Moya ga o Swe—Tshimologo ya Thuto Eno
“Ga go na kgang e e amanang le botshelo e e ileng ya gapa tlhaloganyo ya motho thata go gaisa kgang eno ya gore go direga eng ka ene fa a sule.”—“ENCYCLOPÆDIA OF RELIGION AND ETHICS.”
1-3. Socrates le Plato ba ne ba tsweletsa pele jang thuto ya gore moya ga o swe?
MOTHO mongwe wa dingwaga di le 70 yo e leng mokanoki e bile e le morutabana o latofalediwa gore o lonyatso e bile o ruta bana dilo tse di sokameng. Le mororo a araba ditatofatso tsa gagwe ka tsela e e manontlhotlho, moatlhodi yo o gobelelang o mmona molato a bo a mo atlholela loso. Diura di sekae fela pele ga a bolawa, morutabana yono yo o setseng a godile ka dingwaga o bolelela barutwana ba gagwe ba ba mo kgobokanetseng motseletsele wa mabaka a a supang gore moya ga o swe le gore motho ga a tshwanela go boifa loso.
2 Monna yono yo o atlholetsweng loso ga se ope fa e se Socrates, rafilosofi yo o itsegeng thata wa Mogerika wa lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E.a Morutwana wa gagwe e bong Plato o ne a bega ditiragalo tseno mo dibukeng tsa gagwe tsa ditlhamo e leng Apology le Phaedo. Socrates le Plato ba tsewa e le bangwe ba batho ba ntlha go anamisa thuto ya gore moya ga o swe. Mme thuto eno ga ya simologa ka bone.
3 Jaaka fa re tla bona, kgang ya gore moya wa motho ga o swe ga e bolo go simologa bogologolo le e leng pele ga foo. Le fa go ntse jalo, Socrates le Plato ba ile ba tlhabolola kgopolo eno ba bo ba e fetola gore e nne thuto ya filosofi ka go dira jalo ba e dira gore e kgatlhe batho ba maemo ba motlha wa bone le ba morago ga bone.
Go Tswa Kwa go Pythagoras go ya Kwa Diphiramiting
4. Pele ga Socrates, Bagerika ba ne ba na le dikgopolo dife ka Botshelo Morago ga Loso?
4 Bagerika ba pele ga motlha wa ga Socrates le Plato le bone ba ne ba dumela gore moya o tswelela pele o tshela morago ga loso. Pythagoras, ramethemethiki yo o itsegeng thata wa lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E., wa Mogerika o ne a dumela gore moya ga o swe e bile o fetela mo mmeleng o sele fa motho a swa. Pele ga gagwe, Thales wa kwa Miletus, yo go akanngwang gore ke mongwe wa boradifilosofi ba ntlha ba Bagerika, o ne a dumela gore ga se batho, diphologolo le dimela fela tse di nang le moya o o sa sweng, mme gape dilo tse di jaaka makenete le tsone di ntse jalo e re ka o kgona go tshikinya tshipi. Bagerika ba bogologolo ba ne ba bolela gore meya ya baswi e ne e kgabaganya noka ya Styx ka mokoro e ya kwa lefelong le legolo la kafa tlase ga lefatshe le le bidiwang lefatshe la baswi. Fa e fitlha koo, baatlhodi ba fitlha ba atlhola meya eno go ya go bogisiwa kwa kgolegelong ya dipota tse dikgolo kana go ya go tshela ka boitumelo kwa Elysium.
5, 6. Baperesia ba ne ba na le pono efe ka moya?
5 Kwa botlhaba jwa Iran, kana Peresia, go ne ga runya moporofeti mongwe yo o bidiwang Zoroaster mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E. O ne a simolola mokgwa o mosha wa kobamelo o o neng wa bidiwa gore ke Bo-Zoroaster. Bodumedi jono e ne e le bodumedi jwa Pusokgolo ya Peresia e e neng e laola lefatshe pele ga Gerika e nna mmusomogolo wa lefatshe. Dikwalo tsa Se-Zoroaster di bolela jaana: “Meya ya Basiami e tswelela pele e tshela ka Boitumelo ka bosakhutleng mme ya Baaki yone ruri e tla tlhokofadiwa. Mme Melao eno Ahura Mazda [mo go rayang, “modimo yo o botlhale”] o e tlhomile ka taolo ya Gagwe ya bolaodi.”
6 Thuto ya gore moya ga o swe gape e ne e le karolo ya bodumedi jwa pele ga bodumedi jwa Bo-Zoroaster jwa Iran. Ka sekai merafe ya bogologolo ya Iran e ne e tlhokomela meya ya baswi ka go ba abela dijo le diaparo gore di ba solegele molemo kwa lefatsheng la bone la baswi.
7, 8. Baegepeto ba bogologolo ba ne ba dumela eng malebana le kgang ya gore moya ga o swe fa mmele o swa?
7 Tumelo ya gore go na le botshelo morago ga loso e ne e le thuto ya konokono mo bodumeding jwa Baegepeto. Baegepeto ba ne ba dumela gore moya wa moswi o ne o fitlha o atlholwa ke Osiris, modimo yo mogolo wa lefatshe la baswi. Ka sekai, lokwalo longwe lwa papirase lo go bolelwang gore ke lwa lekgolo la bo14 la dingwaga B.C.E., lo tlhagisa Anubis, modimo wa baswi a eteletse pele moya wa ga Hunefer wa mokwadi, a mo isa fa pele ga Osiris. Mo dikaleng tse pedi, pelo ya mokwadi, e e emelang segakolodi sa gagwe, e kalwa le lefuka le modimogadi wa boammaaruri le tshiamiso a le rwalang mo tlhogong. Thoth, modimo o mongwe, o kwala bokete jwa tsone. E re ka pelo ya ga Hunefer e sa dirwa bokete ke molato, bokete jwa yone bo fetwa ke jwa lefuka, mme Hunefer o letlwa go tsena mo lefelong la ga Osiris a bo a newa botshelo jwa go sa swe. Papirase eno gape e bontsha serintlha sa sesadi se eme fa dikaleng se letetse go kometsa moswi fa e le gore pelo ya gagwe ga e ne e falola teko eo. Gape Baegepeto ba ne ba gwamisa ditopo tsa baswi ba bone e bile ba boloka ditopo tsa bofaro mo dipiramiting tse dintle thata e re ka ba ne ba dumela gore moya o kgona go tswelela pele o tshela fa mmele wa teng o ka bolokwa o sa senyege.
8 Ka jalo, ditšhaba tsa bogologolo di ne di dumela thuto e le nngwe e e tshwanang—gore moya ga o swe. A di tsere thuto eno go tswa mo motsweding o le mongwe?
Kwa e Simologileng Teng
9. Ke bodumedi bofe jo bo neng jwa tlhotlheletsa batho ba bogologolo ba Egepeto, Peresia le Gerika?
9 Buka ya The Religion of Babylonia and Assyria, e bolela jaana: “Batho ba bogologolo, ba Egepeto, Peresia le Gerika, ba ne ba tlhotlhelediwa thata ke bodumedi jwa Sebabilone.” Buka eno e tswelela pele e tlhalosa jaana: “Ka ntlha ya kgolagano e bogologolo e neng e le teng gareng ga Egepeto le Babilone jaaka go senolwa ke matlapana a El-Amarna go ne go na le ditshono tse dintsi tsa gore megopolo le dingwao tsa Sebabilone di fetele mo makokong a bodumedi a Seegepeto. Kwa Peresia, lekoko la Mithra le senola kafa megopolo ya Sebabilone e neng e tlhotlheletsa ka teng . . . Bakanoki ba lemogile kafa go tswakana ga dithuto tsa Se-Semite mo ditlhamaneng tsa Segerika le mo makokong a Gerika go lemotshegang thata ka teng mo go sa tlholeng go tlhokega gore go buiwe ka gone. Dithuto tseno tsa Se-Semite di tlhaga segolobogolo kwa Babilone.”b
10, 11. Bababilone ba ne ba na le kgopolo efe malebana le botshelo morago ga loso?
10 Mme gone, a kgopolo ya Sebabilone malebana le gore go direga eng morago ga loso ga e farologane thata le ya Baegepeto, Baperesia le Bagerika? Ka sekai, akanya ka tlhamane ya Sebabilone ya Epic of Gilgamesh. Mogaka mongwe mo go yone yo o neng a tsofala e bong Gilgamesh, o ne a tsaya loeto go ya go senka tsela ya go nna le bosasweng ka go bo a ne a lebane le go swa mme a se ka a e bona. Mosetsana wa beine yo o neng a rakana le ene mo loetong lwa gagwe o ne a bo a mo kgothaletsa gore a sole botshelo jwa gagwe jwa gone jaanong molemo ka gonne a ne a se kitla a bona botshelo jo bo sa feleng jo a neng a bo senka. Tlhamane eno e ruta gore loso ga lo ka ke lwa tilwa le gore ga go kgonege gore motho a bone botshelo jwa bosasweng. A seno se ne se supa gore Bababilone ba ne ba sa dumele thuto ya Botshelo Morago ga Loso?
11 Porofesa Morris Jastrow, Jr., wa Yunibesithi ya Pennsylvania, U.S.A., o ne a kwala jaana: “Batho le baeteledipele ba bodumedi [ba Babilonia] ga ba ise ba ko ba tsamaye ba dumele gore fa selo se se kileng sa bo se tshela se swa, se swa gotlhelele. [Go ya ka bone] loso e ne e le tsela ya go fetela mo mofuteng o mongwe wa botshelo, mme ka go gana ga bone go dumela gore motho o na le bosasweng ba ne ba gatelela fela kafa go sa kgonegeng ka teng gore motho a ka tila phetogo ya go fetela mo botshelong jo bosha e e diregang fa a swa.” Ee, Bababilone le bone ba ne ba dumela gore ditshedi tsa mefuta mengwe ka tsela nngwe di ne di tswelela pele di tshela morago ga loso. Ba ne ba supa seno ka go fitlha baswi le dilo dingwe gore ba di dirise mo Botshelong Jwa Morago ga Loso.
12-14. (a) Morago ga Morwalela, thuto ya gore moya ga o swe e ne ya simologa mo lefelong lefe? (b) Thuto eno e ne ya anama jang le lefatshe lotlhe?
12 Go bonala sentle gore thuto eno ya gore moya ga o swe e simologile bogologolo kwa, ka nako ya Babilone wa bogologolo. Go ya ka Baebele, e leng buka e e itsegeng ka go tlhalosa hisitori ka tlhomamo, motse wa Babele, kana Babilone, o ne wa theiwa ke Nimerote, setlogotlogolwana sa ga Noa.c Morago ga Morwalela wa lefatshe lotlhe wa motlha wa ga Noa, go ne go na le puo e le nngwe fela le bodumedi bo le bongwe fela. Nimerote o ne a simolola bodumedi bo sele ka go thaya motse oo le go aga tora teng. Pego ya Baebele e bontsha gore morago ga gore puo ya batho ba Babela e tlhakatlhakanngwe go nna dipuo tse dintsi, baagi bao ba tora ba ba neng ba sa atlega, ba ne ba gasama le lefatshe mme ba simolola dilo sesha ba gasama jalo le bodumedi jono jwa bone. (Genesise 10:6-10; 11:4-9) Ka jalo dithuto tsa bodumedi jwa Sebabilone di ne tsa anama jalo le lefatshe lotlhe.
13 Go ya ka polelo ya bogologolo, Nimerote o sule loso lo lo setlhogo. Ga go pelaelo gore morago ga loso lwa gagwe Bababilone ba ka tswa ba ile ba rata go mo tseela kwa godimo ka e ne e le mothei, moagi le kgosi ya ntlha ya motse wa bone. E re ka modimo o o bidiwang Marduk (Merodach) o ne o tsewa e le mothei wa Babilone, bakanoki bangwe ba bolela gore Marduk o emela Nimerote yo o fetotsweng modimo. Fa e le gore go ntse jalo, he kgang ya gore motho o na le moya o o sa sweng e tshwanetse ya bo e ne e le teng bobotlana ka nako ya loso lwa ga Nimerote. Le fa go ntse jalo, dipego tsa hisitori di senola gore morago ga Morwalela, thuto ya gore moya wa motho ga o swe e ne ya simologa kwa Babela, kana Babilone.
14 Mme gone, go tlile jang gore thuto eno e nne thuto ya konokono ya madumedi a le mantsi a motlha wa rona? Karolo e e latelang e tla sekaseka tsela e e neng ya fetela ka yone mo madumeding a kwa Botlhaba.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a B.C.E. e kaya “Before the Common Era [Pele ga Motlha wa Rona o o Tlwaelegileng].” C.E. e emetse “Common Era [Motlha wa Rona o o Tlwaelegileng],” gantsi e bidiwa A.D., e e emetseng Anno Domini, e e kayang “mo ngwageng wa go tsalwa ga Morena.”
b El-Amarna ke lefelo la marope a motse wa Akhetaton wa Egepeto o go bolelwang gore o ile wa agiwa mo lekgolong la bo14 la dingwaga B.C.E.
c Bona Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?, ditsebe 37-54, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Ditshwantsho mo go tsebe 6]
Kgopolo ya Baegepeto kaga meya e le kwa lefelong la baswi
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Socrates o ne a bolela gore moya ga o swe