LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 8/15 ts. 8-9
  • Tila go Kgopisiwa ke Bogale

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tila go Kgopisiwa ke Bogale
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baebele ya Reng ka go Galefa?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Go Laola Kgalefo—Ya Gago le ya ba Bangwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • A go Gakala go Phoso ka Dinako Tsotlhe?
    Tsogang!—1994
  • Kgalefo Ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 8/15 ts. 8-9

Tila go Kgopisiwa ke Bogale

“KGWA mowa!” “Itshware!” “Itlhabe ngololo!” A o tlwaelane le dipolelwana tseno? Gongwe o di dirisa mo go wena fa o ritibatsa maikutlo a gago a a kgoberegileng. Batho bangwe, ka go leka go tila bogale, ba tswa ba ya go tsamayatsamaya kwa ntle. Tseno ke ditsela tse di motlhofo tsa go laola bogale le go boloka dikamano le batho ba bangwe di le dintle.

Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng jaana, dikgakololo tse di ganetsanang tsa baitse malebana le gore a motho o tshwanetse go laola kana go gatelela bogale jwa gagwe di ile tsa tlhakanya ba le bantsi tlhogo. Ka sekai, baithutatlhaloganyo bangwe ba ile ba rotloetsa kgopolo ya gore “fa e le gore go dira gore o ikutlwe botoka,” ntsha bogale jwa gago. Ba bangwe ba tlhagisa gore go nna o ntse o phatloga fela ka bogale ke “selo se segolo se se bontshang gore o tlile go swa o sa le mosha go feta dilo tse dingwe tse di kotsi tse di jaaka go goga, kgatelelo ya madi e e kwa godimo, le kholeseterole e e kwa godimo.” Lefoko la Modimo le bolela jaana ka tlhamalalo: “Bakela bogale, o lese kgakalo; o se ka wa itshwenya, ka go itshwenya go tle go ise kwa bosuleng.” (Pesalema 37:8) Ke eng fa Baebele e neela kgakololo e e maleba jaana?

Maikutlo a a sa laolweng a dira gore motho a dire dilo tse di sa laolesegeng. Seno se ne sa bonala bogologolo mo hisitoring ya motho. Re bala jaana: “Kaine a nna bogale thata, le sefatlhogo sa gagwe sa befa.” Seno se ne sa dira gore a felele kae? Bogale jwa gagwe bo ne jwa mo laola thata jaana mo e leng gore bo ne jwa dira gore pelo ya gagwe e thatafale fa Jehofa a ne a mo gakolola gore a dire se se molemo. Bogale jwa ga Kaine jo bo sa laolesegeng bo ne jwa dira gore a dire boleo jo bo masisi—a bolaye morwarraagwe.—Genesise 4:3-8.

Saule, kgosi ya ntlha ya Iseraele le ene o ne a tseega maikutlo jalo fa a ne a utlwa Dafide a bakiwa thata. “Basadi ya re ba letsa ba fetolana ka dipina ba re: ‘Saule o bolaile ba makgolo a masome ba gagwe, mme Dafide o bolaile ba makgolo a makgolo ba gagwe.’ Saule a nna bogale thata, polelo eo ya mo itumolola.” Bogale jwa ga Saule bo ne jwa mo laola thata jaana mo e leng gore o ne a leka ka makgetlo a le mantsinyana go bolaya Dafide. Le mororo Dafide a ne a dira maiteko a go dira botsala, Saule o ne a gana go dira kagiso le go letlanya. Kgabagare, o ne a sa tlhole a amogelwa ke Jehofa gotlhelele.—1 Samuele 18:6-11; 19:9, 10; 24:1-21; Diane 6:34, 35.

Le fa motho a sa rate, fa a ineela go galefa ka tsela e e sa laolesegeng, o tla bua le go dira dilo tse di tla utlwisang mongwe le mongwe yo o amegang botlhoko. (Diane 29:22) Kaine le Saule ka bobedi jwa bone ba ne ba galefa, ka gonne mongwe le mongwe wa bone o ne a le lefufa le go nna pelotshetlha ka tsela ya gagwe. Le fa go ntse jalo, go galefa go ka bakiwa ke mabaka a a farologaneng. Go tshwaiwa phoso go sa tshwanela, go tlhapaolwa, go sa tlhaloganyane, kana go sa tshwarwe sentle go ka tlhotlheletsa go phatloga ka bogale.

Dikai tsa ga Kaine le Saule di supa bokoa bongwe jo bo masisi jo ba neng ba na le jone ka bobedi. Go bonala fa tshupelo ya ga Kaine e ne e sa ntshiwe ka ntlha ya tumelo. (Bahebera 11:4) Go palelwa ga ga Saule go utlwa taelo e Jehofa a e ntshitseng ka tlhamalalo le maiteko a a neng a a dira morago ga foo a go itlhatswa leina a ne a dira gore a latlhegelwe ke kamogelo le moya wa Modimo. Ka mo go phepafetseng, banna bano ka bobedi ba ne ba senya kamano ya bone le Jehofa.

Bapisa maikutlo ao le a ga Dafide, yo o neng a na le lebaka la go galefela Saule ka ntlha ya tsela e a neng a mo tshwere ka yone. Dafide o ne a itshwara. Ka ntlha yang? O ne a re: “A go se tualo fa nka direla morena wa me selo se, . . . ke ka mo ntshetsa letsogo la me, ka a le motlodiwa wa ga Jehofa.” Dafide o ne a tlhaloganya kamano ya gagwe le Jehofa sentle, mme go ne ga ama tsela e a neng a dirisana le Saule ka yone. O ne a tlogela dilo mo diatleng tsa ga Jehofa ka boikokobetso.—1 Samuele 24:6, 15.

Ee, bogale jo bo sa laolesegeng bo masisi. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Shakgalang, mme lefa go ntse jalo lo se ka lwa leofa.” (Baefeso 4:26) Le fa gone bogale jo bo siameng bo tshwanela ka dinako tse dingwe, go na le kotsi e e nnang e ntse e le gone ya gore bogale e tla nna sekgopi. Ga go gakgamatse he, go bo re lebane le kgwetlho ya go laola bogale jwa rona. Re ka dira jang jalo?

Tsela ya ntlha ke go tlhagolela kamano e e nonofileng le Jehofa. O go kgothaletsa gore o mmulele pelo le mogopolo wa gago. Mmolelele mathata a gago le dilo tse di go tshwenyang mme o mo kope gore a go neye pelo e e ritibetseng gore o laole bogale. (Diane 14:30) Tlhomamisega gore “matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya mekokotlelo ya bone.”—1 Petere 3:12.

Thapelo e ka go fetola le go go kaela. Ka tsela efe? Ka tsela ya gore e ka ama thata tsela e o dirisanang le batho ba bangwe ka yone. Gakologelwa kafa Jehofa a ileng a dirisana le wena ka teng. Jaaka Dikwalo di bolela, Jehofa “ga a a re direla ka fa maleong a rona.” (Pesalema 103:10) Go botlhokwa go nna le moya wa go itshwarela gore o tle o “se ka [wa] tsiediwa ke Satane.” (2 Bakorintha 2:10, 11) Mo godimo ga moo, thapelo e thusa go bula pelo ya gago gore e kaelwe ke moya o o boitshepo, o o ka kgonang go pitikolola mekgwa ya botshelo e e nweletseng kwa teng. Jehofa ka boitumelo o re neela ‘kagiso e e gaisang kakanyo yotlhe,’ e e ka go gololang mo maatleng a bogale.—Bafilipi 4:7.

Le fa go ntse jalo, mo godimo ga go rapela re tshwanetse go tlhatlhoba Dikwalo ka metlha gore re tle re ‘tswelele re lemoga se e leng thato ya ga Jehofa.’ (Baefeso 5:17; Jakobe 3:17) Fa e le gore wena ka bowena o na le bothata ka go laola bogale jwa gago, leka go bona gore Jehofa o leba jang kgang eno. Tlhatlhoba dikwalo tse ka tlhamalalo di amanang le go laola bogale.

Moaposetoloi Paulo o neela kgakololo eno e e botlhokwa: “A re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.” (Bagalatia 6:10) Tlhoma mogopolo wa gago le dilo tse o di dirang mo go direleng ba bangwe molemo. Ditiro tse di ntseng jalo tse di siameng, tse di molemo di tla go tlhotlheletsa go akanyetsa le go ikanya ba bangwe mme di tla fokotsa go sa utlwane go go ka nnang teng ka ntlha ya bogale.

Mopesalema o ne a re: “Rulaganya dikgato tsa me mo lefokong la gago; a go se nne boikepo bope jo bo tlaa nnang le taolo mo go nna. Ba ba ratang molao wa gago ba na le kagiso e kgolo; ga ba na go kgopiwa gope.” (Pesalema 119:133, 165) Go ka nna jalo le ka wena.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

DITSELA TSA GO LAOLA BOGALE

□ Rapela Jehofa.—Pesalema 145:18.

□ Tlhatlhoba Dikwalo letsatsi le letsatsi.—Pesalema 119:133, 165.

□ Nna o tshwaregile ka dilo tse di mosola.—Bagalatia 6:9, 10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela