le mowa ope mo go ene.” (1 Dikgosi 10:4, 5) Batho bangwe ba re mafoko ano a bolela gore o ne a “tlalalane.” Mokanoki mongwe o ile a ba a akantsha gore o ne a idibala! E ka ne go diragetseng eng, mohumagadi o ne a gakgamaditswe ke se a se boneng le go se utlwa. O ne a bolela gore batlhanka ba ga Solomone ba lesego ka gonne ba kgona go utlwa botlhale jono jwa kgosi, mme o ne a baka Jehofa go bo a ile a tlhoma Solomone mo setulong sa bogosi. Morago ga moo o ne a neela kgosi dimpho tse di turang thata, gouta e le nosi fela e ne e ja madi a a kana ka diranta di le 247 600 000, go ya ka ditlhwatlhwa tsa gompieno. Solomone le ene o ne a ntsha dimpho, o ne a neela mohumagadi “keletso yotlhe ya gagwe, sengwe le sengwe se o ne a se lopa.”c—1 Dikgosi 10:6-13.
Thuto mo go Rona
Jesu o ne a dirisa mohumagadi wa Sheba e le sekao se se molemo mo bakwading le mo Bafarasaing. O ne a ba raya a re: “Kgosigadi ya borwa e tla tsosiwa mo katlholong le kokomana eno mme e tla e bona molato; ka gonne e ne ya tla e tswa kwa mafelelong a lefatshe go tla go utlwa botlhale jwa ga Solomone, mme, bona! sengwe se se fetang Solomone se fano.” (Mathaio 12:42) Ee, mohumagadi wa Sheba o ne a anaanela thata botlhale jo bo tswang kwa Modimong. Fa a ile a tsamaya dikilometara di le 2 400 go tla go reetsa Solomone, eleruri, bakwadi le Bafarasai ba tshwanetse ba ka bo ba ile ba reetsa Jesu ka tlhoafalo, yo o neng a le fela fa pele ga bone.
Le rona gompieno re ka bontsha go anaanela Solomone yo Mogolwane, Jesu Keresete. Jang? Tsela e nngwe ke ka go latela kaelo ya gagwe ya go ‘dira batho ba merafe yotlhe barutwa.’ (Mathaio 28:19) E nngwe ke go sekaseka thata sekao sa ga Jesu le maikutlo a gagwe mme go tswa foo re bo re mo etsa.—Bafilipi 2:5; Bahebera 12:2, 3.
Ke boammaaruri gore go latela sekao sa ga Solomone yo Mogolwane go tla tlhoka gore re dire boiteko jo bogolo. Le fa go ntse jalo, re tla duelwa fela thata. Eleruri, Jehofa o solofetsa batho ba gagwe gore fa ba bontsha moya wa go intsha setlhabelo, o tla ‘ba bulela dikgoro tsa legodimo mme tota a bo a ba goromeletsa lesego le go se ketlang go nna le bonno jo bo lekaneng go le baya.’—Malaki 3:10.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bakanoki ba le bantsi ba dumela gore Sheba e ne e le kafa borwabophirima jwa Arabia, mo gompieno e leng Republic of Yemen.
b Rathutafatshe wa bogologolo wa Mogerika e bong Strabo o bolela gore batho ba Sheba ba ne ba humile thata. A re ba ne ba dirisa gouta e ntsi mo difanitšhareng tsa bone, mo dijaneng tsa bone, tota le mo maboteng, mo mabating, le mo marulelong a magae a bone.
c Batho bangwe ba tsaya mafoko ano a kaya gore mohumagadi o ne a tlhakanela dikobo le Solomone. Ditlhamane dingwe di bolela gore ba ile ba bo ba nna le morwa. Le fa go ntse jalo, ga go na bosupi jo bo tshegetsang sepe sa dilo tseno.