LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 8/15 ts. 10-13
  • Filosofi ya Segerika—A e Ne ya Tokafatsa Bokeresete?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Filosofi ya Segerika—A e Ne ya Tokafatsa Bokeresete?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Bojuda Jwa Segerika”
  • “Bogerika jo bo Fetotsweng Bokeresete”
  • “Bokeresete Jwa Segerika” le “Filosofi ya Bokeresete”
  • Dilo Tse di Kgotlelang Tse di Senyang
  • Boammaaruri
  • Thuto Eno e Fetela mo Bojudeng, mo Sekereseteng le mo Boiselamong
    Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?
  • Borara Ba Kereke—A ke Babueledi ba Boammaaruri Jwa Baebele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Plato
    Tsogang!—2013
  • Botshelo Morago ga Loso—Batho ba Dumela Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 8/15 ts. 10-13

Filosofi ya Segerika—A e Ne ya Tokafatsa Bokeresete?

“Le mororo Bokeresete bo ganetsa dingwao tsa seheitane tsa Gerika le tsa Roma, totatota bo amogetse bontsi jwa filosofi ya tsone ya bogologolo.”—The Encyclopedia Americana.

GARENG ga batho ba ba neng ba na le tlhotlheletso e kgolo mo kgopolong ya “Bokeresete,” “Moitshepi” Augustine o na le boemo jo bo sa lekaneng le jwa ga ope. Go ya ka The New Encyclopædia Britannica, “mogopolo wa ga [Augustine] e ne e le gone tota, mo bodumedi jwa Tesetamente e Ntšha bo ileng jwa tswakanngwa gone ka mo go feletseng le thuto ya ga Plato ya filosofi ya Segerika; mme gape e ne e le one o o neng wa dirisiwa go fetisetsa tlhakantsuke eno mo go Labokeresete ya motlha wa bogare wa Katoliki ya Roma le mo Boporotesetanteng jwa Motlha wa Tlhabologo.”

Boswa jo Augustine a bo tlogetseng bo ile jwa nnela ruri. Fa Douglas T. Holden a tlhalosa gore filosofi ya Segerika e ile ya tlhotlheletsa Labokeresete go le kana kang o bolela jaana: “Thutabodumedi ya Bokeresete e ile ya tswakanngwa thata jaana le filosofi ya Segerika mo e leng gore e ile ya dira batho ba ba tswakantseng dikarolo tse robongwe tsa kgopolo ya Segerika le karolo e le nngwe ya kgopolo ya Sekeresete.”

Bakanoki bangwe ba dumela thata gore tlhotlheletso e e ntseng jalo ya filosofi e ile ya tokafatsa Bokeresete fa bo ne bo simologa, ya nonotsha dithuto tsa jone mme ya bo ya dira gore bo kgotsofatse thata. A go ne go ntse jalo? Tlhotlheletso ya filosofi ya Segerika e ile ya nna teng jang le gone leng? A gone e ile ya tokafatsa kana ya kgotlela Bokeresete?

Go bula matlho go latelela ditiragalo di le mmalwa tse di ileng tsa diragala go tloga ka lekgolo la boraro la dingwaga B.C.E. go fitlha ka lekgolo la botlhano la dingwaga C.E. ka go tlhatlhoba mareo a le manè a a sa tlwaelegang: (1) “Bojuda Jwa Segerika,” (2) “Bogerika jo bo Fetotsweng Bokeresete,” (3) “Bokeresete Jwa Segerika,” le (4) “filosofi ya Bokeresete.”

“Bojuda Jwa Segerika”

Ya ntlha, “Bojuda Jwa Segerika,” ke selo se se ikganetsang tota. Bodumedi jwa ntlha jwa Bahebera, jo bo ileng jwa tlhomiwa ke Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa, bo ne bo sa tshwanela go leswafadiwa ka megopolo ya bodumedi jwa maaka. (Duteronome 12:32; Diane 30:5, 6) Le fa go ntse jalo, go tswa fela kwa tshimologong kobamelo e e itshekileng e ne ya nna mo kotsing ya go senngwa ke ditiro tsa bodumedi jwa maaka le megopolo e e neng e amana le tsone—tse di jaaka tlhotlheletso e e neng e tswa go Baegepeto, Bakanana le Bababilone. Ka maswabi, Iseraele e ne ya letlelela gore kobamelo ya yone ya boammaaruri e senyege thata.—Baatlhodi 2:11-13.

Makgolokgolo a dingwaga morago ga moo, fa Palesetina ya bogologolo e ne e nna karolo ya Mmusomogolo wa Gerika kafa tlase ga Alexander yo Mogolo mo lekgolong la bonè la dingwaga B.C.E., tshenyego eno e ne ya nna maswe thata mme ya tlogela boswa jo bo nnetseng ruri. Alexander o ne a gapa Bajuda go nna masole a gagwe. Dikamano tse Bajuda ba nnileng le tsone le mothopi wa bone yo mosha di ne tsa tlhotlheletsa tsela ya go akanya ya bodumedi jwa Sejuda thata. Megopolo ya Segerika e ne ya tsenelela mo thutong ya Sejuda. Moperesiti yo Mogolo e bong Jason o tumile ka gore ke ene yo o tlhomileng sekolo sa Segerika kwa Jerusalema ka 175 B.C.E. gore a rotloetse thuto ya ga Homer gone.

Ka mo go kgatlhisang, Mosamaria mongwe, fa a ne a kwala mo karolong ya bobedi ya lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E., o ne a batla go tlhalosa hisitori ya Baebele e le hisitori ya Segerika. Tota e bile dibuka dingwe tsa Sejuda tse go sa tlhomamisiweng gore di boammaaruri go le kana kang, tse di jaaka Judith le Tobit, di umaka ditlhamane tsa Segerika tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Go ne ga tlhaga borafilosofi ba le mmalwa ba Bajuda ba ba neng ba leka go dumalanya kgopolo ya Segerika le bodumedi jwa Sejuda le Baebele.

Motho mongwe yo go bolelwang gore o ne a dira seno e ne e le Philo, Mojuda mongwe wa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. O ne a itseela mo diatleng go dirisa dithuto tsa ga Plato (wa lekgolo la bonè la dingwaga B.C.E.), tsa Ba-Pythagoras le tsa Ba-Stoic. Bajuda ba ne ba tlhotlheleditswe thata ke dikgopolo tsa ga Philo. Fa mokwadi mongwe wa Mojuda e bong Max Dimont a sobokanya kafa botlhale jwa megopolo ya Segerika bo ileng jwa tsenelela mo setsong sa Sejuda ka teng, a re: “E re ka bakanoki ba Bajuda ba ne ba na le dikgopolo tsa ga Plato, ba akanya ka tsela ya ga Aristotle, e bile ba dirisa boitseanape jwa ga Euclid, ba ne ba leba Torah ba dirisa megopolo e mesha. . . . Ba ne ba simolola go oketsa ditshenolo tsa Bajuda ka dikakanyo tsa Bagerika.”

Fa nako e ntse e ya, Baroma ba ne ba gapa Mmusomogolo wa Gerika, ba fenya Jerusalema. Seno se ne sa bula tsela ya gore go nne le diphetogo tse dikgolo le go feta. Mo lekgolong la boraro la dingwaga C.E., dithuto tsa filosofi le tsa bodumedi tsa batlhalefi ba ba neng ba leka go oketsa le go kopanya megopolo ya ga Plato di ne tsa simolola go bonala sentle, tsa nna se gompieno se itsegeng ka kakaretso e le Thuto e Ntšha ya ga Plato. Batho ba thuto eno ba ne ba tla nna le tlhotlheletso e kgolo mo Bokereseteng jwa botlhanogi.

“Bogerika jo bo Fetotsweng Bokeresete”

Mo makgolong a ntlha a matlhano a dingwaga a motlha wa rona o o tlwaelegileng, batlhalefi bangwe ba ne ba batla go supa kafa filosofi ya Segerika le boammaaruri jo bo senotsweng jwa Baebele di dumalanang ka gone. Buka ya A History of Christianity e bolela jaana: “Batlhale bangwe ba Bokeresete ba ne ba tshwanetse go tlhagisa setshwantsho sa Bagerika ba masomesome a dingwaga pele ga Keresete ba kgaratlha thata go bona kitso ka Modimo mme ba dira jalo ka go tlhoka kitso, ba leka, fa go ka tualo, go tlhagisa Jesu mo kgopolong e e sa utlwaleng ya Seathena, ba leka go bopa Bokeresete mo ditlhogong tsa bone tse dinnye tsa boheitane.”

Plotinus (205-270 C.E.), yo o neng a tla pele ga batlhalefi ba ba ntseng jalo, o ne a simolola tsamaiso e e neng e theilwe thata mo megopolong ya ga Plato. Plotinus o ne a simolola kgopololo ya gore go na le moya o o kgaoganeng le mmele. Porofesa E. W. Hopkins o ne a bolela jaana ka Plotinus: “Thuto ya gagwe ya bodumedi e ile ya nna le tlhotlheletso e kgolo mo baeteledingpele ba Bokeresete.”

“Bokeresete Jwa Segerika” le “Filosofi ya Bokeresete”

Go simologa ka lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., batlhalefi ba “Bakeresete” ba ne ba leka thata go kgatlha barutegi ba baheitane. Le mororo moaposetoloi Paulo a ile a tlhagisa ka tlhamalalo gore go elwe tlhoko “dipuo tse di lolea tse di senyang boitsheko jwa se se boitshepo” le “dikganetso tsa se ka phoso se bidiwang ‘kitso,’” barutisi bao ba ne ba tswakanya dithuto tsa bone le filosofi e e tswang mo setsong sa Segerika se se neng se ba dikologile. (1 Timotheo 6:20) Sekai sa ga Philo se ne se dira gore go bonale e kete go ka kgonega gore Baebele e dumalanngwe le megopolo ya ga Plato.—Bapisa 2 Petere 1:16.

Gone mme, selo se se ileng sa tlhaselwa thata e ne e le boammaaruri jwa Baebele. Baruti ba “Bakeresete” ba ne ba leka go bontsha gore Bokeresete bo tsamaisana le megopolo ya Segerika le ya Roma. Clement wa kwa Alexandria le Origen (wa lekgolo la bobedi le la boraro C.E.) ba ne ba dira gore Thuto e Ntšha ya ga Plato e nne motheo wa se e neng ya nna “filosofi ya Bokeresete.” Ambrose (339-397 C.E.), bishopo wa kwa Milan, o ne a “ithutile thuto ya Segerika e e mo nakong thata, ya Bokeresete mmogo le ya boheitane ka go tshwana—segolobogolo dibuka . . . tsa ga Plotinus wa moheitane yo o neng a dumela mo Thutong e Ntšha ya ga Plato. O ne a leka go naya Balatini ba ba rutegileng mofuta wa Bokeresete wa nako eo. Augustine le ene o ne a dira jalo.

Lekgolo la dingwaga morago ga foo, Dionysius wa Moareopago, (yo gape a neng a bidiwa Dionysius) yo gongwe e neng e le moitlami wa Mosiria, o ne a leka go kopanya filosofi ya Thuto e Ntšha ya ga Plato le thutabodumedi ya “Bokeresete.” Go ya ka saetlopedia nngwe, “mekwalo ya gagwe e ne ya tlhomamisa mokgwa o o tlhomameng wa Thuto e Ntšha ya ga Plato mo karolong e kgolo ya thuto le bomoya jwa Bokeresete jwa metlha ya bogare . . . e e ileng ya dira gore go nne le dikarolo dingwe tsa mokgwa wa yone wa bodumedi le boineelo mo motlheng ono.” A bo e le go supa lonyatso lo logolo jang ne ka tlhagiso ya moaposetoloi Paulo kgatlhanong le “botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho”!—Bakolosa 2:8.

Dilo Tse di Kgotlelang Tse di Senyang

Go ile ga elwa tlhoko gore “balatedi ba ga Plato ba Bakeresete ba ne ba tseela tshenolo kwa godimo mme ba tsaya filosofi ya ga Plato e le selo se se molemo thata se se ka thusang motho go tlhaloganya le go femela dithuto tsa Dikwalo le ngwao ya kereke.”

Plato ka boene o ne a tlhatswegile pelo gore go na le moya o o sa sweng. Go a tlhokomelesega gore nngwe ya dithuto tse dikgolo tsa maaka tse di ileng tsa tsenelela mo teng ga thutabodumedi ya “Bokeresete” ke ya moya o o sa sweng. Ga go na ka tsela epe e go tsewang gore go amogela thuto eno go siame ka gonne go dira gore thuto ya Bokeresete e nne e e kgatlhang mo bontsing jwa batho. Fa moaposetoloi Paulo a ne a rera kwa Athena, lefelo la konokono la ngwao ya Segerika, ga a ka a ruta thuto ya ga Plato ya moya. Go na le moo, o ne a ruta thuto ya Bokeresete ya tsogo, le fa gone go ne go le thata gore bontsi jwa bareetsi ba gagwe ba Bagerika ba amogele se a neng a se bolela.—Ditiro 17:22-32.

Go farologana le filosofi ya Segerika, Dikwalo di bontsha ka phepafalo gore moya ga se selo se motho a nang naso mme ke se motho a leng sone. (Genesise 2:7) Fa motho a swa, moya ga o tlhole o le gone. (Esekiele 18:4) Moreri 9:5 e re bolelela jaana: “Batshedi ba a itse fa ba tlaa swa; mme baswi ga ba itse sepe, le gone ga ba tlhole ba na le tuelo; gonne kgakologelo ya bone e lebetswe.” Thuto ya moya o o sa sweng ga se thuto ya Baebele.

Thuto e nngwe e e tsietsang e ne e amana le boemo jwa ga Jesu pele ga a nna motho, e leng kgopolo ya gore o ne a lekana le Rraagwe. Buka ya The Church of the First Three Centuries e tlhalosa jaana: “Thuto ya Tharonngwe e simologile mo motsweding o e neng e se wa Sejuda le wa Dikwalo Tsa Bokeresete le e seng.” Motswedi wa yone e ne e le eng? Thuto eno e ne “ya gola ya bo ya tsenngwa mo Bokereseteng, ke Borara ba ba neng ba ruta thuto ya ga Plato.”

Ee, fa nako e ntse e tsamaya, le Borara ba Kereke ba ntse ba tlhotlhelediwa thata ke Thuto e Ntšha ya ga Plato, batho ba ba dumelang Tharonngwe ba ne ba nna le thata. Go bonala fa filosofi ya Thuto e Ntšha ya ga Plato ya lekgolo la boraro la dingwaga e ne ya dira gore ba kgone go kopanya dilo tse di sa ka keng tsa kopanngwa—go dira gore Modimo o o gararo a lebege e le Modimo a le mongwe. Ka tsela ya filosofi ba ne ba bolela gore batho ba bararo bano ba ne ba tla nna Modimo a le mongwe fela, fa ka nako e e tshwanang ba ne ba tla kgona go nna batho ba ba farologaneng!

Le fa go ntse jalo, boammaaruri jwa Baebele bo bontsha ka phepafalo gore Jehofa ke ene fela Modimo Mothatayotlhe, Jesu Keresete ke Morwa wa Gagwe yo a mmopileng yo mmotlana mme moya o o boitshepo ke maatla a Gagwe a a dirang. (Duteronome 6:4; Isaia 45:5; Ditiro 2:4; Bakolosa 1:15; Tshenolo 3:14) Thuto ya Tharonngwe e tlontlolola Modimo o osi wa boammaaruri mme e tlhakanya batho tlhogo, e dira gore ba furalele Modimo o ba sa kgoneng go mo tlhaloganya.

Selo se sengwe se se ileng sa tlhaselwa gape ke tlhotlheletso ya Thuto e Ntšha ya ga Plato mo kgopolong ya Bokeresete, e ne e le tsholofelo e e theilweng mo Dikwalong ya puso ya dingwaga tse di sekete. (Tshenolo 20:4-6) Origen o ne a tumile ka go kgala ga gagwe batho ba ba dumelang mo pusong ya dingwaga tse di sekete. Ke eng fa a ne a ganetsa thuto eno e e theilweng sentle ya Baebele ya puso ya ga Keresete ya dingwaga tse di sekete jaana? The Catholic Encyclopedia e araba jaana: “Go ya ka Thuto e Ntšha ya ga Plato e dithuto tsa gagwe di neng di theilwe mo go yone . . . , [Origen] o ne a sa kgone go ema le batho ba ba dumelang mo pusong ya dingwaga tse di sekete.”

Boammaaruri

Ga go na sepe sa dilo tse di umakilweng fa godimo tse di neng di amana le boammaaruri. Boammaaruri ke dilo tsotlhe tse di amanang le dithuto tsa Bokeresete tse di fitlhelwang mo Baebeleng. (2 Bakorintha 4:2; Tito 1:1, 14; 2 Johane 1-4) Baebele ke yone fela motswedi wa boammaaruri.—Johane 17:17; 2 Timotheo 3:16.

Le fa go ntse jalo, mmaba wa ga Jehofa, wa boammaaruri, wa batho, le wa botshelo jo bo sa khutleng—Satane Diabolo, “mmolayabatho” le “ramaaka”—o ile a dirisa ditsela tse di farologaneng tse di tsietsang go tswakanya boammaaruri joo. (Johane 8:44; bapisa 2 Bakorintha 11:3.) Nngwe ya dilo tse di nonofileng thata tse a ileng a di dirisa ke dithuto tsa borafilosofi ba baheitane ba Bagerika—ba tota ba supang megopolo ya gagwe—ka maiteko a go fetola mokgwa le dithuto tsa Bokeresete.

Go tswakanngwa gono go go sa tshwanelang ga thuto ya Bokeresete le filosofi ya Segerika ke go leka go koafatsa boammaaruri jwa Baebele, go senya nonofo le tsela e bo ikuelang ka yone mo bathong ba ba batlang boammaaruri ba ba pelonomi le ba ba peloephepa le ba ba batlang go rutega. (1 Bakorintha 3:1, 2, 19, 20) Mme gape go itshekolola thuto e e itshekileng ya Baebele go dira gore pharologano e e fa gare ga boammaaruri le maaka e se ka ya bonala sentle.

Gompieno, thuto ya boammaaruri ya Bokeresete e ile ya tsosolosiwa kafa tlase ga kaelo ya ga Jesu Keresete yo e leng Tlhogo ya phuthego. Mme batho ba ba batlang boammaaruri ka bopeloephepa ba ka kgona go lemoga phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete motlhofo thata ka maungo a yone. (Mathaio 7:16, 20) Basupi ba ga Jehofa ba ikemiseditse e bile ba tlhoafaletse go thusa batho ba ba ntseng jalo gore ba bone metsi a a sa tswakanngwang a boammaaruri le go ba thusa gore ba tshware thata boswa jwa botshelo jo bo sa khutleng jo re bo newang ke Rraarona, Jehofa.—Johane 4:14; 1 Timotheo 6:19.

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Augustine

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Greek text: From the book Ancient Greek Writers: Plato’s Phaedo, 1957, Ioannis N. Zacharopoulos, Athens; Plato: Musei Capitolini, Roma

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela