A Moya ga o Swe?
DITSALA le ba lelapa ba tsamaya ka tidimalo gaufi le lekase le le butsweng. Ba leba mmele wa mosimane wa dingwaga di le 17 thata. Ditsala tsa gagwe tsa kwa sekolong ga di mo lemoge sentle. Kalafi ya dikhemikale e jele moriri wa gagwe; kankere e ne ya dira gore a sale a le mosesane fela thata. A tota yono e ka tswa e le tsala ya bone? Dibeke di sekae fela pele ga foo, o ne a na le dikgopolo di le dintsi, a botsa dipotso tse dintsi e bile a na le maatla a magolo—a tletse botshelo! Mmaagwe mosimane yono o boaboeletsa mafoko ano a ntse a lela: “Tommy o itumetse jaanong. Modimo o ne a batla Tommy gore a nne le ene kwa legodimong.”
Mmè yono yo o phatlogileng pelo o bona tsholofelonyana fela e e rileng le go namediwa fela ke kgopolo ya gore ka tsela nngwe morwawe o santse a tshela. Kwa kerekeng o ne a rutilwe gore moya ga o swe, le gore ke karolo nngwe ya botho, dikgopolo, dikakanyo—“motho ka boene.” O dumela gore moya wa morwawe ga o a swa gotlhelele; e re ka e le moya o o tshelang wa motho, o tlogetse mmele wa gagwe fa a ne a swa o bo o ya kwa legodimong go ya go nna le Modimo le baengele.
Ka nako ya matlhotlhapelo, pelo ya motho e ngaparela thata tsholofelonyana epe fela e e leng teng, ka jalo ga go gakgamatse go bona tumelo eno e kgatlhegelwa thata jaana. Ka sekai, akanya ka tsela e moithutabomodimo e bong J. Paterson-Smyth a itlhalosang ka yone mo go The Gospel of the Hereafter: “Loso ke selo se sebotlana fa se bapisiwa le se se diragalang morago ga lone—lefatshe leo le le molemolemo thata le Loso lo re isang kwa lo lone.”
Mo lefatsheng lotlhe le mo ditumelong le mo ditsong di le dintsi, batho ba dumela gore motho o na le moya o o sa sweng mo go ene, moya o o tshelang o o tswelelang pele o tshela morago ga gore mmele o swe. Tumelo eno e ka tswa e dumelwa ke ditumelo le makoko otlhe a a diketekete a Labokeresete. Ke thuto e e amogelwang gape le mo Tsamaisong ya Tumelo ya Sejuta. Bahindu ba dumela gore bokafateng jwa motho, kana moya, bo ne jwa bopiwa kwa tshimologong, fa motho a tsholwa bo tsenngwa mo mmeleng, mme bo fetela mo mmeleng wa motho yo mongwe fa a swa, e le ka tsela e e sa kgaotseng ya go tsalwa ka mmele o mosha. Bamoselema ba dumela gore moya o simologa go nna teng fa mmele o dirwa mme o bo o tswelela o tshela fa mmele o sena go swa. Ditumelo tse dingwe—tumelo ya Seafrika ya gore meya e tshela kwa ntle ga mmele, ya Seshinto, le Babuda ka tsela nngwe—di ruta dithuto tse di farologaneng mo kgannyeng eno e le nngwe fela.
Dipotso Tse Dingwe Tse di Tshwenyang
Lefa kgopolo eno ya gore moya ga o swe e sa ganediwe ke ope e bile e batlile e kgatlhegelwa ke mongwe le mongwe, lefa go ntse jalo e tsosa dipotso tse di gwetlhang maikutlo. Ka sekai, batho ba ipotsa gore moya wa moratiwa wa bone o ya kae fa e le gore motho yoo o ne a sa tshele botshelo jo bo tlhomang sekao. A o tla tsalwa ka mmele o mosha a tshela botshelo jo bo nyatsegang? Kana a o isiwa kwa pakatoring, koo a tla fitlhang a phepafadiwa ka molelo go fitlhela a tshwanelega go ya kwa legodimong? Lefa go ntse jalo, se se maswe le go feta, a o tla tlhokofadiwa ka bosakhutleng kwa diheleng tse di shang ka molelo? Kana a ke moya o o tshwanetseng wa kokobediwa, jaaka ditumelo di le dintsi tsa gore moya o tshela kwa ntle ga mmele wa motho di ruta?
Dikgopolo tse di ntseng jalo di dira gore batshedi ba rwale mekgweleo e megolo. A re tshwanetse go kokobetsa meya ya baratiwa ba rona ba ba suleng ka go boifa fela gore ba tla ipusolosetsa mo go rona? A re tshwanetse ra ba thusa gore ba tswe mo pakatoring nngwe e e boifisang? Kana a re tshwanetse ra tsitsibana mmele fela re tshosiwa ke kgopolo ya gore ba a boga kwa diheleng? Kana a re tshwanetse go tshwara diphologolo dingwe tse di tshelang jaaka e kete ke tsone tse di tshotseng meya ya batho ba ba suleng?
Dipotso tse di bodiwang malebana le Modimo le tsone di a tshwenya. Ka sekai, batsadi ba le bantsi, jaaka mmè yo o umakilweng kwa tshimologong, la ntlha ba gomoditswe ke kgopolo ya gore Modimo o “tsere” moya o o sa swang wa ngwana wa bone a o isa kwa legodimong gore a nne le ene. Lefa go ntse jalo, ga go tseye nako e telele gore batho ba le bantsi ba simolole go ipotsa gore Modimo ke motho wa mofuta ofe yo o ka tsenyang ngwana yo o senang molato bolwetse jo bo fitlhegileng, a tsaya ngwana yoo yo o botlhokwa ka tshoganetso mo batsading ba ba pelo e e phatlogileng ka go isa ngwana fela kwa legodimong pele ga nako ya gagwe. A Modimo yoo o na le tshiamiso, lorato, kutlwelobotlhoko? Ba bangwe e bile ba belaela gore a tota Modimo yoo o botlhale. Ba botsa gore, Ke ka ntlha yang fa Modimo yo o botlhale a ne a baya meya eno yotlhe mo lefatsheng kwa tshimologong, fa e le gore yotlhe e ne e tshwanetse gore kgabagare e ye go tshela kwa legodimong? A seo se ka se reye gore lefatshe le ne le bopetswe lefelafela?—Bapisa Duteronome 32:4; Pesalema 103:8; Isaia 45:18; 1 Johane 4:8.
Ka phepafalo he, thuto ya go sa sweng ga moya wa motho, go sa kgathalesege gore e rutwa ka tsela efe, e tsosa dipotso tse di raraaneng, tota le tse di sa dumalaneng. Ka ntlha yang? Bontsi jwa bothata jono bo re busetsa kwa thuto eno e simologileng teng. O ka nna wa bona go sedimosa gore o tlhotlhomise ka bokhutshwane gore dithuto tseno di simologile kae; mme o ka nna wa gakgamadiwa ke go ithuta ka se Baebele ka boyone e se bolelang ka moya. E re neela tsholofelo e e botoka malebana le botshelo morago ga loso go gaisa tsela e ditumelo tsa lefatshe di tlwaetseng go ruta ka yone.