Kgopolo E e Mo Baebeleng
Lorato lo lo Bofaganyang
KA 1978 setsuatsue se segolo kwa Bokone jwa Atlantic se ne sa itaya sekepe se se manobonobo se se bidiwang Queen Elizabeth 2. Makhubu a a bogodimo jwa kago e e nang le matlhatlaganyane a le some a ne a itaagana mo godimo ga sekepe seno, a dira gore se nne se ntse se binabina mo godimo ga metsi. Difenitšhara le bapagami ba sekepe seno ba ne ba phepheulakwa fa se ne se nwela se bo se biloga ka bonako. Se se gakgamatsang ke gore, bapagami ba sone ba le 1200 ba ne ba se ka ba gobala go le kalo. Boenjenere jwa sone jo bo siameng, dilo tse se agilweng sentle ka tsone di ne tsa sireletsa sekepe seno gore se se ka sa phatloga.
Dingwaga di le makgolokgolo tse di fetileng, go ne go na le sekepe se sengwe gape se se neng se tshwarisitswe bothata ke phefo ya matsubutsubu. Mo go sone, go ne go pagame moaposetoloi Paulo le ba bangwe ba le 275. E re ka batsamayakasekepe ba ne ba boifa gore se ne se tla thubega dikarolwana ka ntlha ya phefo e e maatla, go bonala ba ne ba fetisa “dithusi”—dikeetane kana dikgole—kafa tlase ga sekepe go tswa kafa letlhakoreng le lengwe go ya kafa go le lengwe gore dipolanka tsa logong tse marago a sekepe seno sa babapatsi a neng a dirilwe ka tsone di se ka tsa arogana. Lefa sekepe se ne sa se ka sa bolokwa, botlhe ba ba neng ba se pagame bone ba ne ba bolokwa.—Ditiro, kgaolo 27.
Ka dinako tse dingwe, diteko mo botshelong di ka re dira gore re ikutlwe jaaka e kete re mo sekepeng se se tsamayang mo lewatleng le le sa iketlang. Ditlhobaelo, go swabisiwa le go tshwenyega thata mo maikutlong go ka nna ga re tlela mme ga leka lorato lwa rona fela thata. Gore re kgone go lebana le mathata a a ntseng jalo le go tila go ngomoga pelo, le rona re tlhoka dithuso.
Fa Mathata a Tsoga
Baebele e tlhalosa sentle tumelo le boitshoko tse moaposetoloi Paulo a neng a na le tsone. O ne a direla diphuthego tsa pele tsa Bakeresete jaaka motlhanka wa tsone. (2 Bakorinthe 11:24-28) Se a neng a se fitlhelela mo tirong ya Morena se re neela bosupi jo bo phepafetseng jwa gore o ne a rata baagelani ba gagwe fela thata le gore o ne a na le kamano e e nonofileng le Modimo. Lefa go ntse jalo, botshelo jwa ga Paulo e ne e se jo bo nnang bo se na mathata. Moaposetoloi yono o ne a lebana le ditsuatsue di le dintsi tsa mmatota le tsa tshwantshetso.
Mo motlheng wa ga Paulo, fa sekepe se ne se lebana le diphefo tse di maatla, go sireletsega ga bapagami le ga sekepe ka bosone go ne go ikaegile ka bokgoni jwa bakgweetsi ba sone le ka go nonofa ga sone. Go ne go ntse jalo le e leng fa moaposetoloi yono a ne a lebana le diphefo tsa tshwantshetso. Lefa Paulo a ne a kgona go lebana le go latlhegelwa ga gagwe ke dilo tsa senama, go tsenngwa mo kgolegelong le go tlhokofadiwa, mathata a a masisi a a neng a gwetlha go nitama ga gagwe mo semoyeng le mo maikutlong le go kgona ga gagwe go tswelela pele a rata ba bangwe a ne a tswa mo teng ga phuthego ya Bokeresete.
Ka sekai, Paulo o ne a fetsa ngwaga le sephatlo a dira ka natla gore a tlhome phuthego mo motseng wa Korinthe. Se a neng a se lemoga ka Bakorinthe se ne sa dira gore a tshware letsomane ka bonolo. Paulo o ne a ba a ipitsa rraabone. (1 Bakorinthe 4:15) Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege pego e a nang le yone ya go rata phuthego le go e direla ka natla, bangwe mo Korinthe ba ne ba bua bosula kaga Paulo. (2 Bakorinthe 10:10) A bo seo se tshwanetse sa bo se ile sa mo kgoba marapo jang ne fa a leba tsotlhe tse a neng a di dirile ka go intsha setlhabelo!
Tota ke jang batho ba Paulo a neng a ba rata ka lorato lo logolo jaana ba neng ba ka nna setlhogo jaana mo go ene le go mo kgoba ka mafoko? Paulo o tshwanetse a bo a ne a ikutlwa e kete o a phatloga, jaaka sekepe se se tshwarisitsweng bothata ke ledimo. A bo go ka bo go ile ga nna motlhofo jang ne gore a itlhoboge, a akanye gore matsapa a gagwe ke a bophiri fela, kgotsa gore a galefe! Ke eng se se neng sa dira gore Paulo a ritibale? Ke eng se se neng sa dira gore a se ka a phatlolwa ke maikutlo a go swabisiwa?
Lorato Lo lo Re Kitlanyang
Paulo ga a tlogela babadi ba gagwe ba sa tlhomamisega kaga gore o ne a bona kae nonofo le thotloetso. O ne a kwala jaana: “Gonne lorato lwa ga Keresete lo a re patelela.” (2 Bakorinthe 5:14) Paulo o ne a lebisitse go motswedi o o tlhomologileng wa nonofo le thotloetso. Maatla a a patelelang ano ke “lorato lwa ga Keresete.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Mokanoki mongwe wa Baebele o ne a tlhalosa lokwalo lono jaana: “Paulo ga a re lorato lwa rona mo go Keresete lo dira gore re tshwarelele mo bodireding jwa rona . . . O ne a tla bo a sa feleletsa. Lorato lwa rona mo go Keresete lo tsosolosiwa le go godisiwa ke lorato lwa gagwe mo go rona.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.
Lorato lo Keresete a neng a lo bontsha ka go ineela go swa loso lo lo botlhoko jo bo ngomolang pelo mo koteng ya tlhokofatso—ka go dira jalo a neela botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jwa motho e le thekololo gore a boloke batho botlhe ba ba dumelang—lo ne lwa rotloetsa Paulo, lwa ba lwa mo patelela gore a tswelele a direla Keresete le bakaulengwe. Ka jalo, lorato lwa ga Keresete lo ne lo laola Paulo, lo mo kganela go nna pelotshetlha, le go dira gore maikaelelo a gagwe e nne go direla Modimo le bathokaene.
Eleruri, lorato lwa ga Keresete ke lone lo rotloetsang Mokeresete go tshela botshelo jwa boikanyegi. Fa re lebana le diteko tse di ka re koafatsang mo mmeleng, mo maikutlong, le mo semoyeng, maatla a a re patelelang a lorato lwa ga Keresete a re thusa gore re itshokele dilo tse motho yo o sa rotloediweng a ka se kang a kgona go di itshokela. A re naya nonofo ya go itshoka.
Ga re ka ke ra ikanya maikutlo a rona a a sa itekanelang gore a re tshegetse le go re rotloetsa. Seno se ntse jalo segolobogolo fa re tlelwa ke diteko ka ntlha ya go swabisiwa kana go tlhobaela. Kafa letlhakoreng le lengwe, lorato lwa ga Keresete lo kgona go re dira gore re tshwarelele mo bodireding jwa rona, go re tshegetsa le go re rotloetsa go sa kgathalesege diteko tse di re tlelang motho ka namana. Lorato lwa ga Keresete lo thusa Mokeresete go itshokela se batho ba bangwe ba neng ba sa lebelela gore a ka kgona go se itshokela mme gongwe le se le ene ka boene a neng a sa lebelela gore a ka kgona go se itshokela.
Mo godimo ga moo, e re ka lorato lwa ga Keresete e le lo lo nnelang ruri, diphelelo tsa lone le tsone ga di fele. Ke maatla a a patelelang a a sa reketleng kana a a sa ngotlegeng. “Lorato ga lo ke lo tlhaela gope.” (1 Bakorinthe 13:8) Lo dira gore re kgone go tswelela re mo setse morago ka boikanyegi, go sa kgathalesege gore go direga eng.
Go lekega mo maikutlong, go re bakela bothata jo bo ka dirang gore re phatloge. Ka jalo, a bo go le botlhokwa jang ne gore re tlhatlhanye ka lorato lo Keresete a lo re bontshitseng. Lorato lwa ga Keresete lo tla re kitlanya. Lorato lwa gagwe lo dira gore tumelo ya rona e se ka ya senyega jaaka go thubega ga sekepe. (1 Timotheo 1:14-19, bapisa NW.) Gape, lorato lwa ga Keresete lo re patelela go dira sotlhe se re ka se kgonang go galaletsa ene yo o dirileng gore re kgone go bona lorato lwa ga Keresete, e bong Jehofa Modimo.—Baroma 5:6-8.