LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 7/15 ts. 2-4
  • Go Senka Dipolelelopele Tse di Ikanyegang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Senka Dipolelelopele Tse di Ikanyegang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Selo se Batho ba se Tlhokang ka Tlholego
  • Lebaka La go Bo o Ka Ikanya Boporofeti Jwa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Karolo 5—Gerika—Mmuso o Mogolo wa Botlhano wa Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ke Mang yo o Tla Busang Lefatshe?
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Buka E o Ka e Ikanyang—Karolo 5
    Tsogang!—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 7/15 ts. 2-4

Go Senka Dipolelelopele Tse di Ikanyegang

KA BONAKO fela fa kgosi ya kwa Makedonia e e neng ya itsiwe e le Alexander yo Mogolo e sena go nna mo setulong sa bogosi ka 336 B.C.E., o ne a ya kwa lefelong la go bua le badimo la Delphi kwa bogare jwa Gerika. Maikaelelo magolo a gagwe mo isagweng e ne e le segolobogolo go gapa karolo e kgolo ya lefatshe la nako eo. Mme o ne a batla tlhomamisetso ya bomodimo malebana le gore a tiro e kgolo eno ya gagwe e tla atlega. Go ya ka ditlhamane, ka letsatsi le a neng a ile kwa Delphi ka lone, go ne go sa dumelelwa gore a ka bua le motho yo o buisanang le badimo. E re ka Alexander a ne a sa batle go tsamaya a sa bona karabo, o ne a gatelela, a pateletsa moperesiti wa sesadi gore a mo neye polelelopele. O ne a tlhaeletsa jaana ka ntlha ya go betwa ke pelo: “Oho, morwaaka, ga o fenngwe!” Kgosi eno e e potlana e ne ya tsaya seo e le botlhodi jo bo itumedisang—jo bo solofetsang gore o tla fenya mo ntweng.

Le fa go ntse jalo, Alexander o ka bo a ile a nna le kitso e e botoka malebana le gore letsholo la gagwe le tla felela jang fa a ka bo a ile a tlhatlhoba boporofeti jo bo mo bukeng ya Baebele ya Daniele. Di ne tsa bolelela pele phenyo ya gagwe e e bofefo ka tsela e e tlhomameng thata. Go ya ka dipolelo tsa bogologolo, Alexander kgabagare o ne a nna le tshono ya go bona se Daniele a se kwadileng ka ga gagwe. Go ya ka rahisitori wa Mojuda e bong Josephus, fa kgosi ya Makedonia e tsena kwa Jerusalema, e ne ya bontshiwa boporofeti jwa ga Daniele—gongwe kgaolo 8 ya buka eo. (Daniele 8:5-8, 20, 21) Go ya ka dipego, ke sone se se dirileng gore motse oo o se ka wa senngwa ke masole a a setlhogo a ga Alexander.

Selo se Batho ba se Tlhokang ka Tlholego

E ka tswa e le kgosi kana motho yo o tlwaelegileng, wa bogologolo kana wa motlha wa segompieno—motho ga a bolo go ikutlwa a tlhoka dipolelelopele tse a ka di ikanyang malebana le isagwe. Jaaka dibopiwa tse di botlhale, rona batho re sekaseka dilo tse di diragetseng mo nakong e e fetileng, re bona tse di diregang gone jaanong mme re kgatlhegela thata go itse se se tla diragalang mo isagweng. Seane sengwe sa Se-China se bolela jaana ka tshwanelo: “Motho yo o neng a ka bonela dilo pele malatsi a le mararo pele ga di diragala o ne a ka huma lobaka lwa dingwaga tse di sekete.”

Go ralala dingwaga, dimilione di ile tsa leka go bona se isagwe e ba tshwaretseng sone ka go batla kgakololo mo go se ba neng ba akanya gore se tswa kwa Modimong. Tsaya Bagerika ba bogologolo ka sekai. Ba ne ba na le mafelo a mantsi a a boitshepo a go neng go buisanwa le badimo gone, a a jaaka Delphi, Delos, le Dodona, koo ba neng ba tle ba ye gone go ya go botsa medimo ya bone malebana le ditiragalo tse dikgolo tsa bopolotiki le tsa ntwa le ka merero ya botho e e tshwanang le mosepele, lenyalo le bana. E ne e se dikgosi le baeteledipele ba masole fela ba ba neng ba ya go batla kaelo kwa lefelong la semoya ka batho bano ba ba buang le badimo mme go ne go ya merafe le ditšhaba tse di feletseng.

Go ya ka porofesa mongwe, gone jaanong go na le “mekgatlho e e oketsegileng e e ineetseng go ithuta ka isagwe.” Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba tlhopha go itlhokomolosa motswedi o le mongwe fela o o tlhomameng wa boporofeti—Baebele. Ba gana gotlhelele go dumela gore boporofeti jwa Baebele bo ka tswa bo tshotse yone tshedimosetso e ba e batlang. Bakanoki bangwe ba ya bokgakaleng jwa go tshwantsha boporofeti jwa Baebele le dipolelelopele tse di neetsweng ke batho ba bogologolo ba ba neng ba bua le badimo. Mme babelaedi ba motlha wa segompieno gantsi ba kgatlhanong le boporofeti jwa Baebele ka tsela e e sa tshwanelang.

Re go laletsa gore o itlhatlhobele pego eno ka bowena. Ke eng se se supiwang ke fa o bapisa dipolelelopele tsa Baebele le tsa batho ka kelotlhoko? A o ka ikanya boporofeti jwa Baebele go gaisa dipolelelopele tsa batho ba bogologolo ba ba neng ba bua le badimo? Mme a o ka tshela botshelo jwa gago o na le tshepo mo boporofeting jwa Baebele?

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Baebele e ne ya bolelela pele ka phenyo e e bofefo ya ga Alexander

[Motswedi wa Setshwantsho]

Cortesía del Museo del Prado, Madrid, Spain

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Alexander yo Mogolo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Musei Capitolini, Roma

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

COVER: General Titus and Alexander the Great: Musei Capitolini, Roma

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela