LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ie ts. 3-4
  • A go Na le Botshelo Morago ga Loso?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Na le Botshelo Morago ga Loso?
  • Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Potso e Nngwe Fela, Dikarabo di Dintsi
  • Kgang e e Tshwanang
  • Botshelo Morago ga Loso—Batho ba Dumela Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • A go Na le Botshelo Morago ga Loso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • A Moya ga o Swe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • A Moya o Tswelela o Tshela Morago ga Loso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?
ie ts. 3-4

A go Na le Botshelo Morago ga Loso?

“Mo setlhareng go na le tsholofelo ya go re le fa se remilwe se tlaa ba se tlhoga matswela . . . Fa monna a swa, a o tlaa ba a tshela?”—MOSHE, MOPOROFETI WA BOGOLOGOLO.

1-3. Bontsi jwa batho bo ikgomotsa jang fa ba swetswe ke yo ba mo ratang?

KWA mmotšhareng mongwe kwa New York City, ditsala le ba lelapa ba tlhomagane go bapa le lekesi le le bulegileng. Ba lebile setopo sa mosimane wa dingwaga di le 17. Ditsala tsa gagwe tse di neng di tsena sekolo le ene ga di kgone le go bona gore ke ene. Kalafi ya dikhemikale e mo jele moriri; kankere e dirile gore a ote. A ruri yono e ka tswa e le tsala ya bone? Dikgwedi di sekae fela tse di fetileng o ne a na le megopolo e le mentsi, a na le dipotso, a le matlhagatlhaga—a tshela! Mmaagwe mosimane yono yo o phatlogileng pelo o leka go ikgomotsa ka kgopolo ya gore ka tsela nngwe morwawe o sa ntse a tshela. Gangwe le gape o boaboeletsa thuto eno e a e rutilweng a putsaputsa dikeledi: “Tommy o itumetse jaanong. Modimo o ne a batla gore Tommy a ye go nna le ene kwa legodimong.”

2 Dikilometara di ka nna 11 000 go tswa foo, kwa Jamnagar, kwa India, barwa ba bararo ba rrakgwebo mongwe wa dingwaga tse 58 ba tshwaragane le go baya setopo sa rraabone mo lefelong la go fisetsa ditopo. Mo letsatsing leo le le bogale la mo mosong, morwa yo mogolo o simolola go fisa setopo ka go tshuba ngata ya dikgong ka molelo le go tshela setopo sa ga rraagwe ka metswako ya dinkgisamonate le maswalo. Modumo oo wa molelo o khurumediwa ke mafoko a moperesiti wa Brahman fa a ntse a boaboeletsa mafoko a thapelo ya Sanskrit, a a kayang: “A moya o o se keng o swa o tswelele pele mo maitekong a one a go fetoga mongwe yo kgabagare e tla nnang wa mmatota.”

3 Fa barwa bano ba bararo ba ntse ba lebile setopo se sha jalo, mongwe le mongwe wa bone o ipotsa jaana ka tidimalo, ‘A ke dumela gore go na le botshelo morago ga loso?’ E re ka ba tsene sekolo kwa dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe, ba araba ka ditsela tse di sa tshwaneng. Yo mmotlana o dumela a sa belaele gore rraagwe yo a mo ratang o tla fetoga e nna setshedi se sesha sa botshelo jwa maemo a a kwa godimo. Mogoloe yo a mo tlhatlhamang ene o dumela gore baswi ba ithobaletse, ga ba ikutlwe gotlhelele. Yo mogolo ene ga a batle go ikgolega, ka gonne o dumela gore ga go ope yo o itseng sentle gore go direga eng fa re swa.

Potso e Nngwe Fela, Dikarabo di Dintsi

4. Ke potso efe e go fetileng dingwaga di le dintsi e ntse e tshwenya batho?

4 A go na le botshelo morago ga loso? ke potso e go fetileng diketekete tsa dingwaga batho ba ipotsa yone. Hans Küng yo e leng mokanoki wa Mokatoliki a re: “Tota le baithutabodumedi ba a gakega fa ba [e] bodiwa.” Go fetile dingwaga tse dintsi batho ba ditšhaba tsotlhe ba ipotsa ka kgang eno, mme ba ile ba tla ka dikarabo tse dintsintsi.

5-8. Ditumelo tse di farologaneng di ruta eng kaga botshelo morago ga loso?

5 Bontsi jwa batho ba e leng Bakeresete ka leina fela ba dumela mo legodimong le mo diheleng. Kafa letlhakoreng le lengwe, Bahindu bone ba dumela gore fa motho a swa o tsalwa e le setshedi se sesha. Fa Amir Muawiyah, yo e leng mothusi kwa setheong sa bodumedi sa Bomoseleme, a bua ka se Bamoseleme bone ba se dumelang a re: “Re dumela gore go tla nna le letsatsi la katlholo morago ga loso, ka nako ya fa o tla bo o ya fa pele ga Modimo, Ala, go ntse jaaka e kete o tsena mo kgotlatshekelong.” Go ya ka tumelo ya Bomoseleme, Ala o tla bo a sekaseka tsela e mongwe le mongwe a neng a tshela ka yone a bo a romela motho kwa paradaiseng kana kwa diheleng tsa molelo.

6 Kwa Sri Lanka, Babuda le Bakatoliki ba tlogela dikgoro le matlhabaphefo a atlhamolositswe fa mongwe a sule mo lelapeng. Ba tshuba lebone la parafini, mme lekesi le bo le bewa gore maoto a moswi a lebagane le kgoro ya kwa pele. Ba dumela gore seno se thusa gore moya wa moswi o tswe mo ntlong.

7 Ronald M. Berndt wa Yunibesithi ya Australia Bophirima a re, Baaborijene ba Australia ba dumela gore “batho ba na le moya o o sa sweng.” Merafe mengwe ya Afrika e dumela gore batho fela ba e seng ba maemo ba fetoga dipoko fa ba swa mme batho ba maemo bone ba fetoga meya ya bagolwagolwane ba rona, ba ba tla tlotliwang le go rapelwa e le baeteledipele ba ba sa bonaleng ba setšhaba.

8 Kwa dinageng dingwe, ditumelo tse di malebana le se go tweng ke meya ya baswi di tswakantswe le ditumelo tsa setso le tsa Bokeresete jo e seng jone tota. Ka sekai, mo Bakatoliking ba le bantsi le Baporotesetante ba Afrika Bophirima, go tlwaelegile gore batho ba khurumetse diipone fa mongwe a sule e le gore ope a se ka a bona moya wa moswi. Malatsi a le 40 morago ga loso, ba lelapa le ditsala ba tla bo ba dira mokete wa go tlhatloga ga moya wa moswi go ya legodimong.

Kgang e e Tshwanang

9, 10. Madumedi a le mantsi a dumalana ka thuto efe ya konokono?

9 Dikarabo tsa potso eno ya gore go diragalang fa re swa di dintsi e bile di farologane fela jaaka dingwao le ditumelo tsa batho ba ba di arabang. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa ditumelo di dumela selo seno sa konokono: Motho o na le sengwe mo teng ga gagwe—moya, seriti, sepoko—se se sa sweng e bile se tswelela pele se tshela morago ga loso.

10 Diketekete tsa madumedi le makoko a Labokeresete mo lefatsheng lotlhe a dumela otlhe fela gore moya ga o swe. Ke thuto e e tlhomilweng semolao le mo Bojudeng. Mo Bohindung tumelo eno ke yone motheo wa thuto ya gore fa motho a swa o fetoga go nna setshedi se sesha. Bamoseleme ba dumela gore moya o simolola go tshela le mmele fa motho a tsalwa, le fa go ntse jalo, o tswelela pele o tshela fa mmele o sena go swa. Ditumelo tse dingwe—kobamelo ya dilo tsa tlholego ya Baafrika, Boshinto le e leng Bobuda—di ruta kgang eno ka tsela e sele.

11. Bakanoki bangwe ba leba jang kgang ya gore moya ga o swe?

11 Bangwe ba ruta se se farologaneng le seo gotlhelele, ba re botshelo bo fela ka nako ya loso. Mo go bone, kgang ya gore moya o kgaogana le mmele o bo o tswelela pele o tshela o le mo popegong e sele, e lebega e sa utlwale. Mokwadi le mokanoki wa lekgolo la bo20 la dingwaga wa kwa Spain e bong Miguel de Unamuno o kwadile jaana: “Go dumela gore moya ga o swe go tshwana fela le go eletsa gore moya o ka bo o sa swe, le fa go ntse jalo o eletsa seo thata jaana mo e leng gore o itlhokomolosa mabaka o sa akanye dilo sentle.” Bangwe ba batho ba ba neng ba gana go dumela gore moya ga o swe e ne e le boradifilosofi ba ba itsegeng e bong Aristotle le Epicurus, ngaka Hippocrates, rafilosofi wa kwa Scotland e bong David Hume, mokanoki wa Moarabia e bong Averroës, le Jawaharlal Nehru yo e neng ya nna tonakgolo ya ntlha ya India fa e sena go bona boipuso.

12, 13. Ke dipotso dife tse di botlhokwa tse di tsogang malebana le thuto ya gore moya ga o swe?

12 Potso ke go re, A ruri re na le moya o o sa sweng? Fa e le gore tota moya wa swa, go tla jang gore thuto eo ya maaka e bo e le thuto ya konokono ya madumedi a le mantsi gompieno? Thuto eo e simologile kae? Mme fa e le gore tota fa motho a swa moya wa gagwe o a swa, go ka tswa go na le tsholofelo efe ka baswi?

13 A re ka bona dikarabo tse di boammaaruri le tse di kgotsofatsang tsa dipotso tseno? Ee! Dipotso tseno le tse dingwe di tla arabiwa mo ditsebeng tse di latelang. Pele, mma re tlhatlhobe kafa thuto eno ya gore moya ga o swe e simologileng ka teng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela