A Bodumedi Jwa Gago ke Sekepe Se se Sa Tshwanelwang go Tlogelwa le ka Motlha?
SEKEPE se mo gare ga matsubutsubu. Setlhopha sa batsamaisi ba sone, se se kgaratlhang ka thata go boloka sekepe sa sone, se lebanwe ke go dira tshwetso e e gwetlhang maikutlo: go tlhopha gore a ba nne mo sekepeng kgotsa ba se tlogele ba iphalotse. A o ne o itse gore tiragalo eno e e tshosang e dirisiwa jaaka setshwantsho sa thutobomodimo?
Baithutabomodimo, segolobogolo bakanoki ba Bakatoliki, gantsi ba tshwantshanya kereke ya bone le sekepe se se raletseng matsubutsubu. Ba re sekepe se, se se laolwang ke Jesu kana Petere, se emela tsela e le yosi e e isang polokong. Baruti ba eme ka la go re, ‘O se ka wa tlogela sekepe le ka motlha. Kereke e setse e fetile mo mathateng a a masisi, e bile ke sekepe se se falotseng matsubutsubu otlhe a hisitori.’ Bangwe ba re, ‘O tla bo o se tlogelela eng? O tla ya kae gape kwa gongwe? Ke eng fa o sa nne fela gore o tle o thuse go se isa kwa metsing a a ritibetseng?’
Go dumalana le puo eno ya tshwantshetso, batho ba le bantsi, ba ba mo ditumelong tse di farologaneng, ba ne ba buelela seno jaana, ‘ke a itse gore bodumedi jwa me bo phoso mo dilong tse dintsi, mme ke solofela gore bo tla fetoga. Ga ke batle go bo tlogela. Ke batla go nna le seabe mo go bo thuseng go fenya mathata a jone.’ Motho a ka bua jaana ka go bo a rata bodumedi jwa batsadi ba gagwe a le peloephepa kgotsa le e leng gone go tshaba go bo “tlhanogela.”
Sekai se se lebaganeng le seno ke sa ga Hans Küng, moithutabomodimo yo o itsegeng thata yo o neng a sa tlhole a dumalana le Bokatoliki, yo o neng a bolela jaana a sena go akanya thata ka seno: “A ke tshwanetse go tlogela sekepe mo matsubutsubung, ke tlogela ba ke tsamaileng le bone go tla go fitlha jaanong gore ba lebagane le phefo, ba kgaphela metsi kwantle, kgotsa le e leng gone go leka go iphalotsa?” O ne a araba jaana: “Ga ke na go tlogela go nna le thuso mo teng ga kereke.” Selo se sengwe se motho a ka se dirang ke go “kgaogana le kereke e ka lebaka la go tlhaela ga yone, ka lebaka la gonne ba rata dilo tsa botlhokwa thata gongwe gape le ka lebaka la gonne ba rata go nna Bakeresete ba boammaaruri.”—Die Hoffnung bewahren.
A mme gone motho a ka nna mo mokorong wa kereke ya gagwe ka tsholofelo ya gore Modimo ka kutlwelobotlhoko ya one, o tla fa ditumelo tsotlhe lebaka le le sa lekanyediwang la nako gore di fetoge? Potso eo e masisi. Jaaka go bontshitswe ka setshwantsho, go tswa ka bonako mo sekepeng se se mo kotsing mme o pagama mekoro ya go iphalotsa go ka nna kotsi fela jaaka go nna mo sekepeng se se nwelang. A go botlhale go nna mo kerekeng go sa kgathalesege boemo jwa yone le se se ka diragalang? Ditumelo gompieno di naya tsholofelo efe ya gore di tla fetoga? Modimo o tla di letla gore di dire kgatlhanong le go rata ga gagwe ka lobaka lo lo kana kang?
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
Chesnot/Sipa Press