Nna le Boikutlo Jwa Mogopolo Jwa ga Keresete
“E kete Modimo o o fang boitshoko le kgomotso o ka lo naya gore gareng ga lona lo nne le boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jo Keresete Jesu a neng a na le jone.”—BAROMA 15:5.
1. Botshelo jwa motho bo ka amiwa jang ke boikutlo jo a nang najo?
BOIKUTLO bo dira pharologano e kgolo mo botshelong. Boikutlo—jwa go itlhokomolosa dilo kana jwa go di tlhagafalela, jo bo siameng kana jo bo sa siamang, jwa botlhogoethata kana jwa tirisanommogo, jwa go ngongorega kana jwa go anaanela—bo ka ama thata kafa motho a itebaganyang le maemo mangwe ka teng le kafa batho ba bangwe ba tla mo tshwarang ka teng. Boikutlo jo bo siameng bo ka dira gore motho a nne a itumetse tota le mo maemong a a boima. Mo mothong yo o nang le boikutlo jo bo sa siamang, ga go sepe se se bonalang se siame, tota le fa dilo di se maswe go le kalo.
2. Motho o ithuta maikutlo jang?
2 Maikutlo—a a siameng kana a a sa siamang—a ka ithutiwa. Tota e bile, a tshwanetse go ithutiwa. Collier’s Encyclopedia e bua jaana fa e bua ka ngwana yo o sa tswang go tsholwa: “O tshwanelwa ke go ithuta maikutlo a kgabagare a tlileng go nna le one, fela jaaka a tshwanelwa ke go ithuta puo e e rileng kana botswerere jo bo rileng.” Re ithuta maikutlo jang? Le fa gone go na le dilo tse dintsi tse di nnang le seabe mo go seno, dilo tse di nang le tlhotlheletso e kgolo ke tikologo le batho ba motho a tsalanang le bone. Saetlopedia e e sa tswang go nopolwa e bolela jaana: “Re ithuta maikutlo ka go tlhotlhelediwa ke batho ba re tsalanang thata le bone.” Dingwaga di le diketekete tse di fetileng Baebele e ne ya bua sengwe se se tshwanang le seo: “Tsamaya le batho ba ba botlhale, mme o tlaa nna botlhale, mme monkana wa dieleele o tlaa utlwisiwa botlhoko ke gone.”—Diane 13:20; 1 Bakorintha 15:33.
Sekao sa Boikutlo jo bo Siameng
3. Ke mang yo o neng a tlhoma sekao se se molemo malebana le boikutlo, mme re ka mo etsa jang?
3 Jaaka mo dilong tse dingwe tsotlhe, le mo kgannyeng eno ya boikutlo, Jesu Keresete o tlhoma sekao se se molemo go di gaisa tsotlhe. O ile a re: “Ke lo tlhometse sekao, gore, fela jaaka ke ne ka dira mo go lona, le lona lo tshwanetse lwa dira jalo.” (Johane 13:15) Gore re tshwane le Jesu, re tshwanetse pele ra ithuta ka ene.a Re ithuta botshelo jwa ga Jesu ka boikaelelo jwa go dira se moaposetoloi Petere a ileng a se akantsha: “Lo ne lwa bilediwa tseleng eno, ka gonne le eleng Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe sentlentle.” (1 Petere 2:21) Mokgele wa rona ke go leka go tshwana thata le Jesu ka mo go ka kgonegang ka teng. Seno se akaretsa go nna le boikutlo jwa mogopolo jo a neng a na le jone.
4, 5. Ke karolo efe ya boikutlo jwa mogopolo wa ga Jesu e e gatelelwang mo go Baroma 15:1-3, mme Bakeresete ba ka mo etsa jang?
4 Go nna le boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jwa ga Keresete Jesu go akaretsa eng? Kgaolo ya 15 ya lekwalo le Paulo a neng a le kwalela Baroma e re thusa go araba potso eno. Mo ditemaneng tsa ntlha di sekae tsa kgaolo eno, Paulo o umaka nonofo e e molemo thata ya ga Jesu fa a re: “Mme rona ba ba nonofileng re tshwanetse go sikara makoa a ba ba sa nonofang, mme re se ka ra bo re iitumedisa. A mongwe le mongwe wa rona a itumedise moagelani wa gagwe ka se se molemo go mo aga. Gonne le eleng Keresete o ne a se ka a iitumedisa; mme fela jaaka go kwadilwe: ‘Dikgobo tsa ba ba neng ba go kgoba di nkwetse.’”—Baroma 15:1-3.
5 Bakeresete ba kgothalediwa go etsa boikutlo jono jwa ga Jesu ka go iketleeletsa go direla batho ba bangwe dilo tse ba di tlhokang ka boikokobetso e seng ka go batla go iitumedisa. Ee ruri, boikutlo jo bo ntseng jalo jwa go rata go direla ba bangwe ka boikokobetso ke nonofo e e tshwayang “ba ba nonofileng.” Jesu yo o neng a nonofile semoyeng go feta batho botlhe ba ba kileng ba tshela, o ile a itlhalosa jaana: “Morwa motho [o] ne a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Le rona Bakeresete re batla go ithaopela go direla batho ba bangwe, go akaretsa le “ba ba sa nonofang.”
6. Re ka etsa jang tsela e Jesu a neng a tsibogela kganetso le go kgalwa ka yone?
6 Nonofo e nngwe e e molemo e Jesu a neng a na le yone ke ya go nna le megopolo le ditiro tse ka metlha e neng e le tse di agang. O ne a se ke a letla gore boikutlo jo bo sa siamang jwa batho ba bangwe bo tlhotlheletse boikutlo jo bo molemo jo a neng a na le jone malebana le go direla Modimo; mme le rona re se letle seo. Fa Jesu a ne a kgalwa le go bogisediwa go direla Modimo ka boikanyegi, o ne a itshokela seo ka bopelotelele a sa ngongorege. O ne a itse gore batho ba ba lekang go itumedisa moagelani wa bone “ka se se molemo go mo aga” ba ne ba ka lebelela kganetso go tswa mo bathong ba lefatshe ba ba sa dumeleng le ba ba sa tlhaloganyeng.
7. Jesu o ne a bontsha go nna pelotelele jang, mme ke ka ntlha yang fa le rona re tshwanetse go mo etsa?
7 Jesu o ne a bontsha boikutlo jo bo siameng le ka ditsela tse dingwe. O ne a se ke a bontsha go felela Jehofa pelo, go na le moo, o ne a nna pelotelele go letela gore a diragatse maikaelelo a Gagwe. (Pesalema 110:1; Mathaio 24:36; Ditiro 2:32-36; Bahebera 10:12, 13) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a se ke a felela balatedi ba gagwe pelo. O ne a ba raya a re: “Lo ithute mo go nna”; e re ka a ne a le “maikutlo a bori,” tsela e a neng a ruta ka yone e ne e aga e bile e lapolosa. Mme e re ka a ne a “kgobaletse mo pelong,” o ne a se ke a ruta ka tsela ya boikgogomoso kana boikgodiso. (Mathaio 11:29) Paulo o ne a re kgothaletsa go etsa boikutlo jono jwa ga Jesu fa a re: “Bolokang boikutlo jono jwa mogopolo mo go lona jo gape bo neng bo le mo go Keresete Jesu, yo, le mororo a ne a tshela a le mo sebopegong sa Modimo, a neng a se ka a akanyetsa kgapo, e leng, gore o tshwanetse go lekana le Modimo. Nnyaa, mme o ne a ikhudula mme a tsaya sebopego sa motlhanka mme a simolola go nna mo setshwanong sa batho.”—Bafilipi 2:5-7.
8, 9. (a) Ke eng fa re tshwanetse go dira ka natla gore re nne le boikutlo jo e seng jwa bopelotshetlha? (b) Ke eng fa re sa tshwanela go kgobega marapo fa re palelwa ke go etsa sekao se Jesu a re beetseng sone, mme Paulo o ile a re tlhomela sekao se se molemo jang mo go seno?
8 Go motlhofo go bolela gore re batla go direla ba bangwe le go baya dilo tse ba di tlhokang kwa pele ga tsa rona. Mme gone fa re itshekatsheka sentle go bona boikutlo jwa rona jwa mogopolo, re ka nna ra lemoga gore dipelo tsa rona ga di a sekamela mo go direng jalo. Ka ntlha yang? Sa ntlha, ka gonne re gotsitse mekgwa ya bopelotshetlha mo go Adame le Efa; sa bobedi, ka gonne re tshela mo lefatsheng le le tlotlomatsang bopelotshetlha. (Baefeso 4:17, 18) Go nna le boikutlo jo e seng jwa bopelotshetlha gantsi go re tlhoka gore re lwele go nna le tsela ya go akanya e e leng kgatlhanong le bosaitekanelang jo re tsholwang re na le jone. Seno se tlhoka gore motho a ititeye sehuba le go iteka ka natla.
9 Bosaitekanelang jo re nang le jone jo bo farologanang gotlhelele le sekao se se molemo se Jesu a re tlhometseng sone, ka dinako tse dingwe bo ka re dira gore re kgobege marapo. Re ka nna ra ba ra belaela gore a ruri go nna le boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jwa ga Jesu go a kgonega. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko mafoko ano a a kgothatsang a ga Paulo: “Ke itse gore mo go nna, ke gore, mo nameng ya me, ga go nne sepe se se molemo; gonne kgono ya go eletsa e teng mo go nna, mme kgono ya go dira se se molemomogolo ga e yo mo go nna. Gonne molemo o ke o eletsang ga ke o dire, mme bosula jo ke sa bo eletseng ke jone jo ke bo dirang e le tlwaelo. Tota ke natefelelwa ke molao wa Modimo go ya ka motho yo ke leng ene mo teng, mme ke bona mo ditokololong tsa me molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me e bile o ntira motshwarwa wa molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me.” (Baroma 7:18, 19, 22, 23) Ke boammaaruri gore, gangwe le gape bosaitekanelang jwa ga Paulo bo ne bo mo kgoreletsa go diragatsa thato ya Modimo go ya kafa a neng a batla ka teng, mme gone, boikutlo jwa gagwe—tsela e a neng a akanya le go ikutlwa ka yone ka Jehofa le melao ya Gagwe—e ne e le molemo. Go ka nna jalo le ka ya rona.
Go Baakanya Maikutlo A a Sa Siamang
10. Ke boikutlo bofe jwa mogopolo jo Paulo a neng a kgothaletsa Bafilipi go nna le jone?
10 A e ka tswa e le gore bangwe ba tshwanelwa ke go baakanya boikutlo jo bo sa siamang? Ee. Go bonala go ne go ntse jalo ka Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Mo lekwalong la ga Paulo le a neng a le kwalela Bafilipi, o ne a bua ka go nna le boikutlo jo bo siameng. O ne a kwala jaana: “E seng gore ke setse ke se amogetse [botshelo jwa selegodimo ka tsogo ya ntlha] kgotsa ke setse ke itekanedisitswe, fa e se gore ke latelela go bona fa le nna ke ka tshwara se le nna Keresete Jesu a ntshwereng ka ntlha ya sone. Bakaulengwe, ga ke itseye gore ke setse ke se tshwere; mme go na le selo se le sengwe kaga sone: Ka ke lebala dilo tse di kwa morago e bile ke gagamalela pele kwa dilong tse di kwa pele, ke latelela go ya fela kwa mokgeleng wa sekgele sa pitso ya kwa godimo ya Modimo ka Keresete Jesu. A he, rona ba re godileng sentle rotlhe fela, re nneng ba boikutlo jono jwa mogopolo.”—Bafilipi 3:12-15.
11, 12. Jehofa o re senolela boikutlo jo bo siameng jwa mogopolo ka ditsela dife?
11 Mafoko a ga Paulo a bontsha gore mongwe le mongwe yo o fetogang Mokeresete mme a sa bone go tlhokega gore a gatele pele o na le boikutlo jo bo sa siamang. O paletswe ke go nna le mogopolo o o tshwanang le wa ga Keresete. (Bahebera 4:11; 2 Petere 1:10; 3:14) A motho yono o tshwanetse go itlhoboga? Nnyaa. Modimo a ka re thusa go fetola boikutlo jwa rona fa e le gore ruri re a batla. Paulo o tswelela pele a re: “Fa mogopolo wa lona o sekametse go sele ka tsela epe, Modimo o tla lo senolela boikutlo jo bo fa godimo.”—Bafilipi 3:15.
12 Le fa go ntse jalo, fa re batla gore Jehofa a re senolele boikutlo jo bo siameng, re tshwanetse go dira seabe sa rona. Go ithuta Lefoko la Modimo ka thapelo ka thuso ya dikgatiso tsa Bokeresete tse re di newang ke “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” go tla thusa batho ba “mogopolo wa [bone] o sekametseng go sele” go nna le boikutlo jo bo siameng. (Mathaio 24:45) Bagolwane ba Bakeresete ba ba tlhomilweng ka moya o o boitshepo gore ba “dise phuthego ya Modimo,” ba tla itumelela go re ema nokeng. (Ditiro 20:28) A bo re leboga Jehofa thata jang ne gore o tsaya tsia bosaitekanelang jwa rona e bile o ithaopela go re naya thuso ka lorato! A re e amogeleng.
Go Ithuta mo Bathong ba Bangwe
13. Re ithuta eng malebana le go nna le boikutlo jo bo siameng mo pegong ya Baebele kaga Jobe?
13 Mo go Baroma kgaolo 15, Paulo o bontsha gore go tlhatlhanya ka dikao tsa metlha ya bogologolo go ka re thusa go baakanya boikutlo jwa rona. O kwala jaana: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” (Baroma 15:4) Bangwe ba batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba nako e e fetileng ba ile ba tshwanelwa ke go baakanya dilo dingwe tse di amanang le boikutlo jwa bone. Ka sekai, gantsi Jobe o ne a na le boikutlo jo bo molemo. Ga a ise a ko a nne le boikutlo jwa gore Jehofa ke ene a neng a mo bakela dilo tse di bosula, e bile ga a ise a ko a letle gore go boga go reketlise tsela e a neng a tshepa Modimo ka yone. (Jobe 1:8, 21, 22) Le fa go ntse jalo, o ne a na le tshekamelo ya go ipeela diipato. Jehofa o ne a kaela Elihu gore a thuse Jobe go baakanya tshekamelo eno. Jobe ga a ka a kgopisiwa ke seno, go na le moo, ka boikokobetso o ne a dumela go fetola boikutlo jwa gagwe go tloga ka yone nako eo.—Jobe 42:1-6.
14. Re ka etsa Jobe jang fa re kgalemelelwa boikutlo jo re nang le jone?
14 A re tla itshwara ka tsela e e tshwanang le e Jobe a ileng a itshwara ka yone fa Mokeresetekarona a re lemotsha ka bopelonomi gore re na le boikutlo bongwe jo bo sa siamang? Jaaka Jobe, a le ka motlha re se ‘kaye Modimo boatla’ bope. (Jobe 1:22) Fa re boga ka ntlha ya go gobelelwa, a le ka motlha re se ngongorege kana go pega Jehofa molato ka ntlha ya mathata a rona. A re tileng go leka go ipeela diipato, re sa lebale gore le fa re ka tswa re na le ditshiamelo dife mo tirelong ya ga Jehofa, re ‘batlhanka fela ba ba se nang molemo wa sepe.’—Luke 17:10.
15. (a) Bangwe ba balatedi ba ga Jesu ba ile ba bontsha boikutlo jo bo sa siamang jang? (b) Petere o ne a bontsha boikutlo jo bo molemo jang?
15 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho bangwe ba ba neng ba reeditse Jesu ba ne ba na le boikutlo jo bo sa siamang. Nako nngwe Jesu o ile a bua sengwe se go neng go le thata go se tlhaloganya. “Bontsi jwa barutwa ba gagwe, e rile ba utlwa seno, ba re: ‘Puo eno e a tsitsibanya; ke mang yo o ka e reetsang?’” Ga go pelaelo gore batho ba ba neng ba bua jaana ba ne ba na le boikutlo jo bo sa siamang. Boikutlo jwa bone jo bo sa siamang bo ne jwa dira gore ba se ka ba tlhola ba reetsa Jesu. Pego ya re: “Ka ntlha ya seno bontsi jwa barutwa ba gagwe ba tswa ba ya kwa dilong tse di kwa morago mme ba se ka ba tlhola ba tsamaya le ene.” A botlhe ba ne ba nna le boikutlo jo bo sa siamang? Nnyaa. Pego e tswelela jaana: “Jalo Jesu a raya ba ba lesome le bobedi a re: ‘Ga lo batle go tsamaya le lona, ga ke re?’ Simone Petere a mo araba a re: ‘Morena, re tla tsamaya re ya kwa go mang?’ Tota e bile, go tswa foo Petere o ile a ikaraba ka go re: “Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 6:60, 66-68) A boikutlo jo bo molemo ruri! Fa re kopana le ditlhaloso kana ditsela tse disha tse re tlhaloganyang Dikwalo ka tsone tse re ka fitlhelang go le thata kwa tshimologong gore re di amogele, a go ne go ka se nne molemo go bontsha boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Petere? A bo go ne go ka nna boeleele jang go tlogela go direla Jehofa kana re bua ka tsela e e kgatlhanong le “sekao sa mafoko a a itekanedisang” fela ka gonne dilo dingwe di le thata go tlhaloganngwa kwa tshimologong!—2 Timotheo 1:13.
16. Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba motlha wa ga Jesu ba ile ba bontsha jang boikutlo jo bo maswe?
16 Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba se ka ba nna le boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jo Jesu a neng a na le jone. Ba ile ba bontsha tsela e ba neng ba ititeile sehuba ka yone go se reetse Jesu fa Lasaro a ne a tsosiwa mo baswing. Motho ope fela yo o neng a na le boikutlo jo bo siameng o ne a tla tsaya kgakgamatso eo e le sesupo se se molemo sa gore Jesu o ne a romilwe ke Modimo. Le fa go ntse jalo, re bala jaana: “Ka gone baperesiti ba bagolo le Bafarasai ba phutha Sanehederine mmogo mme ba simolola go re: ‘Re tla dirang, ka gonne monna yono o dira ditshupo di le dintsi? Fa re mo lesa ka tsela eno, botlhe ba tla baya tumelo mo go ene, mme Baroma ba tla tla mme ba tseye lefelo la rona mmogo le morafe wa rona.’” Tshwetso ya bone e ne ya nna efe? “Go tloga ka letsatsi leo go ya pele ba gakololana gore ba mmolaye.” Kwantle ga go loga leano la go bolaya Jesu, ba ne ba ikaelela le go nyeletsa bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore ke modiradikgakgamatso. “Baperesiti ba bagolo jaanong ba gakololana go bolaya le Lasaro.” (Johane 11:47, 48, 53; 12:9-11) A bo e ne e tla nna selo se se sa siamang jang gore le rona re nne le boikutlo jo bo ntseng jalo jwa go kgopisiwa kana go se itumelele dilo tse tota re neng re tshwanetse go di itumelela! Ee, e bile seo se ne se ka nna kotsi jang ne!
Go Etsa Boikutlo jo bo Molemo Jwa ga Keresete
17. (a) Daniele o ne a bontsha bopelokgale mo maemong afe? (b) Jesu o ne a bontsha jang gore o pelokgale?
17 Batlhanka ba ga Jehofa ba nna ba ntse ba na le boikutlo jo bo molemo. Fa baba ba ga Daniele ba ne ba loga leano la gore go tlhongwe molao o o neng o iletsa gore go rapelwe modimo kana motho ope kwantle ga kgosi ka malatsi a le 30, Daniele o ne a itse gore seno se ne se tla ama kamano ya gagwe le Jehofa Modimo. A o ne a tla ithiba mo go rapeleng Modimo ka malatsi a le 30? Nnyaa, ka bopelokgale o ne a tswelela a rapela Jehofa gararo ka letsatsi jaaka gale. (Daniele 6:6-17) Jesu le ene o ne a se ka a letla gore baba ba gagwe ba mo tsenye letshogo. Mo letsatsing lengwe la Sabata, o ne a kopana le monna yo o neng a omeletse seatla. Jesu o ne a itse gore bontsi jwa Bajuda ba ba neng ba le foo ba ne ba tla kgopisiwa ke go bona a fodisa motho ka Sabata. O ne a ba botsa ka tlhamalalo gore ba tlhalose boikutlo jwa bone. Fa ba gana go bo tlhalosa, Jesu o ne a fodisa monna yono. (Mareko 3:1-6) Le ka motlha Jesu o ne a se ka a ikgogona go dira tiro e a neng a e tsaya e siame.
18. Ke eng fa batho bangwe ba re ganetsa, mme gone, re tshwanetse ra tsibogela boikutlo jwa bone jo bo sa siamang jang?
18 Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba a lemoga gore le bone ga ba a tshwanela go letla gore baganetsi ba ba tsenye letshogo ka ntlha ya tsela e e sa siamang e ba ka nnang ba tsiboga ka yone. Fa ba sa dire jalo, ba tla bo ba sa bontshe boikutlo jwa mogopolo jo Jesu a neng a na le jone. Batho ba le bantsi ba ganetsa Basupi ba ga Jehofa, bangwe e le ka gonne ba se na tshedimosetso e e siameng mme ba bangwe e le ka gonne ba ila Basupi kana molaetsa wa bone. Mme gone, le ka motlha re se letle boikutlo jwa bone jo bo seng botsalano go ama boikutlo jwa rona jo bo molemo. Le ka motlha re se letle gore batho ba bangwe ba laole tsela e re obamelang ka yone.
19. Re ka nna jang le boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jwa ga Jesu Keresete?
19 Ka metlha Jesu o ne a nna le boikutlo jo bo molemo jwa mogopolo ka balatedi ba gagwe le ka dithulaganyo tsa Modimo le fa go dira jalo go ne go ka nna thata go le kana kang. (Mathaio 23:2, 3) Re tshwanetse go etsa sekao sa gagwe. Ke boammaaruri gore bakaulengwe ba rona ga ba a itekanela, mme go ntse jalo le ka rona. Mme ke kae kwa re ka bonang ditsala tse di botoka le tse di ikanyegang go gaisa tse di leng gone mo bokaulengweng jwa rona jwa lefatshe ka bophara? Jehofa ga a ise a re abele kitso yotlhe ka Lefoko la gagwe le le kwadilweng, mme gone, ke setlhopha sefe sa bodumedi se se nang le kitso e e fetang eno? A ka metlha re nneng le boikutlo jo bo molemo jwa mogopolo, boikutlo jwa mogopolo jo Jesu Keresete a neng a na najo. Gareng ga dilo tse dingwe, seno se akaretsa go itse go letela Jehofa, jaaka fa re tla tlotla mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., e tlotla ka botshelo le bodiredi jwa ga Jesu.
A o Ka Tlhalosa?
• Botshelo jwa rona bo amiwa jang ke boikutlo jo re nang najo?
• Tlhalosa boikutlo jwa mogopolo jo Jesu Keresete a neng a na najo.
• Re ka ithuta eng mo boikutlong jo Jobe a neng a na najo?
• Ke boikutlo bofe jo bo siameng jo re tshwanetseng go nna le jone fa re ganediwa?
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Mokeresete yo o nang le boikutlo jo bo siameng o ithaopela go thusa ba bangwe
[Ditshwantsho mo go tsebe 9]
Go ithuta Lefoko la Modimo ka thapelo go tla re thusa go etsa boikutlo jwa mogopolo jwa ga Keresete