LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 4/1 ts. 9-14
  • Botshelo Morago ga Loso—Batho ba Dumela Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botshelo Morago ga Loso—Batho ba Dumela Eng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikarabo di Dintsi Mme di Bua Selo se le Sengwe Fela
  • Tshimologo ya Thuto Eno
  • Mmusomogolo wa Lefatshe wa Bodumedi Jwa Maaka o Anamela kwa Botlhaba
  • Go Tweng ka Bojuda, Labokeresete le Boiselamo?
  • Thuto Eno e Fetela mo Bojudeng, mo Sekereseteng le mo Boiselamong
    Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?
  • A go Na le Botshelo Morago ga Loso?
    Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?
  • Moya ga o Swe—Tshimologo ya Thuto Eno
    Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?
  • A Moya o Tswelela o Tshela Morago ga Loso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 4/1 ts. 9-14

Botshelo Morago ga Loso—Batho ba Dumela Eng?

“Fa monna a swa, a o tlaa ba a tshela?”—JOBE 14:14.

1, 2. Bontsi jwa batho ba ikgomotsa jang fa ba swetswe ke yo ba mo ratang?

KWA mmoshareng mongwe kwa New York City, ditsala le ba lelapa ba tlhomagane ka tidimalo go bapa le lekesi le le bulegileng la mosimane wa dingwaga tse 17 yo o ileng a amogwa botshelo ke kankere a sa le mosha. Mmaagwe yo o phatlogileng pelo o boaboeletsa mafoko ano a geletse dikeledi: “Tommy o itumetse jaanong. Modimo o ne a batla gore Tommy a ye go nna le ene kwa legodimong.” Ke se a se rutilweng.

2 Dikilometara di ka nna 11 000 go tswa foo, kwa Jamnagar, kwa India, morwa yo mogolo mo go ba bararo o tshuba dikgong tse di leng mo boubelong jo rraabone yo o suleng a tlileng go fisediwa mo go jone. Gaufi le malakabe ao a molelo, Brahman o bua mafoko ano a thapelo ya Sanskrit: “A moya o o se keng o swa o tswelele pele mo maitekong a one a go fetoga mongwe yo kgabagare e tla nnang wa mmatota.”

3. Ke dipotso dife tse batho ba feditseng dingwaga tse dintsi ba ipotsa tsone?

3 Rotlhe re lebana le loso. (Baroma 5:12) Ke ga tlholego go batla go itse gore a loso ke bokhutlo jwa dilo tsotlhe. Fa Jobe, motlhanka yo o ikanyegang wa bogologolo wa ga Jehofa Modimo, a ne a akantse ka modikologo wa botshelo jwa dimela o ile a akgela jaana: “Mo setlhareng go na le tsholofelo ya gore le fa se remilwe se tlaa ba se tlhoga matswela, le go re letswela le lenana la sone ga le ketla le khutla.” Go tweng he ka batho? “Fa monna a swa, a o tlaa ba a tshela?” Jobe o ile a botsa jalo. (Jobe 14:7, 14) Go ralala dingwaga, batho ba setšhaba sengwe le sengwe ba ile ba ipotsa potso ya gore: A go na le botshelo morago ga loso? Fa e le gore go ntse jalo, ke jwa mofuta mang? Ka ntlha ya moo, batho ba ile ba feleletsa ba dumela eng? Mme ka ntlha yang?

Dikarabo di Dintsi Mme di Bua Selo se le Sengwe Fela

4. Batho ba madumedi a a farologaneng ba dumela eng malebana le botshelo morago ga loso?

4 Bontsi jwa batho ba ba ipitsang Bakeresete ba dumela gore morago ga loso, batho ba ya kwa legodimong kana kwa diheleng. Bahindu bone ba dumela gore fa motho a swa o tsalwa e le setshedi se sesha. Go ya ka tumelo ya Iselamo, go tla nna le nako ya katlholo morago ga loso, nako ya fa Allah a tla bo a tlhatlhoba tsela ya botshelo ya mongwe le mongwe mme a bo a abela motho go ya kwa paradaiseng kana kwa molelong wa dihele. Kwa dinageng dingwe, ditumelo tse di malebana le baswi ke motswako wa ditumelo tsa setso le tsa batho ba ba ipitsang Bakeresete. Ka sekai, kwa Sri Lanka, Babuda le Bakatoliki ba tlogela dikgoro le matlhabaphefo a atlhamolositswe fa mongwe a sule mo lelapeng mme lekesi le bo le bewa gore maoto a moswi a lebagane le kgoro ya kwa pele. Ba dumela gore seno se thusa gore moya wa moswi o tswe. Mo Bakatoliking ba le bantsi le Baporotesetanta ba Afrika Bophirima, go tlwaelegile gore batho ba khurumetse diipone fa mongwe a sule e le gore ope a se ka a bona moya wa moswi. Mme malatsi a le 40 morago ga foo, ba lelapa le ditsala ba tla bo ba dira mokete wa go itumelela go tlhatlogela ga moya wa moswi kwa legodimong.

5. Ke thuto efe ya konokono e madumedi a mantsi a dumalanang ka yone?

5 Le fa go dirwa dilo ka ditsela tse di farologaneng thata jaana, go bonala fa bontsi jwa madumedi a dumalana ka selo se le sengwe. A dumela gore motho o na le sengwe mo teng ga gagwe—e ka ne e le moya, sedimo kana sepoko—se se sa sweng mme se tswelela pele se tshela morago ga gore mmele o swe. Mo e ka nnang madumedi otlhe le makoko a a makgolokgolo a Labokeresete, a tshegetsa kgang ya gore moya ga o swe. Tumelo eno ke thuto e e tlhomilweng semolao le mo Bojudeng. Ke yone motheo wa thuto ya Sehindu ya gore fa motho a swa o fetoga setshedi se sesha. Bamoseleme ba dumela gore moya o tswelela pele o tshela morago ga gore mmele o swe. Baaborijene ba Australia, Baafrika ba ba dumelang dilo tsa tlholego, Bashinto, tota le Babuda, botlhe fela ba ruta kgang eno ka ditsela tse di sa tshwaneng.

6. Bakanoki bangwe ba leba jang kgopolo ya gore moya ga o swe?

6 Kafa letlhakoreng le lengwe, go na le batho ba ba dumelang gore botshelo bo khutla fa motho a swa. Mo go bone kgang ya gore moya o kgaogana le mmele o bo o tswelela pele o tshela o le mo popegong e sele, e lebega e sa utlwale. Mokanoki wa lekgolo la bo20 la dingwaga wa kwa Spain e bong Miguel de Unamuno o kwadile jaana: “Go dumela gore moya ga o swe go tshwana fela le go eletsa gore moya o ka bo o sa swe, le fa go ntse jalo o eletsa seo thata jaana mo e leng gore o itlhokomolosa mabaka o sa akanye dilo sentle.” Batho ba bangwe ba ba neng ba dumela jalo ba akaretsa batho ba ba farologaneng thata ba ba jaaka borafilosofi ba ba itsegeng ba bogologolo e bong Aristotle le Epicurus, ngaka Hippocrates, mofilosofi wa kwa Scotland e bong David Hume, mokanoki wa Moarabia e bong Averroës le tonakgolo ya ntlha ya India fa e sena go bona boipuso e bong Jawaharlal Nehru.

7. Ke dipotso dife tse di botlhokwa malebana le botshelo morago ga loso tse di tshwanetseng go sekasekwa gone jaanong?

7 Ka ntlha ya go lebana le dikgopolo le ditumelo tse di ntseng jalo tse di thulanang, re tshwanetse go botsa: A ruri re na le moya o o sa sweng? Fa e le gore tota moya o a swa, go tlile jang he gore thuto eo ya maaka e nne thuto ya konokono mo madumeding a mantsi jaana gompieno? Kgopolo eo e tswa kae? Go botlhokwa thata gore re bone dikarabo tsa dipotso tseno ka gonne isagwe ya rona e ikaegile ka tsone. (1 Bakorintha 15:19) Le fa go ntse jalo, a pele re sekaseke kafa thuto ya gore moya ga o swe e simologileng ka teng.

Tshimologo ya Thuto Eno

8. Socrates le Plato ba ile ba nna le seabe sefe mo go anamiseng kgopolo ya gore moya ga o swe?

8 Borafilosofi ba Bagerika ba lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E. e bong Socrates le Plato ba tsewa e le bangwe ba batho ba ntlha go anamisa tumelo eno ya gore moya ga o swe. Le fa go ntse jalo, ga se bone ba ba simolotseng thuto eno. Go na le moo, ba ile ba e fetola le go e tlhabolola gore e nne thuto ya filosofi mme ka go dira jalo ba e dira gore e kgatlhe batho ba maemo ba motlha wa bone le ba morago ga bone. Boammaaruri ke gore Ba-Zoroaster ba Peresia ya bogologolo le Baegepeto ba pele ga bone le bone ba ne ba dumela gore moya ga o swe. Ka gone, potso ke gore, Thuto eno e tswa kae?

9. Ke selo sefe se se neng sa nna le tlhotlheletso mo dingwaong tsa Egepeto, Peresia le Gerika?

9 Buka ya The Religion of Babylonia and Assyria ya re: “Batho ba bogologolo, ba Egepeto, Peresia le Gerika, ba ne ba tlhotlhelediwa thata ke bodumedi jwa Sebabilone.” Buka eno e tswelela pele e bolela jaana malebana le ditumelo tsa Seegepeto: “Ka ntlha ya kgolagano e bogologolo e neng e le teng gareng ga Egepeto le Babilone jaaka go senolwa ke matlapana a El-Amarna, go ne go na le ditshono tse dintsi tsa gore megopolo le dingwao tsa Sebabilone di fetele mo makokong a bodumedi a Seegepeto.”a Go ntse jalo le ka dingwao tsa bogologolo tsa Baperesia le Bagerika.

10. Bababilone ba ne ba na le pono efe malebana le botshelo morago ga loso?

10 Mme gone, a Bababilone ba bogologolo ba ne ba dumela gore moya ga o swe? Mo kgannyeng eno, Porofesa Morris Jastrow, Jr., wa Yunibesithi ya Pennsylvania, U.S.A., o ile a kwala jaana: “Batho le baeteledipele ba bodumedi [ba Babilonia] ga ba ise ba ko ba tsamaye ba dumele gore fa selo se se kileng sa bo se tshela se swa, se swa gotlhelele. [Go ya ka bone] loso e ne e le tsela ya go fetela mo mofuteng o mongwe wa botshelo, mme go tingwa bosasweng [jwa botshelo jwa gone jaanong] go tlhomamisa fela kafa loso lo tla dirang gore motho a fetogele mo mofuteng o mongwe wa botshelo ka teng.” Ee, Bababilone ba ne ba dumela gore ditshedi tsa mefuta mengwe di ne di tswelela pele di tshela morago ga loso. Ba ne ba supa seno ka go fitlha baswi le dilo dingwe gore ba di dirise mo Botshelong Jwa Morago ga Loso.

11, 12. Morago ga Morwalela, ke lefelo lefe le thuto ya gore moya ga o swe e neng ya simologa mo go lone?

11 Go bonala sentle gore thuto eno ya gore moya ga o swe e simolotse bogologolo kwa Babilone wa bogologolo. A kgang eno e botlhokwa? Ee, ka gonne go ya ka Baebele, motse wa Babela kana Babilone, o ne wa thaiwa ke Nimerote, setlogotlogolwana sa ga Noa. Morago ga Morwalela wa lefatshe lotlhe wa motlha wa ga Noa, batho botlhe ba ne ba bua puo e le nngwe fela e bile ba na le bodumedi bo le bongwe fela. Nimerote o ne a se ka a nna fela “motsomi yo o nonofileng fa pele ga Jehofa” mme gape balatedi ba gagwe ba ne ba batla go ‘itirela leina.’ Ka gone, Nimerote o ne a simolola bodumedi jo bo farologaneng ka go tlhoma motse le go aga tora teng.—Genesise 10:1, 6, 8-10; 11:1-4.

12 Go ya ka dipolelo tsa bogologolo, Nimerote o sule loso lo lo setlhogo. Morago ga loso lwa gagwe, Bababilone ba ka nna ba bo ba ile ba sekamela mo go mo tseeleng kwa godimo ka e ne e le mothei, moagi le kgosi ya ntlha ya motse wa bone. E re ka modimo o o bidiwang Maraduke (Merodake) o ne o tsewa e le mothei wa Babilone, mme dikgosi di le mmalwa tsa Babilone di ile tsa bo tsa reelelwa ka ene bakanoki bangwe ba bolela gore Maraduke o emela Nimerote yo o fetotsweng modimo. (2 Dikgosi 25:27; Isaia 39:1; Jeremia 50:2) Fa e le gore go ntse jalo, he kgang ya gore motho o na le moya o o sa sweng e tshwanetse ya bo e ne e le teng bobotlana ka nako ya loso lwa ga Nimerote. Le fa go ntse jalo, dipego tsa hisitori di senola gore morago ga Morwalela, thuto ya gore moya wa motho ga o swe e ne ya simologa kwa Babela, kana Babilone.

13. Thuto ya gore moya ga o swe e ne ya anama jang le lefatshe, mme seno se ne sa felela ka eng?

13 Mo godimo ga moo Baebele e bontsha gore Modimo o ne a senya maiteko a batho bao ba ba neng ba aga tora ya Babela ka go tlhakatlhakanya puo ya bone. Ba ne ba tlogela tiro eo ya bone ya go aga mme ba phatlalala “le lefatshe lotlhe,” ka go bo ba ne ba sa tlhole ba kgona go utlwana. (Genesise 11:5-9) Re se ka ra lebala gore le fa dipuo tsa batho bano ba ba neng ba tla aga tora di ile tsa fetolwa, go ne ga se ka ga nna jalo ka dikgopolo le tsela ya bone ya go akanya. Ka gone, gongwe le gongwe kwa ba neng ba ya gone, ba ne ba tsamaya le dikgopolo tsa bone tsa bodumedi. Ka tsela eno, dithuto tsa bone tsa bodumedi jwa Sebabilone—go akaretsa le ya gore moya ga o swe—di ile tsa anama le lefatshe lotlhe mme tsa nna motheo wa madumedi a magolo a lefatshe. Ka gone, go ne ga nna le mmusomogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, o Baebele e o tlhalosang sentle e re ke “Babilone o Mogolo, mmadiaka le mmadilo tse di ferosang sebete tsa lefatshe.”—Tshenolo 17:5.

Mmusomogolo wa Lefatshe wa Bodumedi Jwa Maaka o Anamela kwa Botlhaba

14. Dithuto tsa bodumedi jwa Babilone di ile tsa anama jang mo karolong ya kontinente ya India?

14 Borahisitori bangwe ba bolela gore phaladi e kgolo ya Ba-Aryan ba letlalo le lesetlha, e e diregileng mo dingwageng tse di fetang 3 500 tse di fetileng, e ne ya dira gore ba tswe kwa bokonebophirima mme ba ye kwa Mokgatsheng wa Indus, o jaanong o ikgarileng segolobogolo kwa Pakistan le India. Go tswa koo ba ne ba anamela kwa dipoeng tsa Noka ya Ganges le ka kwa ga India. Baitse bangwe ba bolela gore megopolo ya bodumedi ya bafaladi bano e ne e theilwe mo dithutong tsa Ba-Iran ba bogologolo le tsa Bababilone. Ka gone, megopolo eno ya bodumedi e ne ya nna motheo wa Bohindu.

15. Go tlile jang gore kgopolo ya gore moya ga o swe e tlhotlheletse Bohindu jwa segompieno?

15 Kwa India kgopolo ya gore moya ga o swe e ne ya dira gore go nne le thuto ya gore fa motho a swa o tsalwa e le setshedi se sesha. Batlhalefi ba Bahindu ba ba neng ba tshwenngwa ke bothata jo bo aparetseng lefatshe lotlhe jwa go anama ga boikepo le go boga ga batho, ba ne ba tla ka kgopolo e e bidiwang gore ke molao wa Karma, molao wa gore sengwe le sengwe se motho a se dirang se na le matswela a sone. Ka go kopanya molao ono le tumelo ya gore moya wa motho ga o swe, ba ne ba feleletsa ba tlhamile thuto ya gore fa motho a swa, o tsalwa e le setshedi se sesha, thuto e mo go yone go bolelwang gore motho o duelwa kana o otlhaelwa molemo kana bosula jo a bo dirileng mo botshelong jo bongwe mo go jo bo latelang joo. Mokgelemogolo wa motho yo o ikanyegang ke moksha, kana go golola motho mo go tsalweng sesha gantsintsi le gore a kopanngwe le se go tweng ke selo sa mmatota, kana Nirvana. Go ralala makgolokgolo a dingwaga, fa Bohindu bo ntse bo anama, bo ne jwa anama le thuto eno ya go tsalwa o le setshedi se sesha. Mme thuto eno e fetogile pinagare ya Bohindu jwa segompieno.

16. Ke tumelo efe e e malebana le Botshelo Morago ga Loso e e ileng ya tlhotlheletsa tsela ya go akanya le mekgwa ya bontsi jwa batho ba Asia Botlhaba?

16 Go tswa mo Bohindung go ne ga tlhagoga madumedi a mangwe a a jaaka Bobuda, Bojaini le Boshiki. Le one a dumela gore fa motho a swa o tsalwa e le setshedi se sesha. Mo godimo ga moo, fa Bobuda bo ntse bo tsenelela kwa dikarolong tse dintsi tsa Asia Botlhaba—China, Korea, Japane le tse dingwe—bo ne jwa ama ngwao le bodumedi jwa kgaolo eo yotlhe. Seno se ne sa dira gore go tlhagoge madumedi a go bonalang a tswakantse ditumelo tse di farologaneng, tse di akaretsang go kopanya Bobuda, tirisabadimo le kobamelo ya bagolwagolwane. Mangwe a magolo mo go one ke Bo-Tao, Bo-Confucius le Boshinto. Ka tsela eno, tumelo ya gore motho o tswelela pele a tshela morago ga gore mmele o swe e ile ya tlhotlheletsa tsela ya go akanya le mekgwa ya bontsi jwa batho mo karolong eo ya lefatshe.

Go Tweng ka Bojuda, Labokeresete le Boiselamo?

17. Bajuda ba bogologolo ba ne ba dumela eng malebana le botshelo morago ga loso?

17 Batho ba madumedi a Bojuda, Labokeresete le Iselamo ba dumela eng malebana le botshelo morago ga loso? Mo madumeding ano otlhe, Bojuda ke jone jwa bogologolo go a gaisa otlhe. Bo simologile mo motlheng wa ga Aborahame mo e ka nnang dingwaga di le 4 000 tse di fetileng—bogologolo thata pele ga Socrates le Plato ba tlhama kgopolo ya gore moya ga o swe. Bajuda ba bogologolo ba ne ba dumela mo tsogong ya baswi e seng mo thutong ya gore moya wa motho ga o swe. (Mathaio 22:31, 32; Bahebera 11:19) Mme he, go tlile jang gore thuto eno ya gore moya wa motho ga o swe e tsenelele mo Bojudeng? Hisitori e re naya karabo.

18, 19. Thuto ya gore moya ga o swe e ne ya tsena jang mo Bojudeng?

18 Ka 332 B.C.E., Alexander yo Mogolo o ne a gapa kgaolo ya Botlhabagare, go akaretsa le Jerusalema. E ne ya re fa batlhatlhami ba ga Alexander ba tsweletsa leano la gagwe pele la go tlhotlheletsa dinaga tsotlhe ka dilo tsa Segerika, seno se ne sa dira gore dingwao tseo tse pedi—ya Segerika le ya Sejuda—di tswakane. Fa nako e ntse e ya, Bajuda ba ne ba simolola go kgatlhegela megopolo ya Segerika, bangwe ba bone e bile ba ile ba bo ba nna borafilosofi.

19 Philo wa kwa Alexandria, wa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., e ne e le mongwe wa borafilosofi bao ba Bajuda. O ne a tlotla Plato thata e bile o ile a leka go tlhalosa tumelo ya Sejuda go ya ka filosofi ya Segerika, e leng se se neng sa betla tsela ya gore moragonyana go nne le batlhalefi ba Sejuda. Talmud—e leng dikwalo tse di tlhalosang melao e e sa kwalwang ya borabi—le yone e tshwaeditswe ke megopolo ya Segerika. Encyclopaedia Judaica e bolela jaana: “Borabi ba ba dirileng Talmud ba ne ba dumela gore moya wa motho o tswelela pele o tshela morago ga loso.” Dibuka tsa moragonyana tsa ditlhamane tsa Sejuda, tse di jaaka Cabala, le tsone di ne tsa ruta thuto ya gore fa motho a swa o tsalwa e le setshedi se sesha. Ka gone, kgopolo ya gore motho o na le moya o o sa sweng e ne ya sutlhelela ka bokhukhuntshwane mo Sejudeng e tswa mo filosofing ya Segerika. Go ka tweng ka tsela e thuto eno e fetetseng mo go Labokeresete ka yone?

20, 21. (a) Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba leba filosofi ya ga Plato kana ya Segerika jang? (b) Ke eng se se neng sa dira gore dikgopolo tsa ga Plato di tswakanngwe le dithuto tsa Bokeresete?

20 Bokeresete jwa boammaaruri bo ne jwa simologa ka Jesu Keresete. Miguel de Unamuno yo o nopotsweng pelenyana o ne a kwala jaana malebana le Jesu: “Go na le moo o ne a dumela mo tsogong ya mmele, go ya ka tsela ya Sejuda, e seng gore moya ga o swe, go ya ka tsela [ya Segerika] ya ga Plato.” O ne a konela jaana: “Thuto ya gore moya wa motho ga o swe . . . ke thuto ya filosofi ya seheitene.” Ka ntlha ya seno, re kgona go lemoga gore ke eng fa moaposetoloi Paulo a ile a tlhagisa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga thata jaana malebana le “botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho, go ya ka dilo tsa tshimologo tsa lefatshe mme e seng go ya ka Keresete.”—Bakolosa 2:8.

21 Mme gone, “thuto [eno] ya filosofi ya seheitene” e ne ya fetela mo go Labokeresete leng mme jang? The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana: “Go tloga mo bogareng jwa lekgolo la bo2 la dingwaga AD Bakeresete ba ba neng ba ithutile filosofi ya Segerika go sekae ba ne ba simolola go ikutlwa gore ba tshwanetse go tlhalosa tumelo ya bone go ya ka tsela e filosofi eno e tlhalosang dilo ka yone, e le ka ntlha ya go itshupa thutego ya bone le go batla go sokolola baheitane ba ba rutegileng. Filosofi e ba neng ba e rata thata e ne e le ya ga Plato.” Bangwe ba borafilosofi bao ba bogologolo ba ba neng ba nna le tlhotlheletso e kgolo mo dithutong tsa Labokeresete e ne e le Origen wa Alexandria le Augustine wa Hippo. Boobabedi ba ne ba tlhotlhelediwa thata ke dikgopolo tsa ga Plato e bile ba ile ba nna le seabe mo go tswakanyeng dikgopolo tseo le dithuto tsa Bokeresete.

22. Go tlile jang gore thuto ya gore moya ga o swe e tume mo Boiselamong?

22 Le mororo kgang ya gore moya ga o swe e tsene mo Bojudeng le mo go Labokeresete ka tlhotlheletso ya dithuto tsa ga Plato, mo Boiselamong e sa le e simolola go tloga fela kwa tshimologong ya jone. Koran, e leng buka e e boitshepo ya Baiselamo e ruta gore motho o na le moya o o tswelelang pele o tshela morago ga loso. E bolela gore selo se kgabagare se diregang ka moya wa motho ke gore o ka feleletsa o ile go tshela kwa tshimong ya paradaise kwa legodimong kana o ile go tlhokofadiwa kwa diheleng tse di tukang. Seno ga se bolele gore bakanoki ba Baarabia ga ba ise ba leke go tswakanya dithuto tsa Iselamo le filosofi ya Segerika. Tota e bile, Baarabia ba ile ba tlhotlhelediwa ka tsela nngwe ke tiro ya ga Aristotle. Le fa go ntse jalo, tumelo ya gore moya ga o swe e sa ntse e le thuto ya Bamoseleme.

23. Ke dipotso dife tse di botlhokwa malebana le botshelo morago ga loso tse di tla sekasekwang mo setlhogong se se latelang?

23 Go phepafetse gore madumedi a lefatshe a tlhamile ditumelo tse dintsintsi malebana le Botshelo Morago ga Loso tse di theilweng mo kgopolong ya gore moya ga o swe. Mme ditumelo tse di ntseng jalo di ile tsa ama tsa ba tsa tlhotlheletsa le go dira gore dimilione di le diketekete tsa batho di nne makgoba. Ka ntlha ya seno sotlhe, re patelesega go botsa jaana: A go a kgonega gore re ka itse boammaaruri malebana le gore go direga eng ka rona fa re swa? A go na le botshelo morago ga loso? Baebele ya reng ka gone? Re tla sekaseka dilo tseno mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a El-Amarna ke lefelo la marope a motse wa Egepeto wa Akhetaton o go bolelwang gore o ile wa agiwa mo lekgolong la bo14 la dingwaga B.C.E.

A o Ka Tlhalosa?

◻ Ke thuto efe e bontsi jwa madumedi a e rutang malebana le botshelo morago ga loso?

◻ Hisitori le Baebele di supa jang gore Babilone ke lefelo le thuto ya gore moya ga o swe e simologileng mo go lone?

◻ Madumedi a Botlhaba a ile a tlhotlhelediwa jang ke tumelo ya Sebabilone ya gore moya ga o swe?

◻ Thuto ya gore moya ga o swe e ne ya sutlhelela jang mo Bojudeng, mo go Labokeresete le mo Boiselamong?

[Ditshwantsho mo go tsebe 12, 13]

Phenyo ya ga Alexander yo Mogolo e ile ya dira gore ngwao ya Segerika le ya Sejuda di tswakanngwe

Augustine o ile a leka go tswakanya Bokeresete le filosofi ya ga Plato

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Alexander: Musei Capitolini, Roma; Augustine: From the book Great Men and Famous Women

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela