Ditekanyetso di Fetotswe, go Ikanyega go Fedile
Mo motlheng wa ga Kgosi Henry I wa Engelane (1100-1135), go ne go tsewa gore selekanyo sa boleele sa jarata ke “sekgala sa go tloga mo ntlheng ya nko ya Kgosi go fitlha kwa bofelong jwa monwana wa gagwe wa kgonojwe fa a o otlolotse.” Dilekanyi tsa babusiwa ba ga Kgosi Henry tsa boleele jwa jarata di ne di nepa go le kana kang? Go bonala fa go etela kgosi e ne e le yone fela tsela e motho a ka tlhomamisegang ka seno ka yone.
GOMPIENO dilekanyo di nepa dilo botoka thata ka gore go dirisiwe ditekanyetso. Ka jalo, metara e tlhalosiwa e le sekgala se lesedi le tsamayang ka sone mo lephakeng ka motsotswana o o arogantsweng ka 299 792 458. Fa re tlhalosa ka go tlhamalala, re ka re lesedi leno ke la marang a a nang le boleele jo bo tlhomameng mme le tswa mo mofuteng o o kgethegileng wa leisara. Fa batho ba na le didirisiwa tse di supang ditekanyetso tse di tshwanang, batho gongwe le gongwe ba ka kgona go lekanya dilekanyo tsa bone tsa boleele go bona gore a di tshwana le tsa batho ba bangwe botlhe.
Le fa diphetogo tsa ditekanyetso tsa dilekanyo di ka nna dinnye jang, di ka baka go sa tlhomamang, mme go dirwa maiteko a magolo go sireletsa ditekanyetso tseo. Ka sekai, kwa Boritane, fa go lekanngwa bogolo jwa dilo go dirisiwa setena sa motswako wa polatinamo le iridiamo se se nang le bokete jwa kilogerama e le nngwe. Setena seno se bolokilwe kwa National Physical Laboratory. Go kgotlelwa ga moya ka ntlha ya dikoloi le difofane tse di fetang go dira gore kilogerama eno e oketsege bokete letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, setena seno sa metale kana silendara, ke setshwano sa selekanyo sa lefatshe lotlhe se se ileng sa bewa mo teng ga dinkgwana tse tharo mo mogogorong o o kafa tlase ga lefatshe kwa Birong ya Dilekanyabokete le Dilekanyo kwa Sèvres, kwa Fora. Mme tota le selekanyo sa selo seno se nna se fetofetoga ka ntlha ya go kgotlelwa ke dilo tse di sa bonweng ka matlho. Go fitlha jaanong, baitsedilekanyo ba lefatshe ga ba ise ba bone selekanyo se se tlhomameng go feta seo.
Le mororo diphetogo tseno tse dinnye di bonala di se botlhokwa mo mothong yo o tlwaelegileng, phetogo e e feletseng ya selekanyo e ka tlhakatlhakanya dilo. Kwa Boritane, go fetola thulaganyo ya selekanyo se se tlhomilweng ke puso (sa diponto le dionse) go fetogelwa mo thulaganyong ya meteriki (ya dikilogerama le digerama), go ile ga dira gore dilekanyo di se ka tsa ikanngwa—mme e le ka mabaka a a utlwalang. Beng bangwe ba mabenkele ba ba bolotsana ba ile ba dirisa lebaka leno la go bo batho ka kakaretso ba sa tlwaelana le thulaganyo e ntšha eno go nna tshono ya go tsietsa bareki ba bone.
Ditekanyetso Tsa Lelapa le Tsa Boitsholo
Go tweng ka diphetogo mo ditekanyetsong tsa lelapa le tsa boitsholo? Ditlamorago tsa diphetogo tse di ntseng jalo di ka senya thata. Dipego tsa bosheng tsa go thubega ga malapa, boitshwaro jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le go sotliwa ga bana di kgoba batho ba le bantsi marapo e bile di tlhomamisa gore re tshela mo motlheng o mo go one ditekanyetso di senyegileng. Malapa a motsadi a le nosi, bana ba ba godisiwang ke “batsadi” ba bong jo bo tshwanang le go sotliwa ka tlhakanelodikobo ka tsela e e tshosang ga bana ba ba tlhokomelwang ke ditheo tsa puso go bakiwa ke go bo batho ba itlhokomolosa ditekanyetso tse di siameng. Jaaka Baebele e ile ya bolelela pele dingwaga tse di ka nnang dikete tse pedi tse di fetileng, batho ba bantsi ba nna “baithati, . . . ba ba se nang lorato lwa tlholego, . . . ba ba sa rateng se se molemo, . . . barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.”—2 Timotheo 3:1-4.
Go nyelela ga ditekanyetso tsa boitsholo go tsamaisana le go bo batho ba sa tlhole ba ikanyega ba dira jalo ka go sa amege. Bosheng jaana, go ile ga senolwa tsela e go itlhokomolosiwang ka boomo ditekanyetso tsa maemo a a kwa godimo mo go tsa kalafi ka teng kwa Hyde, e leng toropo nngwe kwa Engelane bokone, koo baagi ba gone ba neng ba ikanya dingaka tsa bone tsa lelapa “tse di tlotlegang le tse di ikanyegang.” Ka maswabi, ba ile ba tsiediwa. Jang? Dipego di bontsha gore ngaka e ile ya baka loso lwa bobotlana balwetse ba basadi ba ba ka nnang 15. Ebu, mapodise a ne a tshwanela gore a boe a sekaseke dintsho tse dingwe tse di fetang 130 tse di amanang le ngaka eno. Go se ikanyege ga ngaka eno go ile ga bonala sentle fa a ne a bonwa molato le go atlholelwa go ya kgolegelong. Badiredi ba babedi ba kgolegelo ba mmaabone a ka tswang a ile a bolawa ke ngaka eno ba ile ba fiwa ditiro tse dingwe gore ba se ka ba tshwanelwa ke go tlhokomela mogolegwa yono yo o sa siamang. Ga go gakgamatse go bo pego nngwe e e malebana le kgetsi eno mo go The Daily Telegraph e ile ya tlhalosa ngaka eno e le “ngaka ya ‘Diabolo.’”
E re ka ditekanyetso di fetoga le go senyega mo dikarolong tse dintsi tsa botshelo, o ka ikanya mang ka pelo yotlhe? Ke kae koo o ka bonang ditekanyetso tse di sa fetogeng, tse di tshegediwang ke molaodi yo o nang le maatla a go di boloka? Setlhogo se se latelang se araba dipotso tseno.