LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 7/15 ts. 4-8
  • Lebaka La go Bo o Ka Ikanya Boporofeti Jwa Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebaka La go Bo o Ka Ikanya Boporofeti Jwa Baebele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dintlha Tsa Kafa di Farologaneng ka Teng
  • A o Tla Ikanya Boporofeti Jwa Baebele?
  • Go Senka Dipolelelopele Tse di Ikanyegang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • A re Kgona go Itse Gore Bokamoso bo re Tshwaretse Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Dipolelelopele Tse Di Neng Tsa Diragala
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 7/15 ts. 4-8

Lebaka La go Bo o Ka Ikanya Boporofeti Jwa Baebele

KGOSI PIRO wa kwa Epirus kwa bokonebophirima jwa Gerika o ne a na le kgotlhang ya nako e telele le Mmusomogolo wa Roma. E re ka a ne a swegaswega go itse gore go tla felela jang, o ne a ya kwa lefelong la go buisana le badimo la kwa Delphi. Mme karabo e a neng a e bona e ne e ka tlhaloganngwa ka ditsela tse pedi tse di latelang: (1) “Wena morwa Æacus ke go raya ke re o ka se fenye Baroma. O tla tsamaya, mme o tla boa, o ka se ka wa bolawa mo ntweng.” (2) “Ke go raya ke re Baroma ba tla go fenya, wena morwa Æacus. O tla tsamaya, o ka se ka wa boa, o tla bolawa mo ntweng.” O ne a tlhopha go tlhaloganya karabo ya ntlha ya ba ba buang le badimo mme ka jalo a tlhabana le Roma. Piro o ne a fenngwa gotlhelele.

Ditiragalo tse di ntseng jalo di ne tsa dira gore dikarabo tsa batho ba ba buang le badimo di itsege e le tse di sa utlwaleng le tse di ka bolelang dilo tse pedi. Mme go tweng ka boporofeti jwa Baebele? Batshwayadiphoso bangwe ba bolela gore boporofeti jo bo mo Baebeleng bo tshwana fela le dipolelelopele tsa batho ba ba buang le badimo. Batshwayadiphoso bano ba fopholetsa gore dipolelelopele tsa Baebele e ne e le fela go bolelela pele ditiragalo tsa isagwe ka tsela e e botlhale mo go neng go dirwa ke batho ba ba botlhale thata le ba ba kelotlhoko, gantsi ba setlhopha sa boperesiti. Go dumelwa gore, ka maitemogelo a bone fela kana ka kamano nngwe e e kgethegileng e ba neng ba na le yone, banna bano ba ne ba bonela pele dilo dingwe tsa tlholego mo maemong a a rileng. Ka go bapisa dilo tse di farologaneng tsa boporofeti jwa Baebele le tse di boleletsweng pele ke batho ba ba buisanang le badimo, re tla kgona go dira ditshwetso tse di siameng.

Dintlha Tsa Kafa di Farologaneng ka Teng

Sengwe se se tlhaolang dipolelelopele tsa batho ba ba buisanang le badimo ke go tlhaloganyesega ga tsone ka ditsela tse pedi. Ka sekai, kwa Delphi, dikarabo tse di neng di neelwa di ne di sa tlhaloganyesege. Seno se ne se dira gore go tlhokege gore baperesiti ba di tlhalose mme ba tlhame mafoko a a ka kgonang go tlhalosa se se farologaneng. Sekai se se tshwanelang ke sa karabo e e ileng ya neelwa Croesus, kgosi ya kwa Lidia. Fa a ne a ya kwa lefelong le go buisanwang le badimo kwa go lone, o ne a bolelelwa jaana: “Fa Croesus a kgabaganya Halys, o tla senya puso e e maatla.” Totatota, “puso e e maatla” e e neng ya senngwa e ne e le ya gagwe! Fa Croesus a ne a kgabaganya noka ya Halys go ya go gapa Kapatokia, o ne a fenngwa ke Kuruse wa Moperesia.

Go farologana thata le dipolelelopele tsa boheitane, boporofeti jwa Baebele bo itsege ka go tlhomama le go tlhaloganyesega ga jone. Sekai sa seno ke boporofeti jo bo malebana le go wa ga Babilone, jo bo kwadilweng mo bukeng ya Baebele ya Isaia. Dingwaga tse di ka nnang 200 pele ga tiragalo eno e direga, moporofeti Isaia o ne a bolelela pele ka botlalo le ka tsela e e tlhomameng ka ga go menolwa ga Bababilone ke Bamede. Boporofeti joo bo ne jwa senola gore mofenyi o tla bidiwa Kuruse, mme ya bo ya tlhalosa le leano la go kgadisa noka e e ntseng jaaka mosele e e neng e le seiphemelo mme a tsene mo motseng o o nonofileng ka dikgoro tse di bulegileng. Seno sotlhe se ile sa diragadiwa fela jaaka se boletswe. (Isaia 44:27–45:2) Mme go bile ga porofetiwa sentle gore kgabagare Babilone ga e kitla e tlhola e nna le baagi.—Isaia 13:17-22.

Akanya gape ka mokgwa o o tlhamaletseng wa kafa moporofeti Jona a neng a neela tlhagiso eno ka teng: “Go sa le malatsi a le 40, Ninefe o tlaa ribegediwa.” (Jona 3:4) Ga e tlhaloganngwe ka tsela epe e nngwe! Molaetsa oo o ne o phepafetse e bile o tlhamaletse thata jaana mo e leng gore ka bonako fela banna ba Ninife ba ne ba “dumela Modimo; mme ba laola gore go ikidiwe dijo; ba apara letsela la kgetse.” E re ka Baninife ba ne ba ikwatlhaya, Jehofa ga a ka a ba tlisetsa tshenyego ka nako eo.—Jona 3:5-10.

Mafelo a go neng go buisanwa le badimo kwa go one a ne a dirisediwa go tlhotlheletsa dipolotiki. Gantsi babusi le baeteledipele ba masole ba ne ba umaka ditlhaloso tse ba neng ba di rata gore ba tle ba etleetse dikgatlhego tsa bone le ditiro tsa bone, mme ka go dira jalo ba ne ba dira gore di nne “e kete di tswa go Modimo.” Le fa go ntse jalo, melaetsa ya Modimo ya boporofeti e ne e neelwa go sa kgathalesege gore motho o ikutlwa jang ka yone.

Go tshwantsha: Moporofeti wa ga Jehofa e bong Nathane ga a ka a tlogela go kgalemela Kgosi Dafide yo o neng a leofile. (2 Samuele 12:1-12) Ka nako ya fa Jeroboame II a ne a busa bogosi jwa Iseraele jwa ditso tse di lesome, moporofeti Hosea le moporofeti Amose ba ne ba kgala kgosi e e neng e tsuologa le batshegetsi ba yone ka tsela e e botlhoko ka ntlha ya botlhanogi jwa bone le ka ntlha ya boitsholo jwa bone jo bo tlontlololang Modimo. (Hosea 5:1-7; Amose 2:6-8) Tlhagiso ya ga Jehofa e e neng e le botlhoko thata ke eno e e neng e ya kwa kgosing ka molomo wa moporofeti Amose: “Ke tlaa tsogologela ba ntlo ya ga Jeroboame ka tšhaka.” (Amose 7:9) Ntlo ya ga Jeroboame e ne ya nyelediwa.—1 Dikgosi 15:25-30; 2 Ditirafalo 13:20.

Gantsi, dipolelelopele di ne di duelelwa. Motho yo o neng a duela madi a mantsi o ne a tla amogela polelelopele e a e ratang. Batho ba ba neng ba ya kwa lefelong le go buiwang le badimo kwa go lone kwa Delphi ba ne ba duela madi a mantsi go bona tshedimosetso e e se nang mosola, ka go dira jalo ba tlatsa tempele ya ga Apollo le dikago tse dingwe ka matlotlo a mantsi. Go farologana le seo, boporofeti jwa Baebele le ditlhagiso tsa yone di ne di neelwa kwa ntle ga tuelo e bile go sa tlhaolwe ope, go sa kgathalesege boemo kana khumo ya motho yo o di fiwang, ka gonne moporofeti wa boammaaruri o ne a ka se ka a fiwa pipamolomo. Samuele yo e neng e le moporofeti e bile e le moatlhodi o ne a ka botsa jaana a sa itimokanye: “Ke tshotse mo go mang tuelo ya gore ke iphoufatse ka yone?”—1 Samuele 12:3.

E re ka dipolelelopele di ne di neelwa fela kwa mafelong a a kgethegileng, motho o ne a tshwanetse gore a tseye matsapa a magolo gore a ye gone gore a tle a di amogele. Mo mothong yo o tlwaelegileng, go ne go le thata go fitlha kwa bontsing jwa mafelo ano ka gonne a ne a le mo mafelong a a jaaka Dodona kwa Thabeng ya Tomarus kwa Epirus le kwa Delphi kwa lefelong la dithaba kwa bogare jwa Gerika. Gantsi e ne e le batho ba ba humileng le ba ba nang le maatla fela ba ba neng ba kgona go ya go bua le medimo kwa mafelong a a ntseng jalo a go buiwang le badimo mo go one. Mo godimo ga moo, “thato ya medimo” e ne e senolwa mo malatsing a le mmalwa fela mo ngwageng. Go farologana gotlhelele le seo, Jehofa Modimo o ne a romela barongwa ba gagwe ba baporofeti ka tlhamalalo kwa bathong gore ba bolele boporofeti jo ba neng ba tshwanetse go bo utlwa. Ka sekai, ka nako ya fa Bajuda ba le batshwarwa kwa Babilone, Modimo o ne a na le bobotlana baporofeti ba le bararo ba ba neng ba direla mo gare ga batho ba gagwe—Jeremia kwa Jerusalema, Esekiele le batshwarwa le Daniele kwa motsemoshate wa Mmusomogolo wa Babilone.—Jeremia 1:1, 2; Esekiele 1:1; Daniele 2:48.

Gantsi dipolelelopele di ne di neelwa mo sephiring gore motho yo o di utlwang a kgone go di tlhalosa ka tsela e e tla solegelang ene fela molemo. Go farologana le seo, gantsi boporofeti jwa Baebele bo ne bo neelwa phatlalatsa gore batho botlhe ba utlwe molaetsa le go tlhaloganya se bo se rayang. Moporofeti Jeremia o ile a bua phatlalatsa kwa Jerusalema ka makgetlo a le mantsi, le fa gone a ne a itse gore baeteledipele le baagi ba motse ba ne ba sa rate molaetsa wa gagwe.—Jeremia 7:1, 2.

Gompieno, dipolelelopele di tsewa e le bontlhanngwe jwa hisitori ya bogologolo. Ga di na thuso epe e e botlhokwa mo bathong ba ba tshelang mo metlheng ya rona e e thata. Ga go na dipolelelopele dipe tse di ntseng jalo tse di buang ka motlha wa rona kana ka isagwe ya rona. Go farologana thata le seo, boporofeti jwa Baebele ke karolo ya ‘lefoko la Modimo le le tshelang e bile le tsenya maatla.’ (Bahebera 4:12) Boporofeti jwa Baebele jo bo setseng bo diragaditswe bo neela sekai sa kafa Jehofa a dirisanang le batho ka teng e bile bo supa dikarolo tse di botlhokwa tsa maikaelelo a gagwe le botho jwa gagwe. Mo godimo ga moo, go na le boporofeti jo bo botlhokwa jwa Baebele jo bo emetseng go diragadiwa gautshwane jaana. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana, fa a tlhalosa se se tla diragalang mo nakong e e tlang: “Go na le magodimo a masha [Bogosi jwa legodimo jwa Bomesia] le lefatshe le lesha [batho ba ba siameng] tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya [Modimo], mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.”—2 Petere 3:13.

Go bapisa ka bokhutshwane jaana boporofeti jwa Baebele le dipolelelopele tsa bodumedi jwa maaka go ka dira gore le wena o dire tshwetso e e tshwanang le e e ileng ya tlhalosiwa mo bukeng e e nang le setlhogo se se reng The Great Ideas: “Go ya kafa motho yo o swang a ka kgonang go bonela dilo pele ka teng, go bonala fa baporofeti ba Bahebera ba tlhomologile. Go farologana le baitseanape ba baheitane kana batho ba ba bolelelang pele isagwe, . . . bone ga ba tlhoke go dirisa bothakga kana maano gore ba fitlhelele diphiri tsa Modimo. . . . Go farologana le batho ba ba bolelelang pele isagwe, go bonala fa bontsi jwa dipolelo tsa bone tsa boporofeti di tlhaloganyesega. Bobotlana go bonala fa maitlhomo e le go senola boikaelelo jwa Modimo ka dikgang tse di jaaka gore Ene ka Boene o rata gore batho ba bonele pele kaelo ya gagwe, e seng go bo fitlha.”

A o Tla Ikanya Boporofeti Jwa Baebele?

O ka ikanya boporofeti jwa Baebele. Tota e bile, o ka nna wa dira gore Jehofa le tsholofetso ya gagwe ya lefoko la boporofeti e nne selo sa konokono mo botshelong jwa gago. Boporofeti jwa Baebele ga se pego e e sa kgatlheng ya dipolelelopele tse di setseng di diragaditswe. Bontsi jwa boporofeti jo bo fitlhelwang mo Dikwalong jaanong bo a diragadiwa kana bo emetse go diragadiwa gautshwane. Fa re akanya ka dilo tse di diragetseng, re ka tshepa ka botlalo gore le tsone di tla diragadiwa. E re ka boporofeti jo bo ntseng jalo bo bua thata ka metlha ya rona e bile bo ama isagwe ya rona, re tla bo re dira sentle fa re bo tsaya masisi.

Ruri o ka ikanya boporofeti jwa Baebele jo bo mo go Isaia 2:2, 3: “Go tlaa dirala mo metlheng e e tlaa tlang kwa pelepele go re thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tlaa tlhongwa mo setlhoeng sa dithaba, . . . Ditšhaba di le dintsi di tlaa ya di re: ‘Ntlong, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa, . . . o tlaa re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tlaa sepela mo ditselaneng tsa gagwe.’” Gompieno, dimilione tsa batho ba amogela kobamelo ya ga Jehofa ya maemo a a kwa godimo mme ba ithuta go sepela mo ditselaneng tsa gagwe. A o tla dirisa tshono e o e bonang go ithuta mo go oketsegileng ka ditsela tsa Modimo mme o nne le kitso e e tlhomameng ka ga gagwe le ka maikaelelo a gagwe gore o tsamaye mo ditselaneng tsa gagwe?—Johane 17:3.

Go diragadiwa ga boporofeti jo bongwe jwa Baebele go re tlhoka gore re tseye kgato ka bonako. Mopesalema o ne a opela jaana malebana le isagwe e e gaufi: “Badirabosula ba tlaa kgaolwa . . . E tlaa re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gone.” (Pesalema 37:9, 10) O akanya gore ke eng se se tlhokegang gore motho a tile tshenyego e e tlang ya baikepi, go akaretsa le ba ba nyatsang boporofeti jwa Baebele? Yone pesalema eo e araba jaana: “Ba ba lebeletseng mo go Jehofa ba tlaa rua lefatshe.” (Pesalema 37:9) Go lebelela mo go Jehofa go raya go ikanya ditsholofetso tsa gagwe ka botlalo le go dumalanya botshelo jwa rona le ditekanyetso tsa gagwe.—Diane 2:21, 22.

Botshelo bo tla bo bo ntseng jang fa ba ba lebeletseng mo go Jehofa ba rua lefatshe? Boporofeti jwa Baebele bo bontsha gape gore batho ba ba kutlo ba na le isagwe e e itumedisang. Moporofeti Isaia o ne a kwala jaana: “E dira gone matlho a difofu a tlaa foufololwang, le ditsebe tsa bosusu di tlaa thibololwang. E dira gone setlhotsa se tlaa tlolang jaaka kwalata, le loleme lwa semumu lo tlaa opela; gonne metsi a tlaa phunyega mo nageng le dinokana mo sekakeng.” (Isaia 35:5, 6) Moaposetoloi Johane o ne a kwala mafoko a a tlhomamisang ano: “[Jehofa] o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile. Mme Yo o ntseng mo setulong sa bogosi a re: . . . ‘Kwala, ka gonne mafoko ano a boikanngo e bile a boammaaruri.’”—Tshenolo 21:4, 5.

Basupi ba ga Jehofa ba a itse gore Baebele ke buka ya boporofeti jo bo ka ikanngwang. Mme ba dumalana ka pelo yotlhe le kgothatso eno ya ga moaposetoloi Petere: “Re na le lefoko la boporofeti le tlhomamisitswe segolo; e bile lo dira sentle go le tlhokomela jaaka lo tlhokomela lobone lo lo phatsimang mo lefelong le le lefifi, go fitlha letsatsi le tloga le tswa le mphatlalatsane a tlhaba, mo dipelong tsa lona.” (2 Petere 1:19) Re solofela thata gore o tla kgothadiwa ke ditsholofetso tse di itumedisang tse di leng mo boporofeting jwa Baebele ka isagwe!

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 6]

LEFELO LA GO BUISANA LE BADIMO LA DELPHI le ne le tumile thata kwa Gerika ya bogologolo.

Moperesiti wa sesadi, o dutse mo godimo ga aletara mme o ne a bolela dipolelelopele tsa gagwe

[Ditshwantsho]

Mosi o o tagisang o dira gore moperesiti wa sesadi a tseege maikutlo

Go ne go dumelwa gore medumo e a neng a e dira e ne e na le ditshenolo tse di tswang kwa go modimo Apollo

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Tripod: From the book Dictionary of Greek and Roman Antiquities; Apollo: The Complete Encyclopedia of Illustration/J. G. Heck

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Dipolelelopele tse di neng di neelwa kwa lefelong le go buisanwang le badimo kwa go lone la Delphi di ne di sa ikanyege gotlhelele

[Motswedi wa Setshwantsho]

Delphi, Greece

[Ditshwantsho mo go tsebe 8]

O ka ikanya boporofeti jwa Baebele jo bo buang ka lefatshe le lesha ka botlalo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela