O Itse Eng ka Boloi?
BOLOI! Lefoko leo le go gopotsa eng?
Mo bathong ba le bantsi ke go dumela mo botlhoding kana ke dilo tse di ikakanyediwang fela tse di sa tshwanelang go tseelwa tlhogong. Mo bathong bao, boloi ke selo se se ikakanyediwang fela—basadibagolo ba ba loang ba ba apereng diaparo tse di phukaletseng tse di nang le serwalo ba ba tsenyang diphuka tsa bommamathwane mo pitseng e e kgakgathang, ba fetola batho digwagwa e bile ba lelesela bosigo mo loaping ka mafeelo ba ntse ba tlatlarietsa.
Mo bathong ba bangwe, boloi ga se motshameko. Babatlisisi bangwe ba bolela gore batho ba ba fetang bontlhanngwe jwa baagi ba lefatshe ba dumela gore baloi ba teng e bile ba ka kgona go tlhotlheletsa matshelo a batho ba bangwe. Dimilione di dumela gore boloi ga bo a siama, bo kotsi e bile ke selo se se tshwanetseng go boifiwa thata. Ka sekai, buka nngwe e e buang ka bodumedi jwa Seafrika e bolela jaana: “Baafrika ba dumela thata mo goreng boselamose jo bo sa siamang le boloi bo a bereka e bile bo kotsi . . . Baloi ke batho ba ba ilwang thata mo setšhabeng. Tota le gompieno mo mafelong mangwe batho ba tle ba ba betse gore ba bo ba swe.”
Le fa go ntse jalo, mo dinageng tsa Bophirima, boloi bo setse bo lebiwa ka tsela e e tlotlegang jaanong. Dibuka, thelebishene le dibaesekopo di dirile go le gontsi go dira gore batho ba se ka ba boifa boloi. Mosekaseki mongwe wa tsa boitlosobodutu e bong David Davis o bolela jaana: “Ka bonako fela, baloi ba nna batho ba basha e bile ba le bantle, ee ba le bantle tota. Hollywood e kgona go lemoga mekgwa mengwe. . . . Ka go dira gore baloi ba nne bantle ba bo ba ratege, ba kgona go ngoka batho ba le bantsi, go akaretsa le basadi le bana ba bannye.” Hollywood e a itse gore e ka fetola mekgwa mengwe jang gore e nne kgwebo e e duelang.
Bangwe ba re boloi ke mongwe wa mekgatlho ya bodumedi e e golang ka bonako go gaisa kwa United States. Mo dinageng tsotlhe tse di tlhabologileng, go na le batho ba ba ntseng ba oketsega ba ba tlhotlhelediwang ke mekgatlho ya ditshwanelo tsa basadi le ba ba tlhakanngwang tlhogo ke ditumelo tse dikgolo, ba ba batlang go bona kgotsofalo ya semoya ka ditsela tse di farologaneng tsa boloi. Tota e bile, go na le mefuta e le mentsi jaana ya boloi mo e leng gore batho ga ba dumalane tota le ka bokao jwa lone lefoko “moloi.” Le fa go ntse jalo, batho ba ba ipitsang gore ke baloi gantsi ba amana le Wicca—e dikishinare nngwe e e tlhalosang e le “bodumedi jwa seheitane jo bo simologileng mo motlheng wa pele ga Bokeresete kwa Yuropa bophirima mme bo tsosolosiwa mo lekgolong la bo20 la dingwaga.”a Ka gone, ba le bantsi gape ba ipitsa baheitane kana badumedi ba mofuta o mosha wa boheitane.
Go ralala hisitori, baloi ba a tlhoiwa, ba a bogisiwa, ba a tlhokofadiwa le e leng go bolawa. Ga go gakgamatse go bo batho ba ba dirisang boloi mo motlheng wa rona ba batla go tokafatsa tebego ya boloi thata jaana. Mo patlisisong nngwe, baloi ba bantsi ba ile ba bodiwa gore ke eng se segolobogolo ba batlang gore batho ba se itse ka bone. Karabo ya bone e e sobokantsweng ke mmatlisisi Margot Adler e ne e le gore: “Ga re bosula. Ga re obamele Diabolo. Ga re gobatse kana go tsietsa batho. Ga re kotsi. Re batho ba ba tlwaelegileng fela jaaka lona. Re na le malapa, ditiro tsa boitshediso, ditsholofelo le ditoro. Ga re lekoko. Ga re tshose. . . . Ga lo tlhoke go re tshaba. . . . Re tshwana thata le lona, ga re se lo akanyang gore re sone.”
Molaetsa oo o ntse o amogelwa thata. A mme seo se raya gore ga re na lebaka la go amega ka boloi? A re sekasekeng potso eo mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Lefoko la Seesemane la “witchcraft” le tswa mo mafokong a Seesemane sa Bogologolo a “wicce” le “wicca,” la ntlha le kaya dingaka tsa banna fa la bobedi le kaya tsa basadi.