LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 7/15 ts. 15-20
  • Go Tsepamisiwa ke Tsholofelo le go Tlhotlhelediwa ke Lorato

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tsepamisiwa ke Tsholofelo le go Tlhotlhelediwa ke Lorato
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Itshokela Sefefo sa “Poifo ya Makoko”
  • Pitlagano e Tlhagisa Boitshoko
  • Lebaka La go Bo Bangwe ba Senyegelwa ke Tumelo
  • Tsholofelo e Tshwantshiwa le Tshetledi
  • Go Tlhotlhelediwa ke Lorato le Moya o o Boitshepo
  • Go Fitlha Kwa re Yang Teng!
  • Dira Gore Tsholofelo e o Nang le Yone e Nne e Nonofile
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Lorato lo lo Bofaganyang
    Tsogang!—1996
  • Dilo Tse o di Solofetseng di Tla Direga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Bontsha Gore o Dumela Ditsholofetso Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 7/15 ts. 15-20

Go Tsepamisiwa ke Tsholofelo le go Tlhotlhelediwa ke Lorato

“Go sala tumelo, tsholofelo, lorato, tse tharo tseno; mme se segolo thata mo go tseno ke lorato.”—1 BAKORINTHA 13:13.

1. Ke tlhagiso efe e moaposetoloi Paulo a re neelang yone?

MOAPOSETOLOI PAULO, o re tlhagisa gore, fela jaaka sekepe, tumelo ya rona e ka nna ya senyega. O bua ka “[go tshegetsa] tumelo le segakolodi se se molemo, tse bangwe ba di kgaphetseng kwa thoko mme ba senyegelwa ke tumelo jaaka go thubega ga sekepe.” (1 Timotheo 1:19) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., dikepe tsa lewatle di ne di dirwa ka legong. Go tsamaya ga tsone mo lewatleng ka katlego go ne go ikaegile ka boleng jwa legong la teng le tsela e di agilweng ka botswerere ka yone.

2. Ke eng fa sekepe sa tumelo ya rona se tshwanetse go agega sentle, mme seno se re tlhoka eng?

2 Tumelo ya rona e e ka tshwantshiwang le sekepe e tshwanetse go kgona go kokobala mo lewatleng le le kgaphaselang la batho. (Isaia 57:20; Tshenolo 17:15) Ka jalo e tshwanetse go agega sentle, mme seo se ikaegile ka rona. Fa “lewatle” la Bajuda le Baroma le ne le simolola go tsubutla Bakeresete ba bogologolo, Jude o ile a re: “Baratwa, ka go ikaga mo tumelong ya lona e e boitshepotshepo, le go rapela ka moya o o boitshepo, ipolokeng mo loratong lwa Modimo, fa lo ntse lo letetse kutlwelobotlhoko ya Morena wa rona Jesu Keresete ka tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng.” (Jude 20, 21) E re ka Jude le ene a ile a bua ka go tlhabanela “tumelo e e neng ya newa baitshepi,” mafoko a a reng ‘tumelo e e boitshepotshepo’ a ka tswa a bua ka dithuto tsotlhe tsa Bokeresete, go akaretsa dikgang tse di molemo tsa poloko. (Jude 3) Keresete ke motheo wa tumelo eo. Re tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng e le gore re kgomarele tumelo ya boammaaruri ya Bokeresete.

Go Itshokela Sefefo sa “Poifo ya Makoko”

3. Batho bangwe ba dirisa “poifo ya makoko” jang?

3 Mo dingwageng tsa bosheng jaana go ile ga nna le ditiragalo di sekae tse di tshosang tsa go ipolaya ga ditlhopha tsa batho, dipolao le ditlhaselo tsa borukhutlhi tse di amanang le makoko mangwe. Go a utlwala go bo batho ba le bantsi, go akaretsa le baeteledipele ba dipolotiki ba ba maikutlo a mantle, ba amegile ka go sireletsa batho ba ba ka tsiediwang motlhofo ke makoko ano a a kotsi, segolobogolo bana. Ka gone, “modimo wa tsamaiso eno ya dilo” yo go se nang pelaelo gore ke ene motlhotlheletsi wa ditiro tseno tse di maswe, o ile a dira gore go nne le selo se batho bangwe ba reng ke poifo ya makoko, mme o dirisa seno kgatlhanong le batho ba ga Jehofa. (2 Bakorintha 4:4; Tshenolo 12:12) Bangwe ba ile ba dirisa seno go dira gore batho ba nne kgatlhanong le tiro ya rona. Kwa dinageng dingwe, go dulwe letsholo le go lebegang boikaelelo jwa lone e le go sireletsa batho kgatlhanong le “makoko a a kotsi” mme ka phoso ba akaretsa le Basupi ba ga Jehofa, ka gone, ka tsela nngwe ba dirisa seo go re pega molato. Seno se dirile gore go se ka ga nna motlhofo go neela bosupi ka ntlo le ntlo kwa dinageng tsa Yuropa mme go dirile gore batho bangwe ba ba ithutang Baebele le rona ba kgaotse go ithuta. Mme gape seno se ile sa ama bangwe ba bakaulengwe ba rona ka tsela e e sa siamang.

4. Ke eng fa re sa tshwanela go kgobiwa marapo ke kganetso?

4 Le fa go ntse jalo, go na le gore kganetso e re kgobe marapo, e tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona ya gore re latela Bokeresete jwa boammaaruri. (Mathaio 5:11, 12) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba pegwa molato wa gore ke lekoko la batsuolodi, e bile ba ne ba “buiwa ka go kgalwa” gongwe le gongwe. (Ditiro 24:5; 28:22) Mme gone, moaposetoloi Petere o ile a kgothatsa badumedikaene ka go kwala jaana: “Baratwa, lo se ka lwa tseanngwa ke go sha mo go mo gare ga lona, mo go lo diragalelang e le teko, jaaka e kete lo diragalelwa ke selo se se sa tlwaelegang. Phapaanong le seo, tswelelang pele lo ipela e re ka jaana lo le batlhakanedi mo dipogong tsa ga Keresete, gore lo ipele lo bo lo ipele mo gogolo gape mo go senolweng ga kgalalelo ya gagwe.” (1 Petere 4:12, 13) Leloko lengwe la setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga le lone le ile la kwala jaana: “Go tseyeng e le boipelo fela, bakaulengwe ba me, fa lo kopana le diteko tsa methalethale, lo itse jaaka lo itse gore boleng jono jo bo lekilweng jwa tumelo ya lona bo baka boitshoko. Mme letlang boitshoko bo feleletse tiro ya jone, gore lo felele lo bo lo itekanele sentle ka ditsela tsotlhe, lo sa tlhaele mo go sepe.” (Jakobe 1:2-4) Fela jaaka diphefo tse di tsubutlang di ka leka gore sekepe se ka tsepama go le kana kang mo lewatleng, dipogiso le tsone di tla senola bokoa bope fela jo re ka tswang re na le jone mo tumelong ya rona e e tshwanang le sekepe.

Pitlagano e Tlhagisa Boitshoko

5. Re ka tlhomamisa jang gore tumelo ya rona e nna e tlhomame fa re le mo ditekong?

5 Bakeresete ba ka itsaya ba na le boitshoko le tumelo e e tlhomameng fa fela e le gore ba ile ba fenya sefefo sa diteko. Boitshoko jwa rona bo tla kgona go ‘feleletsa tiro ya jone’ mo lewatleng le le kgaphaselang fa fela e le gore re ‘feletse e bile re itekanetse sentle ka ditsela tsotlhe, re sa tlhaele mo go sepe,’ go akaretsa le tumelo e e nonofileng. Paulo o ile a kwala jaana: “Ka tsela nngwe le nngwe re ikhaka gore re badiredi ba Modimo, ka go itshokela dilo di le dintsi, ka dipitlagano, ka makgetlo a letlhoko, ka mathata,”—2 Bakorintha 6:4.

6. Ke eng fa re tshwanetse go ‘kgana fa re le mo dipitlaganong,’ mme seno se nonotsha tsholofelo ya rona jang?

6 Matsubutsubu a diteko a ka dinako tse dingwe re ka lebanang le one a tshwanetse go tsewa e le ditshono tse ka tsone re ka supang gore tumelo ya rona e e jaaka sekepe e itekanetse e bile e tlhomame. Paulo o ile a kwalela Bakeresete ba kwa Roma jaana: “A re kganeng fa re le mo dipitlaganong, e re ka re itse gore pitlagano e tsala boitshoko; boitshoko, le jone, boemo jo bo amogelesegang; boemo jo bo amogelesegang, le jone, tsholofelo, mme tsholofelo ga e swabise.” (Baroma 5:3-5) Go tlhomama fa re lebane le diteko go dira gore motho a amogelwe ke Jehofa. Mme seno se nonotsha tsholofelo ya rona.

Lebaka La go Bo Bangwe ba Senyegelwa ke Tumelo

7. (a) Jaaka mafoko a ga Paulo a bontsha, batho bangwe ba senyegelwa jang ke tumelo? (b) Batho bangwe ba ile ba fapoga jang mo boammaaruring?

7 Fa Paulo a ne a tlhagisa malebana le go “senyegelwa ke tumelo,” o ne a gopotse batho ba ba neng ba ‘kgaphetse kwa thoko’ digakolodi tsa bone tse di molemo mme ba latlhegetswe ke tumelo. (1 Timotheo 1:19) Bangwe ba bone e ne e le Himenaeo le Alekesandere, ba ba neng ba fetoga batlhanogi, ba ba neng ba fapogile mo boammaaruring mme ba bua ka tsela ya go gobolola. (1 Timotheo 1:20, mokwalo o o kwa tlase mo NW; 2 Timotheo 2:17, 18) Gompieno, batlhanogi ba ba fapogileng mo boammaaruring, ba gobolola “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela,” ka go dira jalo, ba loma seatla se se ntseng se ba fepa semoyeng. Bangwe ba tshwana fela le “motlhanka yo o bosula,” ka go bua ka tlhamalalo ba re, “Mong wa me o a diega.” (Mathaio 24:44-49; 2 Timotheo 4:14, 15) Ga ba dumele gore bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo gaufi e bile ba tshwayatshwaya setlhopha sa motlhanka diphoso ka go bo se ntshitse matlho dinameng ka tsela ya semoya go thusa batho ba ga Jehofa go nna ba tlhagafetse. (Isaia 1:3) Batlhanogi bao ba a atlega mo go ‘phetsoleng tumelo ya bangwe,’ ba dira gore ba senyegelwe ke tumelo ka tsela ya semoya.—2 Timotheo 2:18.

8. Ke eng se se dirileng gore batho bangwe ba senye kana ba nwetse sekepe sa tumelo ya bone?

8 Bakeresete ba bangwe ba ba ineetseng ba ile ba senya tumelo ya bone ka go kgaphela digakolodi tsa bone kwa thoko mme ba inaakanya le tsela ya lefatshe leno ya go ijesa monate le ya boitsholo jo bo maswe. (2 Petere 2:20-22) Ba bangwe bone ba letla gore sekepe sa tumelo ya bone se nwele ka go bo pono ya bone ka tsamaiso e ntšha ya dilo e bonala e le letobo. Ba phuaganya kobamelo ya boammaaruri ka gonne ba sa kgone go bala nako malebana le gore dipolelopele dingwe di tla diragala leng, mme ba diegisa “letsatsi la ga Jehofa” mo megopolong ya bone. (2 Petere 3:10-13; 1 Petere 1:9) Go ise go ye kae ba iphitlhela ba boetse gape mo metsing a a kgoberegileng a tsamaiso ya jaanong ya dilo. (Isaia 17:12, 13; 57:20) Batho bangwe ba ba tlogetseng go kopanela le phuthego ya Modimo ba sa ntse ba dumela gore e latela bodumedi jwa boammaaruri. Le fa go ntse jalo, go bonala fa ba tlhaela bopelotelele le boitshoko jo bo batlegang go letela lefatshe le lesha le Jehofa Modimo a le solofeditseng. Botshelo jwa mo Paradaiseng ga bo a tla ka bonako kafa ba neng ba solofetse ka teng.

9. Ke eng se Bakeresete ba sekae ba ba ineetseng ba se dirang, mme dintlha tseno di tshwanetse go re dira gore re akanyetse eng?

9 Go bonala Bakeresete ba sekae ba ba ineetseng ba dinaga dingwe ba ile ba fokotsa lobelo lwa sekepe sa bone sa tumelo go sekae. Sekepe sa bone se sa ntse se kokobetse, mme gone, go na le gore ba gatele pele ka tumelo e e nonofileng, ba goga dinao. Batho bangwe ka ntlha ya go ngokiwa ke kgang ya gore “Paradaise e gaufi,” ba ne ba dira ka natla kafa ba ka kgonang ka teng gore ba kgone go e bona—ba tlhagafetse mo tirong ya go rera e bile ba nna gone ka metlha mo dipokanong, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. Gone jaanong ga ba tlhole ba dira ka natla jaaka pele ka gonne ba akanya gore dilo tse ba di solofetseng ga di gaufi thata jaaka ba ne ba solofetse. Seno se bonala ka go fokotsega ga tiro ya bone ya go rera, go se nne gone ka metlha kwa dipokanong, le go letla gore ba tlolwe ke dikarolo dingwe tsa dithulaganyo tsa dikopano tse dinnye kana tse dikgolo. Ba bangwe ba fetsa nako e ntsi mo boitlosobodutung le mo go kgobokanyeng dilo tsa manobonobo. Dintlha tseno di re dira gore re akanyetse gore ke eng se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa mo botshelong malebana le boineelo jwa rona mo go Jehofa. A tlhoafalo ya rona mo tirelong e tshwanetse go ikaega ka tsholofelo ya gore “Paradaise e gaufi”?

Tsholofelo e Tshwantshiwa le Tshetledi

10, 11. Paulo o ile a tshwantsha tsholofelo ya rona le eng, mme ke eng fa setshwantsho seno se tshwanela?

10 Paulo o ile a tlhalosa gore Jehofa o solofeditse gore o tla tlisa masego ka Aborahame. Go tswa foo moaposetoloi o ile a tlhalosa jaana: “Modimo . . . wa tsena ka ikano, e le gore, ka dilo di le pedi tse di sa ka keng tsa fetoga [lefoko le ikano ya gagwe] tse go sa kgonegeng gore Modimo o ake mo go tsone, rona ba re tshabetseng kwa botshabelong re tle re nne le kgothatso e e nonofileng gore re tshware tsholofelo e e tlhomilweng fa pele ga rona. Tsholofelo eno ke tshetledi ya moya, e e tlhomamisegang e bile e nitame.” (Bahebera 6:17-19; Genesise 22:16-18) Tsholofelo ya Bakeresete ba ba tloditsweng ke ya botshelo jwa bosasweng kwa legodimong. Gompieno, bontsi jwa batlhanka ba ga Jehofa ba na le tsholofelo e e molemo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. (Luke 23:43) Fa motho a sena tsholofelo eo, a ka se nne le tumelo.

11 Tshetledi ke sedirisiwa se se molemo sa tshireletso se se ka dirisiwang go thusa sekepe go itsetsepela gore se se ka sa katogela kgakala. Ga go motsamaisi ope wa sekepe yo o ka tswang mo boemakepeng a sa tshola tshetledi. E re ka Paulo a ile a thubegelwa ke dikepe gantsi, o ne a itse go ya ka se se mo diragaletseng gore gantsi botshelo jwa batsamaisi ba sekepe bo ne bo ikaegile ka tshetledi ya sekepe. (Ditiro 27:29, 39, 40; 2 Bakorintha 11:25) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, sekepe se ne se se na enjene e e neng e ka thusa mokapotene go se laola jaaka a batla. Kwantle ga dikepe tsa ntwa tse di neng di kgweediwa ka sefetlhametsi, dikepe tsa teng di ne di ikaegile ka phefo fela gore e di kgweetse. Fa sekepe se ne se le mo kotsing ya go itaaganngwa le matlapa, selo se le nosi fela se mokapotene a neng a ka se dira e ne e le go latlhela tshetledi le go ya le sefefo ka tsholofelo ya gore tshetledi e tla ngangatlela boalo jwa lewatle. Ka gone, Paulo o tshwantsha tsholofelo ya Mokeresete le “tshetledi ya moya, e e tlhomamisegang e bile e nitame.” (Bahebera 6:19) Fa re tlhaselwa ke difefo tsa kganetso kana re welwa ke diteko dingwe, tsholofelo ya rona e e molemo e nna jaaka tshetledi e e dirang gore re tlhomame jaaka meya e e tshelang, e le gore sekepe sa rona sa tumelo se se ka sa katogela kwa mafelong a a kotsi a a seng boteng a dipelaelo kana kwa matlapeng a a diphatsa a batlhanogi.—Bahebera 2:1; Jude 8-13.

12. Re ka tila go katogela kgakala le Jehofa jang?

12 Paulo o ile a tlhagisa Bakeresete ba Bahebera jaana: “Tlhokomelang, bakaulengwe, e se re kgotsa ga bo go ka nna ga tsamaya ga tlhaga mo go mongwe wa lona pelo e e boikepo e e se nang tumelo ka go katogela kgakala le Modimo o o tshelang.” (Bahebera 3:12) Mo temaneng ya Segerika, “go katogela kgakala” totatota go kaya “go emela kwa thoko,” ke gore, go nna motlhanogi. Mme gone re ka tila go senyegelwa ke tumelo go go ntseng jalo. Tumelo le tsholofelo di tla re thusa go kgomarela Jehofa le fa re le mo difefong tse di maswe thata tsa diteko. (Duteronome 4:4; 30:19, 20) Tumelo ya rona e ka se nne jaaka sekepe se se heheutlelwang kwa le kwa ke diphefo tsa batlhanogi. (Baefeso 4:13, 14) Mme fa re dira gore tsholofelo ya rona e nne tshetledi, re tla kgona go itshokela difefo tsa botshelo jaaka batlhanka ba ga Jehofa.

Go Tlhotlhelediwa ke Lorato le Moya o o Boitshepo

13, 14. (a) Ke eng fa tshetledi ya tumelo ya rona e sa lekana ka boyone fela? (b) Re tshwanetse go tlhotlhelediwa ke eng mo tirelong ya rona e e boitshepo go Jehofa, mme ka ntlha yang?

13 Mokeresete a ka se kgone go gatela pele go fitlha kwa tsamaisong e ntšha fa maitlhomo a gagwe a go direla Jehofa a ikaegile fela ka tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. Fa a ntse a dirisa tsholofelo eno ya gagwe jaaka tshetledi e e mo thusang go itsetsepela mo botshelong, o tshwanetse a e oketsa le go oketsa tumelo ya gagwe ka maatla a a tlhotlheletsang a lorato. Paulo o ile a gatelela kgang eno fa a ne a kwala jaana: “Go sala tumelo, tsholofelo, lorato, tse tharo tseno; mme se segolo thata mo go tseno ke lorato.”—1 Bakorintha 13:13.

14 Selo se se re tlhotlheletsang go direla Jehofa tirelo e e boitshepo e tshwanetse go nna lorato lo logolo lo re mo ratang ka lone ka go bo a ile a re bontsha lorato lo lo ka se lekanngweng le sepe. Moaposetoloi Johane o ile a kwala jaana: “Yo o sa rateng ga a ise a itse Modimo, ka gonne Modimo ke lorato. Ka seno lorato lwa Modimo lo ne lwa bonatshiwa mo go rona, ka gonne Modimo o ne wa romela Morwaone yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng gore re bone botshelo ka ene. Fa e le ka rona, re a rata, ka gonne o ne wa re rata pele.” (1 Johane 4:8, 9, 19) Ka ntlha ya go leboga Jehofa, selo sa konokono se re amegileng ka sone ga ya tshwanela go nna gore rona ka namana re bolokwe, go na le moo, e tshwanetse go nna gore re bone leina la gagwe le itshepisiwa le bolaodi jwa gagwe jwa tshiamo bo tlotlomadiwa.

15. Go rata ga rona Jehofa go amana jang le kgang ya bolaodi jwa gagwe?

15 Jehofa o batla gore re mo direle ka go bo re mo rata, e seng fela ka ntlha ya Paradaise. Saetlopedia ya Baebele e bong Insight on the Scripturesa e bolela jaana: “Jehofa o ipelafatsa ka kgang ya go bo bolaodi jwa gagwe le tsela e bo engwang nokeng ka yone ke dibopiwa tsa gagwe e ikaegile segolobogolo ka lorato. O amogela fela batho ba ba ratang bolaodi jwa gagwe ka ntlha ya dinonofo tsa gagwe tse di molemo le ka go bo e le jwa tshiamo, batho ba ba tlhophang bolaodi jwa gagwe e seng bope jo bongwe. (1Bak 2:9) Ba itlhophela go nna kafa tlase ga bolaodi jwa gagwe go na le go batla go itaola—ba dira jalo ka go bo ba na le kitso ka ga gagwe le ka lorato, tshiamiso le botlhale jwa gagwe, ka ba lemoga gore di gaisa tsa bone thata. (Pes 84:10, 11)”—Bolumo 2, tsebe 275.

16. Ke ka tsela efe go rata ga rona Jesu e leng selo se se re tlhotlheletsang mo botshelong jwa rona?

16 Gape rona Bakeresete re bontsha go rata Jesu ka go bo re tsibogela lorato lo a re ratileng ka lone. Paulo o ile a re: “Gonne lorato lo Keresete a nang le lone lo a re patelela, ka gonne seno ke se re se sweditseng, gore motho a le mongwe o ne a swela botlhe; jalo, he, botlhe ba ne ba sule; mme o ne a swela botlhe e le gore ba ba tshelang ba tle ba se ka ba tlhola ba itshelela, mme ba tshelele yo o neng a ba swela a ba a tsosiwa.” (2 Bakorintha 5:14, 15) Keresete ke ene motheo o botshelo jwa rona jwa semoya, tumelo ya rona le tsholofelo ya rona di agilweng mo go one. Go rata ga rona Keresete Jesu go nonotsha tsholofelo ya rona e bile go dira gore tumelo ya rona e tlhomame, segolobogolo ka nako ya sefefo sa diteko.—1 Bakorintha 3:11; Bakolosa 1:23; 2:6, 7.

17. Ke maatla afe a magolo a Jehofa a re nayang one, mme botlhokwa jwa one bo bontshiwa jang mo go Ditiro 1:8 le Baefeso 3:16?

17 Le fa gone go rata ga rona Modimo le Morwawe e le sone selo sa konokono se se re tlhotlheletsang mo botshelong jwa rona jwa Bokeresete, Jehofa o re neela selo se sengwe gape se se re tlhotlheletsang, se se re tsenyang matlhagatlhaga le se se re nonotshang gore re gatele pele mo tirelong ya gagwe. Selo seo ke maatla a gagwe a a dirang, kana moya o o boitshepo. Mafoko a Sehebera le Segerika a a ranolwang e le “moya” totatota a kaya motsamao o o nang le maatla a mogolo wa moya, o o jaaka phefo. Dikepe tsa mo lewatleng tse di jaaka tse Paulo a neng a tle a tsamaye ka tsone di ne di ikaegile ka maatla a a sa bonaleng a phefo gore di fitlhe kwa di yang teng. Le rona, sekepe sa rona sa tumelo se tlhoka lorato lwa Modimo le maatla a gagwe a a dirang a a sa bonaleng gore se re thuse go gatela pele mo tirelong ya ga Jehofa.—Ditiro 1:8; Baefeso 3:16.

Go Fitlha Kwa re Yang Teng!

18. Ke eng se se ka re thusang go itshokela dilo dipe fela tse di ka lekang tumelo ya rona mo isagweng?

18 Tumelo le lorato lwa rona di ka nna tsa lekwa thata pele ga re fitlha mo tsamaisong e ntšha ya dilo. Mme gone, Jehofa o re file tshetledi “e e tlhomamisegang e bile e nitame”—tsholofelo ya rona e e molemolemo. (Bahebera 6:19; Baroma 15:4, 13) Fa re faraferwe ke kganetso kana diteko dingwe, re ka kgona go itshoka fa e le gore ruri re tshetlegilwe ke tumelo ya rona. Fa sefefo sengwe se sena go kokobela mme se sengwe se ise se tlhage, a re ititeyeng sehuba gore re tla nonotsha tsholofelo ya rona le go tiisa tumelo ya rona.

19. Re ka boloka jang sekepe sa tumelo ya rona se ntse se lelesela go fitlha re tsena ka botshabelo jwa lefatshe le lesha la Modimo?

19 Paulo o ile a bua jaana pele ga a umaka “tshetledi ya moya”: “Re eletsa gore mongwe le mongwe wa lona a bontshe botlhaga [go “akofa,” mokwalo o o kwa tlase mo NW] jo bo tshwanang e le gore lo nne le tlhomamisego e e tletseng ya tsholofelo go fitlha fela kwa bokhutlong, e le gore lo se ka lwa nna bobodu, mme lo nne baetsi ba bao ka tumelo le bopelotelele ba ruang ditsholofetso.” (Bahebera 6:11, 12) Ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke go rata Jehofa le Morwawe le go nonotshiwa ke moya o o boitshepo, a re bolokeng sekepe sa tumelo ya rona se ntse se lelesela go fitlha re tsena ka botshabelo jwa lefatshe le lesha le Modimo a le solofeditseng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

Go Boeletsa

◻ Paulo o ile a re neela tlhagiso efe malebana le tumelo ya rona?

◻ Batho bangwe ba ile ba senyegelwa jang ke sekepe ka tsela ya semoya, mme bangwe ba fokotsa lebelo la bone jang?

◻ Ke dinonofo dife tsa bomodimo tse di tlhokang go patagangwa le tumelo ya rona?

◻ Ke eng se se ka re thusang go fitlha kwa botshabelong jwa lefatshe le lesha le Modimo a le solofeditseng?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Sekepe sa tumelo ya rona se tshwanetse go bo se agegile sentle gore re emelane le difefo tsa botshelo

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Tumelo ya rona e ka senyega

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Tsholofelo ke tshetledi mo botshelong jwa rona jwa Bokeresete

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela