LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w01 5/1 ts. 19
  • Go Tlosa Kgobo mo Leineng la Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlosa Kgobo mo Leineng la Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Ka Dirisana Sentle Jang le Morutabana wa Me?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Nka Dira Eng Gore ke Utlwane le Morutabana wa Me?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • Bana ba Sekolo ba kwa Nigeria ba Segofaditswe ka Ntlha ya Go Ikanyega ga Bone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Barutabana—Ke ka Ntlha Yang Fa re Ba Tlhoka?
    Tsogang!—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
w01 5/1 ts. 19

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Go Tlosa Kgobo mo Leineng la Modimo

LEFOKO la Modimo, e leng Baebele le bolela jaana: “Nnang lo ntse lo na le boitshwaro jo bo molemo mo ditšhabeng, gore, mo selong se ba lo kgalang jaaka badirabosula mo go sone, ba tle ba galaletse Modimo mo letsatsing la go tlhatlhoba ga gagwe ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemo tse ba leng basupi ba tsone ba ba di boneng ka matlho.” (1 Petere 2:12) Ka gone, Bakeresete ba boammaaruri ba leka go nna ba itshwere sentle gore ba se ka ba tlisa kgobo mo leineng la ga Jehofa.

Kwa lefelong lengwe le le kgakala kwa Zambia, le le bidiwang Senanga, morutabana wa sekolo o ne a utswediwa radio mo ntlong ya gagwe. E re ka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba rera mo lefelong leo, monna yono o ne a ba latofatsa ka gore ke bone ba e utswitseng. O ne a begela mapodise kgang eno, a bolela gore Basupi ba utswitse radio ya gagwe. Go bontsha bosupi jwa gore Basupi ba ne ba le kwa ntlong ya gagwe, o ne a ntsha pampitshana e a neng a e fitlhetse fa fatshe. Le fa go ntse jalo, mapodise a ne a gana go mo dumela. Ba ne ba mo akantsha gore a ye go batlisisa sentle thata.

Setlhopha sa bagolwane se ne sa kgothaletsa Basupi ba ba neng ba bereka mo lefelong le morutabana yoo a nnang kwa go lone ka letsatsi leo gore ba ye go bua le morutabana yoo ka kgang eno. Bangwe ba bakaulengwe ba ne ba ya go bua le ene, ba tlhalosa gore ba batla go tlosa kgobo mo leineng la ga Jehofa. Fa ba ntse ba tlotla, ba ne ba mmolelela gore ba ne ba kopana le lekawana lengwe mo ntlong ya gagwe mme ba mo naya pampitshana. Go ya ka tsela e ba neng ba mo tlhalosa ka yone, morutabana yono a lemoga gore ke mang. Tota e bile, e ne e le motho yo a tsenang kereke le ene. Morutabana o ne a bua le lekawana leno mme le fa go ntse jalo o ne a ganetsa se a latofadiwang ka sone. Morago ga moo morutabana yono o ne a tlotla ka kgang eno le batsadi ba lekawana leno mme a boela gae. Mo sebakeng sa ura, mmaagwe lekawana leno o ne a busa radio e e utswitsweng.

E re ka morutabana yono a ne a ikwatlhaya, o ne a ya kwa setlhopheng sa bagolwane mme a kopa maitshwarelo go bo a ile a ba latofatsa jalo ka maaka. Bagolwane ba ne ba amogela go kopa ga gagwe maitshwarelo mme ba kopa gore seno se itsisiwe phatlalatsa gore mongwe le mongwe a tle a itse gore Basupi ga ba na molato. Go ile ga dirwa kitsiso kwa sekolong, mme ka tsela eo ga tlosiwa kgobo mo leineng la ga Jehofa. Basupi ba ga Jehofa ba kgona go tswelela ba rera ka kgololesego mo lefelong leo.

[Dimmapa/Setshwantsho mo go tsebe 19]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

AFRIKA

Zambia

[Motswedi wa Setshwantsho]

Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela